Go Tlhapatsa Leina la Modimo—Ka Go Se Le Dirise
JEHOFA o ne a dirisana le batho ba Iseraele ka bopelotlhomogi ka ntlha ya leina la gagwe, gore le se ka la tlhapadiwa mo merafeng. (Esekiele 20:9, 13, 14, 22) Lefa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, Baiseraele ba ne ba tlogela go dirisa leina la Modimo, mo eleng gore labofelo go bidiwa ga lone go ne ga latlhega. Go se dirise leina leno la Modimo go ne go lekana le go le tlhapatsa.
Malebana le seno, R. Laird Harris o ne a akgela jaana: “Ke ntlha e e tlhokegang thata gore go bidiwa ga bogologolo ga leina la Modimo wa Iseraele go ne ga latlhega gotlhelele. Bodumedi jwa Iseraele e ne e le jone fela jo bo neng bo tshwanetse mo metlheng ya bogologolo. E ne e le bodumedi jwa ntlha jwa Modimo o o osi jwa lefatshe mme ke jone fela bodumedi jwa bogologolo jo bo ka bong bo nnile bodumedi jwa lefatshe eleruri. E ne e le jwa mofuta wa jone ka go nna jwa moya otlhe mme bo sena selo se se bonalang se se emelang modimo. Ka maswabi, bo ne bo le jwa mofuta wa jone, mo go latlheng ga jone leina la modimo. Boemo jono boa gakgamatsa eleruri mme ga boa ka jwa bolelelwapele ke banna bao ba ba pelo-e-phepa bao ba neng ba ikutlwa gore ba ne ba sa tshwanela go bitsa leina le le sa umakiweng e se re gongwe ba le tlhapatse. Matswela a bonala tota go bo e le a go tlhapatsa ga mofuta o mongwe. Go se dirise leina la Modimo go bonala e le go le tlhapatsa fela jaaka go dirisa Leina leno ka lenyatso go ka bo go dirile. Mme mabaka a phepafetse. Bahebera ba bogologolo, ka tlholego, ba ne ba bitsa le go kwala leina la Modimo.”—The Law and the Prophets, e kwadilwe ke John H. Skilton, Nutley, New Jersey, 1974, tsebe 215.
Baiseraele ba ne ba itse gore fa ba ka lebala leina la ga Jehofa, Modimo ka boene o ne a tla “go tlhotlhomisa.” (Pesalema 44:20, 21) Morago ga moo, fa go sena go diragala, o ne wa “lekola Badichaba, gore o tlhaolèlè leina ya ōna batho mo go bōnè.” (Ditihō 15:14) Lefa rona gompieno re sa itse ka nepo go bitsa leina la Modimo ka Sehebera, thanolo e e tshwanetseng le e e lekaneng ya Tetragrammaton (ditumammogo di le nne tsa Sehebera tse di emelang leina leno) mo Seesemaneng ke Jehofa. Gompieno, batho ba ba fetang dimilione di le tharo ba itsiwe jaaka Basupi ba ga Jehofa, mme ba itumeletse go sikara leina la Modimo wa bone le go tlhaolwa ke lone.