LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 4/15 ts. 28-30
  • O Tla Tlhopha Tsela Efe ya Botshelo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Tla Tlhopha Tsela Efe ya Botshelo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebaka la go bo Ba Tlhopha Bodihedi jwa Nako e e Tletseng
  • Go Supa ka Mokorwana
  • Go Haka Tirelo ya Nako e e Tletseng
  • Bobulatsela bo ne Jwa Gogela Kwa Ditshiamelong tse Dikgolwane
  • O Tla Dirisa Botshelo Jwa Gago Jang?
  • Gopolang Ba ba Mo Tirelong ya Nako e e Tletseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • A o Ka Kgona go Nna Mmulatsela?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
  • Masego a Bodiredi Jwa Bobulatsela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Boipelo Jwa go Nna mo Tirelong ya Nako e e Tletseng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 4/15 ts. 28-30

O Tla Tlhopha Tsela Efe ya Botshelo?

A O MOSHA ebile o santse o tsena sekolo? Fa go le jalo, gongwe o segofaditswe ka letlotlo leo bosha bo le lereng​—botsogo jo bo molemo le maatla le maikatlepelo a mantsi. Botshelo jwa gago bo namalala fa pele ga gago jaaka tsela e go iseng go tsamaiwe mo go yone. O tla dirisa botshelo joo jang mo dingwageng tse di kwa pele?

Fa o akanya kaga isagwe ya gago, kwantle ga pelaelo o nna le dipotso tse dintsi mo mogopolong wa gago. A ke ka ya kwa unibesithing mme ke senke go nna ngaka, agente, kana moitseanape? A ke forwa ke toro ya go tlhatlosiwa maemo mo khampaneng gore ke bone katlego mo mading le go tlotlwa? A ke ka nna yo o tumileng mo bothakgeng jwa motshameko wa go etsa kana jwa go taka? Kana, jaaka mosha yo o ineetseng mo go Jehofa Modimo, a ke ka tlhopha bodihedi jwa nako e e tletseng jaaka tiro ya botshelo jwa me jotlhe, ka gone ‘ke gakologelwa Mmopi wa me mo malatsing a bosha jwa me’?​—Moreri 12:1.

Gantsi makwalo-dikgang le ditlhogo tsa dimakasine di kaya botshelo jwa batho ba ba tumileng jaaka jo bo monate le jo bo tlhomologileng, mme o itseng ka botshelo jwa modihedi wa nako e e tletseng? A ke jo bo lapisang? Kana a ke jo bo kgatlhisang eletota le jo bo monate? Go sekaseka mangwe a maitemogelo a mmatota a botshelo a bao ba ileng ba nna mo bodiheding jwa nako e e tletseng ka dingwaga tse dintsi go ka go thusa go dira tshwetso.

Lebaka la go bo Ba Tlhopha Bodihedi jwa Nako e e Tletseng

Fa ntwa e ne e fagile kwa Vietnam, Harry o ne a le kwa Unibesithing ya Hawaii, a ithutela go nna morutabana wa histori. Gape o ne a ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa. Jaaka bontsi jwa baithuti ka ene, o ne a tsenelela mo go direng diphetogo ga baithuti mo go neng go tumile ga nako eo, o ne a simolola go leka diokobatsi, mme a fitlhela LSD e le monate ka mo go kgethegileng. Mo mosong mongwe o ne a tsoga mo phaposing ya gagwe mme a kgatlhantshiwa fela ke tlhakantsuke e e boitshegang ya mabotlolo a a thubegileng a bojalwa, ditoki tsa disekerete, le banna le basadi ba gasagasane fa fatshe. Harry o ne a gakologelwa go sekae fela ka kgang e e neng e le teng le mapodisi kaga tetla ya go dira diphurophutso le go tshosediwa ka go lelekiwa ke mong wa meago eo goo go neng ga latela morago ga moo. E ne e le ka yone nako eno a ileng a swetsa ka gore a emise go ithuta Bibela kana a phepafatse botshelo jwa gagwe. Ka botlhale, o ne a tlhopha ya bobedi mo go tseo.

Fa Harry a ne a ntse a oketsa kitso ya gagwe ya Bibela, mokgele wa go lelekisa thuto ya unibesithi le tiro ya go ruta di ne tsa seka tsa tlhola di ikuela. O ne a tlogela kholetšhe, a bona tiro ya nakwana, a kolobediwa, mme ka bonako a tshwanelegela go nna mmulatsela​—moreri wa nako e e tletseng. Ka gone Harry o ne a simolola tiro e ntšha, eo e neng e tletse ka kgwetlho le maitemogelo a a molemo, a a kgatlhisang.

Go tswa mo mephatong ya babulatsela ba ba kgethegileng, Harry le mosadi wa gagwe ba ne ba abelwa jaaka barongwa kwa “ditlhaketlhakeng tse di matlapa” tse dintle tsa Belau kwa Pacific Bophirima, koo ba santseng ba direla gone. Botshelo jwa borongwa bo ntse jang mo ditlhakeng tseno?

Go Supa ka Mokorwana

Go supa go gontsi mo ditlhakeng tseno tsa Micronesia go dirwa ka mokorwana le ka dinao. Harry le mosadi wa gagwe, ebong Rene, ba gakologelwa nako ya bone ya ntlha fa ba ne ba supa ka mokorwana mo setlhakatlhakeng se se kwa thoko. “Re ne re nna mo legaeng leo le dimmaele di le dintsi kwa godimo ga noka e telele le e e motsopodia eo e tsokatsokelang ka sekgwa sa ditlhare tsa lewatle le setswatswa tse di lesutu mo eleng gore di ne di loga sesiro se setala mo godimo ga ditlhogo tsa rona,” o gakologelwa jalo. “Go tswa kwa legaeng la rona, re ne re tsamaya ka molapo, mme re ema go rerela batho bao ba neng ba nna mo dipoteng tsa noka. Ka maitseboa mangwe, pele ga letlatlana fela, re ne re boa kwa tirelong ya tshimo mme re itlhaganeletse go tlhatloga molapo go ya kwa legaeng la rona go ya go robala. Ka bonako fela Rene o ne a goa. Ke ne ka retologa ka bonako mme ka bona metsi a a phatsanyegang le mogatla o motelele wa segagabi sengwe o nyelela mo metsing. E ne e le kwena e e nnang mo metsing a letswai​—mofuta o mogolo go gaisa mo lefatsheng. Ka lesego, re ne ra goroga kwa gae sentle re sa diragalelwa ke sepe. Lemororo e ne e le nako ya go ya go tlhapa mo molapong, morago ga go bona kwena eo e e boitshegang, re ile ra akanya gore go botoka gore re bofelele mogala mo nkgong mme re bo re gelelela metsi a go tlhapa mo mokorwaneng wa rona.”

Ereka metsana le matlo a mantsi o se kake wa a fitlhelela ka sejanaga kana ka mokorwana, barongwa ba senya dioura tse dintsi ba tsamaya ka ditsela tse dintle tsa dinao tsa ditswatswa tseo di nang le kokonate mo matlhakoreng a tsone gore ba fitlhelele batho ba ba botsalano le ba ba boikokobetso. Harry o bega jaana: “Ka metlha re fitlhela batho bao ba amogelang boammaaruri. Batho bano ba ba kwa thoko gantsi ba bontsha moya wa bone wa go amogela baeng. Ba palama setlhare sa kokonate, ba bo ba kgola kokonate e e santseng e tswa mo setlhareng, mme ba kgaole karolo ya yone e e kwa godimo ka thipa e kgolo, mme ba go neye seno sa yone go tswa fela mo ‘setsageng’ se e diretsweng mo go sone. E lapolosa tota, e rokolosa mathe, ebile ea otla.”

Maiteko a barongwa a go rera mo Belau a ile a duelwa jang? Jaanong ba na le phuthego ya Bakeresete ba boammaaruri ba le 42. Ka palogare, ba le 10 ba ne ba le mo bodiheding jwa nako e e tletse kgwedi nngwe le nngwe ngogola, mme ba le 193 ba nnile gone kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete ka 1985.

Morago ga dingwaga di le 17 mo tirelong ya nako e e tletseng, Harry jaanong o ikutlwa jang ka tshwetso ya gagwe ya go dirisa botshelo jwa gagwe mo tirelong ya ga Jehofa ka mo go feletseng? “Fa ke ne ke sa bona boammaaruri jwa Modimo mo dingwageng tse 17 tse di fetileng, nako le botshelo jwa me di ka bo di ile tsa senngwa mo ditelekisong tsa lefatshe,” o bolela jalo. “Le ka motlha ke ka bo ke sa bona kagiso ya mogopolo le polokesego tseo ke nnileng le tsone mo dingwageng tsa me jaaka mmulatsela le morongwa, jaaka motho yo o sa nyalang ka dingwaga tse dintsi mme moragonyana le Rene yoo ke abalaneng le ene dingwaga tse robedi tse di fetileng tsa tirelo ya borongwa.”

Go Haka Tirelo ya Nako e e Tletseng

Milton o ne a tsena kwa sekolong se segolo kwa Hawaii. Ba bangwe ba ne ba mo rotloeletsa go fitlhelela tiro e e solofetsang e e nang le polokesego ya tsa madi, mme dikao tsa kgaitsadie le bomorwa-rraagwe ba babedi ba bagolo mo go ene, bao ba neng ba setse ba le mo tirelong ya bobulatsela ya nako e e tletseng, di ne tsa mo rotloetsa gore a akanyetse gore le ene a tsenelele bodihedi jwa nako e e tletseng. Go feta moo, o ne a utlwa puo e e malebana le masego a tirelo ya nako e e tletseng le ka moo Jehofa a tla tlamelang ditlhokafalo tsa rona tsa dilo tse di bonalang ka gone fa re mo ikanya le go mmaya kwa pele mo matshelong a rona. Milton o bega jaana: “Seno se ne sa ntlhotlheletsa go tlhopha bodihedi jwa nako e e tletseng jaaka tiro ya me mo botshelong. Ka jalo, pele ga ke fetsa sekolo se segolo ke ne ka kolobediwa le go tsenela tirelo ya nako e e tletseng.”

Fa Milton a ne a simolola go bula tsela, go ne go na le babulatsela bao ba leng kwa tlase ga lesome mo phuthegong. O ne a dirang ka seo? “Ke ne ka laletsa bakaulengwe ba basha gore ba dire le nna mo tirelong ya tshimo,” o bolela jalo. “Ka gone, bontsi jwa bano moragonyana ga moo ba ne ba kopanela le nna mo tirelong ya nako e e tletseng.”

“Sebare wa me e ne e le mogolwane ebile e le mmulatsela,” Milton o tswelapele. “Re ne re le mo phuthegong e le nngwe mme re dira mmogo go kgothaletsa ba bangwe go bulatsela. Go ne ga swetswa gore ke rotloetse basha, mme ene o ne a tla rotloetsa bommamalapa. Morago ga dikgwedi di le mmalwa, go ne go na le badihedi ba nako e e tletseng ba le 25 mo phuthegong. Fa molebedi wa potologo a tla, o ne a kopa ba le some ba bano gore ba dire kopo ya bobulatsela jo bo kgethegileng le go fudugela kwa diphuthegong tse di fa gaufi. Jaanong re ne ra tlotla ka mokgele wa go thusa ba bangwe ba lesome gore ba tsenelele tirelo ya bobulatsela gore ba emisetse bao ba neng ba rometswe go sele. Ka loeto lo lo latelang lwa molebedi wa potologo, ba bangwe ba le 15 ba ne ba tsere tirelo ya nako e e tletseng. Jaanong re ne re na le babulatsela ba le 30. Gape molebedi wa potologo o ne a kopa ba lesome ba bone gore ba fudugele kwa diphuthegong tse dingwe. Mme gape re ne ra swetsa gore re bone bao ba ba emisetsang. Pele ga loeto lo lo latelang lwa molebedi wa potologo, ba le 20 ba bangwe gape ba ne ba dira kopo ya tirelo ya bobulatsela!”

Moya wa bobulatsela o o tshelanwang o ne o tshelegetse mo basheng. Ka nako eo ba fitlhang kwa sekolong se segolo ka yone, mo e ka nnang botlhe ba bone ba ne ba tlhomile tirelo ya nako e e tletseng jaaka mokgele wa bone. Kgaitsadi mongwe, fa a ne a le dingwaga di le 13 o ne a swetsa gore a bule tsela. O ne a bolela jaana: “Go ne go lebega fela jaaka selo se se tlwaelegileng go se dira.” Ene le basha ba bangwe mo phuthegong eo le ka motlha ga ba a ka ba akanyetsa selo sepe se se masisi kwantle ga seo. Go ne ga rulaganyediwa go supa ka ditlhopha morago ga sekolo, mme kgabagare baithuti ba le 60 go tswa kwa dikolong di le tharo tse di farologaneng ba ne ba tshegetsa tiro eno mmogo le babulatsela. Ka dikgwedi tsa selemo, go ne go kgothatsa eletota go bona ba ba ka nnang 130 ka bontsi ba phuthega go supa jaaka setlhopha!

Bobulatsela bo ne Jwa Gogela Kwa Ditshiamelong tse Dikgolwane

“Ka 1974,” Milton o gakologelwa jalo, “ke ne ka lalediwa go amogela tiro ya borongwa mo kabelong e e dimmaele di le 4 000 [6 400 km] go tswa mo gae​—kwa ditlhakatlhakeng tsa Belau kwa Micronesia.” Kgwetlho nngwe eo go tsereng nako e telele go tlwaelana le yone e ne e le go tsamaya dikgala tse dileele go ralala boboatsatsi jo botala le go tsamaya ka mokorwana.

Letsatsi lengwe le le mogote, le le mongola morago ga go tsamaya dioura tse dintsi mo ditseleng tse di lorole tsa dinao, Milton o gakologelwa jaana, “re ne re lapile fa re fitlha kwa ntlong ya lelapa lengwe le le kgatlhegang. Mme wa moo o ne a roma morwawe go ya kwa molapong. O ne a re tlela ka legapu le letona, le le tsidifaditsweng ke molapo. Re ne ra ja go feta sephatlho sa lone, mme abo le ne le lapolosa jang ne!”

Morago ga ngwaga a le mo kabelong ya gagwe ya borongwa, Milton o ne a eletsa go bona mekgele e le meraro e fitlheletswe mo Belau, ebong, kgabagare bakaulengwe ba lefelo leo ba rwala maikarabelo a phuthego, ba basha ba tsenelela tirelo ya nako e e tletseng, mme phuthego e aga Holo ya yone ya Bogosi. Jaanong o tlhalosa jaana: “Morago ga dingwaga di lesome ke le fano, dithapelo tsa me tsa go fitlhelela mekgele eno yotlhe ka boraro jwa yone di arabilwe.”

A Milton o ikutlwa gore o ile a dira tlhopho e e siameng mo dingwageng di le 14 tse di fetileng fa a ne a tsaya tirelo ya nako e e tletseng jaaka tiro ya gagwe ya botshelo jotlhe? “Selo se le sengwe seo ke se ithutileng mo dingwageng tsotlhe tsa me mo tirelong ya nako e e tletseng ke se: Fa re ikemiseditse, Jehofa o tla re dirisa ka nako e e tshwanetseng,” o araba jalo. “Ga re a tshwanela go tlogela go tswelapele re ithaopa ka go rata mo tirelong ya gagwe. Le ka motlha ga o kitla o ikwatlhaela go dira tiro ya go direla Jehofa jaaka modihedi wa nako e e tletseng.”

O Tla Dirisa Botshelo Jwa Gago Jang?

Basha, lo tla dirisa isagwe ya lona jang? A lo tla e itirisetsa kana lo tla e dirisetsa Jehofa ka botlalo? (Baroma 14:8) Akanyetsang mokgele wa nako e e tletseng ka thapelo jaanong mo bosheng jwa lona. Etsang Jesu ka go tshelela go “rata ga Modimo hèla” mo botshelong jwa lona jotlhe. (1 Petere 4:2) Go tla nna sesireletsi mo ditelekisong, mo ditirong, le mo ditsaleng tsa lefatshe tse di gobatsang. Sekaseka maemo a gago mme o tlhome lobaka lo lo tlhomameng jaaka mokgele wa gago wa go tsenelela tirelo ya nako e e tletseng. Berekela mo go one. Rapela Jehofa gore a go thuse go o fitlhelela.​—Baefesia 6:18.

Tlhopho ya go bulatsela jaaka tiro ya botshelo e ka go gogela kwa ditshiamelong tse dintsi tse di molemo tsa tirelo tseo di fetang seo o se lebeletseng. Botshelo jwa gago bo tla tladiwa ka boitumelo, polokesego, le lorato. Bo tla nna monate, bo kgatlhisa, ebile bo kgotsofatsa. Mo godimo ga tsotlhe, e tla bo e le botshelo jo bo itumedisang Jehofa.​—Diane 27:11.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela