A Baswi Baa Tshela? Se Modimo A Se Bolelang
SEFOFANE se sebotlana se ne sa tlhatloga mo motseng mongwe mo Borwa jwa Afrika se fofela kwa toropong nngwe e e neng e ka nna bokgakala jwa dimmaele di le 250 (400 km). Se ne se palangwe ke mokgweetsi wa sone le morwadie yo mmotlana, wa dingwaga tse 12. Fa ba ne ba re ba leka go kotama ka tshoganyetso, sefofane sa phatlakana, sa ba bolaya boobabedi.
“E ne e le Jehofa Modimo fela yo o neng a itse kaga botlhoko jwa me le tatlhegelo, gammogo le kgaratlho e ke neng ka tshwanelwa ke go iitshokela,” ga bua jalo Betty, mosadi le mmè. O ne a fenya jang? “Ke ne ka nna ka rapelela bopelokgale le nonofo nako le nako gore ke fenye le gore ke thuse ba bangwe le bone gore ba fenye.” Betty gape o ne a bona kgomotso e ntsi go se Modimo a se bolelang kaga boemo jwa baswi le tsholofelo ya tsogo.
Modimo ene a reng kaga baswi? Bibela e araba jaana: “Bashwi ga ba itse sepè.” (Moreri 9:5) Jalo baswi ga ba ikutlwe. Go ntse jalo fela. Mme he ke eng fa batho ba le bantsi ba dumela se se farologaneng? Ke ka go bo ba ile ba tsiediwa ke namane e tona ya boferefere jwa bogologolo jwa lefatshe ka bophara!
Tsietso mo Lefatsheng ka Bophara
Dilo di ne tsa simologa fa go ne go buiwa maaka a ntlha. Polelo ya ditiragalo mo bukeng ya Bibela ya Genesise e tlhalosa ka botlalo. Ea re: “Me setlhare sa kicō ea molemō le boshula, shōna u se ka ua se ya: gonne ka tsatsi ye u yañ ga shōna rure u tla shwa.” (Genesise 2:17) Moo e ne e le fa Jehofa Modimo a bua le monna wa ntlha, ebong Adame. Mme jaanong, bapisa seno le Genesise 3:1-4, koo Satane, fa a ne a bua ka noga, a neng a tlhotlheletsa Efa go sa utlwe Modimo, ka go re: “Rure ga lo ketla lo shwa.” Jalo Satane o ne a ganetsa se Modimo a neng a se buile. O ne ka gone a bua maaka a ntlha, a nna “rra aōna maaka.”—Yohane 8:44; Tshenolō 12:9.
Mme Adame le Efa ba ne ba swa, mme ga nna jalo le ka dimilione tse di senang palo tsa ba bangwe. Moaki Satane o ne a loga jang boferefere jwa go tila seo? Ka gore moragonyana a tlhotlheletse mogopolo wa gore, lemororo mmele o swa, go na le sengwe se se tswelelang se tshela. Seno kgabagare sa fetoga tumelo ya motheo ya ditumelo tsa bogologolo mme sa tsenngwa mo botlhalefing jwa Segerika. Ka jalo, go dumela mo basasweng jwa moya ke mo go ka tweng go aname mo lefatsheng lotlhe. Mme go ba le bantsi ba ba dumelang gore baratiwa ba bone ba ba suleng go na le kwa ba tshelang gone gongwe seno e ka ne e le mogopolo o o gomotsang. Lefa go ntse jalo, potso ya botlhokwatlhokwa ke gore: A ke boammaaruri?
A Moya Wa Gago Ga O Swe?
Lefoko “bosasweng” le bonala makgetlo a le mararo mo Bibeleng, mme le bonala thata mo Dikwalong tsa Segerika tsa Bokeresete. Fa go tlhatlhobiwa tiriso ya lone go na le sengwe se se phepafalang: Motho ka tlholego fela ga a na bosasweng.
Ka sekai, akanyetsa mafoko a ga moaposetoloi Paulo go 1 Timotheo 6:15, 16 koo a tlhalosang Jesu Keresete jaaka “Kgosi ea dikgosi, le Morèna oa barèna; Eo o nañ le bosashweñ a le esi. “Jalo he Jesu o fapaane jang le “dikgosi,” le “barèna” botlhe ba bangwe? Ke yo o sa sweng; bone ga ba a nna jalo.
Ke boammaaruri, balatedi ba ga Keresete ba ba bilediwang go busa le ene kwa magodimong ba solofeditswe bosasweng (1 Petere 1:3, 4) Ka jalo, go 1 Bakorintha 15:53, 54, re bala jaana: “Mo go shwañ mo, go na le go apara bosashweñ. Me e tla re mo go bōlañ mo go sena go apara bosaboleñ, le mo go shwañ mo go sena go apara bosashweñ, hoñ go tla dihala lehoko ye le kwadilweñ, ga twe, Losho lo medicwe ke phenyo.” Mme tlhokomela gore bosasweng bo a ‘aparwa.’ Ke tuelo ya Bakeresete ba ba ikanyegang, ba ba kgethilweng. Ga se sengwe se batho botlhe ba se ruileng.
Gape, Bibela ga e re motho o na le moya kana o o neilwe. Go na le moo, ya re: “Me Yehofa Modimo a bopa motho ka lorole loa mbu, me a budulèla mōea oa botshelō mo dinkoñ tsa gagwè; me motho a dihèga mōea o o tshedileñ.” (Genesise 2:7; bapisa 1 Bakorintha 15:45.) Go nna sengwe go farologane thata le go nna le sengwe. Ga go ope yo o ka ganelang gore go nna ntša go farologane le go nna le ntša! Ka mo go tshwanang, go nna moya ga go tshwane le go nna le moya.
Gore batho botlhe ga ba amogele neo ya bosasweng go phepafadiwa ke ditlhaloso tse dintsi tsa Bibela kaga go swa ga moya. Ka sekai: “Mōea o o leohañ, go tla shwa ōna.” (Esekiele 18:4, 20) “Me go tla nna, go re, motho moñwe le moñwe eo o se ketlañ a reetsa moperofeti eo, o tla senyediwa rure mo bathuñ.”—Ditihō 3:23.
Ereka jaana re sena meya e e sa sweng, go diragalang fa re swa? Re a ‘robala,’ ka go bo ka ntlha ya setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete go na le tsholofelo ya tsogo. (1 Bakorintha 15:22) Fa Lasaro a sena go swa Jesu o ne a re: “Kea ea gore ke mo cosè mo borokoñ.” Go tswa foo a tlhalosa a re: “Lasaro o shule.” (Yohane 11:11-14) Paulo o ne a bua gape kaga ‘ba ba robetseng mo losong.’ (1 Bathesalonia 4:13, 14; 1 Bakorintha 15:20) Mme he jaanong, fa e le gore baswi ba robetse . . .
A ba Tla Tsosiwa?
Akanyetsa tiragalo eno e e gakgamatsang: Boidiidi jwa batho bo phuthegetse fa pele ga logaga longwe kwa Bethani gaufi le Jerusalema. Jesu o foo le Maria le Maratha, bokgaitsadia Lasaro yo o neng a sa tswa go swa ebile mmele wa gagwe o le mo logageng longwe lo lo tswetsweng ka letlapa. “Tlosañ letlapa,” Jesu o a laela. Marata o a gana a re: “Morèna, gompiyeno o setse a nkga: gonne o tlhotse malatsi a le manè a shule.” Mme morago ga thapelo e khutshwane Jesu o tlhaeletsa a re: “Lasaro, cwa!” Mme monna ebong Lasaro o a tswa! (Yohane 11:38-44) A o ka akanya fela ka kgakgamalo le boipelo jwa boidiidi—segolo-bogolo jwa ga Maria le Maratha?
Fa e le gore Lasaro o ne a ntse a tshela mo malatsing ao a mane, a o ka bo a sa bolelela batho botlhe kaga seno? Mme ga go na polelo epe ya gore o ne a bua kaga boitemogelo bope jo a nnileng le jone fa a ntse a sule, mme go tiisetsa seo gape, Bibela e re, “Bashwi ga ba itse sepè.”—Moreri 9:5.
Kgang ya ga Lasaro e ne e se yone fela ya mofuta oo. Kwa lefelong lengwe le le bidiwang Naina, Jesu o ne a kopana le setlhopha sa batho ba ya phitlhong ya lekawana lengwe. Jesu o ne a re: “Lekau, kea gu raea, Coga.” Mme ga diragalang? “Eo o na a shule a rapamologa, me a simolola go bua.” (Luke 7:11-17) Mme, fano gape, a lekawana leno le ne la bua sepe kaga lefelo lengwe koo batho ba yang teng fa ba sena go swa? Nnya, ka go bonala fela sentle gore o ne a sule.
Jesu, Paulo, Petere, Elija, le Elisha botlhe ba ne ba tsosa batho ba ba suleng. Ga go ope wa batho bano ba ba neng ba kile ba swa yo o neng a bua sepe kaga botshelo jwa fa motho a sena go swa.
Dikgakgamatso tseno tse dikgolo di bolelela pele ka tsela e le yosi fela eo bontsintsi jwa baswi ba ka tshelang gape ka yone—ka go tsogela gape mo botshelong mo lefatsheng kafa tlase ga Bogosi jwa Modimo. Jesu o ne a re: “Se gakgamaleleñ mo: gonne lobaka loè tla, lo botlhe ba ba mo diphupuñ ba tla utlwañ lencwe [ja me] ka lōna, Me ba tla cwa.” (Yohane 5:28, 29) Seo e tla bo e le boitemogelo jo bo itumedisang thata thata mo go bao ba tla nnang le tshiamelo ya go tshela mo pusong ya Bogosi jwa ga Keresete ya dingwaga tse di sekete, e e atametseng jaanong. (Tshenolō 20:4, 6) Tsholofelo ya tsogo ka boyone e supa gore baswi ga ba tshele. Fa e le gore batho ba tla tsosiwa, he ba tshwanetse pele ba bo ba sa tshele.
Bangwe ba ka Nna ba Botsa ba Re . . .
Gotweng kaga maiphako a ba ba buang le baswi le ba bangwe a gore ba amogela melaetsa mo baswing? A seno ga se supe gore baswi ba a tshela? Nnya. Satane o botlhale thata, ke motsietsi-mogolo yo gantsi ‘a itshwantshang le moengele wa lesedi.’ (2 Bakorintha 11:14) Ene le badimona ba gagwe ba ka itshwantsha le meya ya batho ba ba suleng, mme gantsi ba dira jalo! Ka jalo, molao wa ga Jehofa go Iseraele o ne wa tlhalosa jaana ka phepafalo: “Eo o buañ le badimo . . . kgotsa eo o botsañ bashwi . . . o makgapha mo go Yehofa.” (Duteronome 18:10-12) Jehofa o bolela gape gore ba ba dirisang badimo “ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo” mme ba tla senngwa.—Bagalatia 5:19-21; Tshenolō 21:8.a
Gotweng kaga bao ba iphakang gore ba ile ba nna le maitemogelo a go boa gaufi le loso? A seo ga se supe gore moya (spirit) kana moya (soul) di tlogela mmele fa motho a a swa? George Gallup, Jr., mmotsolotsi yo o botsolotsang batho ka kakaretso ka moo ba ikutlwang ka gone wa U.S., o ne a tlhotlhomisa kaga kgang eno mme a gatisa matswela a gone go Adventures in Immortality. Dingaka le baitseanape bao ba neng ba botsolotswa ba ne ba supa dipelaelo tsa bone kaga boammaaruri jwa dipolelo tsa go boa gaufi le loso. Moitseanape mongwe wa tsa botshelo wa Maryland o ne a bua jaana: “Ano ke maitemogelo a tlhaloganyo e e mo seemong se se sa itekanelang sa mmele . . . Boboko ke tokololo e e marara thata mme bo ka go direla matswakabele a le mantsi fa o sa bo tshware sentle—lepa maitemogelo a diokobatsi tse di tobekanyang tlhaloganyo.” Moithuta-tlhaloganyo mongwe wa Ohio: “Dipego tseno ke ditoro fela kana dilo fela tsa tlhaloganyo e e tobekanyeng.” Moitseanape wa Michigan: “Seno ke ditoro tse di tlhotlhelediwang ke mogopolo o o mo maibing.”
Gallup o ne a nna le phetso ya gore dipolelo tsa go nna gaufi le loso “ga go ka tsela epe di bopang seo se ka tsewang jaaka bosupi jwa go sa sweng kana jwa botshelo jwa morago ga loso.” O ne a oketsa a re: “E ka nna ya bo fela e le dipono tse di gakgamatsang tsa kafa teng tseo tsotlhe di diragalang mo megopolong ya bao ba leng mo maibing.” O ne a bo a akantsha gore bangwe ba ba akanyang ka tsela ya sedumedi ba ka tlhalosa maitemogelo a a ntseng jalo jaaka “karolo ya maano a sedimona a go tsietsa batho.” Se Jehofa Modimo a neng a se bua bogologolotala se santse se dira: “Bashwi ga ba itse sepè.”—Moreri 9:5.
O Tshwanetse Go Dirang?
Disa megopolo kana dithuto tseo di theilweng mo maakeng a ntlha a ga Satane—“ga lo ketla lo shwa.” (Genesise 3:1-5) Amogela seo Lefoko la Modimo le se rutang, gore fa motho a a swa ‘maikaelelo a gagwe a a nyelela.’ (Pesalema 146:4) Itse gape gore, baswi ba ba robetseng ba tla tsoga mo pusong e e molemo-lemo ya Bogosi jwa Modimo, eo ba le bantsi ba e rapelelang, nakong ya fa “go tla [nnang] cogō ea basiami le ea basiamolodi.”—Ditiho 24:15; Mathaio 6:9, 10.
Mosadi yo o sekoa yo o neng a umakiwa mo setlhogong sa rona santlha o ne a itumela fa a ne a bolelelwa se Modimo a se buang kaga baswi le kaga meya e e boferefere ya bodimona. O ne a senya dipheko tsotlhe tsa gagwe le dilo tsa badimo mme ka malatsi a sekae fela a ikutlwa a tokafetse thata. Jaanong o thusa ba bangwe go ikgolola mo kobamelong ya bodimona.
Motlholagadi yo o neng a latlhegelwa ke baratiwa ba gagwe fa sefofane se phatlakana o ne a gomodiwa ke mogopolo ono: Ereka jaana baswi ba sa itse sepe, ga ba sa tlhole ba bona go feta ga nako. Jalo ba tsoga ka ponyo ya leitlho fela mo lobakeng lo lo latelang mo paradaiseng ya selefatshe fa Bogosi jwa Modimo bo busa! O itumelela go thusa ba bangwe go itse gore ka bonakonyana “Yehofa Modimo o tla phimola dikeledi mo matlhoñ aotlhe.” (Isaia 25:8) O lebile pele letsatsing leo, ka tsogo, baratiwa ba gagwe ba ba suleng ba tla bong ba tshela gape.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona gape bukana ya Meya e e sa Bonaleng—A ea Re Thusa? Kana ea Re Gobatsa? e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.