Go Lemoga Dikgang
Tshwanelo ya go Dira Ditshwetso
A ditshwanelo tsa lelapa di feta ditumelo tsa bodumedi? Nnyaa, go bolela jalo kgotla-tshekelo ya kgaolo ya Ōita, kwa Japane. Mogodi ga a “dire sepe seo se seng kafa molaong ka go gana ditshelo tsa madi ka ntlha ya go ngaparela tumelo ya gagwe,” kgotla-tshekelo eo e ne ya laola jalo.
Monna yo o neng a kopanyelediwa mo kgetseng eno ya kgotlatshekelo o ne a dule sarcoma—tlhagala e e maswemaswe—mo lerapong la serope sa gagwe sa molema, mme leoto leo lotlhe le ne le tlhoka go kgaolwa. O ne a dumela go ariwa, go ikaegile ka gore ga go na tshelo epe ya madi eo e neng e tla dirwa. Kokelo e ne ya gana go dira karo eo mo maemong a a ntseng jalo. Ka ntlha ya go boifa go latlhegelwa ke tshegetso ya morwa wa bone mo botsofeng jwa bone, batsadi ba Mosupi yono wa ga Jehofa wa dingwaga di le 34 ba ne ba faela lekwalo leo le bolelang ditshwanelo tsa bone jaaka batsadi. Lefa kgotla-tshekelo e ne e lemoga tshwanelo ya bone ya “go tshela ka boitumelo le lelapa le go lebelela tshegetso go tswa go morwa wa bone mo isagweng,” e ne ya ntsha taolo ya gore ‘“ditshwanelo tsa lelapa’ ga di fete ditumelo tsa bodumedi tsa” motho. (Go ne ga diragala gore go dirwe karo e e atlegileng kwantle ga madi.)
Go botlhokwa gore Mokeresete a tlhokomele batsadi ba gagwe le ‘go nna le poifomodimo mo lelapeng la gagwe,’ lefa go ntse jalo seno se tshwanetse go dirwa tumalanong le ditaolo tse dingwe tsa Dikwalo. (1 Timotheo 5:4, 8) Fela jaaka go sa siama go utswa gore motho a tlhokomele lelapa la gagwe, kana gone gore go ne go tla bo go tshwanetse mo matlhong a Modimo gore motho a tlhokomele lelapa la gagwe ka go tlhokomologa melao ya Gagwe malebana le go nna boitshepo ga madi. Dikwalo di re tlhagisa gore “re ithibè . . . mo madiñ.” (Ditihō 15:20, 28, 29; bapisa le Lefitiko 17:10-12.) Mo dikgannyeng tse di ntseng jalo batho ba ba boifang Modimo ba tla “utlwa Modimo bogolo go batho.”—Ditihō 5:29.
Diemisetsi Tse di sa Thuseng Sepe
Tlhatlogo e e boitshegang ya go ithwala mpa ya dikgora ga basha go ile ga tlhotlheletsa babusi ba United States go sekaseka bothata jono ka kelotlhoko. Ka sekai, puso ya naga nngwe e ile ya tlhoma molao o o tlhokang batsadi gore ba “duelela molato“ wa fa morwa kana morwadia bone yo o sa nyalang kana yo o sa nyalwang yo o nang le dingwaga tse di kafa tlase ga 18 a fetoga motsadi. Ba solofela gore kgato e e ntseng jalo e tla rotloetsa batsadi ba basha gore e nne bone ba ntlha go nna le seabe se segolo mo go thibeleng go ithwala. Lefa go ntse jalo, babusi ba bangwe ba dumela gore molao o o ntseng jalo o kgothaletsa basha go ntsha dimpa fela. Mo boemong jwa one ba neela basha bao ba tshwenngwang ke tlhakanelo-dikobo thuto ya kafa dikobong e e duelelwang ke puso gammogo le dithibela-pelegi.
Dikgato tse di ntseng jalo kwantle ga pelaelo ke diemisetsi tse di sa thuseng sepe. Ka ntlhayang? Ka gonne ga di fedise sebaki, eleng, tlhakanelo dikobo ya pele ga lenyalo. Moitseanape mongwe malebana le go ithwala ga basha o begile gore: “Fa ba na le ditsala tsa bone, go botlhokwa gore bana ba tshwenngwe ke tlhakanelo dikobo. Ga go na ope yo o batlang go nna lekgarebe.” (Makasine wa Time) Go dirisa Bibela go go wetseng kwa tlase ke lebaka la konokono la “boikutlo jo bo welwang ke botlhe” jono, Emory Davis o bega jalo fa a ne a tlhatlhelela kwa Unibesithing ya Rutgers.
Jaanong, tharabololo ke eng? Dikwalo di phepafetse: Go tlhakanela dikobo magareng ga batho ba ba sa nyalanang go ilediwa ke Lefoko la Modimo. Bagokafadi “ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo,” 1 Bakorintha 6:9 e bolela jalo. Batsadi ba tshwanetse go nwetsa molao wa Modimo o o malebana le dikgang tse di ntseng jalo mo dipelong tsa bana ba bone. (Duteronome 6:6, 7) Ka ntlhayang? Jaaka Kgosi Solomone yo o botlhale a boletse: “Godisetsa ñwana ka thutō mo tseleñ e o chwanetseñ go e tsamaea, me o tla re leha a cohetse ga a ketla a kgaogana naeō.”—Diane 22:6.
Go nna Leloko la Kereke ya Anglican
“E senya tota!” Robert Runcie o bolela jalo, mobishopo wa Church of England, kaga diphitlhelelo mo pegong e e gatisitsweng bosheng jaana ya Rural Anglicanism tse di malebana le go nna leloko la kereke eo. Ka ntlhayang? Ka gonne lenaane la go nna leloko mo karolong e e tlwaelegileng e e kafa tlase ga mobishopo e bontsha kwelotlase ya baagi go tloga go 17,5 lekgolong ka 1950 go ya go 7,4 lekgolong ka 1980. Tshekatsheko eo e neela “tlhaloso e e phepafetseng ya go tlhoka tsholofelo go go maswemaswe,” The Times ya Lontone e a bolela, mme e bontsha fela seo se sa bolong go nna gone mo dikarolong tse di kafa tlase ga mobishopo tse di mo gare ga toropo.
Lebaka le lengwe la konokono leo le neetsweng la kwelotlase mo go tshegetseng kereke ya Anglican ke go dira basha jaaka ekete ke baeng mo kerekeng. Pego eo e kaya gore dithulaganyo tsa kereke tsa go intsha bodutu tseo di rulaganyeditsweng basha, di ka siamisa tshekamelo eo. Lefa go ntse jalo, moaposetoloi Paulo o ne a otlelela karolo ya semoya ya botshelo jwa motho. O ne a tlhagisa lekawana ebong Timotheo gore a “latèlè tshiamō, le tumèlō,” le “poihōmodimo” jaaka mekgele ya gagwe.—2 Timotheo 2:22; 1 Timotheo 4:7, 8.