Go Bolela Mafoko a a Molemo moDonegal
“GO NE go le monate!” “Go ne go tsamaya kwa pele.” Dikakgelo tseo di ne tsa utlwiwa go tswa mo setlhopheng sa batho ba le 120 bao ba neng ba tswile kwa Boritane go ya Donegal, lefatshe leo le leng kwa bokone-bophirima jwa Ireland. Nnyaa, e ne e se bajanala ba akgela malebana le seo ba se boneng. E ne e le banna, basadi, le bana bao ba neng ba tsamaile botlhe ka ditshenyegelo tsa bone go abalana tsholofelo ya bone ya isagwe le batho ba Donegal Bophirima.
Ereka go na le Basupi ba ga Jehofa ba le 19 fela mo baaging ba Donegal ba ba 120 000, batho ba le bantsi mo lefelong leo ba ne ba ise ba ke ba etelwe ke Basupi ka dingwaga di le dintsi. Jalo, setlhopha seno se segolo sa baeti se ne sa dira tiro ya boithatelo ya go bolela mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo go iphapatha le losi lo lontle lwa lewatle lwa Atlantiki lwa Donegal.
Basupi ba lefelo leo ba ne ba dirile go le gontsi go baakanyetsa kgorogo ya setlhopha seno. Ba sekae ba bone ba ne ba tsamaile dimaele di le makgolo-kgolo go dira mmapa wa lefelo leo lotlhe, ba tokafatsa dimmapa tsa go tlhatlhoba thepa ya sesole, le go neela tsela nngwe le nngwe nomoro ya tshupiso gore e ke e bonwe motlhofo moragonyana ga moo. Morago ga moo, tshimo e ne ya kgaoganngwa ka dikarolo tse di nnyennyane, nngwe le nngwe ya tsone e na le magae a le 400. Ka yone nako eo kwa Boritane, bao ba neng ba tlile go tsaya loeto ba ne ba tshwaregile ka dipaakanyetso tsa bone—ba tlhomamisa gore dipalangwa, marobalo, le dibuka tse di lekaneng tsa Bibela di tla nna teng.
Letsatsi la go tloga kwa Boritane e ne e le Matlhatso, June 8, 1985. Mo dioureng tsa e sale gale tsa moso oo, botlhe ba ne ba phuthega mme ba leba kwa boemela-fofaneng. Ka bonakonyana fela, ba ne ba kotama kwa Belfast, Ireland Bokone. Go tswa foo ba ne ba phatlalalela go ya kwa dibeseng tse di potlana di le some tseo e neng e le tsone di neng di tla nna dipalangwa tsa bone mo dibekeng di le pedi tse di latelang. Morago ga go kgweetsa go kgabaganya Ireland Bokone le go ipelela moya wa go tshola baeng wa Phuthego ya Londonderry, ba ne ba kgabaganya molelwane mme ba kgaogana, ba ya kwa mafelong ao a neng a setse a abilwe mo dikarolong di le tharo tse di farologaneng tsa Donegal. Ba ne ba amogelwa jang?
Batho ba Lefelo Leo ba a Arabela
Batho ba Donegal ba botsalano ebile ba tshola baeng, mme seno se ne sa dira gore go nne motlhofo go bua le bone. Ba le mmalwa ba bone ba ne ba botsa dipotso, mme go ne go itumedisa go bula Bibela le go supa dikarabo tsa yone tse di phepafetseng. Gape go ne go le molemo go kgona go tlogela dibuka tsa Bibela mo go bao ba botsang dipotso gore ba ke ba oketse kutlwisiso ya bone fa baeti ba sena go tsamaya.
Lekgarebe lengwe leo le nnang mo ntlong e e kwa thoko ya polase le ne la laletsa Basupi bangwe ba le babedi mo ntlong ya gagwe. Ka bonako o ne a dumela gore maemo a lefatshe a ne a etegela mme a tlhalosa gore batho ba le bantsi mo lefelong leo ba ka nna ba etsaetsega go laletsa baeng mo magaeng a bone ka ntlha ya koketsego ya bokebekwa mo go seo e kileng ya bo e le sekhutlo sa Ireland se se didimetseng le se se kagiso. Batsofe ba le bantsi ba ne ba ile ba bediwa le go amogwa dilo ke digopa tsa dikebekwa tse di sasankang mo lefelong leo. Jalo ke ka ntlhayang fa a ne a laletsa Basupi mo ntlong ya gagwe? Ka gonne ba ne ba lebega ba “ikanyega ruri.”
Fa mosadi yono a ne a bona gore polelelo pele ya ga Jesu kaga metlha ya bofelo e ntse e diragadiwa, o ne a gotola matlho, mme o ne a gelela dikeledi fa a ne a utlwa ka tsholofelo ya tsogo (Mathaio kgaolo 24; Luke kgaolo 21). Monna wa gagwe o ne a sule dingwaga di le 20 pelenyana ga moo. O ne a amogela sekaelo sa buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise ka boitumelo mme a kopa gore mongwe a leke go mo etela gape.
Mofuta ono wa boitemogelo o ne wa boaboelediwa kgapetsa. Lekawana lengwe le ne la bontsha dipelaelo kaga go nna gone ga Modimo. “Fa e le gore tota Modimo o teng,” o ne a bolela jalo, “ke ka ntlhayang fa go na le boikepo jo bontsintsi jaana?” Basupi bao ba neng ba mo etetse ba ne ba bontsha gore Modimo o tla akofa a tsenelela mo mererong ya motho le go rarabolola bontsi jwa mathata ao a neng a bogisa lekawana leo. O ne a ba kopa gore ba mo etele gape gore ba bone batsadi ba gagwe. Fa Basupi ba sena go dira jalo, ba ne ba tlogela sekaelo sa buka ya O Ka Tshelela Ruri e le gore lelapa leo le ke le bone dikarabo tsa dipotso tsa bone tse di oketsegileng.
Mosadi mongwe yo mosha o ne a ile a nna mo bohutsaneng, gonne morwawe wa dingwaga di le nne o ne a sule dibeke di se kae pelenyana ga moo. O ne a kgothadiwa thata ke tshedimosetso eo e neelwang mo bukeng ya O Ka Tshelela Ruri, segolo-bogolo ke tlhaloso ya yone ya tsholofelo ya tsogo. Ka ntlha ya go tlhoka boitumelo gotlhe goo go neng go bakilwe ke loso lwa ga morwawe, o ne a ile a belaela gore a tota go na le Modimo. Mme fa go ne go balwang dikwalo tseo di bontshang boemo le tsholofelo ya bao ba suleng, pono ya gagwe e ne ya fetoga. Ka ntlhayang? Gonne o ne a lemoga gore morwawe o ne a le mo kagisong, a ithobaletse mo losong ka kgonagalo ya tsogo.—Moreri 5:9, 10; Yohane 5:28, 29.
Ba le babedi ba Basupi bao ba etileng ba ne ba etela kwa sekolong sengwe, mme morutisi o ne a ba laletsa mo phaposing ya borutelo eo e neng e tletse ka barutwana ba basha ba le 30. Morutisi yoo o ne a amogela sekaelo sa buka ya Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Bibela mme a raya barutwana a re: “Re tlile go buisana ka sengwe go tswa mo bukeng eno mo thapameng eno. Moragonyana ga moo, fa setlhopha sa Basupi se ne se ja dijo tsa thapama go bapa le foo, bangwe ba barutwana ba ne ba tla le go ba dumedisa. Barutisi ba bangwe ba le babedi ba ne ba tla go bona gore go ne go diragalang, mme le bone, ba ne ba amogela dikaelo tsa buka eo ka boitumelo.
Moragonyana mo letsatsing leo, mongwe wa Basupi o ne a kopana le mosimane wa dingwaga di le 11 mme a mmotsa a re: “A o kile wa tsamaya wa utlwa ka Basupi ba ga Jehofa?” “Ee,” mosimane a araba, “gompieno kwa sekolong.” Morago ga moo o ne a kopa sekaelo sa buka ya Dipolelo tsa Bibela. Gape moragonyana ga moo, kwa legaeng leo mmè wa lone a neng a sa amogela buka ya O Ka Tshelela Ruri, ngwana yo mmotlana wa ntlo eo o ne a bolela gore o bone buka ya Dipolelo tsa Bibela kwa sekolong. Jalo mmè yoo o ne a amogela sekaelo sa buka eo.
Go Batho ba Mefuta Yotlhe
Kwa legaeng lengwe, Basupi ba ba etileng ba ne ba bontsha mosadi mongwe yo o godileng ditshwantsho tse di mo bukeng ya O Ka Tshelela Ruri. Mosadi yoo o ne a tlhalosa gore seo tota a neng a se tlhoka e ne e le Bibela. Jalo Basupi ba ne ba itumelela go mo neela sekaelo sa New World Translation of the Holy Scriptures. Ka bonako fela fa a sena go nna le Bibela, mosadi yoo o ne a itumelela go nna gape le sekaelo sa buka ya go ithuta Bibela. O ne a bolelela baeti ba gagwe gore o ne a utlwile gore Basupi ba ne ba le teng mo lefelong leo mme o ne a ile a rapela gore ba mo etele le go mo leretse Bibela. Jaanong o ne a ikutlwa gore thapelo ya gagwe e ne e arabilwe.
Lekawana lengwe la dingwaga di le 30 le ne la laletsa Basupi bangwe ba le babedi mo legaeng la gagwe. Morago ga motlotlo o mokhutshwane wa Dikwalo, o ne a re: “Gongwe ga lo kitla lo rata fa lo ka itse gore ke mang. Ke moruti.” Basupi ba ne ba re ba ne ba tla itumelela go bua le ene, mme moruti yoo o ne a botsa dipotso tse dintsi kaga ditumelo tsa bone. Fa a ne a botsa kaga go dirisa leina Jehofa, baeti ba ne ba itumelela go mo neela sekaelo sa bukana ya Leina la Modimo Leo le Tla Nnelang Ruri. Gape o ne a amogela sekaelo sa buka ya O Ka Tshelela Ruri, kgatiso eo kwantle ga pelaelo e tla mo thusang go araba dipotso tse dintsi tsa gagwe.
Mo lekgetlong le lengwe, Mosupi mongwe o ne a atamelwa ke lekawana lengwe leo le neng le mo utlwile a tlotla Bibela le moamogela-megala wa hotele. O ne a botsa dipotso tse di ntseng jaaka, “Ke eng fa lefatshe le tlhakatlhakane jaana?” Mosupi yoo o ne a itumelela thata go abalana le ene seo a neng a se ithutile mo Bibeleng malebana le seno le dikgang tse dingwe tse di amanang le sone. Mme lekawana leo e ne e le mang? E ne e le moruti a le mo malatsing a boikhutso mo lefelong leo.
Mo godimo ga tiro e e tlwaelegileng ya go rera ka ntlo le ntlo, go ne ga dirisiwa dipaka tse dingwe go bua le batho ba mefuta yotlhe. Kwa lefelong lengwe leo le leng mo dithabeng, nngwe ya dibese tse dinnye e ne ya ema fa thoko ga tsela go letlelela bapalami ba yone go rola ditlhako tsa setoropo le go rwala ditlhako tsa rekere gore ba tsamaye go kgabaganya ditsobotla tsa matlharapa le go bua le setlhopha sa banna bangwe bao ba remelang molelo wa mariga le go o tlhatlaganyetsa matlharapa. Setlhopha se sengwe se ne sa ema fa lefelong lengwe le le senogileng fa thoko ga letsha lengwe la thaba mo sekgweng seo. Go ne go na le modiri mongwe wa seteishene sa motlakase yo o neng a robetse mo koloing nngwe fa gaufi a ipelela bojosi ka nako ya gagwe ya boikhutso jwa thapama. Kagiso ya gagwe e ne ya tshwenngwa, mme o ne a ipelela motlotlo o o tlhotlheletsang e le tota mme a nna gone kwa pokanong eo e neng e rulaganyeditswe setlhopha seo mo maitseboeng ao.
Monna yo mongwe o ne a kgweetsa mo tseleng ka terekere ya gagwe fa a ne a emisiwa ke Mosupi mongwe mme a mmotsa gore a o ne a na le metsotso e sekae go ka tlotla. O ne a tlhoafaletse go bua ka Bibela, segolo-bogolo malebana le ‘metlha e e tlhokofatsang’ eo re tshelang mo go yone. (2 Timotheo 3:1-5) Kgatlhego ya gagwe e ne ya gola thata fa a ne a bontshiwa ditshwantsho mo bukeng ya O Ka Tshelela Ruri. Monna yoo o ne a itumelela go utlwa gore buka eno e ka dirisediwa metlotlo ya lelapa ya Bibela mme a bolela gore o ne a tla simolola go e dirisa ka bonako fela go ruta bana ba gagwe ba barataro.
Badihedi ba ba matlhagatlhaga ba ba etileng ba dingwaga tsotlhe, ba patilwe ke setlhopha se sennyennyane sa Basupi ba kwa Donegal, ba na le lebaka le le molemo la go ipedisiwa ke maiteko a bone. Mo dibekeng di le pedi tseo baeti bano ba neng ba le koo ka tsone, ba ne ba dirisa dioura di le 5 767 ba bua le ba bangwe ka Bibela. Ba ne ba tsamaisa dibuka di le 1 613 le Dibibela, gammogo le dikaelo tsa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Awake! di le 2 611. Seo se neng sa anaanelwa thata ke beng ba matlo e ne e le phetolelo ya puo ya Se-Irish ya buka ya Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Bibela.
Basupi bao ba neng ba etetse Donegal ba ne ba sa tlisiwa ke maikutlo ape a boikgogomoso kana go tsaya gore ba botoka. Go na le moo, ba ne ba batla go abalana mafoko a a molemo le batho bao, ka ntlha ya go nna kwa lefelong le le kwa thoko, ba ba ka bong ba ile ba seka ba nna le dipaka tse dintsi tsa go a utlwa. Fa lekwalo-dikgang lengwe la lefelo leo le ne le tlhalosa ka loeto lwa pele ga leo lo lo tshwanang le lone leo, le ne le ile la bitsa bao ba neng ba nna le seabe “dipheelwane.” Kwantle ga pelaelo, seno e ne e le go akantsha gore ba ne ba le koo fela ka selemo mme ba ne ba tla tloga ba fofela morago. Mme “dipheelwane” tseo, kana ba bangwe ba ba tshwanang le tsone, ba tla boa go ya go thusa batho ba dipelo tse di ikanyegang go bona kitso ya boammaaruri ya ditsholofetso tse di molemo tsa Bibela. Tota, bangwe ba bao ba ileng ba nna le seabe mo maetong a pelenyana ga moo a go supa jaanong ba nnela ruri mo Donegal.
“E nnile loeto lo lo botoka go gaisa.” Eo e ne e le nngwe ya dikakgelo tsa kanaanelo le boitumelo tseo di neng tsa dirwa ke bangwe ba bao ba nnileng le seabe mo loetong loo. Ba ne ba itemogela boammaaruri jwa seane sa Bibela se se reng: “Motho eo o hañ ka pelontlè o tla nontshiwa: le eo o nosañ le èna ka esi o tla nosiwa.” (Diane 11:25) Ee, e ne e le lesego le legolo go nna le seabe ka boiteko jo bo kgethegileng sa go bolela mafoko a a molemo mo Donegal. A o ka arola mo tirelong e e duelang ka mo go tshwanang go Jehofa mo karolong ya gago ya tshimo ya lefatshe eo jaanong e buduleng go ka robiwa ka mo gogolo?
[Mmapa/Setswantso mo go tsebe 29]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
NORTHERN IRELAND
Londonderry
Belfast
IRELAND
[Mmapa]
EUROPE
ATLANTIC OCEAN
[Setshwantsho]
Ba ne ba ipelela go bolela mafoko a a molemo mo Donegal
[Setshwantsho mo go tsebe 30]
Go supa ka ntlo le ntlo kwa bokone-bophirima jwa Ireland