LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 6/1 ts. 4-7
  • A O Bone Sekopololo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O Bone Sekopololo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Fa Re Rata Modimo Eletota
  • Go Tlhotlhelediwa go Abalana Le Ba Bangwe
  • Go Rata Bakeresete ka Rona
  • Rata Modimo ka Gonne O a Go Rata
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Nonotshiwa ke Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Tsela ya Konokono ya go Bona Bokeresete jwa Mmatota Ke Efe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • “Tswelelang Lo na Le Lorato”
    Atamalana le Jehofa
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 6/1 ts. 4-7

A O Bone Sekopololo?

KE KA ntlhayang fa lorato lo le botlhokwa jaana mo Bakereseteng? Ka ntlha ya mofuta wa Modimo o ba o obamelang. Moaposetoloi Johane o ne a o tlhalosa ka mafoko ano: “Modimo o loratō.” (1 Yohane 4:8) Fela jaaka batsadi ba le bantsi ba solofela gore bana ba bone ba tla gata mo ba gatileng teng, jalo Jehofa Modimo o batla gore Bakeresete ba leke go tshwana le ene. Ka gone, moaposetoloi Paulo o ne a laela jaana: “Nnañ baetsi ba Modimo, yaka bana ba ba ratègañ. Me lo sepelè mo loratoñ.”​—Baefesia 5:1, 2.

Gape lorato lo lekalekanya dinonofo tse dingwe tsa Bokeresete. Mo metlheng ya ga Jesu, Bajuda​—segolo-bogolo baeteledipele ba bone—​e ne e le baithuti ba ba tlhoafetseng ba Bibela. Mme akanya ka seo Jesu a neng a se ba raya: “Loa tlo lo hukutse dikwalō, ka lo itlhoma lo na le botshelō yo bo sa khutleñ mo go cona . . . Me lona kea lo itse, ha lo sena loratō loa Modimo mo go lona ka losi.” (Yohane 5:39, 42; Luke 11:42) Fa ba ka bo ba nnile le lorato mmogo le kitso, ba ne ba ka bo ba amogetse Jesu jaaka Mesia. Jaaka go ne go ntse, bontsi jwa bone bo ne jwa latlhegelwa ke paka ya go nna mo gare ga maloko a ntlha a phuthego ya Bokeresete.

Gape gakologelwa bafenyi ba Roma Katoliki bao ba neng ba isa bodumedi jwa bone kwa Lefatsheng le Lesha. Ba tshwanetse ba bo ba ne ba na le tumelo e e nonofileng le tlhoafalo e kgolo gore ba swetse seo ba neng ba se dira. Mme ka mo go tlhomamisegileng e ne e sa tlhotlhelediwe ke lorato. Fa go ne go ntse jalo, ba ka bo ba ile ba seka ba tsietsa, ba bogisa, ba betelela, le go bolaya baagi ba dikontinente tsa Amerika ba ba tsaletsweng koo.

Ka gone, lorato ke nonofo ya Bokeresete ya konokono. Ke mang yo o tshwanetseng go bontshiwa lorato lono? Jesu o a re bolelela: “U ratè Yehofa Modimo oa gago ka pelo eotlhe ea gago, le ka mōea otlhe oa gago, le ka tlhaloganyō eotlhe ea gago. E ke eōna taōlō e kgolo le ea ntlha. Me e ñwe ea bobedi e e chwanañ naeō ke e, U ratè oa ga eno yaka u ithata.”​—Mathaio 22:37-39.

Tota, lorato lwa Bakeresete lo tsamaya le eleng go feta moo. Gape Jesu o ne a re: “Ratañ baba ba lona, lo rapèlèlè ba ba lo bogisañ; Gore lo nnè bana ba Rra eno eo o kwa legodimoñ: gonne èna o tlhabisetsa ba ba molemō le ba ba boshula letsatsi ya gagwè, a nesetse basiami le basiamolodi pula.” (Mathaio 5:44, 45) Ka mafoko a mangwe, lorato lwa Bokeresete lo akareletsa mo e ka nnang mongwe le mongwe! Mme seno se raya go dirang?

Fa Re Rata Modimo Eletota

Selo se le sengwe ke gore, fa re batla go rata Modimo eletota, re tla tshwanelwa ke go mo itse botoka. Modimo ka boene o ne a dira gore seno se kgonege ka go neela Bibela, eo tota, eleng lokwalo lwa rona lo lo tswang kwa go ene. Fa re amogela lokwalo lo lo tswang go yo o rategang, bontsi jwa rona re le bala ka yone nako eo go sa kgathalesege gore re tshwaregile go le kana-kang. A go tshwanetse ga nna le pharologanyo epe ka Bibela? Tota nnya. Ke boammaaruri gore, mo go ba bantsi, botshelo gompieno bo tletse ka dikgoreletsi, mme ba bantsi go bonala ba tlhopha go leba thelebishene go na le go bala ka tlhoafalo. Mme Bakeresete ba mmatota ga ba letlelele seno go ba thibela go bala Lefoko la Modimo. Ka gone, ba tshwana le mopesalema yo o neng a kwala jaana: “Mōea oa me o tlhokometse dichupō tsa gago [tseo gompieno di bonwang mo Bibeleng]; ke di rata segolo thata.”​—Pesalema 119:167.

Mo Bibeleng, Modimo o re bolelela ka moo a batlang gore re dire ka gone. Fela jaaka batsadi ba tlhomela bana ba bone ditekanyetso tsa boitsholo, Jehofa o tlhomile ditekanyetso tseo a lebeletseng gore re di boloke​—ditekanyetso tseo di ka se fetolweng. Ka sekai, Bibela e re bolelela jaana: “Go le baakahadi go le baōbamedi ba medimo ya disètwa, go le ba bonyatsi, go le baithati, go le basodoma, Go le magodu, go le ba ba bohula, go le matagwa, go le bakgadi go le baikgagapeledi, ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo.” (1 Bakorintha 6:9, 10) Leno ke lenaane le legolo! Mme mongwe le mongwe yo o ratang Modimo eletota o tla itumelela go le elatlhoko. Ka ntlhayang? Gonne jaaka moaposetoloi Johane a bontshitse: “Lo ke lōna loratō loa Modimo, gore re bolokè ditaolō tsa ona.”​—1 Yohane 5:3.

Ka maswabi, bontsi jwa ditiro tse di nyadiwang mo Bibeleng di nna tse di amogelegang gompieno, le eleng mo bathong ba “Bakeresete.” Pego e e ntshitsweng ke kereke ya Protesetanta mo Canada e ne ya haka go akanyetsa go amogelwa ga go tlhophiwa ga basodoma jaaka baruti, e bega gore boitsholo jwa kafa dikobong kwantle ga lenyalo bo ka nna jwa amogelwa kafa tlase ga maemo a a rileng, le go akantsha gore boikanyegi jwa lenyalo bo ka nna jwa akareletsa boaka. Kwantle ga pelaelo bakwadi ba pego eo ba ne ba batla go bonala ba na le tlhaloganyo e e amogelang dikakanyo tse di farologaneng ebile ba tlhokomela. Mme a ba ne ba bontsha lorato, mo Modimong kana mo go bao ba neng ba ba kgothaletsa mo ditseleng tse di ntseng jalo tsa boitsholo jo bo maswe? Nnya, ereka Paulo a ne a bolela gore ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo ga ba kitla ba rua Bogosi jwa Modimo. Abo e le lorato jang ne go tshwarelela kwantle ga poifo mo ditekanyetsong tsa Modimo, o thusa ba ba bokoa go dira se se tshwanang, go na le go ba kgothaletsa ka go laolwa ke maikutlo go latela tsela e e motlhofo e labofelo e tla ba isang kwa kotsing!

Go Tlhotlhelediwa go Abalana Le Ba Bangwe

Fa re bala Bibela, re ithuta gape ka dilo tse di molemo tseo Modimo a di ikaeletseng ka setho. Re ithuta gore “Modimo o ratile lehatshe mo go kalo kalo, oa ntsha Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi, gore leha e le mañ eo o dumèlañ mo go èna a se ka a nyèlèla, mme a bōne botshelō yo bo sa khutleñ.” (Yohane 3:16) Gape re ithuta ka boikaelelo jwa Modimo jwa go tlosa boikepo jwa lefatshe le go tlisa tsamaiso ya dilo ya paradaise ya kagiso ka Bogosi jwa gagwe kafa tlase ga ene Jesu yo o tshwanang (Mathaio 6:9, 10; Tshenolō 21:3, 4) Jaaka Bibela e solofetsa: “E tla re kwa pelenyana, moikepi a bo a sa tlhole a le gōna . . . Me bapelonomi ba tla rua lehatshe; ba tla inatehisa mo letlotloñ ya kagishō.”​—Pesalema 37:10, 11.

Tota, molaetsa wa Bibela ke seo tota lotso lwa batho lo se tlhokang. Ke ka ntlha ya moo go swabisang go bala ka barongwa ba La-Bodumedi bao ba tlhakantsweng tlhogo ke khumanego le tshiamololo tse ba di bonang kwa mafatsheng a a humanegileng mo eleng gore ba tsenelela mo dipolotiking le eleng mo go tsuologeng. Go tsuologa ga go kitla go rarabolola mathata a dinaga tseo. A barongwa bano ba rata Modimo eletota? Fa go ntse jalo, a ba ne ba ka seka ba bontsha tumelo mo ditsholofetsong tsa gagwe mme ba supetse matsomane a bone mo Bogosing jwa gagwe? Badisa ba ba ratang matsomane a bone tota, ruri ba ne ba tla ba bontsha ka moo go utlwa molao wa Modimo go ka ba thusang ka gone le eleng jaanong, go na le gore ba kopanele mo maanong a bopolotiki ao a ka felelang ka tlalelo fela.

Boammaaruri ke gore, molaetsa wa Bibela o molemo thata mo eleng gore ga go motho ope yo o lorato yo o ka ipolokelang one. Ke ka ntlha ya moo lorato lo tlhotlheletsang Bakeresete ba mmatota go abalana seo ba se itseng le ba bangwe. Mo go La-Bodumedi tiro ya go bua le ba bangwe ka Bibela gantsi e tlogelelwa setlhopha se sennye, se se duelwang, se se rutegileng​—baruti. Seno se nnile le matswela a a bosula. Jaaka moruti wa Luthere a ne a dumela mo makasineng wa Christianity Today gore: “Kereke e bokoa gompieno ka ntlha ya gore baeteledipele ba semoya ba paletswe ke go thapisa setlhopha sa badumedi go dira tiro e e tshwanang le eo ba e dirang. Kana ka ntlha ya gore badumedi ba paletswe ke go lemoga le go amogela bodihedi jo bo ntseng jalo.”

Bakeresete ba mmatota ba “lemoga le go amogela bodihedi jo bo ntseng jalo.” Ba tsaya mafoko ano a moaposetoloi Paulo ka masisi: “A re tshegetseñ boipolèlō yoa cholohèlo ea rona ka thata, gore bo se reketle; gonne èna eo o boletseñ choloheco, o boikañō.” (Bahebera 10:23) Boitlhomo jwa bone ke bofe? Ke jo bo tshwanang le jo bo neng jwa tlhotlheletsa setlhopha sa Bakeresete mo lekgolong lantlha la dingwaga bao ba neng ba akgolwa ka bothitho ke moaposetoloi Paulo jaana: “Ba bañwe ba go diha ka loratō.”​—Bafilipi 1:16.

Go Rata Bakeresete ka Rona

Ee, lorato ke sekopololo sa Bokeresete jwa mmatota ka gore lo ama karolo nngwe le nngwe ya botshelo jwa Bakeresete ba mmatota. Ka gone ba farologana thata le batho bao ba ba dikologileng. Ka ntlhayang? Moaposetoloi Johane o ne a bua jaana kaga lefatshe leno: “Lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhase ga eo o bosula.” (1 Yohane 5:19) Yo o bosula ke Satane Diabolo, mme lefatshe le bontsha dinonofo tsa gagwe mo bontsing jwa ditiro tsa lone. Tlhotlheletso ya ga Satane e bonwa mo go sa ikanyegeng, boitsholo jo bo maswe, tshiamololo, go gatelelana ga ditso, le go se ikanyege ga tsa itsholelo tse di tletsetletseng tseo di leng gone gompieno. Mokeresete, yo o rapelang Modimo yo o lorato le yo o mo etsang ka go tlhagolela nonofo ya lorato, o tshwanetse go farologana!

Jaanong, seno ga se motlhofo go se dira o le esi. Ka ntlha ya moo, Bibela gape e re kgothaletsa go batla bao ba nang le kanaanelo e e tshwanang ya nonofo ya lorato. Ka gone, Bakeresete ba ka thusana. Ke ka ntlha ya moo moaposetoloi Paulo a neng a kwala mafoko ano a a kgothatsang: “A re gopolaneñ re tlhotlheletsanyeñ mo loratoñ le mo ditihoñ tse di molemō; Re se ka ra bakèla go phuthèga ga rona . . . me re laelanè.”​—Bahebera 10:23-25.

Fa o ka rata go arabela mo kgothatsong eno, Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go itsise setlhopha sa batho ba ba lekang ka natla go bontsha lorato lwa bomodimo mo matshelong a bone. Kwantle ga pelaelo go na le setlhopha se se ntseng jalo mo lefelong la gaeno, mme moya wa Modimo o mo go bone gonne, mo patlisisong ya bofelo, ke one motswedi wa lorato lwa boammaaruri lwa Bokeresete. “Louñō loa Mōea ke loratō.” (Bagalatia 5:22) Go kopanela le bone go tla go thusa go tsaya tsia kgothatso ya moaposetoloi Petere e e reng: “Ratañ bakauleñwe.”​—1 Petere 2:17.

Abo go tla nna botlhoko jang ne go iphitlhela magareng ga bao, morago ga go leka ka natla go direla Modimo ba tla utlwang mafoko ano a ga Jesu a matlhotlhapelo: “Ga ke e se nke ke lo itse gopè; tlogañ ha go nna, lona ba lo dihañ tshiamololō.” (Mathaio 7:23) Fa re tlhagolela lorato, sekopololo sa Bokeresete jwa mmatota, seno ga se kitla se diragala mo go rona. Lorato lo tla re tlhotlheletsa go bala Bibela, go tshela ka ditekanyetso tsa yone, go batla Bakeresete ba bangwe go kopanela le bone, le go bua le ba bangwe ka dilo tse di molemo tse Bibela e di tshotseng. Ee, lorato lo tla re tlhotlheletsa go dira seo Modimo a batlang gore re se dire. Mme, jaaka Jesu a boletse, ke “eo o dihañ go rata ga Rrè eo o kwa legodimoñ” yo o tla ruang ditsholofetso tsa Modimo. Moaposetoloi Johane o ne a tlaleletsa ka gore: “Eo o dihañ go rata ga Modimo o nnetse rure ka bosakhutleñ.”​—Mathaio 7:21; 1 Yohane 2:17.

Ee, tlhagolela lorato. Lo letlelele gore lo go tlhotlheletse go dira thato ya Modimo. Ka gone, o tla itshupa o le Mokeresete wa mmatota, ereka Jesu a rile: “Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.” (Yohane 13:35) Mme o tla ipelela dituelo tse di sa khutleng tseo Modimo a di solofeditseng bao ba mo ratang.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Tlhagolela lorato

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela