LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 5/1 ts. 4-7
  • Bibela—E na le Mosola mo go Wena

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bibela—E na le Mosola mo go Wena
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bibela le Maitsholo
  • Bibela le tsa Itsholelo
  • Bibela le Boitekanelo
  • Motswedi wa Maemo A A Kwa Godimo wa Botlhale
    Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?
  • Lefoko la Modimo ke Boammaaruri
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Buka e e Mosola mo Botshelong Jwa Gompieno
    Buka ya Batho Botlhe
  • Bibela—Kaelo E E Ka Thusang Batho Ba Segompieno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 5/1 ts. 4-7

Bibela​—E na le Mosola mo go Wena

“O GU SHUPEDITSE se se molemō motho ke wèna,” ga kwala jalo monna wa Modimo dingwaga tse di ka fetang 2 700 tse di fetileng. (Mika 6:8) Mme a se “molemō” kana se mosola mo motlheng wa rona wa segompieno?

“Bibela ga e bolo go kwalwa pele ga ope a ka itse sepe kaga boitseanape jwa tlhaloganyo jwa segompieno le kaga tsamaiso ya tlhaloganyo kaga bonna le bosadi,” ga tlhalosa jalo Dr. Chesen. “Le eleng fa maitlhomo a bakwadi ba yone a ne a le molemo, ga go bonale fa ba ile ba akanyetsa mabaka ano a a botlhokwa. Lefa go le jalo fa go tla mo kgannyeng ya maitsholo le/kana ditaolo, Bibela le baphutholodi ba yone di bua thata ka dilo tse.”

Ntlha eo e ne e tla utlwala fa e le gore Bibela e ne e nnile gone fela ka kakanyo ya batho. Mme jaaka go bontshitswe mo tokololong ya rona ya April 1, 1986, Bibela ga se lefoko la batho mme ke la Modimo. Lebaka leno la botlhokwa le ka se tlhokomologiwe. Ka ntlhayang? Ka go bo kitso ya Modimo ga e laolwe ke nako lefa e le ke maemo, jaaka ya motho, le go fetoga ga e fetoge. Jaaka Mmopi wa losika lwa motho, Modimo o itse thatathata kafa re dirilweng ka teng le seo se re siametseng thata. Jalo moaposetoloi o tlhalosa jaana ka botswerere: “Lokwalō loñwe le loñwe lo lo kwadilweñ ka tlhotlheleco ea Modimo, lo bile lo molemō go ruta, le go kgalemèla, le go shokolola, le go kaèla ka tshiamō: Gore motho oa Modimo a tlè a nnè boitèkanèlo, a iketleeleletse rure tihō ñwe le ñwe e e molemō.”​—2 Timotheo 3:16, 17.

Go tweng he, kaga diphetogo tse dikgolo tse di diragetseng mo metlheng eno ya rona ya segompieno? A batho ga ba ikutlwe gore re tshela mo motlheng wa kgololesego le wa go bulega matlho? A batho ka kakaretso ga ba ipofolola dikgole tsa ngwao? Ke boammaaruri, mme go sa kgathalesege kitso e e oketsegileng le “kgololesego” e e sa tswang go bapalwa bosheng, ditlhokafalo tsa konokono tsa motho le kafa a dirilweng ka teng ga dia fetoga. Kafa teng, re santse re tshwana fela. Re santse re na le keletso ya go ja, go nwa, go robala, go tsala, go obamela, jaaka go dirile borraarona mogolo. Re santse re tlhoka go ratiwa le go ratega, ebile re batla go itumela. Re santse re tlhoka go tshela matshelo a a nang le mosola.

Melao-metheo ya Bibela e itebaganya le ditlhokafalo tseno. Mme ebile, dithuto tsa Bibela di re tswela molemo, le eleng mo metlheng eno ya segompieno. Mme se se fetang seo, matswela ao a bonwang ka go latela kgakololo ya Bibela a feta kgakala afe le afe a a bonweng ka ditsela di sele. A ka bokhutshwane re tlhatlhobeng kafa seno se leng boammaaruri ka gone mo dikarolong tsa boitsholo, itsholelo le boitekanelo

Bibela le Maitsholo

Dingwe tsa diphetogo tse dikgolo mo metlheng ya rona ya segompieno e nnile tse di amanang le dipono tsa boitsholo. Ditlwaelo tse pele di neng di tsewa e le tse di bifelesegang jaanong di a amogelwa. Basadi bao ba tsholang bana kwantle ga go bo ba nyetswe ga ba sa tlhole ba kgalwa ke batho. Basodoma ba tlhabanela “ditshwanelo” tsa bone mo pepeneneng. Pono e botlhe ba nang le yone ke gore ga go ope yo o nang le tshwanelo ya go ngongorega kana go itlhakanya le ditlwaelo tse di diragalang fa gare ga bagolo ba ba dumalaneng. Mme ditekanyetso tsa Bibela di tsewa e le tsa maloba.

Mme ditekanyetso tsa Bibela di ne tsa tlhongwa ke Modimo bogologolo pele ga lekgolo la dingwaga la bo-19, ebong motlha wa ga Mohumagadi Victoria wa Engelane. Mme di santse di tsweletse ka go itshupa di siametse setho. Ruri seno se ka bonwa fa motho a akanyetsa gore, gammogo le “boitsholo jo bosha,” go ile ga nna le tlhatlogo ya selekanyo sa tlhalano, ditshenyo-mpa di le dintsi-ntsi, le leroborobo la banana ba ba ithwalang, le selekanyo se segolo sa malwetsi ao a fetisiwang ka go tlhakanela dikobo. Ano ke mathata a a senyang,a a gobatsang, le eleng go bolaya. A go ka seke go nne mosola go latela kgakololo ya Bibela kaga tlhakanelo dikobo, boitsheko, le boikanyego mo lenyalong?​—Diane 5:3-11, 15-20; Malaki 2:13-16; Bahebera 13:4; 1 Bakorintha 6:9, 10.

Elatlhoko segolo kafa seno se leng boammaaruri ka gone mo kgannyeng ya bolwetsi bo le bongwe fela, jaaka go bontshitswe mo pegong eno go tswa go The New York Times: “‘AIDS e tsweletse ka go anama thata gareng ga ditlhopha tse di tshabelelwang ke kotsi, mme eseng ka kwantle ga tsone,’ ga bua jalo Dr. David J. Sencer, Komishenara wa Boitekanelo wa Motse wa New York. . . . Bao go leng bonolo gore ba ka welwa ke kotsi ba akareletsa banna ba basodoma le ba ba kopanelang mo bosodomeng; badirisi ba diokobatsi tsa ditshika; . . . ba ba tshelwang madi a batho ba ba nang le bolwetsi, le ba ba tlhakanelang dikobo kana bana ba bao ba nang le AIDS.”

Totatota, ke eng se se utlwalang thata​—metsotso e sekae ya boitumelo jo bo botlhaswa, jo gantsi bo tsamaelang gongwe le poifo le tlhobaelo, kana segakolodi se se phepa le boitlotlo? Ke eng se se tlisang boitumelo jwa go ya go ile le kgotsofalo​—tiro e khutshwane e e kopanetsweng e e nang le go lere diphelelo tse di kotsi, kana lenyalo le le nonofileng le le phepa la boineelo leo Bibela e le kgothaletsang?

Bibela le tsa Itsholelo

Ke batho ba sekae fela ba ba tsayang gore Bibela e ka rarabolola mathata a tsa itsholelo. Lefa go le jalo, go latela ditekanyetso tsa yone tota go ka fedisa tlala mo lapeng. Seno se ntse jalo jang?

Gantsi, bogolo jwa madi a motho a a amogelang a senngwa ka mo go sa tlhokafaleng. Fa motho a ineela mo kgakololong ya Bibela seo se tla boloka madi ano go dirisiwa mo dilong tse di nang le thuso. Ka sekai, tlwaelo eo gantsi e gogelang mo lehumeng ke ya go nwa mo go feteletseng. Didikadike tsa batho, bao ba tshotseng madi, ba leba kwa dibareng kana kwa marekisetsong a dino. Mo mabakeng a le mantsi, ba tloga koo ba sena madi a a lekaneng go ka duela dikoloto kana go baakanyetsa malapa a bone dijo tse di lekaneng. Fa gongwe go tlhokafala gore ba adime madi go bona ditlhokafalo tseno tsa botshelo. Ka botlhale, Bibela e nyatsa go nwa mo go feteletseng; e kgothaletsa tekatekanyo.​—Diane 23:20, 21, 29, 30; 1 Timotheo 3:2, 3, 8.

Go ntse fela jalo le ka bao ba tsenwang ke mokgwa wa go goga kana go sa dirise diokobatsi kafa tshwanelong. Abo mekgwa eno e le e e senyang ruri! Mme abo ebile gape go le thata go ka e khutlisa! Dikwalo, tse di tshwanang le leno jaaka le ne le kwaletswe moitseanape mongwe wa tlhaloganyo ebong Joyce Brothers, le le neng le gatisitswe go New York Post, ke tse di tlwaelegileng: “Ke ne ka simolola go dirisa motokwane ka go bo go ne go itumedisa mme ebile bontsi jwa ditsala tsa me bo o dirisa mo mafelo-bekeng. Mme kana, seno jaanong se kgoreletsa sengwe le sengwe se se molemo mo botshelong jwa me mme ke na le bothata jo bogolo jwa go ka khutlisa seno. Ke mmè wa bana ba le babedi mme ke boifa gore fa ke ka seka ka khutlisa gone jaanong, ba tla boga. Ke o dirisa gabedi mo letsatsing. Ke mo sekolotong se se boitshegang, ke mo bohutsaneng.”

Modirisi yo mongwe wa diokobatsi o ne a kwala a re: “Nna le monna wa me re batho ba ba atlegileng thata kafa tseleng ya botshelo mme re ile ra dirisa motokwane ka dingwaga tse tharo. Mo tshimologong go ne go itumedisa mme jaanong go ntse go nna maatla go feta. Tota, go gapa matshelo a rona. Jaanong re mo dikolotong ka ntlha ya go bo mekgwa ya rona e lopa madi a le mantsi. Di ile tsa re gatelela thata roobabedi ka dinako dingwe. Mo malatsing a mangwe ditsitego ga di nke di ema.”

Bagogi ba motsoko le bone ba senyegelwa thata kafa itsholelong kantlha ya mokgwa wa bone, lemororo gongwe e se go ya bokgakaleng jo bo tshwanang. Pego ya bosheng ya Modern Office Technology e tlhalosa jaana: “Batho ba ba sa gogeng bao ba senkang tiro gantsi ba ka bona tiro go gaisa balekane ba bone bao ba batlang tiro bao ba nang le thutego e e tshwanang mme e le ba ba gogang, go ya ka kanoko e e sa tswang go ntshiwa bosheng ya morafe otlhe. Patlisiso eo, e e thailweng mo dipotsolotsong tsa bathusa-baokamedi le baetapele ba badiri mo dikhampaneng tse dikgolo tsa Amerika . . . e ne ya senola gore bahiri ba gompieno ka selekanyo se segolo ba kgetha badiri bao ba sa gogeng.” Ka ntlhayang? Ka go bo, jaaka go bontshitswe mo patlisisong ya sepalamente, go goga go tlhatlosa ditshenyegelo tsa boitekanelo tsa morafe, go akareletsa le dikoloto tsa kalafi le ditiro tse di sa berekiweng, mo e ka nnang dibilione di le 65 tsa didolara ka ngwaga​—selekanyo sa R4,34 mo paketeng nngwe le nngwe ya sekerete e e rekisiwang!

Ee, motho o thusega thata kafa itsholelong ka go latela kgakololo ya Bibela e e reng: “A re itshekiseñ mo maitshekologoñ aotlhe a nama le a mōea.” (2 Bakorintha 7:1) Mme go ntse fela jalo le ka bao, ka go latela melao-metheo ya Bibela, ba ikgololang mo dibopegong tsotlhe tsa go betšha. (Isaia 65:11, 12; Luke 12:15) Kwantle ga moo, ba ba dirisang melaometheo ya Bibela ba somarelwa thata ke bahiri ka ntlha ya boikanyegi jwa bone, bothokgami jwa bone, le bonatla jwa bone, mme gantsi ke bone ba ntlha go hirwa le go nna ba bofelo go lelekiwa mo tirong.​—Bakolosa 3:22, 23; Baefesia 4:28.

Bibela le Boitekanelo

Ereka re gatetse pele thata jaana mo go tsa kalafi gompieno, a kgakololo ya Bibela e ile ya gaisiwa? Mme kana, lebaka leo le ileng la jesa babatlisisi kgakge ke kafa Bibela e tlhomameng sentle le go opa kgomo lonaka ka gone mo dikgannyeng tseo di amanang le kalafi le boitekanelo, lemororo e ne ya kwalwa ka nako ya fa tumela-botlhodi e ne e le ntsi thata go bile go sa itsiwe go le gontsi kana go sa itsiwe sepe kaga dikalafi tsa metlha ya segompieno, kana le eleng megare e e bolayang.

Go sa kgathalesege boitseanape jwa segompieno jwa tsa klafi, gone mme, mathata a tsa boitekanelo a ntsifetse. Lefa go le jalo, kgakololo ya Bibela e etleetsa boitekanelo jo bo molemo. Jaaka fa go setse go kailwe, go latela melao-metheo ya Bibela go re sireletsa mo ditlwaelong tse di senyang boitekanelo jwa rona. Ebile gape e tokafatsa boitekanelo jwa rona jwa tlhaloganyo. Bibela e lemoga phelelo eo maikutlo le pelo e nang le one mo mmeleng. (Diane 14:30) Jalo e re gogela kgakala le megopolo le maikutlo e a senyang, mme e re thusa go a tseela sebaka ka dinonofo tse di molemo, le tse di agelelang.

Elatlhoko kgakololo e e neelwang go Baefesia 4:31, 32: “A go latlhwè mañadiñadi, le kgakalō, le bogale, le kōmañ, le go kgala, le kilō eotlhe: Lo nnè pelonomi moñwe mo go eo moñwe, le pelonamagadi, lo ichwarèlanè.” Ee, Bibela e otlelela gore motho a fetoge mo bothong jo bo senyang, jo bo gobatsang, go ya mo go jo bosha jwa Bokeresete jo bo itekanetseng (Baefesia 4:20-24; Bakolosa 3:5-14) E re thusa go bontsha loungo lwa moya wa Modimo ebong: “loratō, le boitumèlō, le kagishō, le bopelotelele, le bopelonomi, le molemō, le boikañō, Le boiñōtlō, le boikgapō.” (Bagalatia 5:22, 23) Bibela e baakanyetsa ka dijo tse di itekanetseng tseo mogopolo le pelo di ka di jang mme di nne mo kagisong.​—Diane 3:7, 8; 4:20-22; Bafilipi 4:6-8.

Gape, bao ba dirisang dikaelo tsa Bibela ga ba kopanyelediwe mo bokebekweng, mo mekubukubung, mo ditlhaselong, kana mo dilong tse dingwe tse di ka gobatsang mmele. Ba na le segakolodi se se molemo, seo se tlatseletsang thata tebang le go boloka boikutlo jo bo itumetseng le boitekanelo jwa mmele. (1 Petere 3:16-18) Mme gape, bao ba dirisang kgakololo ya Bibela ba ipelela botshelo jo bo itumetseng jwa mo gae, jo bo bothitho le jo bo duelang, mme ebile ba agisantse sentle le ba bangwe.

Ee, Bibela e mosola mo motlheng wa rona. Seno se supiwa ke matshelo a dimilione tsa bao ba dirisang melao-metheo ya yone ka boammaaruri. Mme le wena gape e ka go thusa. O lalediwa go lekeletsa dithuto tsa yone mobotshelong jwa gago. Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go bontsha gore jang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela