LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 5/1 ts. 22-24
  • Boradikitso Bao ba Boneng Mmereko wa Botshelo Jotlhe wa Mmatota

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boradikitso Bao ba Boneng Mmereko wa Botshelo Jotlhe wa Mmatota
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikitsokitso le Boineelo
  • O ne a Dirile Mmereko wa Gagwe Botshelo jwa Gagwe
  • O ne a Batla go Huma ka Pele
  • Kgwebo ya Gagwe e ne e mo Jela Nako Yotlhe
  • Kitso ya Gagwe e ne ya mo Thusa Go Bona Modimo
  • Ba ne ba Fitlhela Sengwe se se Botokwa Thata
  • Baebele e Fetola Matshelo a Batho
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • “O ka Kgona go Tlogela—Rona re Kgonne!”
    Tsogang!—1998
  • Baebele e Fetola Matshelo a Batho
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • O Lekanya Jang Katlego?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 5/1 ts. 22-24

Boradikitso Bao ba Boneng Mmereko wa Botshelo Jotlhe wa Mmatota

E NE e le bosigo jo bo tsiditsana mme metsi a le botsididi jwa dikgapetlana. Banna le basadi ba ba saleng banana ba le makgolo a mabedi, ba ba apereng dikobo tse ditshweu ba bile ba tsholeleditse dikerese kwa godimo, ba ne ba gobua metsi a a ba emang fa dihubeng. A e ne e le tirelo nngwe ya sedumedi? Kana gongwe e ne e le mabela fela a basha?

Baalogi bano ba basha ba sekolo se segolwane le unibesithi ba ne ba fetoga go nna bangwe ba diketekete tsa ba bangwe ba dingwaga tsa bone mo go seo se ka tsewang jaaka tirelo ya go tsena mo tseleng ya botshelo ya dikitsokitso mo khampaneng e kgolo mo Japane. Kolobetso ya botlhe, mo serameng, e ne e le ka boikaelelo jwa go tlosa mo go bao e neng e tla nna bahiriwa ditshekamelo dipe tsa boitaolo tseo ba ka neng ba ile ba di bapala kwa sekolong le go nonotsha sebofo sa bone sa boikanyegi mo khampaneng.

Dikitsokitso le Boineelo

“Mo Japane mmereko ke selo sa botlhe. Botlhe le bone ke mmereko,” ga kwala jalo Frank Gibney mo bukeng ya gagwe ebong Japan: The Fragile Superpower. Seno se bolela gore fa motho a sena go tsena mo khampaneng nngwe, botshelo jotlhe jwa gagwe bo ikgarile ka yone. “Fa a berekela Mitsubishi, ke monna oora Mitsubishi. Bontsi jwa ditsala tsa gagwe ke tse di tswang mo Mitsubishi. O nwa le bona, o tshameka golofo le bone kana bolo ya kolokotiso, ebile o tlhakanela le bone mathata a bone. O gaisana le bone, ee, fela jaaka bana mo lapeng ba ba gaisanang mme go se ope yo o akanyang ka go tsamaya. Go sa akarediwe ba losika, mme gongwe ebile ditsala di sekae tsa sekolo, bontsi jwa balekane ba gagwe​—mme gantsi bao ba leng mo lapeng la gagwe—​le bone ba tsena mo setlhopheng seno sa khampane.”

Go duelela boineelo jo bo ntseng jalo le go intsha setlhabelo, badiri ba neelwa polokesego ka tsela ya gore ba bone mmereko wa botshelo jotlhe. Seno se akaretsa dithapiso tse di sa feleng, dithuthuntsho, dikhuduso, mme le gona go tlhatlosiwa maemo.

Banana ba le bantsi mo Japane ba akofa ba amogela tsela eno ya go bona katlego mme ba nne bontlhanngwe jwa tsamaiso. Ba bangwe, lemororo ba sa tlhatlosiwe maemo mo dikhampaneng, ba kgaratlhela go fenya mo dikarolong tse dingwe tsa dikitsokitso. A mme tsamaiso e e ntseng jalo e tlisa boitumelo le kgotsofalo? A mmereko wa botshelo jotlhe o raya boipelo jwa botshelo jotlhe? Ba le bantsi ba ntse ba fitlhela gore go na le sengwe se se botoka le go duela thata go na le go tlhatloga maemo mo khampaneng kana go kgaratlhela go bona khumo kana tumo.

O ne a Dirile Mmereko wa Gagwe Botshelo jwa Gagwe

Junichi o ne a aloga mo Sekolong sa Kgwebo sa Unibesithi ya Keio ka 1961. Ka go latela dikgato tse di tlwaelegileng tsa baalogi ba unibesithi, o ne a tsena mo khampaneng e kgolo. Mo go ene, eno e ne e rekisa dikoloi mo Japane, e e neng e na le badiri ba le 4 700. O ne a tlhatlosiwa maemo kwantle ga mathata ape mo khampaneng. Labofelo, o ne a nna mosimegi yo mogolo mo lephateng la gagwe. Lemororo tiro ya gagwe, e ne e simologa mo mosong, ebile e sa mo sadisetse nako epe ya go bona mosadi wa gagwe le bana ba gagwe ba batlhano, o ne a amogela seno sotlhe jaaka go intsha setlhabelo mo go tlhokafalang gore a bone isagwe e e bolokesegileng.

Mme go ne ga diragala sengwe ka October 1974. Junichi o ne a lemoga gore mosadi wa gagwe le bana ba ne ba ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa ba bile ba nna gone mo dipokanong tsa Bokeresete. O ne a dira ka ditsela tsotlhe go ba emisa, go akareletsa le go ba latlha, mme ga seka ga thusa sepe.

Letsatsi lengwe fa a goroga mo gae a tswa tirong, lelapa le ne le ile kwa dipokanong. “Ke ne ka fitlhela dijo di beilwe sentle mo tafoleng, mme ba nkwaletse lekwalo,” ga bolela Junichi. “Mo lekwalong leo, lelapa la me le ne la mpolelela gore ba ne ba ka se latlhe boammaaruri, gore totatota bo ne bo ka ntsholegela molemo, le nna, le gore letsatsi lengwe ke tla tlhaloganya seo.” Seno se ne sa kgatlha Junichi thata. “Ke ne ka akanya gore gongwe seno e ne e le boammaaruri, mme ka jalo ka khutlela go ba ganetsa.”

“Fa nako e ntse e feta, Basupi ba ne ba tle ba nketele mme ba nkgothaletse go ithuta Bibela. Seno he jaanong sa kgorelediwa ke botshelo jwa me jwa go nna radikitso. Ke ne ke tshwaregile thata kwa tirong mme ke ikutlwa gore ke ka se nne le nako ya go ithuta Bibela le ya dipokano. Go tswa foo ke ne ka lemoga gore fa ke ne ke ka tswelela ke ithuta, ke ne ke tla tshwanelwa ke go emisa ditlwaelo tsa me tsa go sa ikanyegeng le go tla bosigo morago ga boitloso-bodutu kwa tirong. Ereka seo se ne se tla kgoreletsa kgwebo, ke ne ka okaoka go ithuta.”

Mme ka go kgothadiwa ke Basupi, Junichi o ne a simolola go ithuta mme ka bonakonyana a gatela pele go ya ntlheng ya gore a neele botshelo jwa gagwe go Modimo le gore a kolobediwe. Lemororo a santse a bereka tiro ya nako e e tletseng, Junichi o bone seo a se tsayang jaaka mmereko wa botshelo jotlhe wa mmatota. Fa esale ka March 1978, o ile a tswelapele go direla jaaka mmulatsela yo o thusang, yo o senyang dioura di le 60 ka kgwedi mo tirong ya go rera.

A Junichi o ile a solegelwa molemo ke tsela e ntšha ya gagwe ya botshelo? “Ee, go ntse jalo. Ke lemogile gore ke kgona go dira thata mo motshegareng e le gore maitseboa a tle a gololesege gore ke dire dikgatlhego tsa Bogosi le lelapa la me. Ke ile ka nna le dipaka di le dintsi tsa go neela badiri ka nna bosupi le go ithuta Bibela le banna ba bangwe ba le bone ba tshwaregileng mo meberekong ya bone ya boitshediso jaaka ke ne ke ntse pele. Ba le babedi ba kolobeditswe, mme jaanong ke ithuta le ba bangwe ba le bararo. Ke lebogela go bo Jehofa a ile a nna pelotelele mo go nna.”

O ne a Batla go Huma ka Pele

Jaaka mongwe wa bana ba barataro mo lapeng, Takafu o ne a falola ditlhaselo tsa difofane mo Ntweng ya Lefatshe II mo Motseng wa Nagoya a itsholetse a bile a na le mogopolo wa go huma ka pele. Ka go tlhotlhelediwa ke malomaagwe, o ne a tsenelela sekolo sa kitso ya lobelo lwa dibaesekele a sa le dingwaga tse 15. Fa a setse a le dingwaga tse 22, o ne a ‘atlegile’ jaaka ralobelo wa dibaesekele wa setlhopha sa A, a bonwa nako le nako mo mabelong a naga eo yotlhe. O gakologelwa a bona mmaagwe a ntsha tshupelo ya diphenyo tsa gagwe fa pele ga aletara ya lelapa jaaka sesupo sa tebego. Go ne go bonala ekete Takafu o ne a fitlheletse mokgele wa gagwe mo botshelong le gore sengwe le sengwe se ne se solofetsa thata.

Mme go tswa foo morongwa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a mo etela mo gae mme a fa Takafu sengwe go se akanyetsa. Mafoko a a tshwanang le a a neng a buiwa ke Jesu, a ne a kgomarela mo mogopolong wa gagwe le mo pelong: “Gonne motho o tla bo a ka thusèga eñ, leha a ka henya lehatshe yeotlhe, me a latlha botshelō yoa gagwè?” (Mathaio 16:26) Kgabagare, Takafu o ne a gola mo kitsong ya Bibela mme a lemoga gore o tshwanetse a dira diphetogo dingwe.

“Jaaka radikitso wa lobelo lwa dibaesekele, ke ne ke itse gore lobelo lwa dibaesekele lo tsamaisana le go betšha,” ga bolela Takafu. “Mme lefa go le jalo phetso e ne e se motlhofo. Ke ne ke sentse dingwaga di supa mo botshelong jwa me mo motshamekong oo, mme go bonala fa madi a ke neng ke a bapala a ne a thusa lelapa la gaetsho. Mme ke ne ke ithutile mo Bibeleng gore Moshe le Paulo ba ne ba lebagana le diphetso tse di tshwanang mme ba tlhopha tsela e e molemo-lemo. Le nna ka dira jalo.” Takafu o ne a tsenelela lobelo lo losha​—lobelo lwa botshelo—​mme o ile a tswelela mo go lone go tla go fitlha nako kgolo ke eno, jaanong a na le dingwaga di le mmalwa a thusa diphuthego e le molebedi yo o etang.

Kgwebo ya Gagwe e ne e mo Jela Nako Yotlhe

Satoshi o ne a bereka mo kgwebong ya diaparo tsa basadi. Ereka a ne a atlegile jaaka mong wa mabenkele a le mane a diaparo, o ne a eme sentle kafa mading. Mme ditiro tsa gagwe mo kgwebong le tsone di ne tsa dira gore a nne le phetso ya gore kgotlelo e e mo lefatsheng lotlhe, tlhaelo ya dijo, le ntwa di tla akofa di fedisa batho. Ka gone, e ne ya re fa mosupi mongwe a mo etetse ka pampitshana eo e neng e mo tlhomamisetsa gore Modimo ga a kitla a letlelela seo, kgatlhego ya ga Satoshi e ne ya tsoga.

Mme kgwebo ya gagwe e ne ya mo kgoreletsa. “Ka ntlha ya kgaisano e e boitshegang, fa motho a ne a ka se tlhoafale go raya gore o ne a tla latlhegelwa ke kgwebo ya gagwe,” ga bolela Satoshi. “Ke kgang ya gore ‘phokoje go tshela yo o dithetsenyana.’ Puo eno e buiwa jaana mo papading eno gore fa ruri o sa tshwarega o tshwanetse wa bo o humanegile.” Jalo go ne ga tsaya dingwaga tse pedi, le namane e tona ya boiteko, pele ga Satoshi kgabagare a fetsa ka gore a ithute Bibela.

Morago ga a sena go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a rekisa mabenkele a gagwe a mabedi mme jaanong ‘bahiriwa’ ba gagwe ke bone ba tlhokometseng tse pedi. Lemororo Satoshi jaanong a bereka malatsi a le mabedi kana a mararo fela ka kgwedi jaaka motshwara dibuka tsa madi le mogakolodi, a re: “Ke santse ke bona madi fela a a lekaneng. Ke batla go eteletsa tirelo ya me go Jehofa Modimo kwa pele.” Jaanong o dira tiro ya gagwe ya dikitso totatota mo bodiheding jwa nako e e tletseng, ka go direla jaaka mmulatsela. Ene le lelapa la gagwe ba tsweletse sentle kafa semoyeng.

Kitso ya Gagwe e ne ya mo Thusa Go Bona Modimo

Hiroshi o ne a bereka mo benkeleng ya ga bone ya ditshitswana. Mme totatota kgatlhego ya gagwe e ne e le mo go kapeng ditshwantsho tsa dilo tsa tlholego. O ne a nna setswerere thata mo go seo mo eleng gore ditshwantsho tsa gagwe tsa ditshenekegi di ne tsa anamisiwa. Fa a ne a le dingwaga tse 29, o ne a le motshwantshi wa dilo tsa tlholego wa dikitsokitso.

“Ka go ithuta ditshenekegi ga me,” Hiroshi o a gakologelwa, “ke ne ke akanya gore fa e le gore Modimo o gone, o tshwanetse a bo e le motho yo o itumetseng yo o metlae. Seno se ne sa dira gore ke belaele kgopolo ya thuto-tlhagelelo, mme ke ne ka nna le kgatlhego mo Bibeleng.”

Mo letsatsing lengwe la mariga, Basupi bangwe ba le babedi ba ne ba etela Hiroshi. “Fa ke sena go amogela dimakasine di le pedi mo go bone tse di neng di na le ditlhogo tse di buang ka diphologolo, ba ne ba bolela fa ba ka ithuta Bibela le nna mo gae,” ga bolela Hiroshi. “Ke ne ka akanya ka gore, ereka go ne go sa tlhokafale gore ke ye kwa kerekeng go ya go ithuta, ke ne ke se kitla ke nna leloko. Jalo ka dumela.” Lemororo a ne a gakgamadiwa ke go utlwa se Bibela e neng e se bua kaga Mmopi, o ne a se amogela ka bofefo thata. Go kgatlhegela ga gagwe popo go ne ga gola go feta go rata Modimo.

Hiroshi jaanong o tlamela lelapa la gagwe jaaka motshwantshi yo o iperekang. Mme kitso ya gagwe ya boammaaruri ke ya go nna modihedi wa nako e e tletseng.

Ba ne ba Fitlhela Sengwe se se Botokwa Thata

Tlhatlhamano ya boradikitso mo Japane bao ba ileng ba fetola matshelo a bone e tswelela go ya go ile​—mme, ka dinako tse dingwe, ba ile ba fetola mebereko ya bone—​fa ba sena go itse Jehofa le maikaelelo a gagwe. Bano ba akareletsa dingaka, dingaka tsa meno, baitseanape ba dikago, batlhalefi ba khomputara le batlhami ba tsamaiso ya yone, barutabana, baitse ba kalafi ya diphologolo, babaakanya meriri, bagolwane ba maemo, jalo le jalo.

Ka nako nngwe, boradikitso bano botlhe ba ne ba ineetse ka botlalo mo ditirong tsa bone. Fa ba sena go ithuta kaga gore tsamaiso eno ya dilo e gaufi le go khutla, ba ne ba dira phetso e e supang kitso. Ba ne ba baya mebereko ya bone mo lefelong le le tshwanetseng mme ba simolola go dira sengwe se se botoka thata​—Bogosi jwa Modimo le masego a bo a solofetsang. (Mathaio 6:33) Ka go kgaogana le seo pele ba neng ba gopotse gore e tla nna mmereko wa botshelo jotlhe wa bone, ba nnile boradikitso mo karolong e ntšha. Ba tsere mmereko wa botshelo jotlhe jaaka batlhanka ba babulatsela ba Mogodimodimo, ebong Jehofa Modimo.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Mogaka wa lobelo lwa dibaesekele Takafu Yamaguchi

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela