LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 6/1 ts. 20-25
  • Go Latela Dikaelo tsa Kgosi ka Kelotlhoko

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Latela Dikaelo tsa Kgosi ka Kelotlhoko
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jehofa Morulaganyi wa Batho ba Gagwe
  • Sekao se se Itekanetseng sa go Latela Dikaelo tsa Kgosi
  • Bagolwane ba Tlhoka Tlotlo le Tshegetso tsa Lona
  • Itshokelaneng
  • Re Rulaganyeditswe go Latela Kaelo ya Kgosi ya Go Rera
  • Dikaelo le Ditshupo tsa Modimo wa Tsamaiso e Ntšha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Utlwang ba ba lo Eteletseng Pele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • ‘Nnang lo Tshware Banna ba ba Ntseng Jalo Jaaka ba ba Rategang’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Badisa ba Dinku le Dinku mo Pusong ya Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 6/1 ts. 20-25

Go Latela Dikaelo tsa Kgosi ka Kelotlhoko

“Ke tla tlhatlhanya dikaèlō tsa gaga, ke tla tsaea ditsela sa gago tsia. Ke tla iyesa monate mo ditaoñ tsa gago: ga nketla ke lebala lehoko ya gago.”​—PESALEMA 119:15, 16.

1. Ke ka ntlhayang fa mongwe le mongwe le sengwe le sengwe se le kafa tlase ga dikaelo tsa ga Jehofa?

MONGWE le mongwe le sengwe le sengwe se kafa tlase ga dikaelo tsa Modimo Mothatayotlhe ebong Jehofa, Kgosi ya bosakhutleng. Ke Ene yo o bopileng lobopo. Ke Motswedi wa botshelo jotlhe. O tlhomile lefatshe wa le baakanyetsa gore go nniwe mo go lone. Ke Modimo wa thulaganyo, mme ka go diragatsa dikaelo tsa gagwe, thulaganyo e tla bolokwa mo popong yotlhe ya gagwe.​—Pesalema 36:9; Isaia 45:18; Tshenolō 15:3.

2. Ke mang yo o laolang magodimo a a nang le dinaledi, mme jang?

2 E ne e le Jehofa Modimo yo o neng a laola gore magodimo a a nang le dinaledi a tsharologe jaaka tente mo godimo ga lefatshe mme a bo a laletsa batho ba gagwe jaana: “Kalelañ matlhō a lona godimo, me lo bōne eo o tlhodileñ dilō tse, eo o bolotsañ leshomōshomō ya cōna ka palō; o di bitsa cotlhe ka maina.” E ne e le Jehofa yo o neng a botsa Jobe jaana: “A u itse melaō ea magodimo? a u ka tlhōma pushō ea eōna mo lehatshiñ?” Ke melao ya Gagwe ya kgogedi ya lefatshe le ya go tshikinyega ga dilo eo e bofaganyang dimilione tsa masagaripana mmogo ka dibilione tsa one tsa dinaledi mme ele one a a laolang go tsamaya ga lefatshe jaaka le tsamaya go kgabaganya lefaufau.​—Isaia 40:26; Yobe 38:33.

3. Ke ka dikaelo tsa ga mang diphologolo di tshelang, mme go ka diragala eng fa di ka gana go utlwa?

3 Ke Ene yo o medisang dijalo tse ditala tseo di apesang lefatshe. Ke ka dikaelo tsa gagwe go bo dipeo di mela di bo di gola mme di ntshe maungo. Mefuta e e farologaneng ya diphologolo e e senang palo e e tletsetletseng mo lefatsheng​—go tswa ditikologong tsa polara go ya dikgweng tsa boboatsatsi, go tswa kwa godimo-dimo mo lefaufaung go ya kwa tlase mo mmung, go tswa mo godimo ga lewatle go ya kwa botengtennye jo bo lefifi. Gore mofuta mongwe le mongwe wa eno e e senang palo o tshele o tshwanetse go tshela ka moo Jehofa a laotseng ka gone. Ka tlholego, o tsentse mo go tsona dikaelo tsa gagwe gore di tshele. “Me di botlhale yo bo heteletseñ.” (Diane 30:24) Mme go tweng fa blackpoll warbler e nnyane ya Alaska e ne e ithaya e re, ‘Ga nkake ka fofa dimaele tse di dikete go ya Amerika Borwa. Goreng ke tshwanetse?’ Warbler eo e nnyane e ne e tla swa mo marigeng a a bogale. Mme ga e kitla e bua jalo. E rulaganyeditswe go fudugela go falola. Go ntse jalo le ka diphologolo tsotlhe. Ka tlholego di latela dikaelo tse di tsentsweng mo go tsone ke Jehofa Mmopi wa tsone. Ga di itlhophele.

4. Ke tlhopho efe eo batho ba nang le yone, mme ka diphelelo dife?

4 Go farologane ka batho. Re bopilwe mo setshwanong sa Modimo, mme re a itlhophela. Lefa go ntse jalo, lemororo Jehofa a sa re rulaganyetsa go dira ka botlhale ka tlholego fela, ga a ka a re tlogela mo go tlhokeng kitso. Ka Lefoko la gagwe Bibela, o re neela dikaelo tsa gagwe go bona botshelo. Fa re latela dikaelo tseo tsa Kgosi ka kelotlhoko, re tla tshela. Fa re dirisetsa kgololesego ya rona go di tlhokomologa mme re tsaya tsela eo re e tlhophileng ka boitaolo jwa rona, re tla swa. Re tshwanetse go ithulaganyetsa go falola. Go ntse fela jalo. “Lehoko ya gago ke lōbōne loa dinaō tsa me, le lesedi ya tsela ea me,” go boletse mopesalema jalo. Mo letlhakoreng le lengwe, ‘tsela e nngwe ekete e siame mo bathong mme bokhutlo jwa yone ke ditsela tsa loso.’ (Pesalema 119:105; Diane 14:12) Mo nakong eno ya bofelo, go botlhokwa gore re itseele mafoko a Pesalema 119:15, 16 jaaka a rona, jaaka a bolelwa ke Jehofa: “Ke tla tlhatlhanya dikaelo tsa gago, ke tla tsaea ditsela sa gago tsia. Ke tla iyesa monate mo ditaoñ tsa gago: ga nketla ke lebala lehoko ya gagō.”

Jehofa Morulaganyi wa Batho ba Gagwe

5. Ke ka ditsela dife Jehofa e neng e le Moatlhodi, Motlhoma-molao le Kgosi ya Iseraele?

5 Jehofa o ne a bua le Moshe mo thabeng ya Sinai, a neela dikaelo tse di kaelang Iseraele. Tseo di neng di tlhomologile mo go tsone e ne e le Melao e e Lesome, e kwadilwe mo dikwalelong tsa matlapa, ka monwana wa Modimo. (Ekesodo 20:1-17; 31:18) Mo godimo ga go nna Monei-molao wa Iseraele, Jehofa e ne e le Moatlhodi wa bone, a dira ka Moshe le banna ba bangwe ba bagolo. Moshe o ne a tlhagisa banna bao ba bagolo go gakologelwa jaana: “Lo se ka loa tlhōkōmèla bomañ-mañ yoa batho mo katlholoñ: lo utlwè ba babōtlana le ba bagolo, go chwanè hèla; lo se ka loa boiha sehatlhogō sa motho; gonne katlholō ke ea Modimo.” (Duteronome 1:17) Jehofa gape e ne e le Kgosi ya bone, a rulaganya batho bano ba ba dimilione go tshwara dikgang tsa bone ka tshwanelo. Ka ntlha ya tsotlhe tseno, mongwe wa baperofeti ba gagwe o ne a ka bolela jaana moragonyana: “Yehofa ke Moatlhodi oa rona, Yehofa ke Motlhōma molaō oa rona, Yehofa ke Kgosi ea rona.”​—Isaia 33:22.

6. Jehofa o itshupile go nna Morulaganyi le Mokaedi wa Iseraele jang kwa nageng?

6 Morafe wa Iseraele o ne o rulagantswe ka ditso, malapa, le masika. Jaaka fa ba ne ba tsamaya mo nageng, Jehofa o ne a abela setso sengwe le sengwe lefelo la sone mo leetong. Fa ba ne ba thibeletse go dikologa motlaagana, setso sengwe le sengwe se ne se abetswe lefelo la sone. (Dipalō 2:1-34; Yoshua 7:14) Jehofa o ne a kaela metsamao ya bone ka leru: “Me e ne e tle e re leru le tlosiwa mo godimo ga mogope, hoñ moragō ga mo bana ba Iseraele ba tsamaee: le gōna ha leru le nna gōna bana ba Iseraela ba thibèlèle gōna. Bana ba Iseraele ba ne ba tsamaea ka taolō ea ga Yehofa, me ba thibèlèle ka taolō ea ga Yehofa: ha leru le sa nntse le nntse mo motlaganeñ boo ba ne ba thibeletse hèla.”​—Dipalō 9:17, 18.

7. Ke mang yo o neng a kgona ebile a ka dira diphetogo mo thulaganyong ya Iseraele?

7 Fa go ne go tlhokega phethogo mo thulaganyong, Jehofa o ne a e dira. Moshe o ne a ngongorega ka go re: “Ga kea nonoha go rwala batho botlhe ba ke le nosi, gonne ke bokete yo bo nkimèlañ.” Jehofa a araba ka gore: “Mphuthèla banna ba ba mashomè a shupa ba bagolwane ba Iseraele, ba u ba itseñ ha e le bagolwane ba batho, ba le balaodi ba bōnè, . . . me ba tla rwala morwalō oa batho ba nau, gore u se o rwale u le wesi.” (Dipalō 11:14, 16, 17) Tota lefa batho moragonyana ba ne ba batla kgosi ya motho, Kgosi e kgolo ya bosakhutleng ga ya ka ya latlha Iseraele. Kgosi ya motho e ne e na le sekaelo sa Molao wa ga Jehofa. Baperofeti ba ne ba bolela dikatlholo tsa ga Jehofa. Dikgosi tse di ikanyegang di ne di ntse di direla jaaka balaodi ba Modimo ereka ba ne ba ‘dutse mo setulong sa bogosi sa ga Jehofa.’​—1 Ditihalō 29:23; Duteronome 17:18; 2 Dikgosi 17:13; Yeremia 7:25.

Sekao se se Itekanetseng sa go Latela Dikaelo tsa Kgosi

8. Jesu o boletse go tla ga Bogosi jwa ga Jehofa jang, kae, ka diphelelo dife?

8 Fa Jesu a ne a goroga jaaka Mesia yo o solofeditsweng, o ne a latela dikaelo tsa ga Rragwe wa selegodimo ka tlhoafalo e kgolo. Kwa tshimologong ya bodihedi jo bogolo kwa Galilea, o ne “a simolola go rèra, le go re, Ikwatlhaeañ; gonne bogosi yoa legodimo bo atametse. Me Yesu a tsamaea le lehatshe yeotlhe ya Galilea, aè tla a ruta mo matluñ a thutō a bōne, a rèra Mahoko a a Molemō a bogosi, a hodisa malwetse mañwe le mañwe aotlhe, le dipobolō diñwe le diñwe cotlhe mo bathuñ. Me machutichuti a mantsi a batho a mo sala moragō, a a cwañ kwa Galilea, le kwa Dekapolise, le kwa Yerusalema, le kwa Yudea, le kwa moseya ga Yoredane.” (Mathaio 4:17, 23, 25; Yohane 2:17) Ga a ka a lekanyetsa go rera ga gagwe mo disinagogeng. O ne a bolela mafoko a a molemo a Bogosi gongwe le gongwe koo batho ba neng ba reetsa gone: kwa tempeleng, mo ditseleng tsa lewatle, mo mhapheng wa thaba, mo dinageng tse di bulegileng, mo metseng le mo metsaneng, le mo matlong a batho. Matshwititshwiti a mo sala morago, “ba utlwa ka boitumèlō.” Ba ne “ba mo kgomareletse go mo reetsa.”​—Mareko 12:37; Luke 19:48.

9. Ke eng seo Jesu a se dirileng go atolosa tiro ya go rera, mme o ne a neela dikaelo dife?

9 Go barutwa ba gagwe o ne a tlhagisa ka mo go tlhomologileng go tlhokega ga badiri ba ba oketsegileng, jalo “ba ba shomè le bobedi ba, Yesu a ba roma, me a ba laea, a re, Lo se ka loa tsèna mo tseleñ epè ea Badichaba, leha e le mo motsiñ opè oa Basamaria lo se ka loa tsèna mo go ōna: Me bogolo lo eeñ kwa dinkuñ tse di timetseñ tsa ntlo ea Iseraele. Me lo ètè lo rèra, lo re, Bogosi yoa legodimo bo atametse. Me leha e ka ne e le motse ohe, leha e le motsana o lo tsenañ mo go ōna, lo senkè eo o chwanetseñ gōna; me lo nnè hoñ, go tlo go tsamaeè lo cwè gōna. Me e re lo tsèna mo tluñ lo e dumedisè. Me ha ntlo euō e le eōna e e chwanetseñ, a kagisho ea lona e tlè mo go eōna: me ha e le e e sa chwanèlañ, a kagishō ea lona e boèle mo go lona.” (Mathaio 10:5-7, 11-13) Moragonyana o ne a roma ba le 70 ba ba oketsegileng ka dikaelo tse di tshwanang, mme ka go latela dikaelo tseno ka kelotlhoko, ba nnile le katlego le boipelo jo bogolo.​—Luke 10:1, 17.

10. (a) Morago ga tsogo ya gagwe, Jesu o ne a neela thomo efe gape, mme ka phelelo efe? (b) Ke ka ntlhayang fa ditlhopho dingwe tsa banna di ne di tlhokafala, mme ke dipatlafalo dife tseo ba neng ba tshwanetse go di fitlhelela?

10 Morago ga loso le tsogo tsa gagwe, Keresete Jesu o ne a oketsa tshimo ya balatedi ba gagwe, a re go bone: “Taolō eōtlhe ke e neilwe kwa legodimoñ le mo lehatshiñ. Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, lo ba kolobetsè mo ineñ ya Rara, le ya Morwa, le ya Mōea o o Boitshepō: Lo ba rutè go tlhōkōmela dilō cotlhe tse ke di lo laoletseñ.” (Mathaio 28:18-20) Fa a ne a tlhatlogela kwa legodimong, o ne a neela taolo e e tshwanang: “Lo tla nna bashupi ba me mo Yerusalema, le mo lehatshiñ yeotlhe ya Yudea le ya Samaria, le go ea hela kwa sekhutloñ sa lehatshe.” (Ditihō 1:8) Jaaka balatedi ba gagwe ba ne ba anamisa molaetsa wa Bogosi, dikete di ne tsa kopanela mo mephatong ya bone. (Ditihō 2:41; 4:4; 5:14; 6:7) Diphuthego di ne tsa gola gongwe le gongwe. Balebedi le bathusi ba bodihedi bao ba neng ba fitlhelela ditshwanelego tse di rileng tsa Dikwalo ba ne ba tlhophiwa go disa matsomane ano a banna le basadi. Diphuthego di ne tsa segofala le go oketsega ka palo.​—1 Timotheo 3:2-10, 12, 13; Tito 1:5-9.

11. Ke mofuta ofe wa thulaganyo oo Basupi ba ga Jehofa ba nang le one gompieno, mme ke ka ntlhayang fa o o nang le matswela o tlhokafala jaana gompieno?

11 Gompieno go botlhokwa ka mo go kgethegileng gore diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa di latele sekao sa ga Jesu mo go rereng. Go dira jalo ka mo go nang le matswela, ba tsaya mokgwa wa thulaganyo o o neng wa simololwa mo metlheng ya baaposetoloi. Re mo motlheng wa bofelo, motlha wa fa Jesu a ne a bolelelapele gore tiro ya go rera ya lefatshe ka bophara e ne e tla diragala: “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” (Mathaio 24:14) Morago ga Ntwa ya Lefatshe I, dikete di le mmalwa di ne tsa simolola go bolela mafoko a a molemo a Bogosi jono; jaanong dipalo tsa bone di tlhatlogetse kwa godimo go feta tlhora ya dimilione di le tharo! Ke nako e e potlakileng ya go latela ka kelotlhoko dikaelo tsa Kgosi e kgolo ya bosakhutleng, Jehofa Modimo, le Kgosi ya dikgosi, Keresete Jesu.

Bagolwane ba Tlhoka Tlotlo le Tshegetso tsa Lona

12. Ke eng se se batlegang mo bagolwaneng gompieno, mme tirelo ya bone e ka dirwa e e ipedisang jang?

12 Mo go lateleng dikaelo tsa kgosi, bagolwane ba phuthego ba na le karolo ya konokono. Ba tshwanetse go nna dikao: “Disañ lecomane ya Modimo ye le mo go lona, lo nntse lo lebèla, e señ ka go patèlèlwa, me ka pelo e e ratañ, kaha mokgweñ oa Modimo; e señ gore lo tlè lo bōnè khumō, me ka boikutlō yo bo itumèlañ; Leha e le mokgwa oa go rèna mo go ba lo ba chwaecweñ, ha e se ka go itiha dikaō mo lecomaneñ.” (1 Petere 5:1-3) Ke letsomane la Modimo. O neela bagolwane boikarabelo, mme tirisano mmogo e e kutlo ya mongwe le mongwe e ka dira gore tiro ya bone e ipedise: “Utlwañ ba ba lo laolañ, me lo ba ineèlè: gonne ba disitse meōea ea lona, yaka ba ba tla ikarabèlañ; gore ba tlè ba dihè yalo ka boitumèlō, e señ ka bohutsana: gonne mo go ka bo go sena thushō mo go lona.”​—Bahebera 13:17.

13. Ke ka ntlhayang fa bagolwane ba tshwanetse go neelwa tlotlo sebedi?

13 Botlhe mo phuthegong ba tshwanetse go bontshiwa tlotlo, mme segolo-bogolo bagolwane ba ba dirang ka natla: “Bagolwane ba ba laolañ sentlè a ba kaiwè go chwanèla tlotlō sebedi, bogolo ba ba dihañ mo lehokuñ le mo go ruteñ.” (1 Timotheo 5:17; Baroma 12:10) Ke ka ntlhayang fa bagolwane ba bona “tlotlo sebedi”? Ka ntlha ya tiro ya bone e e molemo. Go kwadilwe jaana ka bone: “Mōea o o Boitshèpō o lo dihileñ baokami ba yeōna, gore lo otlè phuthègo ea Modimo e o e rekileñ ka madi a ōna.” (Ditihō 20:28) Ba dira ka natla go direla lona le ba bangwe. Ba ka nna ba tshwanela go otlhaya batho bangwe fa dikaelo tsa Kgosi di tlhokomologiwa kana di robiwa​—ga se tiro e e monate mme ke e nngwe eo e ka kgopisang ba bangwe. Kgakololo ka moaparo kana boitshwaro e ka tshwanela gore e neelwe mme e ka ganwa. Lefa go ntse jalo dilo tsotlhe tseno di direlwa botsogo jo bo molemo jwa semoya jwa phuthego. Bagolwane ba tshwanetse go tlotliwa.

14. (a) Ka pono ya Yakobe 4:12, dikatlholo tse di neelwang ke bagolwane e ka nna tse di siameng fela jang? (b) Ke leng mo go ka nnang le go ineela mo katlholong mme kutlwelo-botlhoko e ka nna kwa godimo ga katlholo leng?

14 Ka dinako tse dingwe bagolwane ba tshwanetse go direla mo dikomiting tsa katlholelo le go dira dikatlholo​—ka dinako tse dingwe tse di sa tlwaelegang. Go atlhola gono go amana jang le Yakobe 4:12? E re: “Motlhomi oa molaō o moñwe hèla, le moatlhodi, eboñ èna eo o nonohileñ go boloka le go senya: me wèna u bo u le mañ eo u sekisañ oa ga eno?” Ee, batho ga baa tshwanela go atlholana. Mo godimo ga moo dikatlholo tseo bagolwane ba di dirang ga di a tshwanela go nna ka go ya ka megopolo ya bone, mme go ya ka Lefoko la ga Jehofa. Tlhokomela ka moo Kgosi Jehoshafate a neng a tlhagisa ka gone baatlhodi bao a neng a ba tlhophile: “Ga lo atlhole kaga motho, ha e se kaga Yehofa hèla; . . . a poihō ea ga Yehofa e nnè mo go lona; lo tlhōkōmèlè lo e dihè: gonne ga go na boikèpō bope mo go Yehofa Modimo oa rona, leha e le go tlhokomela bomañmañ yoa batho, leha e le go amogèla dinèō.” (2 Ditihalō 19:6, 7) Phuthego e tshwanetse go bolokiwa e le phepa. Lefa go ntse jalo bagolwane ga baa tshwanela go nna bogale, ‘baiteyi.’ Boutlwelo-botlhoko le tshwarelo di ka bontshiwa fa botlhoko jwa pelo bo le boteng le boikwatlhao e le jwa mmatota. Mme, ‘kutlwelo-botlhoko e ka belahalela katlholo, jaaka e e fetang katlholo.’​—1 Timotheo 3:3; Yakobe 2:13; bona mokwalo o o fa tlase wa Reference Bible.

15. Ke ditirelo dife tsa bagolwane tseo di ba tlisetsang tlotlo?

15 Jalo ditiro tsa bagolwane gantsi di bokete ebile di lopa go le gontsi, mme bagolwane ba ba tlhokomelang maikarabelo ano ka boikanyego le ka lorato e ka nna motswedi o o lapolosang le o o sireletsang wa semoya. “Me monna o tla nna yaka boipotelecō mo phehoñ, le boitekelecō mo ledimoñ; yaka dinoka tsa metse mo sekakeñ, yaka moruti oa lehika ye legolo mo nageñ e e lapisañ.” (Isaia 32:2) Ke mosireletsi yo o pelonomi le yo o lorato​—eseng motshwaya-diphoso yo o mafega kana mootlhai yo o bogale—​yo o tlisetsang botlhe boipelo, o bona tlotlo, mme o amogela tshegofatso ya ga Jehofa.

Itshokelaneng

16. (a) Ba bangwe ba itshwara jang ka diphoso tsa ba bangwe, mme ke eng seo se ka ba dirang gore ba se nyatse thata mme ba utlwisise ka mo go oketsegileng? (b) Jehofa o leba batlhanka ba ba ikanyegang bao ba dirang diphoso jang?

16 Gongwe le gongwe koo batho ba dirang gaufi gone, go ka tsoga mathata. Diphoso di a dirwa. Fa seno se diragala, bangwe ba kgorelediwa thata. Ba bangwe ba dirisa diphoso tsa ba bangwe jaaka diipato tsa go dira phoso e kgolo go di feta tsotlhe​—ba emisa go direla Jehofa! Lefa go ntse jalo, fa ba tlhatlhobisa diphoso tsa bone tse di nnyennye jaaka ba dira ka tsa ba bangwe, ga ba kitla ba nyatsa thata mme ba tla utlwisisa ka mo go oketsegileng. Moshe o ne a dira diphoso. Dafide o dirile jalo. Petere o di dirile. Le rona rotlhe rea di dira. Mme Jehofa o ne a tswelela go dirisa banna bano ba ba ikanyegang ba bogologolo, mme o tswelapele go re dirisa. Jalo, “u mañ wèna eo u sekisañ motlhanka oa eo moñwe? go èma le go wa ga gagwè, e nntse ke ga morena oa gagwè. E, o tla emisiwa; gonne Morêna o na le nonohō ea go mo emisa.”​—Baroma 14:4.

17. Mo kgannyeng eno ya go dira diphoso le ya go atlhola ba bangwe, ke dintlha dife tse di oketsegileng tseo re tshwanetseng go di gakologelwa?

17 Gape a re gakologelweng gore: Mono mo lefatsheng, Jehofa o dirisa batho ba ba sa itekanelang​—ke bona fela bao a nang le bone ka nako eno. Tota, seno se tlisa pako go Jehofa. O fitlhelela mo gontsi jaana ka se sennye thata jaana! Makoa a rona a godisa maatla a gagwe: “Tshegōhaco ea me e gu lekanye; gonne thata ea me e lekanyediwa mo bokoeñ.” (2 Bakorintha 12:9) Tiro ya bosupi ya lefatshe ka bophara e tswelapele ka lebaka leo Jehofa ka boene a le neelang: “Ga se ka thata, leha e le ka nonohō, ha e se ka mōea oa me.” (Sekaria 4:6) Jalo a re tshwarelaneng melato le go sa itekanelang ga ba bangwe gore le ya rona e tle e itshwarelwe. Gakologelwa gore: “Ha lo ichwarèla batho ditlolō tsa bōnè, Rra eno oa legodimo le ena o tla ichwarèla lona.”​—Mathaio 6:14, 15.

Re Rulaganyeditswe go Latela Kaelo ya Kgosi ya Go Rera

18. Go neela kaelo e e tshwanang mo go rereng ga diphuthego, ke thulaganyo efe e e neng e le teng mo metlheng ya baaposetoloi eo e leng gone jaanong mo motlheng wa rona?

18 Baaposetoloi le bagolwane ba ba neng ba beilwe kwa Jerusalema ba ne ba dira setlhopha se se laolang seo se neng se dira ditshwetso tseo di neng di neela kaelo e e tshwanang go diphuthego tsa Bokeresete tsa pele. (Ditihō 15:1-31; 16:1-5) Gompieno basupi ba ba tloditsweng ba ga Jehofa, “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale,” ba na le Setlhopha se se Laolang kwa ntlong-kgolo ya bone kwa Brooklyn, New York. (Mathaio 24:45-47) Se kaela tiro e kgolo ya bosupi jwa Bogosi lefatshe ka bophara eo jaanong e dirwang go kgabaganya lefatshe go diragatsa taelo ya go itsise Bogosi jwa ga Jehofa. (Mathaio 24:14) Tiro eno e ne e se kitla e dirwa kwantle ga thulaganyo ya phuthego. Motho o ne a ka se e dire ka boene.

19. Ke tiro efe eo batho ka bobone ba ka sekeng ba e dira eo Basupi ba ga Jehofa ba e dirang ka katlego ka go latela ka kelotlhoko dikaelo tsa Kgosi?

19 Ga go motho ope le ditlhopha dipe tse di sa rulaganngwang tse di phatlhaletseng tsa batho tseo di ka rerang ka dipuo tse di fetang 190 mo dinageng tse 205, di tsamaisa ka metlha dithuto tsa Bibela tsa magae tse di fetang dimilione tse pedi le kwatara, le go kolobetsa badihedi ba basha ba ba ka nnang 190 000 ba mafoko a a molemo a Bogosi ngwaga le ngwaga. Nnya, go tsere Basupi ba ba fetang dimilione tse tharo dioura tse di batlileng di nna dimilione tse di makgolo a marataro tsa go rera go dira tiro e e kalo mo ngwageng o le mongwe wa 1985. Ba ne ba ka dira jalo fela ka go bo ba ne ba rulagantswe sentle mo diphuthegong tse di ka nnang 50 000, tsotlhe kafa tlase ga kaelo e e bonalang ya Setlhopha sa bone se le sengwe se se Laolang. Le gone, go ne go ka dirwa fela ka go bo Setlhopha se se Laolang, makala a le 94, diphuthego di le 50 000, le Basupi ba le 3 000 000 ba ne ba utlwana botlhe mo go lateleng dikaelo tsa Kgosi ka kelotlhoko.

A O A Gakologelwa

◻ Jehofa o ne a rulaganya morafe wa Iseraele jang?

◻ Ke sekao sefe se se itekanetseng seo Jesu a se tlogeletseng go wediwa ga tiro ya go itsise Bogosi jwa ga Jehofa?

◻ Ke ditirelo dife tse dintsi tse di dirwang ke bagolwane tse di tshwanelwang ke go ba tlotla ga rona?

◻ Ke ka ntlhayang fa ditlhopha tse di ikemetseng kana batho ba ka se dire tiro ya bosupi?

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Mmopi o rulaganya diphologolo tsotlhe gore di tshele

Batho ba tshwanetse go ithulaganya ka go bala dikaelo tsa ga Jehofa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela