LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 6/1 ts. 10-14
  • A Go Na le Sengwe Se Se Ka Go Kgaoganyang le Lorato lwa Modimo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Go Na le Sengwe Se Se Ka Go Kgaoganyang le Lorato lwa Modimo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘O Tla lo Tiisa, O Tla lo Thatafatsa’
  • Go Ngaparela ga Sebe mo Nameng e e Oleng
  • Kotsi ya go Katogela Kong
  • Ke Mang yo o Tla re Kgaoganyang le Lorato Lwa Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa Re Tsofala Re bo Re Swa?
    Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
  • A O Tla Tsaya Kgato ka Ntlha ya Lorato lwa ga Jesu?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ipoloke O le Mo Loratong Lwa Modimo!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 6/1 ts. 10-14

A Go Na le Sengwe Se Se Ka Go Kgaoganyang le Lorato lwa Modimo?

“Gonne kea tlhōmamisa, go re, go le losho, go le botshelō, go le baengele, go le magōsana, go le dilō tse di leeoñ, go le dilō tse di tla tlañ, go le dinonohō, go le bogodimo, go le boteñ, leha e ka bo e le sebopiwa señwe se sele, ga go ketla go nonoha sepè go re kgaoganya le loratō loa Modimo, lo lo mo go Keresete Yesu Morèna oa rona.”​—BAROMA 8:38, 39

1. Lorato lwa Modimo lo bontshiwa ka ditsela dife letsatsi lengwe le lengwe?

MODIMO o lorato. Seno re se bolelelwa letsatsi lengwe le lengwe mo ditseleng tse di bolokang botshelo. Moya oo re o hemang, metsi ao re a nwang, dijo tseo re di jang​—tsotlhe di tla jaaka ditshupo tsa lorato lwa Modimo. Go feta moo, di tlela ba ba molemo le ba ba bosula ka go tshwana, go sa kgathalesege gore baa di anaanela kana nnya. Jesu o supile seno fa a ne a re ka Rragwe wa selegodimo: “O tlhabisetsa ba ba molemō le ba ba boshula letsatsi ya gagwè, a nesetse basiami le basiamolodi pula.” (Mathaio 5:45) Setshedi sengwe le sengwe mo lefatsheng se kolota Modimo ditebogo tsa go otliwa ga sone.​—Pesalema 145:15, 16.

2. Lorato lo logolo lwa ga Jehofa lo bontshitswe batho jang, mme Jesu o bontshitse kanaanelo ya se Jehofa a se batlang jang?

2 Go dibopiwa tsa batho lorato lwa Modimo lo feta kgakala go tlamela botshelo jono jwa jaanong fela jo bo nyelelang jaaka sethunya le jo bo swabang jaaka tlhaga. (1 Petere 1:24) O diretse batho paakanyetso ya go tshelela ruri: “Modimo o ratile lehatshe mo go kalo kalo, oa ntsha Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi, gore leha e le mañ eo o dumèlañ mo go èna a se ka a nyèlèla, me a bōne botshelō yo bo sa khutleñ.” (Yohane 3:16) Paakanyetso eno e ne ya dirwa ka tlhotlhwa e kgolo ya ga Rre gammogo le Morwa. Mo Getsemane mo bosigong jwa loso lwa gagwe, Jesu o ne a wela fa fatshe mme a rapela a le mo tlalelong e kgolo gore “mohuhucō oa gagwè [o be o nne] yaka marothodi a magolo a madi, a rōthèla ha hatshe.” Mo nakong eno ya khutsafalo, Jesu o ne a elatlhoko kgobo eo e neng e koetswe mo leineng la Modimo, mme a kopa le eleng gore senwelo se tloswe. Mme o ne a oketsa ka gore: “Leha go nntse yalō eseñ kaha go rateñ ga me, e leñ kaha go rateñ ga gago.” (Luke 22:44; Mareko 14:36) Lemororo Jesu a ne a le mo tlalelong e kgolo, seo Jehofa a neng a se batla se ne se tla pele. Tota le tebelelo ya go kgwathisiwa le go swa ka bonya ka go kokotelwa mo thupeng ya tlhokofatso di ne di ka se mo kgaoganye le lorato lwa Modimo.

3. Ke mafoko afe a ga Paulo ao Basupi ba ga Jehofa gompieno ba a tsayang jaaka a bone, mme ka diphelelo dife mo go bone?

3 Seo Jehofa a se batlang gape se tla pele mo Basuping ba ga Jehofa bao ba tsamayang mo dikgatong tsa ga Jesu gompieno. Ba amogela mafoko a ga moaposetoloi Paulo, ba re, “Ha Modimo o le ntlheñ ea rona, eo o ka ganèlañ le rona e be le mañ? Mañ eo o tla re kgaoganyañ le loratō loa ga Keresete? A ke pitlaganō, kgotsa tlalèlō e e mahèhè, kgotsa pogishō, kgotsa tlala, kgotsa bosaikatègañ, kgotsa poitshègō, kgotsa chaka? Nya, mo diloñ cotlhe tse re gaisa bahenyi ka èna eo o re ratileñ.” (Baroma 8:31, 35, 37) Mo lekgolong leno la dingwaga Basupi ba ga Jehofa ba tlhasetswe, ba bediwa, ba tshasiwa ka sekontere le go tsenngwa mafofa, le go golofadiwa mo mmeleng, ba betelelwa, ba bolawa ke tlala, ba bolawa ke masole a a thuntshang, tota le go kgaolwa ditlhogo mo dikampong tsa pogisetso mo Nazi​—tsotlhe ka ntlha ya go gana ga bone go ikgaoganya le lorato lwa Modimo.

4. O kgatlhiwa jang ke go gana ga lekau lengwe go ikgaoganya le lorato lwa Modimo?

4 Dingwaga di le masome a mane tse di fetileng, lekawana lengwe, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a kwalela batsadi ba gagwe go tswa kwa kampong ya pogisetso ya Nazi, a re, ka bontlhabongwe:

“Jaanong ke 9 mo godimo ga tlhogo ya letsatsi la teko ya me, mme ke tshwanetse go leta go fitlha ka 11:30. Ke kwala mafoko ano ke le mo kgolegelong ya bojosi ya kgotla-tshekelo ya masole ya mmuso. Ke na le kagiso e kgolo, eo ruri go leng thata go e dumela; mme gape ke neetse tsotlhe go Morena, mme jalo nka kgona go leta oura eno ke sisibetse le dikgolego tse di sa khutleng. Ba lo boleletse gore ga ba kitla ba ntsenya dikeetane. Maaka! Motshegare le bosigo: ke ne ke bofololwa fela fa ke apara le fa ke apola le fa ke phepafatsa ntlwana ya kgolegelo . . .

“12:35. Go setse go fedile jaanong. Ka ntlha ya lebaka la gore ke bolokile go gana ga me [go batla ga bone gore a tlogele kobamelo ya gagwe go Jehofa Modimo], ke ne ka atlholelwa loso. Ke ne ka reetsa, mme morago ga gore ke bue mafoko ano ‘Ikanyege go fitlhela losong’ le mafoko a mangwe a mmalwa a Morena wa rona, go ne go setse go fedile. Mme le seka la tshwenyega ka seo jaanong. Ke na le kagiso, ke mo tidimalong, tseo lo ka se kgoneng go di akanya. . . . Kagiso eno, boipelo jono tseo di ntletseng ke santse ke le mo phaposing ya kgotla-tshekelo, tseo lefatshe le ka sekeng la di tlhaloganya, di ile tsa ntlhotlheletsa le go intumedisa thata fa ke boela mo kgolegelong ya me . . . Lo seka lwa lela. . . . Seno ke se se molemo-lemo seo ke ka lo se nayang, le bakaulengwe botlhe ba ba rategang, Sontaga sa bofelo pele ga go bolawa (go kgaolwa tlhogo), letsatsi leo ke gololesegang ka lona.”a

‘O Tla lo Tiisa, O Tla lo Thatafatsa’

5, 6. Ke ditlhomamisetso dife tseo di neetsweng ke Paulo le Petere tseo di gomotsang bao ba lekwang mo go botlhoko ka ntlha ya go ngaparela mo loratong lwa Modimo?

5 Lekau leno le ne le kgaogantswe le botshelo mme eseng le lorato lwa Modimo. Bosetlhogo jo bo tshwanang bo ntse bo tlisiwa go Basupi ba ga Jehofa go ya le makgolo a dingwaga. Bokgoni jwa batlhanka ba Modimo go itshokela dipogiso tseo, tota le go isa losong, ga se ka maatla a bone mme ke a Modimo. Paulo o re tlhomamisetsa jaana: “Modimo o boikañō o o se ketlañ o lo lesa loa raèlwa ka mo go hetañ nonohō ea lona; me o tla re mo thaeloñ o lo baakanyetse kgōrō ea phalolō le eōna, gore lo tlè lo bōne go e ichokèla.” (1 Bakorintha 10:13) Basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa gompieno, fa ba le mo tekong ba nnile ba kgona go bolela jaaka Paulo fa a ne a le mo kgolegelong go re: “Morèna o na a èma ha go nna, a ba a nnaea thata.”​—2 Timotheo 4:17.

6 Moaposetoloi Petere, morago ga gore a re tlhagise ka go itisa kgatlhanong le Diabolo, yo o potologang jaaka tau e e dumang e e batlang yo e ka mo kometsang, o tlhomamisa jaana: “Modimo oa tshegōhaco eotlhe, o o lo bileditseñ kwa kgalaleloñ ea ōna e e sa khutleñ mo go Keresete, e tla re lo sena go nna lo boga botlhoko ka lobakanyana, Ona ka osi o tla lo diha boitekanelō, o lo tiise, o lo thatahatse.” (1 Petere 5:8-10) Go akanyetsa ka tshegetso eno yotlhe ya bomodimo, selo se le sengwe se a bonala: Lorato lwa Modimo ga lo palelwe; go kgaoganngwa gope mo go lone e tla bo e le phoso ya rona, eseng ya gagwe.

7. Ke maano afe ao Satane a a dirisitseng go Jesu, mme Jesu o mo fentse jang?

7 Satane ga a tlhasele jaaka tau e e dumang ka metlha. Ka dinako tse dintsi o tla jaaka ‘noga e e boferefere’ le eleng jaaka ‘moengele wa lesedi’ wa motenegi. O na le maano a a bosula go rona, mme re tshwanetse go nna tlhaga gore a seka a re fenya. Re tshwanetse go apara diaparo tsa phemelo tsotlhe tsa Modimo “gore [re] tlè [re] itse go ganèla le maanō a boherehere a diabolo.” (Genesise 3:1; 2 Bakorintha 2:11; 11:13-15; Baefesia 6:11, Ref. Bi., mokwalo o o kwa tlase) Kwa tshimologong ya bodihedi jwa ga Jesu, Satane o ne a tla kwa go ene a tsopola dikwalo, a di dirisa ka mo go sa tshwanelang ka boiteko jwa go raela Jesu gore a dire phoso. O lekile Jesu ka makgetlho a le mararo mme a palelwa ka makgetlho a le mararo. Jesu o ne a ganetsa go sokamisa ga ga Satane Dikwalo ka go dirisa ditemana ka tshwanelo. Mme Jesu a bolelela Satane gore a tloge. Mme Satane “a mo tlogèla ka lobaka,” fela.​—Luke 4:13; Mathaio 4:3-11.

8, 9. Ke ditsela dife tse di boferefere tseo Satane a neng a boela go tlhasela Jesu ka tsone, mme Paulo o ne a re kaela gore re direng go itshireletsa?

8 Satane oa tatalala. O boela ka mekgwa e e farologaneng. O ne a boela kwa go Jesu ka baruti ba bodumedi ba nako eo. Jesu o ne a tlhaloganya seno mme a ba bolelela jaana ka tlhamalalo: “Lo ba rra eno diabolo.” Batho bangwe ba ka direla le eleng maikaelelo a ga Satane ba sa ikemisetsa. Moaposetoloi Petere o dirile seno fa a ne a omanya Jesu, lefa a ne a na le bokao jo bo molemo, a re: “A go nnè kgakala nau, Morèna: mo, ga go ketla go gu dihalèla gopè.” Jesu o ne a kgalemela Petere ka bogale a re: “Tloga ha pele ga me Satane: gonne u sekgopi mo go nna.” (Yohane 8:44; Mathaio 16:22, 23) Ka mo go tshwanang, maikaelelo a ga Satane a ka direlwa ka mo go sa ikaelelwang ke mothapi, tsala ya kwa tirong, tsala ya kwa sekolong, tsala, wa losika, motsadi, kana molekane wa lenyalo. Re tshwanetse go itisa ka metlha mme re se letle sepe go koafatsa kamano ya rona le Jehofa.

9 Jalo go botlhokwa ‘go apara diaparo tsa phemelo tsotlhe tsa Modimo, gore lo tle lo itse go ganela le maano a a boferefere a ga Diabolo; gonne ga re lwe le nama le madi, mme re lwa le . . . meya e e boikepo mo mannong a selegodimo.’​—Baefesia 6:11, 12.

Go Ngaparela ga Sebe mo Nameng e e Oleng

10. Lefoko “boleo” le rayang, mme ke ditiro dife tseo di tla re kgaoganyang le lorato lwa Modimo?

10 Satane o itaya moo re leng bokoa gone. Ka gone o tlhasela segolo-bogolo go sekamela sebeng ga nama ya rona e e oleng ka tshwanelo. (Pesalema 51:5) Lefoko la Segerika le le ranoletsweng sebe ke ha·mar·tiʹa. Lediri ke ha·mar·taʹno, leo tota le rayang “go fosa letshwao.” (Baroma 3:9, Ref. Bi., mokwalo o o kwa tlase) Fa re fosa letshwao gantsi mme re palelwa ke go boloka melao ya Modimo, re tla bo re katogela kgakala le lorato lwa Modimo ka mo go oketsegileng, ka go bo “lo ke lōna loratō loa Modimo, gore re bolokè ditaolō tsa ōna.” (1 Yohane 5:3) Boaka, kgokafalo, boitsholo jo bo bodileng jwa kafa dikobong, botagwa, mekgwa ya bobatana, boitaolo jwa dikgatlhego tsa nama, mafufa, bogale, bogagapa jwa dikhumo​—dilo tsotlhe tseo di re kgaoganyang le lorato lwa Modimo, mme “ba ba dihañ dilō tse di nntseñ yalo, ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo.”​—Bagalatia 5:19-21.

11. Sebe se ka re tshwara ka bonya jang, ka phelelo efe kwa bofelong?

11 Dibaesekopo, dibuka, metshameko, mananeo a thelebishene​—tse di nokilweng ka dikhumo, nna pele, tsa kgwebo tse di sekametseng mo boitsholong jwa kafa dikobong—​go godisa telekiso ya menate e e senang boithibo. Sebe sa ntlha se dira gore sa bobedi se nne motlhofo, sa boraro le sa bone sea latela, ka bonako go wela mo bolefatsheng go nna ka lobelo lo lo logolo. Kwa bokhutlong, bao e leng “barati ba dikgatlhègo, bogolo go go nna barati ba Modimo” ba tshwarega ka go “etleeletsa nama, go dihatsa dithatō tsa eōna.” (2 Timotheo 3:4; Baroma 13:14) Bagolo gammogo le bannye ba gogolelwa mo molomong wa sebe, mme digakolodi tsa bone di fisiwa ka mo go feletseng. “Ba e reñ ka ba helecwe ke maikutlō, boo ba ineèla mo bopepeñ, go diha mashwè aotlhe ka bopelotshètlha.”​—Baefesia 4:19; 1 Timotheo 4:2.

12. Ke dikwalo dife tseo di bontshang maatla a sebe mo go rona, mme Paulo o ne a lelela seno jang?

12 Bao ba ikemiseditseng go se kgaogane le lorato lwa Modimo ba tshwanetse go ithatafatsa kgatlhanong le go ngaparela ga sebe mo nameng e e oleng. Ke mmaba yo o boitshegang, jaaka Bibela e otlelela jaana kgapetsa: “Moñwe le moñwe yo o leohañ ke motlhanka oa boleo,” “ba mo thateñ ea boleo botlhe hèla,” “botlhe ba leohile,” “boleo bo se laole mo mmediñ oa lona o o nañ le go shwa,” “lo le batlhanka ba gagwè eo lo mo utlwañ,” “maduō a boleo ke losho,” mme tsotlhe di “mo boleuñ.” (Yohane 8:34; Baroma 3:9, 23; 6:12, 16, 23; Bagalatia 3:22) Paulo o ne a “bapadicwe mo thateñ ea boleo,” mo ‘kgolegelong ya molao wa boleo,’ jo bo neng bo mo dira gore a lele jaana: “Molèmō o ke o ratañ, ga ke o dihe: me boshula yo ke sa bo rateñ, ke yōna ke bo dihañ.” (Baroma 7:14, 19, 23) Jalo o lela jaana; “A motho oa mogolo nna! emañ eo o tla nkgololañ mo mmediñ oa losho lo?” Mme go tla karabo e e itumedisang: “Ke leboga Modimo ka Yesu Keresete Morèna oa rona.”​—Baroma 7:24, 25.

13, 14. (a) Re golotswe mo sebeng ka eng? (b) Re ka nna mo loratong lwa ga Keresete jang?

13 Go fitlhela fa Keresete Jesu a tla, “boleo bo busitse mo loshuñ.” (Baroma 5:14, 17, 21) Mme ka loso le tsogo tsa ga Jesu, kgosi loso o ne a tloswa mo go buseng bao ba arabelang mo mphong e e lorato ya Modimo ka Morwa Ona. O ne a re boloka mo dibeng tsa rona, a di tlhatswa, a re phepafatsa mo go tsone, a re golola mo go tsona, mme a di tlhatswa gotlhelele mo go rona. (Mathaio 1:21; Ditihō 3:19; 22:16; 2 Petere 1:9; 1 Yohane 1:7; Tshenolō 1:5) Ka gone eseng moaposetoloi Paulo fela mme botlhe ba ba dumelang mo mading a a tsholotsweng a ga Keresete Jesu ba tshwanetse go leboga Modimo ka Jesu Keresete Morena wa rona ka go bo a budile tsela ya kgololo go tswa mo kgolegong e e utlwisang botlhoko ya nama mo sebeng le mo losong.

14 Jalo go botlhokwa eseng fela go tila go kgaogana gope le lorato lwa Modimo mme gape le go nna mo loratong lwa ga Keresete. Mokgwa wa go ipoloka gaufi le Jesu o tshwana le wa go atamela Modimo. Jesu o supile seno, fa a re: “Hèla yaka Rara a nthatile, le nna ke lo ratile: nnañ mo loratoñ loa me. Ha lo tshegetsa ditaolō tsa me, lo tla nna mo loratoñ loa me: hèla yaka ke tshegeditse ditaolō tsa ga Rrè, me ke nntse mo loratoñ loa gagwè.”​—Yohane 15:9, 10.

Kotsi ya go Katogela Kong

15. Re bokoa mo go eng, mme re tshwanetse go dirang go tila kotsi?

15 O seka wa latlhegelwa ke kgololo eno ya go tswa mo sebeng le mo losong ka go boela morago kana go katogela kong. Go ka diragala ka bonya mo eleng gore re ka tseega re sa tlhokomele. Jaaka Bagalatia 6:1 e re: “Ba ga echo, leha motho a chwerwe mo tloloñ ñwe, lona ba lo leñ ba semōea, shokololañ eo o nntseñ yalo ka mōea oa bonōlō; u nntse u ipōna, e se re kgotsa le wèna ua raèlwa.” Tota lefa yo mongwe a gakolola yo mongwe, o tshwanetse ‘go ipona.’ Abo rotlhe re le bokoa jang ne! “Ke gōna, re chwanetseñ go tlhōkōmèla segolo thata dilo tse di utlwilweñ, e se re kgotsa ra di katogèlèla koñ.”​—Bahebera 2:1.

16, 17. Ke eng se se bontshang kotsi ya go katogela kong semoyeng, mme re tshwanetse go dirang go go tila?

16 Go katoga ga go boima. Ke lona lebaka leo go leng motlhofo jaana​—ebile go le kotsi jaana, fa re bua ka tsela ya semoya. O ka iphitlhela o kgaogana le lorato lwa Modimo pele o lemoga. Go tshwana le nku e e timelang. E timela jang? Modisa mongwe o tlhalosa jaana: ‘E itatlha ka go fulafula fale le fale. E bona serite sa bojang jo botala dikgato di le mmalwa ka kwa letlhakoreng le lengwe, e ye koo go bo fulafula go sekae. E bona karolo e nngwe gape dikgato di le lesome kwa kgakala mme e ye go fula koo go sekae. Karolo ya boraro e lebega e rokolosa mathe, mme nku e ye go fula kwa go yone go sekae. Ka bonako e nna kgakala le letsomane. E itatlhile ka go fulafula fale le fale.’

17 Go ntse fela jalo ka ba ba katogang ka tsela ya semoya. Go ka simolola go sena molato mo dilong di sekae tse di bonalang, kana mo ditsaleng tsa lefatshe, kana dipelaelo mo dikwalong dingwe. Mme ka iketlo, ba ba ntseng jalo ba katogela kgakala le letsomane la Modimo, mme ka bonako ba bo ba ikgaogantse le phuthego le lorato lwa Modimo. Ga baa ka ba tsaya kgakololo ya ga Paulo tsia: “Itekeñ ka losi bo lo mo tumeloñ; itlhotlhomiseñ rure.”​—2 Bakorintha 13:5.

18, 19. Re dira jang gore Diabolo a re tshabe, mme re atamela jang go Modimo?

18 Re bolelelwa jaana, “tlhabanañ le diabolo, me o tla lo tshaba.” Ka go dirisa “chaka ea Mōea, e e leñ lehoko ya Modimo,” ka botswerere, re ka emisa ditlhaselo tse di boferefere tsa ga Satane. Ke ka moo Jesu a dirileng ka gone kwa nageng go koba Satane. Le rona re bolelelwa jaana: “Atamelañ Modimoñ, me o tla lo atamèla.” (Yakobe 4:7, 8; Baefesia 6:17) Jaaka mokwadi wa Dipesalema, re tshwanetse go nna gaufi le Modimo ka go ngaparela Lefoko la gagwe: “Chupō ea ga Yehofa e tlhōmamō, e tlhalehisa ba ba sa tlhalehañ.” “Ke tla tlhatlhanya dichupō tsa gago. Lehoko ya gago ke lobonè loa dinaō tsa me, le lesedi ya tsela ea me . . . ga kea ñosèla mo dichupoñ tsa gago.”​—Pesalema 19:7; 119:95, 105, 157.

19 Ka thapelo, le ka go ithuta Lefoko la Modimo, ka go rata bakaulengwe ba rona le ka go kopanela le bone ka metlha, ka go bolelela ba bangwe ka Bogosi jwa Modimo​—ka ditsela tseno tsotlhe re atamela gaufi le Modimo le lorato lwa gagwe jaaka lo bontshitswe ke Keresete Jesu Morena wa rona.​—1 Bathesalonia 5:17; Baroma 12:2; Bahebera 10:24, 25; Luke 9:2.

20. Ke boikemisetso bofe joo Paulo a bo boletseng joo Basupi ba ga Jehofa gompieno ba bo dirang jwa bone?

20 Ka maikano a a feletseng le a a maatla, Paulo o ne a bolela boikemisetso jwa basupi botlhe ba ba ikanyegang ba ga Jehofa mo lefatsheng gompieno, a re: “Gonne kea tlhōmamisa, go re, go le losho, go le botshelō, go le baengele, go le magōsana, go le dilō tse di leeoñ, go le dilō tse di tla tlañ, go le dinonohō, go le bogodimo, go le boteñ, leha e ka bo e le sebopiwa señwe se sele, ga go ketla go nonoha sepè go re kgaoganya le loratō loa Modimo, lo lo mo go Keresete Yesu Morèna oa rona.”​—Baroma 8:38, 39.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a The Watchtower, August 1, 1945, ditsebe 237 le 238.

A O A Gopola?

◻ Lorato lwa ga Jehofa lo bontshiwa jang mo dipaakanyetsong tsa gagwe tsa botshelo?

◻ Ke mekgwa efe eo Satane a e lekileng go kgaoganya Basupi ba ga Jehofa le lorato lwa Modimo?

◻ Ke dikwalo dife tse di bontshang go ngaparela ga sebe mo go rona, mme go ngaparela gono go ka robiwa jang?

◻ Ke ka ntlhayang fa go katogela kong go le kotsi jaana, mme go ka lwantshiwa jang?

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Nku e fulafula fale le fale ka bonya ka bonya go fitlhelela e be e latlhega

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela