Moya wa Bobulatsela O Akofisa Thobo ya Philippines
FA O NE o le kwa Manila morago kwa ka 1935 mme o ne o batla go bonana le Basupi ba ga Jehofa, o tla bo o ile wa tshwanelwa ke go batla ntlonyana kwa 1134 Rizal Avenue. Koo, batho ba ba ka nnang 20 ba ne ba kopanela ka metlha gone go ithuta Bibela. Ntlonyana eo e ne e le ofisi ya ntlha ya lekala la Mokgatlho wa Watch Tower mo Philippines.
Gompieno, mo lefelong la motse o mogolo wa Manila, go na le diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa di le 103 tseo di nang le baboledi ba Bogosi ba ba fetang 9 000! Ka mo go tshwanang, dingwaga di le 50 tse di fetileng go ne go sena Basupi mo motseng wa Davao, mo borwa jo bo kgakala jwa Philippines. Jaanong go na le ba ba fetang 2 800 ba bone mo diphuthegong di le 41 mo motseng oo.
Koketsego mo metseng eno e mebedi e megolo ke karolo ya sesupo sa gore Basupi bao ba pele ba ne ba tshelela leina la bone. (Isaia 43:10-12) Ba ile ba atolosa tiro ya bone ya go rera le go ruta mo dikarolong tsotlhe tsa Philippines. Ka go tlhatlhoba tšhate e e latelang, o ka bona loungo lwa go dira barutwa ga Bakeresete mo halofong ya lekgolo la dingwaga le le fetileng. Ke eng se se akofisang kgolo mo tshimong ya Philippines?
Moya wa Bobulatsela o Thusa Kgolo
Fa e ne e se ka go nna le moya o o tlhagafetseng wa go bula tsela mo Basuping ba pele ba Filipino, go ne go se kitla go kgonega gore go fitlhelelwe makgolo-kgolo a baagi ba ditlhaketlhake tseo ka mafoko a a molemo. Moya oo o santse o le teng thata. Ka sekai, pego ya February 1986 e bontshitse gore, mo godimo ga babulatsela ba ba kgethegileng ba le 758, go ne go na le badihedi ba babulatsela ba ka metlha ba le 9 090 ba ba neng ba direla go ralala Philippines. Eno e ne e feta palo ya ba ba neng ba bega dingwaga tse pedi fela tse di fetileng gabedi! Ka April 1985, ba le 26 630—nngwe-tharong ya Basupi botlhe mo nageng eo—ba ne ba tsenetse tiro ya go rera ya nako e e tletseng ya mofuta mongwe.
Ee, batho ba ga Jehofa mo Philippines ba tlhaloganya ka moo metlha eno e potlakileng ka gone. Seno se ba tlhotlheletsa go dirisa nako e ntsi ka moo ba ka kgonang ka gone go rerela le go ruta baagelani ba bone Lefoko la Modimo. Ntle le pelaelo, o ne o tla kgatlhegela go ithuta ka moo bangwe ba kgonang go rulaganya mabaka a bone ka gone gore ba tsenele tirelo ya nako e e tletseng le go rata go itse ka maitemogelo a a molemo ao ba a ipelelang.
Go Dira Dipaakanyo Gore ba Bule Tsela
Felipe Ventura wa Binalonan, kwa Pangasinan, o dirisitse dingwaga di le 13 tsa bosha jwa gagwe mo tirelong ya nako e e tletseng pele a nna le lelapa. Fa lelapa la gagwe le ntse le gola, o ne a eletsa go boela mo tirong ya bobulatsela, mme bolwetsi jwa sukiri bo ne jwa mo foufatsa leitlho le le lengwe. Mme dingwaga tse di ka nnang nne tse di fetileng o ne a foufala gotlhelele. Go sa kgathalesege seno, Felipe o ne a kgona go tswelapele a tsamaisa kgwebonyana go tlamela lelapa la gagwe mme, ka thuso ya mosadi le bana ba gagwe, o ne a kgona go rulaganya nako ya gagwe gore a tle a kgone go nna mmulatsela gape ka April 1, 1985. Go sa kgathalesege go foufala ga gagwe, o tsenela bodihedi jwa ntlo le ntlo ka thuso ya morwawe, yo o mmalelang ditemana tsa Bibela. Mokaulengwe Ventura gape o tsamaisa dithuto di le mmalwa tsa magae mme ke mogolwane yo o tlhophilweng mo phuthegong. A le mongwe wa barwa ba gagwe o direla gammogo le ene jaaka mmulatsela wa ka metlha, mme morwadie ke mmulatsela yo o thusang kgapetsa.
Clodualdo Quiohilag, mogolwane kwa Biñan, Laguna, e ne e le mmulatsela ebile e le molebedi yo o etang ka bo-1960 go fitlhela fa ene le mosadi wa gagwe ba ne ba nna le ngwana. Mme, jaaka a bolela a re, “Gangwe fela fa o sena go latswa boipelo jwa tirelo ya nako e e tletseng, o e eletsa ka metlha.” Jalo lemororo a ne a atlegile mo kgwebong ebile a ipeletse botshelo jo bo iketlileng le mosadi wa gagwe le morwadie, o ne a se ka a di kaya e le boikaelelo jwa gagwe jwa mmatota mo botshelong. O tlhalosa jaana: “Tsotlhe tse ke nang natso di ne di tla tlhoka mosola fa toro ya me e ke sa bolong go e rata ya go boela mo tirelong ya nako e e tletseng e ne e sa diragadiwe.” Gore a tle a nne mmulatsela, o ne a fokotsa tiro ya gagwe ya kgwebo go nna fela halofo ya letsatsi, a dirisa dikarolo tsa mo mosong mo bodiheding jwa tshimo. Toro ya gagwe e ne ya diragadiwa ka October 1, 1984, fa a ne a simolola go direla jaaka mmulatsela wa ka metlha. Lemororo a bona madi a e ka nnang halofo ya ao a neng a a bona, ditshenyegelo tsa gagwe le tsone di kwa tlase. Jaanong mosadi wa gagwe o kopanetse le ene mo tirong ya bobulatsela jwa ka metlha, mme morwadie o direla jaaka mmulatsela yo o thusang kgapetsa.
O Direla ka Nako e e Tletseng Lemororo a Foufetse
Ka ntlha ya go tlhaselwa ke mmokwane wa Jeremane, Pantaleon Tatoy fa esale a foufala a na le dingwaga di le tharo. Ka 1972 o ne a simolola go utlwa boammaaruri mme o ne a simolola go ithuta buka ya Boamarure jo bo Isang Botshelong Jo Bosakhutleng. Seno se ne sa mo thusa ka pele go fenya go tshwakgolwa ga gagwe ke motsoko le bojalwa, mme o ne a bontsha boineelo jwa gagwe go Jehofa ka go kolobediwa ka July 29, 1973.
Fa Pantaleon a ne a simolola go rerela baagelani ba gagwe, kgaitsadie yo mogolo o ne a mo sotla ka go re: “O ka nna moruti jang o le sefofu mme o na le borukhu bo le bongwe fela?” Mme seno ga se a ka sa mo kgoba marapo. Ereka a ne a itse lefelo le le dikologileng legae la gaabo sentle, o ne a tswa a le nosi mme o ne a rerela baagelani ba gagwe boammaaruri. O ne a itumetse thata fa ka 1984 a ne a kgona go thusa ntsalae le setlogolo sa gagwe go ithuta boammaaruri, mme ba ne ba kolobediwa ka September wa ngwaga one oo.
Pantaleon o ne gape a kgona go tsamaisa thuto ya Bibela le ditlogolo tsa gagwe tsa mafatlha, Lorna le Luz, bao eleng dimumu ka bobedi jwa bone. Mmulatsela yo o foufetseng yono o ithuta jang le batho ba ba ntseng jaana? Ka go thusiwa ke mongwe, o ne a dirisa ditshwantsho tse di mo dibukeng thata. Fa a tlhalosa boammaaruri, ntsalae Roquina o ne a ranolela mafatlha ano ka puo ya diatla seo a neng a se bua. Lorna le Luz ba ne ba kolobediwa ka April 20, 1985, go sa kgathalesege bokoa jwa bone jo bogolo jwa bomumu. Fa ele ka Pantaleon, morago ga go direla jaaka mmulatsela yo o thusang ngwaga o le mongwe, o ne a tlhophiwa jaaka mmulatsela wa ka metlha ka March 1, 1985.
Tirelo ya Nako e e Tletseng Jaaka Tiro ya Botshelo Jotlhe
Kwa kalogong ya sekolo se segolo, moithuti mongwe o ne a re go Mosupi yo o neng a le mo tlelaseng ya gagwe: “Fa fela ke botsa batho ba lona gore ke tiro efe e ba yang go e dira morago ga go aloga, botlhe ba re, ‘Bobulatsela.’ Ke tiro ya mofuta ofe eo?” Mosupi yono yo mosha o ne a mo tlhalosetsa seo bobulatsela e neng e le sone. Moithuti ka ene o ne a kgatlhega mme o ne a amogela thuto ya Bibela, mme, le ene, ka bonako o ne a nna le mokgele wa go nna mmulatsela.
Ba bangwe ba ile ba fitlhela gore dithuto tsa kholetšhe ga di neye motho tseo a di tlhokang semoyeng. Kwa Bohol, kgaitsadi mongwe yo mosha yo o neng a le mo ngwageng wa gagwe wa bofelo kwa kholetšheng o ne a fitlhela gore o ne a na le nako ya go bulatsela fa a ne a fetsa dithuto tsa gagwe. Moragonyana, o ne a nna gone kwa Sekolong sa Tirelo sa Bobulatsela mme o ne a tlhalosa gore kholetšhe e ka se bapisiwe le sekolo seo le boipelo joo a bo utlwileng mo tirelong ya nako e e tletseng ya ga Jehofa. Jaanong o direla jaaka mmulatsela koo tlhokafalo ya bareri eleng kgolo gona.
Basha le Bagolo ba Arola ka go Rata
Buka ya Dipesalema e ne ya bolelela pele gore mo metlheng eo Bogosi bo busang ka yone batho ba Modimo ba ne ba tla “italetsa ka pelo e e thamileñ.” E boletse gape gore ‘makau, basetsana, bannabagolo le banyana’ ba ne ba tla baka leina la ga Jehofa. (Pesalema 110:3; 148:12, 13) Eleruri seno se itshupile se le boammaaruri mo bathong ba Modimo kwa Philippines.
Kwa bofelong palo ya ba ba 1 159, kana 13 lekgolong, ya babulatsela ba ka metlha ba ba neng ba ikwadisitse kwa Philippines e ne e le ya ba ba kwa tlase ga dingwaga tse 20. Abo go itumedisa jang ne go bona basha ba ba tshwanang le bano bao ba ‘gakologelwang Mmopi wa bone mo metlheng ya bosha jwa bone’ ba sena bogagapa go na le go bo senya mo ditelekisong tsa bogagapa kana tsa lefatshe!—Moreri 12:1.
Bangwe bao ba neng ba simolola tirelo ya nako e e tletseng mo bosheng jwa bone baa tsofala jaanong mme ba santse ba direla ka boikanyegi. Mokaulengwe Leodegario Barlaan le mosadi wa gagwe Natividad ba ne ba simolola go bula tsela ka April 1, 1938. Ba ne ba feta mo dingwageng tse di boima tsa ntwa mme ba ile ba direla mo dikarolong tse dintsi, go akareletsa le tiro ya go potologa. Jaanong Mokaulengwe Barlaan o na le dingwaga di le 72 mme o santse a direla ka tlhoafalo jaaka mmulatsela yo o kgethegileng mo San Carlos, Pangasinan, gammogo le mosadi wa gagwe.
Ba bangwe ba simolotse tirelo ya nako e e tletseng moragonyana mo botshelong mme ba tswela pele go isa botsofeng jwa bone. Ka sekai, Leoncio Sabandal o simolotse go bula tsela a na le dingwaga di le 52 mme e santse e le mmulatsela yo o kgethegileng ka dingwaga di le 92. Ene le mosadi wa gagwe ba thusitse batho ba le 118 go neela matshelo a bone go Jehofa. Ka mo go tshwanang, Cipriano Sepulveda, Sr., o ne a simolola go bula tsela fa a ne a na le dingwaga di le 72 mme e ne e le mmulatsela wa ka metlha go fitlhela a swa a na le dingwaga di le 88 ka 1985. Paulo Mariano o ne a simolola go bula tsela a na le dingwaga di le 71 mme o santse a le mo tirelong ya nako e e tletseng go sa kgathalesege bolwetsi a na le dingwaga di le 88. Abo bano le ba bangwe ba ba godileng e le dikao tse di tlhomologileng jang ne tsa tumelo le boineelo!
Go Itumelela Kgatelopele e e Dirilweng
Fa re lebelela kwa morago mo halofong ya lekgolo la dingwaga le le fetileng, tshegofatso ya ga Jehofa mo maitekong a a tlhoafetseng a Basupi ba gagwe e ne ya bonala. Go tswa go ba se kaenyana fela ka 1935, abo e le boipelo jang ne go bona ba ba 88 113 ba nna le seabe mo bodiheding jwa tshimo ka February 1986! Phuthego e le nngwe e potlana kwa Rizal Avenue mo Manila jaanong e setse e oketsegile go nna diphuthego di le 2 454 mo nageng ka bophara, e rulagantswe ka dipotologo di le 120.
Mme go tweng ka ditebelelo tsa isagwe? Tshupo e e kgothatsang ke palo e e tlhomologileng ya ba ba 268 526—ba ba neng ba nna gone mo moketeng wa Segopotso ka April 4, 1985—ba ba fetang palo ya Basupi mo nageng eo gararo. Gape, ka February 1986, go ne ga tsamaisiwa dithuto tsa Bibela tsa magae di le 63 248 le batho ba ba kgatlhegang. Mme kwantle ga pelaelo kgolo e e tswelang pele e tla bonwa ka tshegofatso le kamogelo tsa ga Jehofa.
Re itumelela go bo Jehofa a ile a ungwisa thata tiro e e simolotsweng ke basupi ba gagwe ba pele ba ba tloditsweng mo ditlhaketlhakeng tseno go feta dingwaga di le 50 tse di fetileng. Ka tshegofatso le kaelo tsa gagwe, ke mokgele wa batho ba gagwe kwa Philippines go tswelapele ba atolosa tiro ya bone ya go rera le go ruta mo malatsing a a tlang.
[Tšhate mo go tsebe 29]
Koketsego ya dingwaga di le masome a matlhano mo Philippines
1935 20
1940 222
1950 10 055
1960 31 608
1970 54 789
1980 61 164
1986 88 113
[Mmapa mo go tsebe 28]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
The Philippines
San Carlos
Manila
Biñan
Zamboanga
Davao