LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 6/1 ts. 15-20
  • Go Ikemisetsa go Direla Jehofa Ka Pelo e e Itekanetseng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Ikemisetsa go Direla Jehofa Ka Pelo e e Itekanetseng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lo se Nne Maitlhomo Mabedi kana Maikutlo Mabedi
  • Go Kopa Pelo e e Itekanetseng
  • Go Boloka Pelo e e Itekanetseng
  • Bapala Pelo e e Amogelwang ke Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Dibela Pelo ya Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Tswelela o Direla Jehofa ka Pelo e e Feletseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • A o Na le ‘Pelo ya go Itse’ Jehofa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 6/1 ts. 15-20

Go Ikemisetsa go Direla Jehofa Ka Pelo e e Itekanetseng

“U o dihèlè ka pelo e e itekanetseñ, le ka mogopolō o o tletseñ: gonne Yehofa o kheleisa dipelo cotlhe, me o tlhaloganya diakanyō cotlhe tsa megopolō.​—1 DlTIHALŌ 28:9.

1. Ke dipotso dife tse di bodiwang ke 1 Ditihalō 28:9?

LOKWALO lo lo tsopotsweng fa godimo le botsa dipotso dingwe kaga pelo. Fa e le gore le raya pelo ya nama, motho a ka tshela jang le sengwe se eseng pelo e e itekanetseng? Ka sekai, a mongwe a ka tshela ka pelo e e sephatlho? A Jehofa, jaaka moitseanape wa segompieno wa pelo, o tlhola pelo ya nama go bona diphoso? Fa e le dikakanyo tsa megopolo, a megopolo e nna mo pelong ya rona? Ditshupetso dingwe tsa Bibela go bonala di bolela jalo, di bua ka ‘go akanya ga megopolo ya pelo.’ (Genesise 6:5; 1 Ditihalō 29:18) A Jehofa o sekaseka dipelo tsa rona tsa nama go tlhatlhoba megopolo ya rona? Tota go bolelang ‘go mo direla ka pelo e e itekanetseng’?

2. Ke ditumelo dife tse di mabapi le pelo tse di neng di tshotswe ke Baegepeto, Bababelona, le motlhalefi wa Mogerika Aristotle ba bogologolo?

2 Baegepeto ba bogologolo ba ne ba dumela gore pelo ya nama e ne e le bonno jwa botlhale le jwa maikutlo. Gape ba ne ba akanya gore e ne e dira ka go ithatela. Bababelona ba ne ba bolela gore pelo e nna botlhale gammogo le lorato. Ramatlhale wa mogerika Aristotle o rutile gore e ne e le bonno jwa dikakanyo le lefelo la moya. Mme fa nako e ntse e feta le kitso e ntse e oketsega, dipono tseno di ne tsa latlhwa. Labofelo pelo e ne ya itsiwe ka seo e leng sone, pompo e e dikolosang madi mo mmeleng otlhe.

3. Ke mabaka afe a a dirang pelo go boifisa jaana?

3 Ee, tota ke pompo, mme abo e le e e boitshegang jang ne, e pompa ka boikanyegi noka e khibidu ya botshelo motsotswana mongwe le mongwe wa botshelo jwa rona! E kgolwane go feta lebole, e boima jo bo kwa tlase ga jwa ponto, pelo ya motho e uba makgetlho a le 100 000 ka letsatsi, e pompa madi a botshelo go kgabaganya tsamaiso ya mmele ya dimaele di le 60 000 ya pelo le ditshika tsa madi​—digalone di ka nna 2 000 letsatsi le letsatsi, masome a dimilione a digalone ka nako ya botshelo.a Go uba ga pelo go simololwa ke disele tse di kgobokaneng tse di laolang lobelo lwa yone, tse di romelang melaetsanyana e e lekanyang go betsa ga pelo. Ga go na mosifa ope mo mmeleng o o dirang ka natla, lobaka lo lo leele, ka iketlo, masome-some a dingwaga go feta pelo. Mo kgatelelong ya maikutlo kana itshidilo e e thata ya mmele e kgona go oketsa lobelo lwa yona ga makgetlo a le matlhano. Ntsha pelo mo sehubeng mme e tla tswelapele go uba ka lobakanyana. Tota le disele tse di segilweng go tswa mo pelong, kafa tlase ga maemo a a molemo, di tla tswelapele go dira jalo. Ke boboko fela jo bo batlang go otliwa mmogo le okesijene tse di oketsegileng go feta pelo.

4, 5. (a) Ke dinonofo dife tseo Dikwalo di di neelang pelo? (b) Go ya ka Dikwalo, ke maikutlo le ditlhotlheletso dife tse di nnang mo pelong?

4 Lefoko la Modimo le bua ka pelo moo e ka nnang ka makgetlo a le sekete. A le mmalwa a makgetlo ao a lebisa go pelo ya mmatota. A le mmalwa a mangwe a lebisa go bogare jwa sengwe, jaaka ‘mo pelong ya lewatle’ le ‘mo pelong ya lefatshe.’ (Esekiele 27:25-27; Mathaio 12:40) Lefa go ntse jalo, mo makgetlong a mangwe a a ka nnang sekete, pelo e dirisiwa ka mogopolo wa tshwantshetso Theological Dictionary of the New Testament ya ga Kittle e thathamisa dikwalo tse dintsi kafa tlase ga “pelo” mo setlhogong sengwe le sengwe se se latelang: “Mo pelong go nna maikutlo, dikeletso le dikgotelo tsa nama.” “Pelo ke bonno jwa tlhaloganyo, motswedi wa dikakanyo le tlhatlhanyo.” “Pelo ke bonno jwa go rata, motswedi wa maikaelelo.” “Ka gone pelo tota ke karolo e le nngwe mo mothong eo Modimo a retologelang kwa go yona, moo botshelo jwa modumedi bo simologang gone, eo e laolang boitshwaro jo bo siameng.”

5 Maikutlo le ditlhotlheletso di nna mo pelong eno ya tshwantshetso. Go ya ka dikwalo tse dintsi, pelo e ka itumela, utlwa botlhoko, ntshofala, sedifala, tlhoboga, ikanya, koafala, thatafala. E ka gotela ka bogale kana e ka nyera mo poifong, e ka ikgodisa kana ya ikokobetsa, e ka rata ka mo go tukang kana e ka tlala letlhoo, e ka itsheka le go nna phepa kana e ka nna le molato wa boaka. E sekametse mo bosuleng, mme e ka re tlhotlheletsa go dira molemo.

Lo se Nne Maitlhomo Mabedi kana Maikutlo Mabedi

6, 7. (a) Mopesalema o ne a tlhoile batho ba mofuta ofe, mme boemo jono bo bontshiwa ka ditiro dife tsa Baiseraele gammogo le Bajuda? (b) Jesu o bontshitse jang gore tirelo e e maikutlo mabedi go Jehofa ga e amogelwe?

6 Pelo ya tota e tshwanetse go felela gore e dire, mme pelo ya tshwantshetso e ka nna ya kgaogana. Mopesalema, ka phepafalo ke monna yo o batlanang le pelo ya Modimo ka sebele, o kwadile jaana kafa tlase ga tlhotlheletso: “Ke ila ba ba maitlhomō mabedi.” (Pesalema 119:113) Mo go bao go ne go le Baiseraele bao Elija a ba gwetlhileng ka go re: “Lo tla akabala ha gare ga maikutlō a le mabedi ka lobaka lo lo kaee? E re ha Yehofa e le èna Modimo, eañ naè: me ha e le Baale, hoñ lo eeñ naè.” (1 Dikgosi 18:21) Ka maitlhomo mabedi, ba ne ba ‘akabala fa gare ga maikutlo a le mabedi.’

7 Ka mo go tshwanang, morago ga gore Bajuda ba boele go Jehofa ka bontlhanngwe, go kwadilwe jaana: “Leha go nntse yalo batho ba hèla ba isa ditlhabèlō mo maheloñ a a tlotlometseñ, me ea bo e le go isetsa Yehofa Modimo oa bōnè hèla.” (2 Ditihalō 33:17) Ka dipelo tse di kgaoganeng, ba ne ba bolela gore ba obamela Jehofa mme ka tsela e e seng ya molao le kwa mafelong ao pele ba neng ba obamela Baale kwa go one. Jesu o rile: “Ga go na motho opè eo o ka dihèlañ barèna ba le babedi.” (Mathaio 6:24) Mo malatsing ao batlhanka ba ne ba tshwana le thoto ya motho. Ba ne ba direla mong wa bone dioura di le 24 ka letsatsi. Nako ya bone e ne e ka se kgaoganyetswe barena ba babedi​—ba neela yo mongwe bontlhabongwe yo mongwe bontlhabongwe. Jesu o ne a bontsha ntlha eno: ga gona tirelo ya maitlhomo mabedi mo go Jehofa!

8. Fa re bua ka tsela ya tshwantshetso motho a le mongwe a ka nna le dipelo tse pedi jang, mme ke dikwalo dife tse di bontshang seno?

8 Go na le pelo e le nngwe fela ya mmatota mo mothong mongwe le mongwe, mme, fa re bua ka tsela ya tshwantshetso, motho a le mongwe a ka nna le pelo tse pedi. Dafide o ne a bua kaga batho bao, a re: “Ba bua ka dipounama tse di hakañ, le ka pelo e e leñ pedi. [“ka pelo le pelo,” Ref. Bi., mokwalo o o kwa tlase].” (Pesalema 12:2) Pelo e nngwe e rulaganyeditswe go bontshiwa phatlhalatsa, e nngwe e reretswe molemo wa bogagapa. Matlhakore ano a mabedi, pontsho e e maitlhomo mabedi e tlhalosiwa jaana mo Dikwalong: “Gonne yaka a kaea mo teñ ga gagwè, o nntse hèla yalo: o gu raea, a re, Ya u nwè; me pelo ea gagwè ga e mo go wèna.” “Mogañ o buañ sentlè u se ka ua mo dumèla; gonne go na le dilō di shupa tse di makgapa mo peduñ ea gagwè.”​—Diane 23:7; 26:25; Pesalema 28:3.

9. Ke eng se se bontshang gore kobamelo ya maitlhomo mabedi e ne e le gone mo motlheng wa ga Jeremia le wa ga Jesu?

9 Boitimokanyi jo bo ntseng jalo mo dikamanong tsa batho bo a hutsafatsa, mme fa bo jetswe mo kobamelong ya ga Jehofa, bo roba tatlhego. “Lo se ka loa ikanya mahoko a maaka, loa re, Tempela ea ga Yehofa, tempela ea ga Yehofa, tempela ea ga Yehofa ke dikagō tse. Bōnañ, lo ikanya mahoko a maaka, a a sa kakeñ a thusa sepè. A lo tla ucwa, lo bolaea batho, lo diha boaka, lo ikana ka maaka, lo hisetsa Baale mashwalō, lo sala medimo e sele moragō e lo sa e itseñ, Me lo ba lo èma ha pele ga me mo tluñ e, e e bidiwañ ka leina ya me, me lo re, Re golocwe; gore lo tlè lo dihè makgapha a lona aotlhe hèla?” (Yeremia 7:4, 8-10) Jesu o ne a bona boitimokanyi jo bo ntseng jalo jo bo maitlhomo mabedi molato mo bakwading le mo Bafarasaing, ka gore: “Baitimokanyi ke lona, Isaia o boletse sentlè kaga lona, a re, Chaba e, e ntlotla ka dipounama; me dipelo tsa bonè di kgakala le nna.”​—Mathaio 15:7, 8.

10, 11. Jehofa gammogo le Keresete Jesu ba leba kae fa ba atlhola motho, mme ka ntlhayang?

10 Go tswa mo go tseno tsotlhe go phepafetse gore ke ka ntlhayang fa Jehofa a ne a raya Samuele a re: “Ka go bo Yehofa ga a bone yaka motho a bona: gonne motho o leba bokahantlè, me Jehofa o leba pelo.” (1 Samuele 16:7) Ka gone, fa Jehofa a tlhatlhoba motho, ga go a theiwa mo bosuping jo bo sa tlhomamang; o itlhomamisa go fitlha kwa pelong ya kgang. Keresete Jesu o tlhalositse pelo jaaka maatla a a tlhotlheletsang boitshwaro jwa rona, go sa kgathalesege gore bo molemo kana bo bosula: “Motho eo o molemō o ntsha se se molemō mo lohumoñ lo lo molemō loa pelo ea gagwè; le motho eo o boshula o ntsha se se boshula mo lohumoñ lo lo boshula (loa pelo ea gagwè:) gonne go bua ga molomo oa gagwè go tlo go cwe mo go se se tletseñ mo peduñ.” Gape, “Mo peduñ go cwa megopolō e e boshula, le dipolaō, le dikgokahalo; le boaka, le bogodu, le pateleco, le dikgalō.”​—Luke 6:45; Mathaio 15:19.

11 Keresete Jesu, yo o neetsweng katlholo, le ene o leba koo Jehofa a lebang gone: “Ke . . . èna eo ke hukutsañ diphilō [“maikutlo a a kwa teng,” Ref. Bi., mokwalo o kwa tlase] le dipelo: me ke tla naea moñwe le moñwe oa lona kaha ditihoñ tsa lona.” (Tshenolō 2:23) Ka lona lebaka leno, “dibèla pelo ea gago ka tlhōahalō eotlhe: gonne macō a botshelō a cwa mo go eōna.”​—Diane 4:23.

12. Ke ka ntlhayang fe tirelo ya pelo yotlhe go Jehofa e tlhoka boiteko jo bo tlhoafetseng mo go rona?

12 Kobamelo ya rona go Jehofa ga ya tshwanela go nna maitlhomo mabedi kana maikutlo mabedi, mme e nne ya pelo yotlhe. Seno se tlhoka boiteko jo bo tlhoafetseng mo go rona. Ka ntlhayang? Ka go bo pelo e boferefere mme e ka tsietsa thata. Go a tshosa go bona ka moo e leng botswerere ka gone mo go neeleng seipato sa diphoso tseo di gogelang nama ya rona e e oleng. Lemororo e ka re tsietsa le go fitlha maitlhomo a rona a tota mo go rona, Jehofa o bona seo eleng sone. O re tlhokomedisa seno, ka go re: “Pelo e boherehere bogolo go dilō cotlhe, e botlhoko thata: e mañ eo o ka e itseñ, Nna Yehofa ke hukutsa pelo, ke leka diphilō, e le go naea motho moñwe le moñwe kaha mekgweñ ea gagwè, le kaha louñoñ loa ditihō tsa gagwè.”​—Yeremia 17:9, 10.

Go Kopa Pelo e e Itekanetseng

13. Jesu o rileng ka badumedi bangwe ba motlha wa gagwe, mme ka ntlha ya boitshwaro jo bo ntseng jalo, phelelo ya bone e ne ya nna efe?

13 Mabapi le badumedi ba motlha wa gagwe, Jesu o rile: “Dipelo tsa batho ba di akotse, ba kabetse ditsèbè, ba ipuduladitse matlhō; e se re kgotsa ba lemoga ka matlhō, ba utlwa ka ditsèbè, ba tlhaloganya ka pelo, me ba shokologa gapè, me ka ba hodisa.” (Mathaio 13:15) Ka ntlha ya megopolo e e tlhagisitsweng pele ya bodumedi, ba ne ba tswala matlho le ditsebe tsa bone mme ba thatafatsa dipelo tsa bone gore di se utlwe thuto ya ga Jesu. Ka go gana kgalemelo, ba ne ba palelwa ke go bona pelo e e tlhotlheleditsweng sentle: “Eo o reetsañ kgalemèlō o bōna tlhaloganyo [“o batla boitlhomo jo bo molemo,” Ref. Bi., mokwalo o o kwa tlase].” (Diane 15:32) Ba ne ba bolela gore ba obamela Modimo, mme ba ne ba dira “tshiamō” yabone gore e bonwe ke batho.​—Mathaio 6:1, 2, 5, 16.

14. Ke dikai dife tse di bontshang tsela eo boammaaruri bo nwelang mo go rona ka yone?

14 Abo go le botoka thata jang ne go tshwana le kgosi Jehoshafate wa Juda yo o ‘neng a tlhomamisa pelo ya gagwe go batla Modimo wa boammaaruri.’ (2 Ditihalō 19:3) Thapelo e e tswang pelong ke paakanyetso e e molemo-lemo fa o batlana le Modimo. Fa Hana a ne a utlwile botlhoko o ne a rapela Jehofa ka tlhoafalo, o ne “a bua ka pelo hèla,” mme thapelo ya gagwe e ne ya arabiwa. Gape se se tlhokafalang ke go rata go reetsa. Mmagwe Jesu o ne a reetsa: “Mmagwe ènè, a boloka dipolelo cotlhe tse mo peduñ ea gagwè.” Mme a simolola go “akanya mo peduñ ea gagwè,” mme a nna morutwa yo o ikanyegang wa ga Jesu. Jehofa o thusa mmatli yo o pelo-e-phepa. Lidia yo o boifang Modimo o ne a reetsa Paulo, “Morèna a bula pelo ea gagwè, gore a tlhōkōmèlè dilō tse di buiwañ ke Paulo.” O ne a kolobediwa. (1 Samuele 1:12, 13; Luke 2:19, 51; Ditihō 16:14, 15) Gantsi ke pelo ya tshwantshetso​—maikutlo, maitlhomo a a molemo—​tseo di letlang boammaaruri go tsena le go nna mo mothong.

15. Go bona pelo e e itekanetseng, re tshwanetse ra bo re ipaakanyeditse go dirang?

15 Go bona pelo e e itekanetseng, re tshwanetse go ipaakanya mo maikutlong go beela megopolo ya pele kwa thoko, re ikemiseditse go letla gore Modimo a bonwe a le boammaaruri lefa go senya megopolo mengwe ya rona eo re e ratang kana dipono tsa thuto e e ratiwang. (Baroma 3:4) Maitlhomo a a bogagapa a tshwanetse go tlosiwa go dira gore dipelo tsa rona di amogele thato le ditsela tsa ga Jehofa. Jehofa o kile a kwala melao ya gagwe mo letlapeng, mme moragonyana o ne a kwala melao mo dipelong tsa batho. Moaposetoloi Paulo le ene o kwadile mo dipelong. Mme le wena, o ka ‘kwala [bopelonomi jo bo lorato le boammaaruri] mo sekwalelong sa pelo ya gago.’​—Diane 3:3; Bahebera 10:16; 2 Bakorintha 3:3.

16. Ke dipotso dife tse di tlotlomatsang dikgato tseo motho a tshwanetseng go di tsaya go nna le pelo e e itekanetseng go Jehofa?

16 A pelo ya gago ea tshwanelega jaaka sekwalelo se se molemo sa melao-metheo le dikaelo tsa ga Jehofa? A o tla tlhatswa megopolo ya pele mo go yona go bulela boammaaruri jwa Modimo tsela? A o tla tswelapele o ithuta go fetola mogopolo wa gago, go apola motho wa kgale, le go apara yo mosha kafa setshwanong sa Modimo? A o tla dira bojotlhe jwa gago go nna modiri yo o sa tlhabisiweng ke sepe ditlhong, o bua lefoko la boammaaruri ka tshiamo?​—Baroma 12:2; Bakolosa 3:9, 10; 2 Timotheo 2:15.

Go Boloka Pelo e e Itekanetseng

17. Dafide o tlhagisitse morwawe Solomone jang, mme ke ka ntlhayang fa Solomone a paletswe ke go latela kgakololo eo?

17 Dafide o ne a re go Solomone: “Me wèna, Solomona morwaaka, u itse Modimo oa ga rrago, me u o dihèlè ka pelo e e itekanetseñ, le ka mogopolō o o tletseñ: gonne Yehofa o kheleisa dipelo cotlhe, me o tlhaloganya diakanyō cotlhe tsa megopolō.” Solomone o ne a simolola go direla ka pelo e e itekanetseng, mme fa dingwaga di ntse di ya, ga a ka a e boloka: “Gonne ga dihala e rile Solomone a sena go cohala basadi ba gagwè ba haposetsa pelo ea gagwè kwa medimoñ e sele: me pelo ea gagwè e se ka ea nna boitekanelo mo go Yehofa Modimo oa gagwè, yaka pelo ea ga Dafide rragwe e ne e nntse.”​—1 Ditihalō 28:9; 1 Dikgosi 11:4.

18, 19. (a) Satane o tla dirisa mekgwa efe e e farologaneng go go dira gore o palelwe ke go boloka pelo e e itekanetseng? (b) Fa maiteko a a oketsegileng a a boferefere a ga Satane a palelwa, maano a gagwe a tla fetoga jang?

18 A o tla tswelapele moo Solomone a paletsweng gone? Fa o sena go ineela jaaka mosupi wa ga Jehofa, o sena go beela maitlhomo a mabedi kana maikutlo a mabedi otlhe kwa thoko mo kobamelong ya gago, o sena go dumalana le mafoko a ga Jesu a go re “u rate Yehofa Modimo oa gago ka pelo eotlhe ya gago,” a jaanong o tla ikemisetsa go boloka pelo ya gago e ineetse ka botlalo mo tirelong ya ga Jehofa? (Mathaio 22:37) Satane ga a kitla a rata seo, mme ke mmaba yo o boferefere. Pelo ya gago e tla nna setlhabelo sa gago. O itse tshekamelo ya yone mo sebeng, mme a ka kgona ka tsela ya gagwe e e boferefere go tsena mo go yone fa o sa itisa. A ga a ka a ‘tlhotlheletsa pelo ya ga Judase Isekariota go oka Jesu?’ (Yohane 13:2) Madi, khumo, boitloso-bodutu, boikgogomoso, ditiro tsa lefatshe, mabela a botshelo, dikeletso tsa nama​—o itse dikarolo tsa rona tse di bokoa mme o lebisa marumo a gagwe a a tukang kwa go tsone. A o tla a tima otlhe ka thebe ya tumelo?​—Baefesia 6:16; 1 Yohane 2:15-17.

19 Mme fa maiteko ano otlhe a ga Satane a palelwa, ga a ise a fetse. O nna tau e e dumang e e lekang go kometsa basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ka digopa tse di thubakanyang, go bediwa, dikgolegelo, le eleng loso. Mme mo go tsone tsotlhe Jehofa o tla nonotsha bao dipelo tsa bone di itekanetseng mo go ene.​—Yakobe 4:7; 1 Petere 5:8-10; Tshenolō 2:10.

20, 21. (a) Ke dipotso dife tseo di ka botswang fa go tlhatlhobiwa pelo ya mmatota? (b) Dipotso tse di tshwanang di ka dirisiwa jang go tlhatlhoba pelo ya tshwantshetso?

20 Pelo ya tota e tlhoka go tlhatlhobiwa nako le nako. A e amogela dijo tse di molemo tse di lekaneng ka metlha? A go betsa ga yone go tlhomame le go nna maatla kana go iketlile le go nna bokoa? A e boloka kgatelelo e e siameng ya madi? A e bona itshidilo eo e e tlhokang? (Gore pelo e nne boitekanelo e tshwanetse go pompa ka natla ka lobaka lo loleele lwa nako.) A lobelo lwa yone loa fetoga-fetoga go thulana le ditlhokafalo tse di fetogang? A e beilwe mo tikologong e e amang maikutlo eo e e bayang mo kgatelelong e e bokete?

21 Fa pelo ya nama e tlhatlhobiwa, abo go tlhokofalela pelo ya tshwantshetso thata jang ne! Jehofa oa e tlhola; le rona re tshwanetse. A e bona dijo tse di lekanyeng tsa semoya ka thuto ya ka metlha ya botho le go nna gone kwa dipokanong? (Pesalema 1:1, 2; Diane 15:28; Bahebera 10:24, 25) A maikutlo a yone a a boteng a re tlhotlheleletsa tirelo e e tlhoafetseng mo bodiheding jwa tshimo​—ka dinako tse dingwe gongwe e re bakela go dira ka natla mo go nneng babulatsela ba ba thusang? (Yeremia 20:9; Luke 13:24; 1 Bakorintha 9:16) Go tweng ka tikologo ya yone? A e dikologilwe ke dipelo tse dingwe tseo di utlwanang le tse di itekanetseng ka maikutlo le ditlhotlheletso tse di tshwanang?​—2 Dikgosi 10:15, 16; Pesalema 86:11; Diane 13:20; 1 Bakorintha 15:33.

22. Ke eng se se tla tlhomamisang katlego mo go ikemisetseng ga rona go direla Jehofa ka pelo e e itekanetseng?

22 Fa tlhatlhobo ya gago e go kgonisa go araba ka ee mo dipotsong tse di fa godimo, jalo o sireletsa pelo ya gago ya tshwantshetso. O tla atlega, gammogo le dimilione tse dingwe tsa Basupi ba ba ikanyegang, mo boikaelelong jwa gago jwa go direla Jehofa ka pelo e e itekanetseng. Botlhe bao ba na le tlhomamiso eno: “Kagisho ea Modimo e e hetañ tlhaloganyō eotlhe, e tla dibèla dipelo tsa lona le megopolo ea lona mo go Keresete Yesu.”​—Bafilipi 4:7.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Maele e le nngwe = dikilomethara di le 1,6.

Galone e le nngwe = dilithara di le 3,8.

A O A Gakologelwa?

◻ Ke dinonofo dife tse dintsi tse di neetsweng ke pelo ya tshwantshetso?

◻ Re ka tila jang go nna maitlhomo mabedi kana maikutlo mabedi?

◻ Ke ka ntlhayang fa Jehofa le Keresete Jesu ba leba pelo fa ba atlhola?

◻ Re ka bona ra bo ra boloka jang pelo e e itekanetseng?

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

A o na le difatlhego tse pedi?

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Lidia

Jehoshafate

Hana

Maria

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela