Dipotso tse di Tswang go Babadi
◼ Mo setshwantshong sa ga Jesu sa mohumi yo o neng a sa humela Modimo, “ba” e ne e le bomang ba ba neng ba lopa moya wa monna yoo?
Jesu o ne sa lebisa go setlhopha sepe sa batho kana baengele. Mo go Luke 12:20, NW o ne a dirisa leemedi “ba” fela jaaka tsela ya go bontsha seo se neng se ya go diragalela monna yoo.
Setshwantso seno se bonwa mo go Luke 12:16-21. Mohumi yo o mo go sone o ne sa kgotsofadiwe ke khumo ya gagwe e e lekaneng. O ne a tswelapele go tlhoma mogopolo mo kgwebong ya gagwe gore a tle a oketse khumo ya gagwe. Jesu o ne a konesetsa ka go re: “Mme Modimo wa raya [mohumi] wa re, seeleele e wena, bosigong jono ba lopa moya wa gago. Ke mang, he yo dilo tse o di bolokileng e tla nnang tsa gagwe? Go ntse fela jalo ka motlho yo o ikhumelang fela a sa humele Modimo. ”
Diphetolelo tse dingwe di dirisa phetolelo ya tirwa, jaaka: “Moea oa gago o lōpiwa mo go wèna sigoñ yono.” (Bibela e e Boitshèpō) “Bosigong jono go tla lopiwa moya wa gago.” (The Jerusalem Bible) “Bosigong jono botshelo jwa gago bo a lopiwa.” (The Twentieth Century New Testament) “Bosigong jono moya wa gago o tla bidiwa.” (Byington) Lefa go ntse jalo, Sehebera (seo Jesu a neng a se bua) le Segerika (seo Luke a neng a kwadile ka sone) di dirisa sebopego sa leemedi la motho wa boraro. Temana ya Segerika go Luke 12:20 e bolela ka tlhamalalo gore “mo bosigong jo moya wa gago ba o kopa mo go wena.” Lediri la motho wa boraro le mo bontsing. Ka gone, go na le go le fetolela ka mo go sa tlhokafaleng mo pakeng ya tirwa (jaaka mo dikaing tse di fa godimo). New World Translation le tse dingwe di dirisa diphetolelo tse di jaaka “baa lopa.”
Lefa go ntse jalo, re dira sentle go se letlelele mekgwa eo mafoko a dirisitsweng ka yone go fitlha tlhagiso e e phepafetseng ya ga Jesu ka khumo. O ne a sa tlhalose ka moo mohumi a neng a tla swa ka gone. Ntlha e ne e le gore ka ditsela dingwe monna yoo o ne a ya go latlhegelwa ke moya, kana botshelo jwa gagwe, bosigong joo. Mme o ne a eme jang le Modimo? Bape ba rona ba ka nna ba nwela mo go tokafatseng boemo jwa rona jwa khumo mme ka mo go tshwanang re latlhegelwe ke go humela Modimo. Kgwebo ya lefatshe e tlhotlheletsa moya wa go ‘okeletsa ruri.’ Le eleng batho bao dikhampani tsa bone di dirang papadi e kgolo go tswa mo dithekong-tlase tsa dimilione tsa didolara, diponto, marks, jalo le jalo, ba ka nna ba raelesega go batla mo gontsi—badiri ba bantsi, ditheko-tlase tse dintsi, dipapadi tse dintsi, maipelo a a oketsegileng, madi a mantsi mo bankeng. Potso ya ga Jesu e ntse e utlwala le gompieno fela jaaka e ne e utlwala fa a ne a e botsa lantlha a re: “Me dilō tse u di baakantseñ di tla nna tsa ga man?”—Luke 12:20.