LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 5/15 ts. 32
  • ‘Ke ne ke sa Kgone go e Baya ea Fatshe’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Ke ne ke sa Kgone go e Baya ea Fatshe’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 5/15 ts. 32

‘Ke ne ke sa Kgone go e Baya ea Fatshe’

Mo setlhakatlhakeng sa Caribbean sa St. Lucia, mong wa lebenkele mongwe mo motseng-mogolo oo o ne a bona sekaelo sa buka ya O Ka Tshelela Ruri Mo Lefatsheng la Paradaise. Motho yoo a neng a se bone go tswa mo go ene o kwala jaana:

“Pele ga beke eo e fela, o ne a mpiletsa kwa lebenkeleng la gagwe makgetlo a le mararo fa ke ntse ke feta fa pele ga lebenkele leo. O ne a badile dikarolo dingwe tsa buka eo mme a batla ditlhaloso tse di oketsegileng kaga dihele, moya, gore Maria ga se mma Modimo, jalo le jalo. Lemororo e ne e le mong wa lebenkele yo o tshwaregileng mme a ne a sena bokgoni jo bo kalokalo jwa go bala, o ne a bala buka eo mo dibekeng di le pedi, mme fa ke mo tsopola o ne a re: ‘Le ka motlha ga ke ise ke tle ke bale go le kanakana mo botshelong jwa me. Le eleng fa tlhogo ya me e ne e mpolaya ka ntlha ya go bala, ke ne ke sa kgone go baya buka eo fa fatshe.’”

Buka eo e tlotla mo e ka nnang kgang nngwe le nngwe ya thuto ya Bibela, e kokoanya bosupi mmogo ka tsela e e opang kgomo lenaka le e e tlhaloganyesegang mo e leng gore dikarabo tsa dipotso di a phepafala go mmadi wa yone. Iponele sekaelo sa yone, mme o tla tlhaloganya lebaka la go bo e anaanelwa jaana.

Tswee tswee nthomelelang, poso e dueletswe, buka e e nang le ditshwantsho ya ditsebe di le 256, e e nang le khabara e e thata ya O Ka Tshelela Ruri Mo Lefatsheng la Paradaise. Ke romela R4,50.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela