Dipotso tse di Tswang go Babadi
◼ Jesu o ne a bolelang fa a ne a re “metse” ao a neng a a siela a ne a tla fetoga “mocwedi oa metse . . . a a cwèlèlañ botsheloñ yo bo sa khutleñ”?
Jesu o ne a bolela mosadi wa Mosamaria a re: “Moñwe le moñwe eo o nwañ metse a [kwa sedibeng sa ga Jakobe], o tla ba a nyōrwa gapè: Me leha e le mañ eo o tla nwañ metse a ke tla mo nosañ, ga a ketla a tlhōla a nyōrwa gopè; me metse a ke tla a mo nosañ, a tla cwa mocwedi oa metse go èna, a a cwèlèlañ botsheloñ bo sa khutleñ.”—Yohane 4:13, 14.
Fano Jesu o ne a lebisitse tlhokomelo segolo-bogolo mo melemong ya semoya eo e nnang teng mo mothong yo o amogetseng mafoko a Gagwe mme a fetogile morutwa wa ga Keresete. Motho yo o ntseng jalo yo o ileng a tswela pele go amogela kitso ya boammaaruri ya ga Jehofa Modimo le Jesu Keresete mme a dirile tumalanong le seno ka tumelo o tla kgona go ona botshelo jo bo sa khutleng. (Yohane 17:3) Jesu o ne a bontsha tiragalo eno mo mogopolong wa motho le mo pelong jaaka eo e tshwanang le motswedi oo o tswelang ka melemo, e tswela pele go nonotsha tumelo ya gagwe le go kaela dikgato tsa gagwe mo tseleng e e yang botshelong jo bo sa khutleng.
Lefa mo go Yohane 4:14 go otlelelwa melemo eo motho ka namana a e amogelang, morutwa wa Mokeresete yoo a nang le letlotlo la metsi ano a semoya ka tlholego fela o eletsa go a abalana kwantle ga bogagapa le ba bangwe. O batla gore ba bangwe ba utlwe molaetsa wa Bokeresete mme ba nne le motswedi oo o tswelang melemo e e tshwanang ya semoya mo go bone eo e gogelang kwa botshelong jo bo sa khutleng. Go abalana molaetsa le ba bangwe gono go lebega e le one mogopolo oo o tlhotlheleditseng seo Jesu a neng a se bolela go Yohane 7:37-39: “Ha moñwe a nyōrilwe, a a tlè mo go nna, a nwè. Eo o dumèlañ mo go nna, dinoka tsa metse a a tshedileñ di tla èla di cwa mo mpeñ ea gagwè, yaka dikwalō di buile. Me go mo, a go bua kaga Mōea, o ba ba dumetseñ mo go èna ba ne ba tla o amogèla.”
Fa baaposetoloi le barutwa ba ga Jesu ba ne ba tlhotlhelediwa ke maatla a a dirang a moya wa Modimo, ao a neng a amogetswe ka Pentekosete 33 C.E. le go ya pele, ba ne ba dira dikgakgamatso mo go isetseng ba bangwe metsi a botshelo. Moya wa Modimo gape o nna le seabe sa botlhokwa mo go tlhomeleleng le mo go tlhotlheletseng barutwa ba ga Jesu gompieno, masalela a a tloditsweng mmogo le “boidiidi yo bogolo” jwa “dinku di sele,” go neela metsi a a nayang botshelo go setho se se nyorilweng, fa ba ntse ba rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo lefatshe ka bophara. Jalo yo o nyorilweng o tshwanetse go tla kwa mothong yoo Modimo a mo dirisang go siela metsi a boammaaruri ao a gogelang kwa botshelong jo bo sa khutleng.—Mathaio 24:14; 28:19, 20; Yohane 7:37; 10:16; Tshenolō 7:9.