A Baswi Baa Tshela? Se Batho ba Se Bolelang
MOSADI-MOGOLO mongwe wa montsho o ne a lebega a lwala thata. Maoto a gagwe a ne a le botlhoko thata mo a neng a palelwa le ke go tsamaya. Tebego ya gagwe e ne e le e e sa tlwaelegang—moriri wa gagwe o ne o tshasitswe letsopa le lehibidu, a iphapile ka dituku di le dintsinyana, mme diatla tsa gagwe le maoto di thathilwe ka dipheko. Ka ntlha yang? Ka go bo o ne a feditse dingwaga di ka feta 50 a ntse a dumela gore o ne a tsenywe ke meya ya bagologolwane ba gagwe. Dingaka tsa setswana di ne di laotse gore a dirise letsopa, dituku, le dipheko go mo “alafa.”
A eno ke tumelo e e sa tlwaelegang? E seng jalo gotlhelele. Mo Afrika fela, matshelo a bontsintsi jwa batho a ikgarile mo tumelong ya gore bagologolwane ba ba suleng ba na le nonofo ya “go sireletsa ditlogolwana tsa bone kana go ba otlhaya ka malwetsi a mabotlana kana ka bomadimabe,” jaaka fa go tlhalosa buka ya African Heritage. Kobamelo e e tshwanang ya bagologolwane e dirisiwa mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe. Lefa go bonala go gakgamatsa, kobamelo e e ntseng jalo go bonala e na le sengwe se e tshwanang ka sone le ditumelo tsa ko o nnang gone. Jang?
Mahindu le ba bangwe ba dumela mo go tsalweng sesha ga moya mo mmeleng o mosha. Badirisa-badimo ba dumela gore motho o ka amana le baswi ka ba ba buang le badimo. Makatoliki a rutwa gore maleo a bontsi jwa batho ba ba swang a tlosiwa mo pakatoring pele ga gore labofelo ba fitlhe mo legodimong mme gore ba ba boikepo thata thata ba ya mo diheleng tsa molelo. Maporosetanta ka bontsi ba dumela gore batho ba ba molemo ba ya kwa legodimong mme ba ba bosula ba tlhokofadiwa mo diheleng, mme ba le bantsi ba tlhatswegile pelo gore seno ke se se rutwang ke Bibela. Batho bangwe ba ba ileng ba nna le maitemogelo a go nna gaufi le loso ba tlhatswegile pelo gore go na le sengwe se se salang fa mmele o sena go swa.
Lemororo ditumelo di farologana mo dikgopolong tsa tsone tse di tlhomameng kaga botshelo jo bo tlang kwa morago ga loso, bontsi jwa tsone di tshwana ka selo seno—ka tumelo ya gore baswi ba a tshela.
Loso ruri ke mmaba yo o boitshegang, yo o tlhaselang batho ba ditso tsotlhe—bahumi le bahumanegi, bannye le bagolo. Ke fela jaaka Bibela e re: “Lo mouwane hèla, o o tloñ o bōnale ka lobakanyana, me o tloge o kaologèle koñ.” (Yakobe 4:14) Letsatsi le letsatsi didikadike di latlhegelwa ke baratiwa ka ntlha ya loso.
Jalo he, batho ba le bantsi baa ipotsa: ‘Ba ile kae? A ruri ruri ba sule, kana a ba santse ba tshela golo gongwe? A re tla tlhola re ba bona gape? Re ka bona kae dikarabo tsa boammaaruri?’