LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 4/15 ts. 26-27
  • “Dikgang tsa Semolao Mabapi le Kalafi ya Tshelo ya Madi”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Dikgang tsa Semolao Mabapi le Kalafi ya Tshelo ya Madi”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Ke Mpho ya Botshelo Kana Sengwe Se Se Bakang Loso?
    Tsogang!—1990
  • Go Tshelwa Madi Ga go Diphatsa Ka Selekanyo Se Se Kana Kang?
    Madi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang?
  • Botshelo bo ka Bolokwa Jang ka Madi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Britani, le Madi, le AIDS
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 4/15 ts. 26-27

“Dikgang tsa Semolao Mabapi le Kalafi ya Tshelo ya Madi”

“BOLWETSE jwa boshengnyana fela jaana, mme jo bo leng kotsi go gaisa, jwa lekgolo la bo-2O la dingwaga, AIDS. ”Dr. L. A. Laskey (Moitseanape yo Mogolwane wa Genentech Corp.) o ne a tlhalosa bothata joo bo neng jwa gogela kwa kokoanong ya September 19-20, 1985, kwa Washington, D.C., U.S.A.

Gongwe o ka ne o itse gore AIDS (Acquired Immune Deficiency Syndrome) e ile ya amanngwa le dikuno tsa madi le ditshelo tsa madi. Thulaganyo nngwe e e gatisitsweng e e baya jaana:

“Ga go na go amega gope ka boitekanelo mo megopolong ya rona goo go ileng ga dira metlotlo e mentsi le poifo mo bathong ka kakaretso jaana. Batho ba ba tshwerweng ke AIDS ba ka nna ba oketsega gabedi mo ngwageng o o tlang, mme Ma-Amerika a a ka nnang milione o le mongwe [le ba bangwe ba ba oketsegileng ba ba senang palo mo mafatsheng a mangwe] ba ka nna ba amega. Ka gone, kgonagalo ya go bonwa molato semolao ka ntlha ya AIDS, e kgolo.”

Dingaka di ka nna 200, boagente, le badiredi ba kwa polokelong ya madi ba ne ba phuthega kwa kokoanong e e mabapi le “Dikgang tsa Semolao Mabapi le Kalafi ya Tshelo ya Madi.” Ditiro tsa bontsi jwa bano ke tse di neng di amana le ditshelo tsa madi. Mme le bangwe ba Basupi ba ga Jehofa le bone ba ne ba le gone. A re ke re go ngathele bontlhanngwe jwa seo se ileng sa senolwa ke dibui.

Dilo tsa konokono tseo go neng go amegilwe ka tsone e ne e le kotsi ya go anamisa AIDS ka madi le dikotsi tsa semolao mo go bao mo meberekong ya bone ba kokoanyang madi, baa tlhatlhobang, kana go a rekisa. Kgang e e umakilweng labofelo eo e ne ya papamala mo puong ya ntlha, e e malebana le ‘go rulaganngwa, boleng jwa tsa itsholelo, le go laolwa ga tsamaiso ya polokelo ya madi.’ Go laolwa go go ntseng jalo, Dr. P. J. Schmidt o ne a bolela gore, go simologile ka bo-1600. Ngaka ya Mofora ebong Denis o ne a nna wa ntlha “go sekisediwa tiro e e sa siamang ya tshelo ya madi” mo historing, ka ntlha ya go naya “lekawana lengwe madi a konyana, le le ileng la swa.” A taolo e santse e tlhokafala? Schmidt o dumetse ka go re: “Ke akanya gore go na le dilo di le dintsi tse di sa itsiweng. Go feta moo, tiro ya go tshela madi ka boyone ke kgwetlho e e boitshegang ya bosigo le motshegare. Mo nageng eno go dirwa ditekeletso ka yone makgetlho a le milione ka kgwedi mo boitseanapeng jwa tshoutiso, mo boitseanapeng jwa kalafi jwa go lwantsha malwetsi, gantsi kwantle ga tekanyetso ya semolao.”

Moragonyana ga moo, Dr. Paul Ness (wa Kokelo ya Johns Hopkins) o ne a bua malebana le “Phoso eo e Ka Diragalang mo Tshelong ya Madi.” O ne a ikutlwa gore “go thata tota go bua gotlhe fela mo sephatlong sa oura ka phoso eo e ka diragalang ka tshelo ya madi.” Tota, o ne a ikaeletse go bontsha filimi e e reng, “Tlhagiso,” jaaka ekete e ne e le letshwao le le itiretsweng fela, “dilo tse di latelang ke diphoso tse di ka diragalang ka tshelo ya madi,” a bo a thathamisa “dilo di ka nna 50 tse di farologaneng . . . [mme] ke itse gore lenaane leo le ne le ka seke le felele ka tsela epe.”

Dr. Johanna Pindyck (wa Greater New York Blood Program) o ne a bolela gore ‘thurugo-sebete e e seng ya mofuta wa A le B ke bothata jo bo kotsi jwa malwetsi a a anamisiwang ke tshelo ya madi joo re lebaneng le jone mo tshelong ya madi.’ Mofuta ono wa thurugo-sebete “go akanngwa gore o bakiwa bobotlana ke megare mengwe e le mebedi, mme ga go ise go itsiwe gore tota e ntse jang. Go ntse go dirwa dipatlisiso ka dingwaga di le dintsi​—tse 10 go ya go tse 15—​mme ga re ise re bone se se bo bakang.” Malebana le tlhatlhobo e e botoka go gaisa e e leng gone ya go sireletsa madi mo bolwetsing jono jwa thurugo-sebete, o ne a tlhalosa jaana: “Ke ka re, mo e ka nnang 10 lekgolong ya madi e tlhatlhobilwe bosheng jaana, kana le eleng kwa tlasenyana ga moo go se kae.”

Fa a ne a tlotla ka AIDS, Dr. Pindyck le ba bangwe ba ile ba bontsha pono e e nang le tsholofelo ya gore ditlhatlhobo tsa go sireletsa madi jaanong di kgonisa dipolokelo tsa madi go fedisa mo e ka nnang gotlhelele “tshelo ya kuno tsa madi jaaka yone e e bakang kanamo ya AIDS.” A ba ka dira jalo? Dr. Laskey moragonyana ga moo o ile a bega gore ditlhatlhobo tsa ga jaanong ‘di ja madi a a kwa godimo go gaisa, di kotsi go dirwa, ebile ga di a nepagala ka botlalo.’ Gotweng ka mokgwa o o sa tswang go diriwa oo a akanyang gore ke wa maemo a a kwa godimo? O ne a bolela ka ditekeletso tse di neng tsa dirwa ka balwetsi bao ba nang le AIDS kana Matlhoko a a Amanang le AIDS. Mo go ba le bantsi ba bone, ditlhatlhobo tseo di ne tsa palelwa ke go bontsha kamano le AIDS. ‘Ga go ope [ke gore, ope wa batlhatlhojwa] yo o ka bong a nnile le [ba tshwerwe e ke] AIDS, o ne a bolela jalo.

Ka gone o ka tlhaloganya lebaka la go bo bontsi bo akanyetsa go ipolokela madi a bone ka sebele kana go amogela madi a a tswang go tsala kana wa losika fela. Mme Dr. Joseph Bove (wa Kokelo ya Yale-New Haven) o ne a nna kgatlhanong le seno, a bontsha gore go ne go tla ja madi a mantsi mme go ne go tla baka ditlhaelo. O ne a oketsa ka gore: “Nngwe ya dilo tsa konokono tse di bakang malwetsi a a amanang le tshelo ya madi ke phoso ya tsela eo a tshelwang ka yone​—go tshela madi a a sa tshwanelang mo mothong yo o sa tshwanelang. Ke akabetse . . . go bolela gore ka 1985, go sa kgathalesege boranyane jotlhe joo re nang le jone, dikhomputara le sengwe le sengwe se sele, ga re kgone go tshela selekanyo se se tshwanetseng sa madi mo molwetsing yo o tshwanetseng. Mme boammaaruri jwa kgang eno ke gore, ka metlha ga re go dire, mme ke tsela eo re bolayang batho ka yone.”

Ka gone, bao ba neng ba le teng mo kokoanong eo ba ne ba bolela go le gontsi kaga dikgang tsa semolao. Polokelo ya madi e ka itshireletsa jang mo boikuelong jono jwa tiriso e e phoso? Jaanong ereka ditlhatlhobo di le gone, fa madi a a neetsweng ke motho mongwe a itshupa a na le ditwantshi tsa AIDS, a polokelo ya madi e tshwanetse go itsise bao ba amogetseng madi a gagwe mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng? Dr. Schmidt (mokaedi wa polokelo ya madi) o ne a bolela gore: “Go tla o fitlha jaanong ke kgatlhanong le gore re dire kitsiso. Re dira fela seo re tshwanetseng go se dira mme eseng seo se fetang seo.” A go tshwanetswe go bonwa ditaelo tsa kgotla-tsheketo go pateletsa bao baa ganang, jaaka Basupi ba ga Jehofa bao ba ganang ka ntlha ya mabaka a bodumedi?

Tota, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba akarelediwa mo puong ya ga Dr. William Dornette, e e reng “Dikgang tsa Botlhaswa le Boikarabelo.” O ne a tlhalosa gore lebaka le lengwe la konokono la go gana madi ga Basupi “ke kgaolo eno e e mo go Genesise [9:3, 4]. Mme ka phepafalo e bolela gore “ke di lo neile gotlhe hèla. Me nama e e tlhakanyeñ le botshelō yoa eōna, bo e leñ madi a eōna, lo se ka loa e ya.’” Boemo joo bo utlwala go le kana kang, mme ke tshwanelo efe ya semolao eo Basupi ba nang le yone ya go gana madi?

Dornette, yo eleng moitseanape wa tsa kalafi le molao, o ne a gakolola jaana: “Ka dingwaga-ngwaga tse dintsi maloko a tumelo ya Basupi ba ga Jehofa a ile a tsewa jaaka setlhopha sa batho ba ditlhogo tsa bone di sa tseyeng sentle bao ba sa itseng gore ba dirang, gonne ‘nna moitseanape wa tsa kalafi​—ngaka—​ke itse sengwe le sengwe.’ Re tshwanetse go lemoga gore, santlha-ntlha, ba rata bodumedi tota. Sa bobedi, ke baagi ba Amerika . . . Sa boraro, ba na le tshwanelo ya go dirisa bodumedi, mme ba kgatlhegela go tshela sentle . . . Ba dumela mo go tlhokomelweng ka tsa kalafi. Mme ke akanya gore re tshwanetse go tlotla ditshwanelo tsa bone jaaka batho tsa go dirisa bodumedi ka kgololesego.” O ne a oketsa ka go re: “Go palelwa ke go bona tumelelo epe gotlhelele ke tirisa-dikgoka Go palelwa ke go bona tumelelo ya tshelo ya madi ke tirisa-dikgoka. . . . Fa o bona kgano e e nang le tshedimosetso ya molwetsi yo o ikanyegang, o a bo o ikgolotse mo go ikarabeleleng mo kgotla-tshekelong ya molao.”

Sebui se sengwe, ebong agente Susan Lentz, o ne a otlelela seno, ka gore: “Go botlhokwa go tlhaloganya gore tumelelo e e nang le tshedimosetso e mosola tota fa fela o lemoga gore ga e akareletse fela tshwanelo ya go neela tumelelo gape le tshwanelo ya go gana ka tumelelo.” O ne a oketsa ka go re “mo go one ngwaga ono go ile ga nna le ditshwetso [tsa kgotla-tshekelo] di le tharo kana di le nne tseo di dumelelang ditshwanelo tsa balwetsi ba Basupi ba ga Jehofa tsa go gana ditshelo tsa madi.” O ne a konela ka go re: “Jaaka seo lo se utlwileng mo letsatsing la bofelo le sephatlo malebana le AIDS le mathata ao a amanang le yone e ntse e nna bothata go ya pele, bobotlana mo mogopolong wa batho, mathata a a amanang le go gana le one a ka oketsega.”

(Tshedimosetso e e oketsegileng e e mosola malebana le AIDS e tla tlhaga go Awake! ya April 22, 1986.)

[Lebokoso mo go tsebe 26]

A balwetsi ba ka ikanya gore polokelo ya madi e tla kgona go tlhatlhoba madi a a nang le AIDS? Dr. Myron Essex, modula-setulo wa lefapha la thuta-botshelo ya kankere kwa Sekolong sa Boitekanelo jwa Batho sa Harvard, bosheng jaana o boletse ka gore: “Ga go kgonagale tota-tota gore tlhatlhobo eno e bona go go fetang 90 lekgolong, mme phopholetso ya me e e gaisang ke gore ke 75 go ya go 80 lekgolong. Ke tla gakgamala fa e le gore e botoka gope go feta moo.”​—The New York Times, October 4, 1985

[Lebokoso mo go tsebe 27]

“Tlhatlhobo e ntšha ya madi, eo e rebotsweng ka April o o fetileng ebile e dirisiwa ke dipolokelo tsotlhe tsa madi, e tlhatlhoba twantshi ya megare ya AIDS fela, eleng HTLV-III. Seo, ka maswabi, e sa se tlhatlhobeng ke batho bao ba nang le megare ya AIDS e e tshelanwang le bao ba iseng ba tlhagise ditwantshi tsa megare ya AIDS . . . Ka jalo, palo e e kwa tlase mme e le botlhokwa ya batho bao ba ka nnang milione o le mongwe bao ba nang le megare ya AIDS ba santse ba se kitla ba bontsha ditwantshi tsa megare eo mo tlhatlhobong e e tlwaelegileng ya bosheng jaana kwa dipolokelong tsa madi.”​—Sanford F. Kuvin, M.D., Jerusalem, November 17, 1985.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela