Dikwalo tsa Efangedi—A ke Boammaaruri kana ke Ditlhamane?
BATSHWAYA-DIPHOSO bao gotweng ke ba maemo a a kwa godimo ga ba bolo go tlhasela dipego tsa botshelo jwa ga Jesu tsa Dikwalo tsa Efangedi go tswa matlhakoreng a le mantsi: Ba bolela gore dipego tseno di tletse ka dipolelo tse di ikganetsang le gore di kwadilwe moragorago ga gore ditiragalo tseo e nne histori ya boammaaruri. Ba tsaya dikgakgamatso jaaka maakanyana fela.
Mo bukeng ya gagwe eleng Caesar and Christ, ra-ditiragalo ebong Will Durant o ne a leka go tlhatlhoba dipego tsa Dikwalo tsa Efangedi kwantle ga tlhaolele epe—jaaka dikwalo tsa ditiragalo. Fa a ne a dumela gore go na le dipolelo tse di lebegang di ikganetsa mmogo le mathata mo dipegong tsa Dikwalo tsa Efangedi, lefa go ntse jalo o ne a konela ka gore: “Mabaka a dipolelo tse di ikganetsang tseo a mabotlana [mabaka a a sa reng sepe], eseng a botlhokwa; mo mabakeng a a botlhokwa Dikwalo tsa Efangedi di dumalana sentle ka mo tlhomologileng, mme di tlhalosa Keresete ka mo go dumalanang.”
Mme go tweng ka maiphako a batshwaya-diphoso ba maemo a a kwa godimo a gore Dikwalo tsa Efangedi ga di fitlhelele molao wa histori ya mmatota? Durant o tsweletse pele ka gore: “Ka ntlha ya matlhagatlhaga a diphitlhelelo tsa jone Botshwaya-diphoso jwa Maemo a a Godimo bo ile jwa tsenya Testamente e Ntšha mo ditekong tsa go bona gore a e boammaaruri tse di thata mo eleng gore fa batho ba botlhokwa-tlhokwa ba bogologolo ba le lekgolo ba ne ba ka lekwa ka tsone—ka sekai, Hammurabi, Dafide, Socrates—ba ne ba tla fetoga maaka. Go sa kgathalesegae ditlhaolele le dikgopolotsa thuta-bomodimo tsa baefangedi, ba bega ditiragalo tse dintsi tseo baribolodinyana fela ba ka bong ba di fitlhile—go lwela maemo a a kwa godimo mo Bogosing ga baaposetoloi, go tshaba ga bone morago ga go tshwarwa ga ga Jesu, go itatola ga ga Petere . . . ga go na ope yo e ka reng a bala dipono tseno a belaela gore motho yo o leng mo go tsone ke wa mmatota.”
Ra-ditiragalo ebong Durant o ne a konela ka gore: “Lebaka la gore bathonyana fela ba sekae ba bo ba ile ba ribolola botho jo bo maatla le jo bo ikuelang jaana, melao-metheo e megolo jaana ya boitshwaro le ponatshegelo e e kgatlhisang jaana ya bokaulengwe jwa batho mo losikeng lo le longwe, e ne e tla bo e le motlholo oo go leng thata go o dumela go gaisa ope o o begilweng mo Dikwalong tsa Efangedi. Morago ga makgolo a le mabedi a dingwaga a Botshwaya-diphoso jwa Maemo a a kwa Godimo dipolelo tsa botshelo, tsa botho, le thuto tsa ga Keresete, di sala di ntse di phepafetse ka botlalo, mme di dira karolo e e kgatlhisang go gaisa mo historing ya motho wa Botlhaba.”