Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
A Boetse Gae Mo Kaperename
GO TLA go fitlha jaanong tumo ya ga Jesu e anametse kgakala-kgakala, mme batho ba le bantsi ba etela kwa a nnang teng kwa mafelong a a kwa kgakala. Lefa go ntse jalo, morago ga malatsi a se kae, o boela kwa Kaperename a feta ka Lewatle la Galalea. Ka bofefo fela dikgang di anama mo motseng otlhe gore o boetse gae, mme ba le bantsi ba tla mo ntlong eo a leng mo go yone. Bafarisai le barutisi ba Molao ba tswa le eleng kwa kgakala kwa Jerusalema.
Boidiidi bo bogolo thata mo eleng gore ba pitlagana mo kgorwaneng, mme ga go na phatlha epe ya gore mongwe a ka tsena mo teng. Fano go diragala tiro nngwe e e sa tlwaelegang eleruri. Se se diragalang mo pakeng eno ke se se botlhokwa-tlhokwa, ka go bo se re thusa go lemoga gore Jesu o na le nonofo ya go tlosa se se tsalang pogo ya batho le go tsosolosa boitekanelo jwa bao a ba kgethang.
Fa Jesu a ntse a ruta boidiidi, banna ba le bane ba tlisa mo ntlong monna mongwe yo o tshwerweng ke go tetesela ka bolao. Ba batla gore jesu a fodise tsala ya bone, mme ka ntlha ya boidiidi jwa batho ga ba kgone go tsena mo teng. Abo go swabisa jang ne! Lefa go le jalo ga ba itlhoboge. Ba palama mo godimo ga dithulelo, ba bula phatlha mo go tsone ka go tlosa dimati tse di ruletseng, ba bo ba folosetsa bolao kwa tlase ka monna yo o tshwerweng ke go tetesela gaufi fela le Jesu.
A Jesu o gakadiwa ke go kgaupediwa mono? Nnyaa le eseng! Go na le moo, o kgatlhiwa thatathata ke tumelo ya bone. O raya monna yo o tshwerweng ke go tetesela a re: “Dibe tsa gago u di ichwarecwe.” A mme tota Jesu o ka itshwarela dibe? Bakwadi Ie Bafarisai ga ba akanye jalo. Ba akanya jaana mo dipelong tsa bone: “Emañ eo o ka ichwarèlañ dibe, ha e se moñwe hèla, eboñ Modimo?”
Ka go itse megopolo ya bone, Jesu o ba raya a re: “Mo go ka nnañ boheho ke gohe? a e ka nna go raea motho eo o bobolañ botlhoko yoa tètèsèlō, go re, Dibe tsa gago u di ichwarecwe; kgotsa go re, Coga. u tseè bolaō yoa gago, u tsamaeè?” Kwantle ga go letela karabo, Jesu o gadima monna yo o tshwerweng ke teteselo a bo a re: “coga, u tseè bolaō yoa gago, u eè kwa tluñ ea gago.” Mme o dira jalo ka bofefo, a tsamaya a tshotse bolao jwa gagwe fa pele ga bone botlhe! Ka kgakgamalo batho ba tsholetsa mantswe ba re: “Ga re e se re ke re bone mo go nntseñ yana gopè”!
A o ne wa elatlhoko gore Jesu o amanya dibe le bolwetsi le gore go itshwarelwa ga dibe go amana le go bona boitekanelo? Bibela e tlhalosa gore motsadi wa rona wa ntlha ebong Adame o ne a leofa le gore rotlhe re ruile diphelelo tsa boleo joo, ebong, bolwetsi le loso. Mme fa go busa Bogosi jwa Modimo, Jesu o tla itshwarela dibe tsa botlhe ba ba ratang go direla Modimo, mme he bolwetsi jotlhe bo tla tlosiwa. Abo seo se tla nna molemo jang ne! Mareko 2:1-12; Luke 5:17-26; Mathaio 9:1-8; Baroma 5:12, 17-19.
◆ Ke eng se se neng sa baka tiragalo e ruri e jesang kgakge?
◆ Monna yo o tshwerweng ke teteselo o ne a fitlha jang fa go Jesu?
◆ Ke ka ntlhayang fa rotlhe re le baleofi, mme Jesu o ne a baakanyetsa jang tsholofelo ya gore boitshwarelo jwa dibe tsa rona le botsogo jo bosha jo bo itekanetseng di ka kgonega?
[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe 8]