LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 6/1 ts. 26
  • Mo Malatsing a le Robongwe Fela!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mo Malatsing a le Robongwe Fela!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Dira Tiro ya go Aga ka Kutlwano mo Lefatsheng Lotlhe
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Go Ikaega ka Jehofa mo go Tsotlhe Tseo re di Dirang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Go Dira ka Boitumelo Dilo Tseo di Tlhokegang mo Thobong
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Go Agiwa ga Diholo Tsa Bogosi—Karolo e e Botlhokwa ya Tirelo e e Boitshepo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 6/1 ts. 26

Pego ya Baboledi ba Bogosi

Mo Malatsing a le Robongwe Fela!

“KGAKGAMATSO!“ Lefoko leno le le lengwe e ne e le setlhogo sa mokwadi wa koranta mo Setlhaketlhakeng sa Vancouver, mo Canada, ka August 14, 1985. Setlhogo seno se ne sa tlhalosa go agiwa ga Holo ya Kopano ya disekwerefuti di le 25 000 (2 300 sq m) mo malatsing a le robongwe fela.

Go feta dingwaga di le 10 tse di fetileng, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba simolola mokgwa wa ka bonako wa go tlhoma Diholo tsa Bogosi tsa lefelo la bone. Mme Holo ya Kopano ya Setlhaketlhake sa Vancouver ya Basupi ba ga Jehofa ke moago wa bobedi wa mothale oo mo Canada o agetsweng segolo dikopano tsa potologo tsa gabedi ka ngwaga tsa ditlhopha tsa diphuthego. Holo e ntšha e e mo setsheng sa diakere di le robedi (3 ha) mo Cassidy, mo British Columbia. Ditlhare tse ditelele tse di nnang di le tala di dira lesira le lentle le le kafa morago, mme molatswana o o itumedisang o elela go kgabaganya karolwana ya lefatshe e e kafa morago ga moago. E akareletsa holo ya manno a le 900, lefelo la go jela la manno a le 250, lefelo la dilapolosi, letangwana la go kolobetsa le le tsentsweng dithaele, le Holo ya Bogosi ya manno a le 200 e e dirisiwang ke diphuthego tsa lefelo leno. Tota le bao ba nnileng le seabe mo go agiweng ga yone ba re go thata go dumela gore e agilwe le go konesediwa mo malatsing a le robongwe.

Tota, pele ga go aga malatsi a le robongwe, go ne go na le tiro e ntsi ya go baakanyetsa e e dirilweng. Moago wa kgale mo setsheng seo o ne wa tlhatlhamololwa le go bolokwa—mo puleng ya morwalela. Badiri ba ba ithaopileng ba ne ba itshokela maemo a bosa a pula, a a tsididi a October go ya go rema dikgong go dira dikota tsa go aga tsa mosedara​—dikota tse dikgolo tsa tlhago tse di dirwang ka mosedara o mohibidu wa kwa bophirima. Go tsenngwa ga diphaephe, digotetsi, difetlha-mowa, motlakase, le ditsamaiso tse dingwe go ne go tshwanetse go dirwa. Lebala le ne le tshwanetse go baakanngwa mme boalo jwa konkereite jwa disekwerefuti di le 25 000 bo ne bo tshwanetswe go dirwa​—magareng ga dilo tse dingwe.

Lefa go ntse jalo, labofelo dilo tsotlhe di ne di etleeleditswe. Ka Matlhatso, August 3, ka 8:00 a.m., morago ga go sekaseka temana ya Bibela, baithaopi ba ba tshotseng dihamore ba ne ba ema ba iketleeleditse go dikologa boalo jwa konkereite. Taelo e e reng, “Bakaulengwe, simololang go kokotela!” e ne ya utlwala mo digodisa-mantsweng. Go ne ga utlwala leratla la go kokotelwa ga dipekere jaaka baithaopi ba ba fopholediwang go 4 500 ba ne ba simolola go dira. Baithaopi ba bantsi le malapa a bone ba ne ba tswa kwa United States mme ba bangwe ba tswa kgakala jaaka kwa Newfoundland, Norway le Engelane. Baagisani ba ba pelotlhomogi ba ne ba neela ditshimo tsa bone gore e nne lefelo la bonno la nakwana le go emisa dikoloi, mme ditente, banni ba nakwana, dilori le dikoloi di ne tsa tsaya diakere di le 35 (14 ha) go dikologa setsha seno.

Babogedi ba ne ba kgatlhegile thata. Mong wa konteraka mongwe o ne a tlisa badiri ba gagwe go tla go bona tiro le boemo. Ka bopelonomi baagisani ba ne ba neela merogo mo lefapheng la go apaya dijo, leo le neng le apeela badiri dijo ka metlha. Baagisani ba bangwe ba ne ba tla go thusa mo tirong ka boyone. Monna mongwe, morago ga go etela setsha seno, o ne a re: “Ruri kea bona gore Modimo o na le lona.” Monna yono jaanong o dira kgatelo pele e e molemo mo go ithuteng Bibela le Basupi.

Setlhogo sa mokwadi wa dikoranta mo go Ladysmith-Chemainus Chronicle se ne sa akgela jaana: “Go sa kgathalesege mofuta wa bodumedi jwa gago, kana go se nne le jone, o tshwanetse go tlotla Basupi ba ga Jehofa ba ba 4 500 ba ba neng ba dira bosigo le motshegare mo bekeng le halofo tse di fetileng go aga Holo ya Kopano ya disekwerefuti di le 25 000 mo Cassidy . . . Go dira seno ka boitumelo kwantle ga go ganetsana, go omana kana go batla go itirela leina ke letshwao la Bokeresete jwa boammaaruri.”

Ka Sontaga maitseboa, August 11, ka 6:00 p.m., pokano ya ntlha e ne ya tshwarelwa mo Holong e e fedileng ya Kopano, e e nang le mabala a a kgabisitsweng!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela