A O A Gakologelwa?
A o ile wa sekaseka ditokololo tsa bosheng jaana tsa Tora ya Tebelo ka kelotlhoko? Fa go le jalo, gogwe o tla gakologelwa tse di latelang:
◻ Jesu o bontshitse setho lorato lwa gagwe go ya bokgakaleng bofe?
O ne a ithaopela go tlogela legae la selegodimo la kagiso le polokesego go tla go ja, go robala ya le go nna le setho se se lwalang se se swang. Morago ga seno, Jesu o ne a ithaopela go neela botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng jaaka motho go baakanyetsa thekololo gore setho se solegelwe molemo. (Mathaio 20:28)—12/15, ditsebe 3, 4.
◻ Ke melemo efe ya botho eo e nnang gone go Mokeresete yo o tlhagolelang boikgapo?
Mokeresete o bona boitlotlo jo bogolwane ka go bontsha boikgapo. Gape, o ipelela kagiso le boitumelo tse dikgolwane mo lelapeng, mo dikamanong tsa phuthego, le tsa letsatsi le letsatsi. Go feta tsotlhe, boikgapo bo mo thusa go aga kamano e e molemo le Mmopi wa gagwe le go ikgetholola jaaka Mokeresete wa boammaaruri.—12/15, tsebe 24.
◻ Fa o bontsha Moya wa go tshola baeng o tshwanetse go go dira ka boikutlo bofe jwa konokono?
Lemororo go itumedisa go amogela mafoko a tebogo go tswa mo go ba bangwe le go lemoga gore maiteko a rona a anaanetswe, re tshwanetse go batla go bontsha moya wa go tshola baeng segolo-bogolo ka ntlha ya gore e le selo se se siameng le se se lorato go se dira. Go feta moo, go itumedisa Jehofa Modimo go bo re dira jalo.—1/15, tsebe 22.
◻ Mopalami wa pitse e tshweu, yo o tlhalosiwang go Tshenolō 6:2, o ama jang botshelo jwa gago?
Jesu ke ene mopalami wa pitse e tshweu, mme o ne a simolola go palama ga gagwe ga selegodimo ka 1914. Fa a ne a bolela ka moo batho ba neng ba tla angwa ke puso ya gagwe, ka gone o ne a bolela jaana: “Me e tla re Morwa Motho a tla ka kgalalèlō ea gagwè, . . . o tla ba kgaoganya bañwe mo go ba bañwe, yaka modisa a tla a kgaoganye dinku le dipodi.” Gompieno, setho sotlhe se kgaogantswe, mme ka moo o arabelang molaetsa wa Bogosi ka gone go tla kaya botshelo kana loso mo go wena. (Mathaio 25:31-33; 24:14)—1/15, tsebe 6.
◻ Jehofa a gomotsa le go tshegetsa batlhanka ba gagwe ka ditsela dife?
Jehofa o gomotsa le go tshegetsa batlhanka ba gagwe ka moya wa gagwe o o boitshepo. (1 Petere 4:12-14) Gape o ba gomotsa ka go araba dithapelo tsa bone. (Bafilipi 4:6, 7) Go feta moo, Lefoko la Modimo ke motswedi o mogolo wa kgomotso, oo o solofetsang batlhanka ba gagwe gore ga go na sepe seo se tla ba diragalelang seo Jehofa a sa se boneng kana seo a ka sekeng a se laole.—2/1, tsebe 19.
◻ Tshenolo eo e boleletsweng pele mo Bibeleng ke eng?
Ke go tsenelela ga Modimo mo mererong ya batho ka go tlhaola. —2/15, tsebe 7.
◻ Polelo ya ga Jesu e e reng “botshelō mo go lona” e kayang, e e go Yohane 6:53?
Mo go Yohane kgaolo 6, Jesu o lekanya “botshelō yo bo sa khutleñ” le “botshelō mo go lona,” ke gore, o feletsa o tsene mo botlalong jwa botshelo. “Lecomanyane” la baruaboswa ba Bogosi ba diragalelwa ke seo ka nako ya go tsogela ga bone kwa magodimong, mme “dinku di sele” di dira jalo morago ga bokhutlo jwa Dingwaga tse di Sekete tsa Puso ya ga Keresete Jesu. (Tshenolō 20:4, 5)—2/15, tsebe 19.
◻ Ke molao-motheo ofe oo o otleletsweng mo bukeng ya ga Nehemia yotlhe oo eleng thuto mo go rona gompieno?
Molao-motheo oo ke gore “ha Yehofa a sa age ntlo, ba ba e agañ ba dihèla lehèla.” (Pesalema 127:1) Gompieno, mo ditirong tsa rona tsotlhe, re tla atlega fela fa e le gore re segofadiwa ke Jehofa.—2/15, tsebe 26.
◻ Ke eng seo se neng sa tshegetsa Jobe ka nako ya diteko ya gagwe, mme seno se ka re thusa jang gompieno?
Jobe o ne a na le tsholofelo ya gore botshelo jono ga se jone jotlhe jo bo gone. (Yobe 14:13-15) Fa re na le tsholofelo e e tshwanang gompieno, ya gore Jehofa o tla tsosa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang, go ka re thusa go lebana le diteko dipe tseo Satane a tla di pegang mo go rona. (Bahebera 6:10; 11:6)—3/1, tsebe 20.
◻ Batsadi ba ka ithuta thuto efe go tswa mo matsweleng a sebe sa ga Dafide le Bathesheba?
Jehofa o ne a bontsha Dafide kutlwelobotlhoko ka ntlha ya kgolagano ya Bogosi, ka gone a mo letlelela mmogo le Bathesheba gore ba tswelepele ba tshela. Lefa go ntse jalo, mmueledi wa ga Jehofa o ne a ba raya a re: “Ereka u neile baba ba ga Yehofa thata e kgolo ea go tlhapatsa ka tihō e, le ñwana eo u mmonyeñ o tla shwa rure.” (2 Samuele 12:14) Seno se tshwanetse go otlelela mo batsading gore boitshwaro jwa bone bo ka ama bana ba bone thata.—3/15, tsebe 31.
◻ Go batlega eng gore motho a nne leloko le le amogelwang la Basupi ba ga Jehofa?
Motho yoo o tshwanetse go amogela dithuto tsotlhe tsa Bibela, go akareletsa le ditumelo tsa Dikwalo tseo di fitlhelwang fela mo Basuping ba ga Jehofa.—4/1, tsebe 31.
◻ Fa dikakanyo tse di bosula di tla mo megopolong ya rona kgapetsa, re tshwanetse go dirang?
Re tshwanetse go gana go letlelela megopolo ya rona go akanya ka dikakanyo tse di bosula tseno. Go re thusa go dira seno, re tshwanetse go ya go Jehofa ka thapelo gone fela foo, ‘re latlhela morwalo wa rona mo go Jehofa.’ (Pesalema 55:22)—4/1, tsebe 25.