‘Jala ka Bogolo, O Robe ka Bogolo’
“Eo o yalañ ka boñoma, o tla rōba ga boñoma: me eo o yalan ka bogolo, o tla rōba ga bogolo.”—2 BAKORINTHA 9:6.
1. Ke ka ntlhayang fa Jehofa Modimo e le motho yo o itumetseng thata mo lobopong lotlhe?
MODIMO wa rona Jehofa ke “Modimo o o itumetseñ.” Kwantle ga pelaelo lebaka le lengwe ke gore ke Monei yo o fang ka bogolo. Morwawe, ebong Jesu Keresete, o ne a tlhalosa jaana: “Go aba, go lesegō bogolo go go amogèla.” (1 Timotheo 1:11; Ditihō 20:35) Ga go ope yo o abileng go feta Jehofa—go tloga mo go bopeng Morwawe yo o tsetsweng a le esi, Lefoko, go fitlha mo nakong eno. Jalo kwantle ga pelaelo epe ke motho yo o itumetseng thata mo lobopong lotlhe.
2, 3. (a) Modimo o jadile ka bogolo ka ditsela dife? (b) Ke ka ntlhayang fa go ka bolelwa gore Jehofa o robile ebile o santse a tla roba ka bogolo?
2 Molao-motheo o o batlileng o tshwana o bolelwa mo go 2 Bakorintha 9:6 jaana: “Eo o yalañ ka boñoma, o tla rōba ga boñoma: me eo o yalañ ka bogolo, o tla rōba ga bogolo.” Abo Jehofa Modimo o jadile ka bogolo jang ne mo ditirong tsa gagwe tsa popo! Lefoko la gagwe le bolela ka makgolo a dimilione a dibopiwa tsa moya. (Tshenolō 5:11) Gape tlhokomela masagaripana a dinaledi a a senang palo mo magodimong, lengwe le lengwe la one le na le dikete tsa dimilione tsa dinaledi. Fa re tla fa fatshe mo lefatsheng leno, abo go na le dilo tse di farologaneng tse di senang palo, tse di tshelang le tse di sa tsheleng, tseo Jehofa Modimo a di bopileng! Ruri ‘lefatshe le tletse ka dikuno tsa gagwe eleruri.’ (Pesalema 104:24) Go feta moo, abo o re neetse ka bogolo jang ne mo ditlhaloganyong tsa rona, mo dirweng tsa rona tsa kutlo, le mo mmeleng wa rona! Ruri re “dihilwe ka mo go boitshègañ.”—Pesalema 139:14.
3 Ga gona pelaelo ya gore, Jehofa Modimo o jadile ka bogolo. Ga go jalo fela mo ditirong tsa gagwe tsa popo mme gape le mo ditirisanong tsa gagwe le dibopiwa tsa gagwe tsa lefatshe. Lefa go ntse jalo, a o robile ka bogolo? Eleruri o dirile jalo! Ka tsela efe? Ka gore o kile a bo a na le, o na le, mme o santse a tla nna le dibopiwa tse di dintsi thata tse di botlhale tse di mo direlang ka lorato. Go dira ga tsone jalo go itumedisa pelo ya ga Jehofa, segolo-bogolo jaaka go supa Diabolo yo o kgobang e le moaki. —Diane 27:11.
4. Molao-motheo wa 2 Bakorintha 9:6 o dira jang ka dinako tsotlhe, go akareletsa le nako ya rona?
4 Bibela e tshotse bosupi jo bontsi jwa gore, go simolola ka Lefoko, batlhanka ba bantsi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa Modimo ka mo go tshwanang ba jetse ka bogolo mme ba roba ka bogolo. Go tshwanetse go nna jalo, ereka melao-metheo ya ga Jehofa e dira ka dinako tsotlhe le mo bathong botlhe. Ka ntlha ya moo, molaomotheo o o mabapi le go jala o ka itshupa e le boammaaruri mo botshelong jwa gago.
5, 6. (a) Ke baba bafe ba ba dirang gore go nne thata mo go rona go jala ka bogolo? (b) Ke eng seo re tshwanetseng go rata go se dira, mme mo dikarolong dife tsa tirelo ya rona e e boitshepo?
5 Lefa Dikwalo di phophoma ka mabaka le dikai tsa go jala ga rona ka bogolo ga se selo se se motlhofo go se dira ka gope. Ka ntlha yang? Gonne re na le baba ba bararo bao ba ganetsang thata go dira ga rona jalo. Santlha, go na le go sekamela ga rona mo bogagapeng goo re go ruileng. Re bala jaana mo go Genesise 8:21: “Go akanya ga pelo ea motho go le boshula, go cwa bokauñ yoa gagwè.” Gape Lefoko la Modimo le re bolelela gore pelo ya motho e boferefere mme e diphatsa. (Yeremia 17:9) Sabobedi, re tshwanetse go itshokela dikgatelelo tse di tswang mo lefatsheng le le boikepo, leo le namaletseng mo nonofong ya yo o bosula. (1 Yohane 5:19) Saboraro, ke Diabolo ka boene yo o iketleeleditseng go re kometsa fa re itebala.—1 Petere 5:8.
6 A o ntsheditse baba bano ba bararo matlho dinameng ka metlha? Ka ntlha ya baganetsi bano, re tshwanetse go tlhoafalela ‘go utlwa kgakololo le go tshola thuto, gore re nne botlhale mo isagweng ya rona.’ (Diane 19:20) Tota-tota, re tshwanetse go dira jaaka moaposetoloi Paulo a ne a dira, ‘go kgoba mebele ya rona le go e baya mo taolong,’ e se re kgotsa ra latlhegelwa kwa bokhutlong (1 Bakorintha 9:27) Molao-motheo wa gore fa re jala ka bogolo re tla roba ka bogolo o dira mo dikarolong tsotlhe tse di farologaneng tsa tirelo e e boitshepo tseo Basupi botlhe ba ga Jehofa ba Bakeresete ba tshwaregileng mo go tsone. Ee, lebang koo re tla tshwaregang gone, re tla fitlhela gore molao-motheo ono oa dira: mo thutong ya rona ya botho, mo go nneng gone ga rona kwa dipokanong, mo dithapelong tsa rona, mo bosuping jwa rona jo bo sa ikaelelwang, le mo dikamanong tsa rona tsa lelapa.
Go Jala Ka Bogolo mo go Ithuteng Bibela
7, 8. (a) Gore re jale ka bogolo mo thutong ya rona ya botho ya Bibela, re tshwanetse go nna le eng? (b) Ke mekgele efe eo re tshwanetseng go e tlhoma, mme re ka e fitlhelela jang?
7 Gore re nne badihedi ba ga Jehofa Modimo ba ba ungwang, santlha re tshwanetse go jala ka bogolo mo thutong ya rona ya botho ya Bibela. Re tshwanetse go batla go nna le keletso e e bogale ya semoya, re anaanela gore ga re tshele ka dilo tsa senama fela. Ka ntlha ya go gatelelwa ga rona ke ditlhobaelo le ditiro tsa letsatsi le letsatsi tsa botshelo, go tlhokega boiteko jo bo kelotlhoko gore re tsibogele tlhokafalo ya rona ya semoya ka tlhoafalo. (Mathaio 13:19) Go tla nna molemo eleruri mo go rona ka namana go nna le kanaanelo ya Lefoko la Modimo eo mopesalema a neng a na le yone fa a ne a kwala jaana: “Ke itumèla ka lehoko ya gago, yaka motho eo o bōnañ thopō e kgolo.”—Pesalema 119:162.
8 Thuso e e tlhomameng mo go seno ke go tsaya ga rona tsia kgakololo ya go ‘leba thata kafa re sepelang ka gone, e seng jaaka ba ba seng botlhale, ka go swela lobaka molemo.’ (Baefesia 5:15, 16) O ka nna wa batla le eleng go itlhatlhoba mo ntlheng eno. Ipotse jaana: “A ke rulaganya mabaka a me go dira nako ya go bala makasine mongwe le mongwe wa Tora ya Tebelo le Awake! fa o tswa? Go tweng ka Yearbook, mmogo le dibuka tse dikgolo le dibuka tse dingwe tseo re di bonang kwa dikopanong? Re ka nna ra se bone oura kana di le pedi tsa go bala dibuka tseno ka metlha, mme ka go ntsha matlho dinameng re ka bapala metsotso e le mmalwa ka dinako tse di farologaneng go bala kgaolo ya Bibela kana setlhogo sa makasine. Bakeresete ba le bantsi ba rulaganyetsa go tsoga metsotso e le 10 kana e le 15 go sa le gale letsatsi lengwe le lengwe gore ba bale fa ba thantse thata. Ba tlangwe ba fitlhela gore ba ka bala mo go ntsi fa ba ntse ba tsamaya mo sepalangweng sa botlhe. Go tweng ka wena?
9. Re ka roba ka bogolo jang mo thutong ya rona ya Bibela ya botho?
9 Ka go jala ka bogolo ka ditsela tseno, le rona re ka nna le tsholofelo ya go ba ka bogolo. Jang? Ka ntlha ya gore re tla nna le tumelo e e nonofileng thata, tsholofelo e e phatsimang thata, le boikutlo jo bo itumetseng le jo bo siameng jwa tlhaloganyo. Go feta moo, re tla tlhomelelwa botoka go supela ba bangwe. Re tla kgona go tsaya karolo mo motlotlong o o nonotshang le go thusa bakaulengwe ba rona fa paka e dumela. Elatlhoko seo matswela e ka nnang sone mo go 1 Timotheo 4:15, 16.
Go Jala ka Bogolo mo go Nneng Gone Kwa Dipokanong
10. Boikutlo jwa rona bo tshwanetse go nna bofe mabapi le dipokano tsa rona?
10 O ka nna wa botsa jaana: A molao-motheo ono wa go roba ka bogolo fa re jala ka bogolo o dira gape le mo go nneng gone ga rona mo dipokanong tsa phuthego? Ka mo go tlhomamisegileng thata! Re tshwanetse go ikutlwa jaaka mopesalema Dafide fa a ne a re: “E rile ba nthaea, ba re, A re eeñ kwa tluñ ea ga Yehofa, ka itumèla.” Ee, re tshwanetse go ikutlwa re gogelwa go kopana le bakaulengwe ba rona.—Pesalema 122:1.
11, 12. Re ka jala le go roba jang ka bogolo mo go nneng gone ga rona kwa dipokanong?
11 Seno se batlang mo go rona? Se raya go nna gone kwa dipokanong di le tlhano tsa rona tsa beke nngwe le nngwe ka metlha le ka boikanyegi, re sa letlelele maemo a a bifang go le gonnye a bosa kana go sa ikutlwe sentle go gonnye ga mmele go nna lebaka la go nna kwa gae. Ke gantsi go le kana kang re fitlhelang maemo a bosa—a fisa kana a le tsididi, pula e na kana e sa ne—a kgoreletsa go nna gone kwa dipokanong? Lefa go ntse jalo, fa re nna le dikgoreletsi tse di oketsegileng tseo re tshwanelang go di fenya go nna gone, go bonala Jehofa a re neela tshegofatso e e oketsegileng. Gape re ka jala ka bogolo ka go tla go sa le gale gore re nne le motlotlo o o kgothatsang pele ga dipokano, mme re dire se morago ga moo ka boikaelelo jo bo tshwanang. Wena ka bowena o dira jang mo ntlheng eno? A o tshwanetse go leka go jala ka bogolo ka mo go oketsegileng? Go baakanyetsa thuto ya Tora ya Tebelo le dipokano tse dingwe sentle le gone goa akarelediwa. Lebaka la seno ke gore re ka jala ka bogolo ka go araba fa paka e letla.
12 Ke ka ditsela dife re ka solofelang go roba ka bogolo mo go seno? Ga re kake ra dira kakgelo e e kgothatsang kwantle ga gore re kgothale rona ka borona; ga re kake ra rotloetsa moya o o hutsafetseng kwantle ga gore dipelo tsa rona ka borona di tlhotlhelediwe. Ee, re ka se arabe kwa dipokanong kwantle ga gore re nonotshe tumelo ya rona ka borona ka dinnete tseo re di bolelang. Go motlhofo: “Motho eo o hañ ka pelontle o tla nontshiwa: le eo o nosañ le èna ka esi o tla nosiwa.”—Diane 11:25.
Go Jala Ka Bogolo mo Dithapelong tsa Rona
13, 14. Re ka (a) jala jang ka bogolo, (b) roba jang ka bogolo, mo dithapelong tsa rona?
13 Molao-motheo wa Dikwalo wa go jala ka bogolo o dira gape le mo dithapelong tsa rona tsa botho. A dithapelo tsa rona ke tse di ithutilweng ka tlhogo, tse di sa akanngweng, tse di boeletsang mafoko, kana a di tswa mo pelong eleruri? A di akareletsa eseng dikopo fela mme le pako le go leboga tse di tswang mo pelong, mme mo dinakong dingwe mekokotlelo? A re tsaya tshiamelo e e botlhokwa ya thapelo ka masisi eleruri? A re bolelela Rrarona wa selegodimo se se mo dipelong tsa rona? Kana re rapela ka potlako, ka dinako tse dingwe ebile re tshwaregile thata go ka rapela? Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete di bontsha gore thapelo e ne e tlhomologile mo botshelong jwa ga Jesu Keresete le jwa ga moaposetoloi Paulo.—Luke 6:12, 13, Yohane 17:1-26; Mathaio 26:36-44; Bafilipi 1:9-11; Bakolosa 1:9-12.
14 Bokgakala joo re jalang ka bogolo ka jone mo dithapelong tsa rona, re ka solofela go roba ka bogolo go ya bokgakaleng joo mo go arabiweng ga tsone ke Jehofa le ka go nna le kamano e e molemo le ene. Dithapelo tsa lelapa di thusa go gogela maloko a lelapa gaufi le yo o rapelang. Gape a re gakologelweng mafoko a ga Jesu mo go Mathaio 7:7 a a reng: “Lopañ, me lo tla nèwa; batlañ, me lo tla bōna: kgwanyakgwanyañ, me lo tla bulèlwa.”
Go Jala ka Bogolo mo Bodiheding jwa Rona
15. Ke kae koo go jala le go roba ka bogolo go ka itumelelwang segolo gone?
15 Gongwe ga gona lefelo lengwe leo boikaelelo jwa rona bo bonalang sentle go na le mo go supeng ga rona. Ka phepafalo, nako e ntsi e re ka e neelang, go bonala re ka roba ka mo go oketsegileng ka maitemogelo a a kgatlhisang, maeto a go boela a a ungwang, le dithuto tsa magae tsa Bibela tse di ungwang, tse di felelang ka makwalo a a tshelang a khako.—2 Bakorintha 3:2.
16, 17. (a) Go jala ka bogolo mo bodiheding jwa tshimo go batla eng mo go rona? (b) Ka go dira jalo, re ka lebelela matswela afe?
16 Lefa go ntse jalo, go jala ka bogolo mo bodiheding jwa tshimo, ga se kgang ya bontsi fela mme gape ke ya boleng. Re batla ‘go tuka mo moyeng’ fa re tsaya karolo mo bodiheding. (Baroma 12:11) Re tshwanetse go atamela batho ka puo e e gololesegileng, ka monyebo o o bothitho le o o botsalano. Seno se dira fa re ya ka ntlo le ntlo kana fa re tsaya karolo mo bosuping jwa mmila. Fa thuso ya rona e ntšha ya go supa e leng Go Fetolana ka Dikwalo e le gone ka puo ya rona, e tshwanetse go re thusa rotlhe go nna le matswela ka mo go oketsegileng, le go ungwa ka mo go oketsegileng, re roba mo go oketsegileng mo nakong le maikatlapelo tseo re di dirisang mo bodiheding.
17 A go jala ka bogolo mo bodiheding jwa rona jwa tshimo ga go reye gape go tsibogela koo re boneng kgatlhego gone? Se se amanang le seo ke go amogela patelesego ya go boela gape le go tlhagolela kgatlhego eo go ya mo ntlheng ya go simolola thuto ya legae ya Bibela fa go kgonega. Go feta seo, re tshwanetse go elatlhoko go aga ka dilo tse di sa sheng. Seno se raya gore re rute ka go tlhatswega pelo, lefa go ntse jalo ka kutlwelo-botlhoko le botlhale, go batlisisa ka botswerere ka moo baithuti ba Bibela ba ikutlwang ka gone ka melao-metheo ya Bibela. Ke ka go jala ka bogolo mo dintlheng tseo fela re ka solofelang go tlhagisa botho jwa Bokeresete jo bo ka kgonang go emelana le ditlhaselo tsa ga Satane le tsamaiso ya gagwe ya dilo.—1 Bakorintha 3:12-15.
Jala ka Bogolo mo Dikamanong tsa Lelapa
18. Ke kgakololo efe e re tshwanetseng go e gakologelwa malebana le dikamano tsa lelapa?
18 Molao-motheo wa bolegodimo wa gore re roba go ya ka moo re jetseng ka gone o dira gape mo sedikong sa lelapa. Fano re ka gakologelwa mafoko a ga Jesu mo go Luke 6:38 a a reng: “Naeañ, me lo tla nèwa; selekanyō se se molemō, se se katecweñ, se se tsikitledicweñ, se se penologañ, batho ba tla se lo naea mo dihubeñ tsa lona. Gonne ka selekanyō se lo lekanyañ ka shōna lo tla ba lo lekanyediwa ka shōna hèla.”
19. Banna le basadi ba ka jala ka bogolo jang mme ba sologelwa molemo ga gone?
19 Go na le dipaka tse dintsi thata tsa gore banna le basadi ba jale ka bogolo ka ditiro tsa bone tse di lorato tsa go akanyetsana le go se nne pelotshetlha! Moaposetoloi Paulo o neela kgakololo e e molemo mo go Baefesia 5:22-33. Ka tswee bala ditemana tseno fa o ntse o akanya ka moo o ka jalang ka bogolo ka mo go oketsegileng ka gone. Go ya bokgakaleng joo mosadi jwa Mokeresete ka tota a leng boikokobetso, go dirisana mmogo, le go tshegetsa ka gone, ke go ya selekanyong seo go bonalang a tla roba ka bogolo ka sone. Ka ditsela dife? Mo bothithong le mo kanaanelong e e lorato tsa monna wa gagwe, a tlhotlhelediwa go mo rata jaaka mmele wa gagwe. Ka mo go tshwanang, go ya bokgakaleng joo monna wa Mokeresete a itekang ka jone go bontsha go akanyetsa go go kgothalediwang mo go 1 Petere 3:7 le lorato lo lo senang bogagapa lo lo tlotlomaditsweng mo go Baefesia 5:28, 29, a ka solofela go roba boikokobetso le tshegetso e e boikanyego go tswa go mosadi wa gagwe go ya bokgakaleng joo.
20. Go jala ka bogolo go ka dirisiwa jang mo go godiseng bana, mme ka matswela afe?
20 Lefa e le gone gore re tshwanetse go tlhokomologa boikarabelo jwa rona jwa go godisetsa bana ba rona mo kotlhaong le mo taong tsa ga Jehofa. (Baefesia 6:4) Tota, eno e tla pele ga ditiro le ditshiamelo tse dingwe tsa bolegodimo. Ka maswabi, ono ke molaomotheo o o neng wa tlhokomologiwa ke batsadi ba bangwe ba Bakeresete. Mo letlhakoreng le lengwe, batsadi ba tshwanetse go rata go ntsha boitumelo le menate e mengwe setlhabelo ka ntlha ya boitekanelo jwa bana ba bone jwa maikutlo le jwa semoya, ba dirisa nako e e lekaneng le bone mme ba ba bontsha lorato lo logolo. Mo letlhakoreng le lengwe, batsadi ba tshwanetse go bontsha go nitama. Ba gakololwa jaana: “Oatlhaea morwao, me o tla gu naea boikhucō; E, o tla yesa mōea oa gago monate.” Jala ka ditsela tseno, mme gongwe o tla roba ka bogolo ka go nna le bana ba ba bolokang bothokgami bao ba go tlotlang mme ba ikutlwa ba atametse mo go wena.—Diane 29:17.
Nna Morobi wa Melemo!
21, 22. Ke ka ditsela dife tse di farologaneng tseo re ka jalang le go roba ka bogolo mo tirelong ya rona e e boitshepo le mo dikamanong tsa rona tsa lelapa?
21 Ka gone, re a bona gore molao-motheo wa gore re roba go ya ka tsela eo re jalang ka yone o dira mo dikarolong tsotlhe tsa Bokeresete. Fa re jala ka bogolo mo thutong ya rona ya botho ya Bibela, re tla roba tumelo e e nonofileng, tsholofelo e e phatsimang, le botswerere mo bodiheding jwa rona. Fa re jala ka bogolo mo dipokanong tsa rona, tumelo ya rona e tla nonotshiwa, mme re tla nonotsha tumelo ya ba bangwe. Fa re jala ka bogolo mo dithapelong tsa rona, re tla roba kamano e e molemo le Rrarona wa selegodimo mme dithapelo tsa rona di tla arabiwa. Mme fa re jala ka bogolo mo go supeng ga rona, re tla sologelwa molemo ka namana, mme re ka solofela go bona makwalo a khako go a bontsha mabapi le maiteko a rona.
22 Ka mo go tshwanang, le ka motlha re seka ra lebala gore molao-motheo ono o dira mo dikamanong tsa rona tsa lelapa. Ka go jala ka bogolo ka go akanyetsa go go lorato le ka ditiro tse eseng tsa bogagapa, rona jaaka banna, basadi, batsadi kana bana re ka solofela go roba botshelo jwa lelapa jo bogolo mo botsalanong le mo maitemogelong tse di duelang. Gape go tla neela bosupi jo bo molemo go ba ba kwantle, ba haka tsela ya rona ya botshelo.
23. Re dira sentle fa re tsaya kgakololo efe tsia?
23 Jalo a mosupi mongwe le mongwe wa Mokeresete wa ga Jehofa a ipotse jaana: A nka jala ka bogolo ka mo go oketsegileng? Mafoko a ga Paulo mo go 1 Bathesalonia 4:1 a botlhokwa thata: “Me yana, sa bohèlō, ba ga echo, rea re, rea lo rapèla, re lo laea mo go Morèna Yesu, gore yaka lo amogetse mo go rona kaha lo chwanetseñ go tsamaea le go kgatlha Modimo ka gōna, hèla yaka lo nntse lo tsamaea, rea re, lo nnè lo totè segolo bogolo.” Ee, eleruri, a rotlhe re lekeng go jala ka bogolo thata gore re robe ka bogolo thata mo tlotlong ya ga Jehofa le mo tshegofatsong ya rona le ya bakaulengwe ba rona.
Dintlha tsa Poeletso
◻ Jehofa Modimo o tshwantshetsa boammaaruri jo bo fitlhelwang go 2 Bakorintha 9:6 jang?
◻ O ka dirang go roba ka bogolo malebana le go ithuta Bibela le dipokano tsa Bokeresete?
◻ O ka jala le go roba jang ka botlalo mo bodiheding jwa tshimo?
◻ Ke dikgato dife tse di mosola tse di ka thusang lelapa la gago go jala le go roba ka bogolo ka mo go oketsegileng?