LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 5/1 ts. 3-4
  • Bibela—A e na le Mosola mo Motlheng wa Rona?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bibela—A e na le Mosola mo Motlheng wa Rona?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bibela ga e a Fetoga
  • Buka e e Mosola mo Botshelong Jwa Gompieno
    Buka ya Batho Botlhe
  • A Tshedimosetso E e Mo Baebeleng e Botlhokwa Gompieno?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2018
  • Buka e e Tswang Kwa Modimong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Buka e e Neelang Kaelo ya Boammaaruri
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 5/1 ts. 3-4

Bibela​—A e na le Mosola mo Motlheng wa Rona?

LEFATSHE leno le fetogile fela thata fa esale mo lekgolong la dingwaga le le fetileng. Phetogo ya go sa tlhole go dirisiwa dikaraki tse di gogiwang ka dipitse go ya motlheng wa boitseanape jwa lefaufau e ile ya tswelela ka bofefo mo eleng gore dibuka tsa boranyane gantsi di siiwa ke nako ka bonakonyana fela morago ga di sena go gatisiwa. Tlhabologo ya dikitso tsa boitseanape le boranyane e ile ya nna kwa pelepele. Lemororo megopolo ya boitseanape jwa dipalo e ne ya dirisiwa la ntlha dingwaga tse 150 tse di fetileng, ke mo bosheng fela jaana dikhomputara di ileng tsa dirisiwa ka selekano se segolo, di laola sengwe le sengwe go simolola ka go hulelwa ga disatalaete kwa godimo le dikolotsana tsa loapi go fitlha le mo go rulaganyeng ditshenyegelo tsa madi a dilwana tsa mogae. Ruri go ile ga jesa kgakge! Motho o sitega le eleng go itepatepanyale gone gotlhe!

Bontsi jwa diphetogo di ile tsa nna le mosola. Gareng ga tseno go ile ga nna le ditlhabologo mo dikarolong tsa ditlhaeletsano, dipalamo, mo didirisiweng tse di fokotsang tiro, le mo kalafing. Ka motlhala, ka loaro lwa go bonega seatla se se kgaogileng kana monwana, tseo pele di neng di tsewa jaaka tse di ka se tlholeng di busediwa gotlhelele, gantsi di ka busediwa gape go dirisiwa. Re ka fofela karolong e nngwe ya kgolokwe ya lefatshe ka bontlhanngwe fela jwa letsatsi, mme re fokotsegelwa ke dikgwedikgwedi tsa nako ya mosepele. Fa go bapisiwa le lekgolo fela le le fetileng la dingwaga​—fa go ne go sena dimmotorokara, diradio, di-TV, dibaesekopo, diforiji dimatšhini tse di tlhatswang, dibithamini, dibolaya-megare, mekento, le bontsintsi jwa dilo tse dingwe tseo di bonwang gongwe le gongwe gompieno—​tota ruri re tshela mo motlheng o mosha.

Mme tseno tsotlhe ga di a re leretse molemo o mogolo. Ka motlhala, tiriso ya maatla a nuklea, e tlhagisitse matshosetsi a a masisi mo losikeng lwa motho ka ntwa kana ka marang. Kgotlelo e e anameng ya dikhemikale, seo eleng masalela a boranyane jwa madirelo, e oketsa matshosetsi ao. Diokobatsi tseo di sa dirisiweng kafa molaong le mokgwa wa gompieno wa tirisa-diokobatsi ke tseo di ntseng di gapa matshelo a le mantsi.

Se se tshwaegileng thata e nnile go fetoga ga tsela ya batho ya go tshela. Go fetogela madirelong le go tloga tseleng ya botshelo ya selegae go ya ditoropong, go ile ga thubaganya lelapa. Go feta le eleng pele​—mme segolo-bogolo gareng ga basadi le bana—​batho ba ikutlwa e le ba ba gololesegileng le ba ba boitaolo. Go gololesega mo dikganelong tsa maitsholo ao a neng a le teng pele go feletse ka mokgwa o mosha wa go tshela le maemo a leago a a fetogileng, mo eleng gore jaanong di farologane thatathata le kafa lefatshe le neng le ntse ka gone diketekete tsa dingwaga tse di fetileng.

Bibela ga e a Fetoga

Jaanong he, motho a ka ya kae go bona ketelelopele? Ke kgakololo efe e e dirang gompieno? Barutisi ba segompieno ba nna gangwe le gape ba boeletsa metlhala ya bone le dibuka tse ba di kwadileng go lepalepana le lefatshe la rona le le fetogang. Baruti le bora-dikitso ba bangwe ba fetola kgakololo ya bone go e tsamaisanya le seo se tlwaelegileng le se se amogelwang ke botlhe.

Mo letlhakoreng le lengwe, Bibela, ga e a ka ya fetoga mo diketeketeng tsa dingwaga tse di fetileng. Tota ruri, e tshotse ditlhagiso tse di tiileng tsa gore ope a seka a oketsa kana a fokotsa mafoko a a kwadilweng mo go yone. (Diane 30:5, 6; Tshenolō 22:18, 19) A Bibela e ka amogelesega jaaka mokaedi yo o mosola wa motlha wa segompieno?

Bangwe ba re nnyaa. “Ga go na ope yo o ka kgothaletsang gore go dirisiwe buka ya khemsitiri eo e kwadilweng ka 1924 go ruta ka yone mo tlelaseng ya khemisetiri ya segompieno​—go ile ga ithutiwa mo gontsi kaga khemisitiri fa esale,” ga kwala jalo Dr. Eli S. Chesen mo bukeng ya gagwe Religion May Be Hazardous to Your Health. O tswelela ka go re, “Ka tsela e e tshwanang, go ile ga ithutwa go le gontsi kaga leago, botlhalefi, le tlhaloganyo mo diketeng tsa dingwaga di le mmalwa tse di fetileng; lefa go le jalo, Bibela (e e buang mo gontsi kaga dikgang tseno) e dirisiwa jaaka motheo mme ga se gantsi e kwalwa sesha.”

O oketsa ka go re: “Ka metlha ke gakgamadiwa ke go utlwa mongwe a bua kaga ‘kgakgamatso’ ya gore Bibela e tswa kgakala le kafa e dirang ka gone gompieno fela jaaka e ne e ntse fa e ne e kwalwa. Seno se bonala se tshwana le go gakgamadiwa ga motho ke ‘go tlhomama’ ga kitso ya dinaledi. Bibela e ile ya nna motheo o o nonofileng thata mo eleng gore ke ba se kae fela bao ba akanyetsang go e tlhabolola kana go e nyeletsa.”

Lefa go ntse jalo, a tota Bibela e siilwe ke nako mo lefatsheng la segompieno? Kana kgakololo eo e e neelang e santse e na le mosola le go dira mo motlheng wa rona?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela