Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
Go Dira Ditiro tse di Molemo ka Sabata
KE DIKGAKOLOGO tsa 31 C.E. Go setse go fetile dikgwedi di le mmalwa fa esale Jesu a ne a bua le mosadi kwa sedibeng mo Samaria fa a ne a le mo tseleng e e tswang Judea go ya Galilea.
Jaanong, morago ga go ruta ka bophara go kgabaganya Galilea, Jesu gape o ya Judea, koo o ruta mo matlung a thuto. Go bapisa le tlhokomelo eo e neilweng bodihedi jwa gagwe jwa Galilea, Bibela e bolela mo gonnye ka tiro ya ga Jesu kwa Judea mo nakong ya leeto leno le mo dikgweding tseo a di nnileng fano morago ga Tlolaganyo e e fetileng. Kwantle ga pelaelo bodihedi jwa gagwe ga bo a ka jwa arabelwa sentle mo Judea jaaka go ne go ntse kwa Galilea.
Ka bonakonyana fela Jesu o mo tseleng go ya motseng o mogolo wa Judea, eleng Jerusalema, go ya Tlolaganyong ya 31 C.E. Fano, gaufi le kgoro ya dinku ya motse, go na le lekadiba le le bidiwang Betheseda, moo balwetsi ba le bantsi, difofu, le batlhotsi ba tlang gone. Ba dumela gore batho ba ka fodisiwa ka go tsena mo metsing a lekadiba leno fa a kgoberwa.
Ke Sabata, mme Jesu o bona monna fa lekadibeng yo o neng a ntse a lwala dingwaga di le 38. Ka go tlhokomela lobaka lo loleele lwa go lwala ga monna yono, Jesu o botsa a re: “A u rata go hōla?”
“Morèna, ga ke na motho opè eo ea reñ metse a kgoberwa a ntsenye mo lekadibeñ,” a araba jalo, “me ea tle e re ke sa nntse ke tla, moñwe a hologèle pele ga me.”
Jesu o mo raya a re: “Namologa, u tseè bolaō yoa gago, u tsamaeè.” Ka bonako fela monna a fola, a tsaya bolao jwa gagwe, mme a simolola go tsamaya!
Mme fa Bajuda ba bona monna yono, ba re: “Go sabata, ga goa lètlelèlwa, go re, u ka tsaea bolaō yoa gago.”
Monna a ba araba a re: “Eo o mphodisitseñ ke èna eo u ntheileñ, a re, Tsaea bolaō yoa gago, u tsamaeè.”
Ba mmotsa ba re: “E mañ monna eo o gu reileñ, a re, Tsaea bolaō yoa gago, u tsamaeè?” Jesu o ne a ngwangwaetse ka ntlha ya bontsi, mme yo o neng a fodisitswe o ne a sa itse leina la ga Jesu. Lefa go ntse jalo, moragonyana, Jesu le monna yoo ba kopana mo tempeleng, mme monna a lemoga gore ke mang yo o mo fodisitseng.
Jalo monna yo o fodisitsweng a kopana le Bajuda go ba bolelela gore ke Jesu yo o mo fodisitseng. Ka go utlwa seno, Bajuda ba ya kwa go Jesu. Ka ntlha ya lebaka lefe? A ke go ithuta gore ke ka tsela efe a kgonang go dira dilo tse di gakgamatsang jaana? Nnya. Me go mmona molato ka ntlha ya gore o dira dilo tse di molemo tseno ka Sabata. Mme ba simolola le eleng go mmogisa! Luke 4:44; Yohane 5:1-16.
◆ E ka ne e le lobaka lo lo kana-kang fa esale Jesu a etela Judea labofelo?
◆ Ke ka ntlhayang fa lekadiba la Betheseda le ne le tumile jaana?
◆ Ke kgakgamatso efe eo Jesu a e dirileng kwa lekadibeng, mme Bajuda ba ne ba itshwara jang?