Sekopololo sa Bodumedi jwa Boammaaruri
MO LEKGOLONG leno la bo-20 la dingwaga, batho ba bantsi ba ipolela e le ba bodumedi jwa Bokeresete go feta lefa e le bope jo bongwe. Lefa go ntse jalo lekgolo leno la dingwaga le nneile le le nang le ditlalelo go gaisa mo historing ya batho. Ke ka ntlhayang fa e le kgang e e ikganetsang?
Ka ntlha ya selo se le sengwe, ba bantsi ga ba tseye bodumedi jwa bone ka masisi. Mo go bone, Bokeresete ke selo sa nako nngwe fela, eseng maatla a a laolang matshelo a bone. Go feta moo, bao ba tsayang bodumedi jwa bone ka masisi ba tshegetsa ditumelo tse dintsi tse di ganetsanang le eleng le ditekanyetso tse di farologaneng tsa boitsholo. Mme ba kgaogantswe ke go farologana ga bomorafe, ga lotso le ga itsholelo. Gape, baa gobatsana, le eleng go bogisana, go lwantshana le go bolaana. Ka gone, dintwa tse pedi tse dikgolo thata mo historing di ne tsa lowa segolo magareng ga merafe ya “Bakeresete.”
Re ka dira tshwetso efe go tswa mo go seno? Gore Bokeresete ga se bodumedi jwa boammaaruri kana gore go na le pharologano e kgolo magareng ga go ipolela fela gore o Mokeresete le go nna ene tota. Go ya ka Jesu Keresete, mosimolodi wa Bokeresete, tshwetso ya bobedi mo go tseo e nepagetse. Mo tiragalong nngwe, o ne a bua kaga bangwe bao ba neng ba tla mmitsa “Morèna, Morèna.” Ka mafoko a mangwe, ba ne ba tla ipolela gore ke Bakeresete ba ba amogelang Jesu jaaka Morena wa bone. Mme ba ne ba tla tshwarega thata ba dira ditiro tse di bonalang di le botlhokwa ka leina la gagwe. Lefa go ntse jalo Jesu o ne a tla ba raya a re: “Ga ke e se nke ke lo itse gopè; tlogañ ha go nna, lona ba lo dihañ tshiamololō.”—Mathaio 7:22, 23.
Ruri, ga go ope wa rona yo o batlang go nna mo boemong jo bo ntseng jalo! Jalo re ka tlhomamisa jang gore a re Bakeresete ba mmatota kana nnya? A go na le sekopololo sa Bokeresete jwa boammaaruri?
Sekopololo
Ee, se teng. Tota, Bokeresete bo akareletsa dilo di le dintsi. Ka sekai, Mokeresete wa mmatota o tshwanetse go nna le tumelo e e nonofileng mo Modimong, gonne “kwantlè ga tumèlo go reteletse ruri go o kgatlha [Modimo].” (Bahebera 11:6) Gape o tshwanetse go dira ditiro tse di siameng. Morutwa Jakobo o ne a tlhagisa gore “tumèlō ha e tlhalanye le ditihō e shule.” (Yakobe 2:26) Go feta moo, moaposetoloi Paulo o ne a otlelela botlhokwa jwa go nna le “kicō ea mo eleñ go rata ga gagwè [Modimo], mo botlhaleñ yotlhe yoa semōea.” (Bakolosa 1:9) Mme ga go na sepe sa dilo tseno se se neelang sekopololo sa Bokeresete.
Boammaaruri ke gore, re ka nna le kitso e e molemo ya Bibela le tumelo e e nonofileng ebile re tshwaregile thata mo ditirong tse di molemo, lefa go ntse jalo re nne Bakeresete fela ba maaka. Seno se kgonega jang? Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa jaana: “Ha ke bua dipuō tsa batho le tsa baengele, me ha ke sena loratō, ke be ke etsa kgōtlhō e e gogomañ, kgotsa dimatla tsa tshipi tse di opañwañ hèla. Me ha ke na le nèo ea go ranola, me ke bile ke itse masaitsiweñ aotlhe le kicō eotlhe; ha ke na le tumelo eotlhe, e le e e lekanyeñ go hudusa dithaba, me ke sena loratō, ke be ke se sepè hèla. Me ha ke ntsha dilō cotlhe tsa me ke otla bahumanegi ka cona, me ha ke ntshetsa mmele oa me go hisiwa, me ha ke sena loratō, ga go nthuse sepè.”—1 Bakorintha 13:1-3.
Ee, sekopololo sa go lemoga Bokeresete jwa boammaaruri ke go anaanela gore bo theilwe mo loratong lwa mmatota. Tumelo, ditiro tse di molemo, le kitso e e nepagetseng tsa rona di botlhokwa, di tlhokafala thata. Mme fa re sa di dire ka lorato, di na le mosola o monnye mo go rona. Ke ka ntlhayang fa go ntse jalo? Ke eng se se dirang nonofo ya lorato go nna ya botlhokwa jo bo tlhomologileng mo go kalo?