LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 7/15 ts. 27
  • Go Lemoga Dikgang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Lemoga Dikgang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kereke Jaaka Motlhotlheletsi wa Dipolotiki
  • Hail Mary e a Thibelwa
  • “Mabaka a go Tlala Bogale”
  • Ke Eng fa Kereke e Latlhegelwa ke Taolo Jaana?
    Tsogang!—1996
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 7/15 ts. 27

Go Lemoga Dikgang

Kereke Jaaka Motlhotlheletsi wa Dipolotiki

Dikereke tsa La-Bodumedi di tsenela ka kgololesego le ka maatla go ya pele mo dikgannyeng tse di sa tlhomamang tsa dipolotiki. Mo setlhogong se se kgethegileng seo se reng “Go Fologa mo Felong ga Therelo go ya Kwa Mebileng,” The Toronto Star ya Canada e ile ya lebisa tlhokomelo mo “palong e e golang ya makgetlho a go tsenelela [mo dipolotiking] ga baeteledipele ba dikereke.” Mokwadi ebong Jack Cahill o ile a bolela gore Kereke ya Roma Katoliki e ile ya “nna le seabe sa botlhokwa mo go menoleng Ferdinand Marcos kwa Philippines” le mo go fediseng puso ya ga Jean-Claude Duvalier kwa Haiti. Cahill o ne a oketsa ka gore: “Mo Afrika Borwa, Mobishopo-mogolo wa Kereke ya Anglican ebong Desmond Tutu . . . le maloko a mangwe a baruti a ile a tlhagisa mmuso ka gore ba tla rotloetsa thulano kgatlhanong le naga eo” ka ntlha ya kgang ya tlhabololotlhaolele.

Ba bangwe ba leba mokgwa o o ntseng jalo wa thulano jaaka tiro e e tshwanetseng ya Bakeresete fa ba batla gore mebuso kana melao e e sa ratiweng e fetolwe. Lemororo e le boammaaruri gore Jesu Keresete o ne a rome balatedi ba gagwe mo mebileng, e ne e se gore ba thuse go tlisa diphetogo tsa sepolotiki. Mo boemo jwa seo, ba ne ba ya kwa mafelong a botlhe le kwa matlong a batho go itsise Bogosi jwa selegodimo jaaka jo bo tla dirisediwang go segofatsa setho. (Mathaio 10:5-7; 24:14) Fa Jesu Keresete a ne a latofalediwa ditiro tsa bopolotiki​—tsa gore o itira kgosi—​o ne a supa ka phepafalo gore ditiro tse di ntseng jalo di ne di sa tshwanelwa go lebelelwa mo go ene kana mo balateding ba gagwe. O ne a bolelela yo o neng a atlhola gore “Bogosi yoa me ga se yoa lehatshe yeno.” Tumalanong le seno, balatedi ba boammaaruri ba ga Jesu ka gale ba ile ba tsaya boemo jwa boitlhaodi mo dikgannyeng tsa dipolotiki, ka gonne o ne a ile a bolela jaana ka bone: “[Ga] se ba lehatshe yeno.”​—Yohane 18:36; 17:14.

Hail Mary e a Thibelwa

Kgato ya bosheng jaana e e senang epe e e tshwanang le yone ya ga tautona ya Brazil, ebong Josê Sarney, ya go thibela go bontshiwa ga filimi e go ganetsanwang ka yone ya Hail Mary e ne ya baka tsogelo-kgatlhanong e e boitshegang mo teng le ka kwantle ga Kereke ya Katoliki. Bishopo Mauro Morelli o ne a bolela gore, “Ga ke dumalane gore Kereke ya Katoliki, jaaka e ne ya dira ka nako ya Kgotla-tshekelo ya yone ya go otlhaela boikeodi, e tshwanetse go lopa Mmuso gore o tseye dikgato go femela tumelo.” Mme motlatsa-feterasi ebong Eduardo Matarazzo Suplicy o ne a ngongoregela gore tautona ya Brazil o ne a “ineela mo dikgatelelong tsa lekoko la Kereke eo le le kgatlhanong le diphetogo.” “Re boetse mo go utlwaneng ga kereke le mmuso,” moperofesara wa Unibesithi ya Campinas ebong Roberto Romano o kwadile jalo mo lekwalong-dikgang la Folha de S. Paulo. “Go diragetse kwantle ga gore go nne le tumalano e e phepafetseng, jaaka mo kgannyeng ya Lateran Treaty le Mussolini le lmperial Concordat le Hitler. Nnyaa, gotlhe go diragaletse mo sephiring mo diofising tsa mmuso.”

Maano a a ntseng jalo a a gatelelang a bodumedi le go a tsibogela a gakolola ka setshwantsho sa Bibela se se tlhalosang kaga mosadi mongwe wa tshwantshetso wa seka-seaka wa bodumedi yo “o busañ dikgosi tsa lehatshe.” E bolela gore dikgosi tseno e tla re kgabagare di tla “ila seaka seuō, di tla se diha chwahaco le bosaikatèga, . . . di se hisetsa rure ka molelō.”​—Tshenolō 17:1, 2, 15-18.

“Mabaka a go Tlala Bogale”

Mo bukeng ya gagwe e ntšha ya Raisons de la colère (Mabaka a go Tlala Bogale), rakitso ya mmu mongwe yo o tumileng wa Fora ebong Renè Dumont o nyatsa mo pepeneneng seo a se bitsang “go palelwa gotlhelele” ga “tlhabologo e e ratang ntsho-dikuno” ya rona. Go boelediwa ga buka go Le Monde ya letsatsi le letsatsi ya Paris ka gone e sobokanya dikai dingwe tseo di umakilweng ke Dumont jaana: “Gore Canada e thulane le patlafalo e e boitshegang ya makwalo-dikgang, e rema ditlhare tse di oketsegileng ngwaga le ngwaga go feta tseo e di lemang; Soviet Union e ile ya lema go feta tekano pedi-tharong ya lefatshe la yone le le lengwang. Mme le eleng Fora go begiwa fa e ‘senya go nona ga mmu wa yone, oo o agilweng ke motshotelo le go lengwa ga furu ka makgolokgolo a dingwaga; ka go dirisa dikhemikale mo boemong jwa menontsha ya tlholego.”

Dumont gape o latofatsa merafe ya diintasetiri ka ‘go dirisa [polanete] ka mo go sa tshwanelang’ ka tshenyo ya dilo mmogo le go anamisiwa ga tsone goo go seng kafa tshwanelong: “Re ile ra laola itsholelo ya lefatshe maswe mo eleng gore re tshwanelwa ke go latlhegelwa ke bothwadi jwa rona.” O bolela gore sekao sa tlhabologo sa Bophirima “se ile sa senya itsholelo ya Dinaga Tse di sa Tlhabologang” mme se tlositse batho mo go tlhabololeng temothuo go ya mo “ditoropong tse di boifisang” tseo di ileng tsa gola mo merafeng e e sa tlhabologang go le kalo.

Fa e le gore maemo a a ntseng jalo a neela batho bao ba bonelang kotsi ya gone pele “mabaka a go nna bogale,” dilo tseno di tshwanetse go neela Yoo o bobileng polanete eno lebaka le le kana kang la go nna bogale? Ka gone Bibela e tlhalosa ka boperofeti nako e e atamelang ka potlako eo ditiro tse di senyang tsa batho di tla tlisang “bogale” jwa Modimo ka yone, di bakang gore a “senye ba ba senyañ lehatshe.”​—Tshenolō 11:18.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela