Go Lemoga Dikgang
AIDS—Go Duelela Ditshenyegelo tsa Yone
U.S. Federal Centers for Disease Control e phopholetsa gore palogare ya ditshenyegelo tsa kokelo ka letsatsi tsa go alafa balwetsi ba AIDS ke R16,60—di feta tsa balwetsi ba bangwe gabedi. Mme baitseanape ba phopholetsa gore ditshenyegelo tsotlhe tsa go alafa molwetsi mongwe le mongwe e ka nna palo-garela e e fetang R200,000. Seno le palo e e tlhatlogang ka ponyo ya leitlho ya batho bao ba tshwerweng ke AIDS ba ba batlang go alafiwa di dirile gore basimegi ba dikokelo le ba diinsorense ba amege.
Lekgotla la Dikokelo la Amerika le bitsa kanamo ya ka bonako ya AIDS “nako ya bomo” ya dikokelo tsa merafe, ereka ditshenyegelo tsa dolara ka bonako di tla fitlhelela diketekete tsa dimilione ka ngwaga. Mosimegi mongwe wa insorense ya botshelo jotlhe o ile a tlhagisa jaana: “Ke bo leba jaaka kotsi e kgolo go gaisa ya tsa madi e e ka kgonagalang eo kgwebo ya insorense ya boitekanelo ya botshelo jotlhe e kileng ya lebana le yone mo nageng eno pele.” Ke mang yo o tla sikarang bothata jono jo bogolo jwa madi?
Batho ba bantsi ba ba tshwerweng ke AIDS ke basodoma le ba ba tshwakgolwang ke diokobatsi, bao mokgwa wa bone wa botshelo wa go ikgotsofatsa o tlisitseng bolwetsi joo mo go bone. Mme ga se bone bao ba tla duelang madi a gone. Mo boemong jwa seo, basimegi ba puso le ba insorense ba supa gore batshwari ba dikonteraka tsa inšorense le baduela-makgetho ba tla patelediwa go sikara morwalo oo ka makgatho a a kwa godingwana. Go feta moo, “thuto, polokesego ya batho ka kakaretso le ditlhokafalo tsa madi di tlile go boga,” mokwadi mongwe wa New York Post o boletse.
Pele, batho ba ba tshwerweng ke AIDS bao ba tsenweng ke bolwetsi joo ka ntlha ya mokgwa wa bone wa go tshela ba ka ne ba ile ba kgala boitsholo jwa Bibla gore ba siamise mokgwa wa bone wa go ikgotsofatsa. Ba ka bo ba tidile go ipakela bontsi jo bogolo le ditshenyegelo mo go ba bangwe jang ne! Lefa go ntse jalo, go ka ne go se thari thata gore ope wa ba ba ntseng jalo a retologele mo melaong-metheo e e tlhotlheleditsweng ya boitshwaro ya Bibela eo e tswang go “eo ke gu rutañ go itemohalèla, eo ke gu gogañ mo tseleñ e u chwanetseñ go tsamaea ka eōna.”—Isaia 48:17.
Kagiso le Polokesego—Ka Bonako?
Mokwalo o o itsegeng thata o o leng mo loboteng lwa Marekisetso a Merafe e e Kopaneng o balega jaana: “Di tla thula ditšhaka tsa tsone magale a megoma. Le marumo a tsona dithipa tsa mabele: Morafe ga o kitla o ekela morafe tshaka. Le gona ga ba kitla ba tlhola ba ithuta tlhabano gope.” Merafe e e Kopaneng e ile ya itsise 1986 jaaka “Ngwaga wa Boditšhabatshaba wa Kagiso,” o na le tsholofelo ya go tlhagisetsa mafoko ao a boperofeti maungo. A go na le lebaka la go dumela gore UN e tla atlega mo mokgeleng wa yone o o ikanetsweng jaaka motlhokomedi yo o ikgalaletsang ka namana wa “kagiso le polokesego tsa boditshabatšhaba?”
Lefa e ka nna eng seo UN e ka se tlatseletsang mo go goelediweng ga “kagishō le thagamō” go go atamelang, kagiso epe eo e itiretsweng ke motho ka tlhomamo e ikaegile mo motheong o o ka thunyang. (1 Bathesalonia 5:3) Ditshenyegelo tsa sesole jaanong di fopholediwa gore di atamela didolara di le terilione ka ngwaga lefatshe ka bophara. Fa e sale ka Ntwa ya Lefatshe II, go sa akarediwe dibetsa tse di tlwaelegileng, tshenyegelo ya go diriwa ga dibetsa tsa nuklea e ile ya fopholediwa go nna diterilione di le tharo go ya go di le nne tsa didolara—sengwe se go leng thata go ka se lebelela ka nako eo UN e ikuelang mo go ineeleng mo kagisong le mo polokesegong tsa lefatshe lotlhe! Tota, Vernon Walters, moambasadara wa US kwa Merafeng e e Kopaneng o bolela gore, “Merate e e Kopaneng e katogetse kgakala le seabe sa yone jaaka mokgatlho wa go fedisa ntwa,” go fedisa ditsholofelo tsa bao ba neng ba dumela gore “UN e tla dira go feta seo e setseng e se dirile mo go fediseng ntwa.”
Lefa go ntse jalo, mafoko a a kwadilweng ao a tsopotsweng pelenyana go tswa go Isaia 2:4 a tla diragala—mme eseng ka 1986, lefa e le leng, ka maiteko a mokgatlho o o itiretsweng ke motho. Go na le moo, kagiso ya boammaaruri le polokesego di tla akofa di tlisiwa ke puso ya selegodimo, eo moeteledipele wa yone yo o sa bonaleng ruri eleng “Kgōsana ea Kagishō.”—Isaia 9:6, 7.
Go Ipusolosetsa ga Nuklea—A ke Pusoloso ya Modimo?
A go dirisiwa ga dibetsa tsa nuklea go ne go tla siamisiwa fa go arabelwa tlhaselo ya nuklea? Ee, Free Church ya Scotland e bolela jalo mo tokololong ya bosheng ya makasine wa yone wa kereke, The Monthly Record. Setlhogo seo se ne sa bolela gore go ipusolosetsa go go ntseng jalo kgabagare go ne go ka itshupa e le “go diragadiwa go go tshwanetseng ga kgalefo ya Modimo” ka ntlha ya “sedirisiwa sa bomodimo sa go diragatsa kgalefo kgatlhanong le boikepo.” Record gape e bolela gore bosupi jwa bone bo akareletsa go itsisiwe ga katlholo ya bomodimo mo “morafeng oo . . . e ka nnang one wa ntlha go tlhasela mo ntweng ya nuklea.”
Go tlhomame gore go tla nna le “letsatsi ya pusholoshō ya Modimo oa rona.” (lsaia 61:1, 2) Mme ipusolosetso ya Modimo kgatlhanong le merafe ya sesole e tla bontshiwa ka nako le ka tsela eo a e tlhophang. Mo boemong jwa bogale jwa merafe ya selefatshe, “bogale” jwa Modimo ka namana bo tla “senya bao ba senyañ lehatshe.” Jang? Ka go romela “Kgosi ya dikgosi,” Morena Jesu Keresete, ‘go atlhola le go lwa ntwa ka tshiamo.’ Bogosi jwa gagwe jwa selegodimo “bo tla thubaganya bo nyèlètsa magosi auō aotlhe.”—Tshenolō 11:18; 19:11-21; Daniele 2:44.