LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 6/15 ts. 29-30
  • Britani, le Madi, le AIDS

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Britani, le Madi, le AIDS
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Ke Mpho ya Botshelo Kana Sengwe Se Se Bakang Loso?
    Tsogang!—1990
  • Go Tshelwa Madi Ga go Diphatsa Ka Selekanyo Se Se Kana Kang?
    Madi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang?
  • “Dikgang tsa Semolao Mabapi le Kalafi ya Tshelo ya Madi”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Go Thusa Ba Ba Nang Le AIDS
    Tsogang!—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 6/15 ts. 29-30

Britani, le Madi, le AIDS

DINGWAGA tse pedi tse di fetileng, Tora ya Tebelo e ne ya gatisa setlhogo sa “Ditekanyetso tsa ga Jehofa Di A Re Thusa.” (Pesalema 20:4) E ne ya fa sekai se le sengwe sa pabalelo le dikaelo tse di tlhomamisegang tsa thuso e e gone ya Modimo, tshireletso e e tlang go Bakeresete bao ba utlwang molao wa gagwe kgatlhanong le go tsaya madi. Ka nako eo mo United States tlhokomelo e ne e sa tswa go simolola go kgonosela mo pōpōng ya botsogo e ntsha​—AIDS. Go ne go na le dipelaelo tsa gore bolwetsi jono jo bo kotsi bo ka tswa bo anamisiwa ka ditshelo tsa madi. Lefa go le jalo, babadi mo Yuropa le gongwe le gongwe ba ka tswa ba ile ba ikutlwa ka nako eo gore pōpō eno ya go tlola molao wa Modimo e ne e lekanyeditswe mo lefelong le le kgakala. Jaaka tsamaelano ya dingwaga tse pedi moragonyana, akanyetsa boikitsiso jwa bosheng jaana go tswa Great Britain.

“KGAITSADIAKE o tlhoka go dirwa loaro mme o boifisiwa ke go tshelwa AIDS. Ga re Basupi ba ga Jehofa, a mme ka tswee-tswee le ka re thusa ka go re bolelela ka ngaka eo e ka arang kwantle ga tiriso ya madi?” Eo e ne e le e nngwe ya dikopo tse di tswang mo pelong fela tse di amogetsweng bosheng jaana ke Basupi ba ga Jehofa kwa ntlongkgolo ya bone kwa Lontone, mo Ennyelane. Ke eng seo se tsalang maikuelo ano?

Fa esale tshimololo ya lone, Lephata la Tirelo la Tshelo Madi mo Britani le nnile la ikgantsha ka merwalorwalo ya madi e e tswang mo bathong ba ba ithaopelang go a tlisa. “Boikhutso morago ga go ntsha [paente ya madi], o bo o nwa sengwe le dibesikitsi, o bo o boela tirong. Goreng o sa go leke?” go ne ga kgothatsa jalo pampitshana nngwe e e dirang kanamiso. Ka ntlha ya gona moo, meneelo ya boithaopo ya dimilione tse pedi a dirwa ngwaga le ngwaga ke diphesente tse 3 tsa banni ba naga eo.

“Madi a a tsewang mo baithaoping ba ba sa duelweng, jaaka go ntse mo Britani, a kwa godimo thata thata ka boleng go na le ao a tsewang mo bathong bao ba a duelelwang,” go iphaka jalo The Guardian. Ka mantswe a mangwe, boikutlo e nnile ya nna ka metlha gore Britani e ne ya tila bothatanyana jwa tshwaetso mo mading a a rekilweng mo matlhapelweng kana ba bangwe ba go seng sepe se ba ka se rekisang fa e se one fela. Mme ditiragalo tsa bosheng jaana di ile tsa supa diphoso tse di masisi mo kgannyeng eno, go felela ka go sa tshepiwe gotlhelele ke batho mo go neng go sa lebelelwa. Morago ga dintsho tsa batho ba babedi ba ba tshologang madi, mmueledi wa Haemophiliac Society o ne a re ‘merwalo-rwalo ya madi ya ba National Health Service ga e ka ke ya tlhola e tsewa e babalesegile.’ Go ne ga diragalang?

Lemororo go ile ga itsiwe ka dingwaga gore ga go ka ke ga kgonega go fenyenkolola madi a bolwetsi bongwe le bongwe le gore ditshwaetso tse di masisi, tse di jaaka thurugo ya sebete kana letshoroma, di ka fetisiwa ka tshelo madi, dikotsi tse di ntseng jalo di ne di sa itsisiwe phatlalatsa mo Britani. Go ne go gopolwa gore ka metlha yotlhe go ntshiwa ga madi ga go tlhoke gore go tsise poifo epe. Mme go ile ga nna le mabaka a le mabedi a a boitshegang a a ileng a kopana, go dira gore The Daily Telegraph e feleletse ka gore: “Britani e latlhegetswe ke ntwa ya go thibela mogare wa Aids oo tlhagelelang mo merwalorwalong ya madi.”

Poitshego ya ntlha e ne ya tla fa dipego tsa bobega dikgang di ne di senola gore Britani ka dingwaga tse dintsi o ile a reka madi go tswa kwa moseja. “Madi a ile a rekwa mo bathong mo dinageng tse di humanegileng koo go nang le bodiphatsa jwa malwetsi a a ka fetelang mo go ba bangwe ka madi,” go ne ga bua jalo moemedi wa lekgotla la babereki kwa metswakong ya tlhatlhobo madi. Go feta moo, dikalone tse di ka nnang dimilione tse 70 tsa Factor VIII e e nonofileng di rekwa kwa United States mme a bo a dirisiwa go alafa ba ba bolawang ke tshologo ya madi mo Britani. Motswako mongwe le mongwe wa Factor VIII o dirilwe ka “plasma” e e gogiwang mo bantshing ba madi ba bantsi ba ba ka nnang 2 500. Go bonala gore ka go reka motswako ono wa madi mogare wa AIDS o ile wa tlisiwa mo morwalong wa madi wa Britani.

Letshogo le lengwe gape le ne la tla fa AIDS e ne ya netefadiwa jaaka e ile ya tsenelela mo tsamaisong eo go tswa mo bantshing ba madi ba basodoma moteng ga British Isles. Lemororo basodoma ba ne ba le gareng ga bao ba ileng ba kopiwa gore ba se ntshe madi ka ntlha ya bodiphatsa jwa bone jwa go nna le AIDS tlhagiso e ne e sa papamadiwa ka bogale jaaka e ne e tshwanetse e ka bo e ne ya dirwa, go ne ga dumela jalo ba Lephata la Botsogo. Tlhagiso mo pampitshaneng ya bone ya AIDS e ne ya lebisa fela go “banna ba basodoma bao .ba nnang le basodoma ba bantsi.” Kgatiso e nngwe gape ya bosheng ya pampitshanyana A.I.D.S. le kafa e amang bantshi ba madi ka gone e ne ya papamatsa gore “basodoma ba banna le ba ba kopakopanang le banna le basadi” ba “ka tlhaselega segolo motlhofo” ke AIDS. Mme tlhagiso e ne ya tla nako e setse e ile. Kwa tshimologong ya 1985 batho ba ba fetang 40, go akareletsa le losea lo lo sa tswang go tsalwa, ba ne ba tlhasetswe ke bolwetsi joo. Gape, go na le ntlha e e tshwenyang ya gore mogare wa AIDS o ka baya mae ka lobaka lwa dingwaga tse pedi. Ka jalo ke ba le kae bao ba setseng ba tlhasetswe ke jone? Go setse fela “ntlhanyana ya gore bomo e thunye ka nako,” jaaka The Sunday Times e e baya. Ka gone, Lephata la Tirelo ya Tshelo ya Madi la Bosetšhaba bosheng jaana le ile la baakanyetsa ka pampitshana e nngwe gape ya bao botlhe ba ka tswang ba ntsha madi mo Britani, Mabaka Mangwe A Lebaka La Go Bo O Sa Tshwanela Go Ntsha Madi.

Go setse go ile ga nna le dintsho tse di ka nnang 50 tsa AIDS mo Britani, mo dipegong tse di fetang 100 tse di boletsweng. Palo ya batho bao ba tlhasetsweng ke bolwetsi jo jaana e menagana dikgwedi dingwe le dingwe tse di robang bobedi. Mmegi wa tsa botsogo wa The Sunday Times o ile a lekanyetsa gore go tla nna le dipego tsa balwetsi ba ba 12 000 mo dingwageng tse di ka nnang tlhano. Tekanyetso e e bileng e le e e tshosang thata thata e e tswang go ba United Kingdom’s Royal College of Nursing ke gore batho ba ba sedikadike mo British Isles ba ka tlhaselega ka ngwaga wa 1991 fa go sa tsewe kgato epe go tlhomamisa kanamo ya AIDS.

Mmatlisisi yo o umakilweng fa godimo o ne a re: “Go bonala e le gore lona Basupi ba ga Jehofa le sutšwa le le boammaaruri ka kgang eno ya tshelo ya madi.” Mo go bileng go le boammaaruri thata, tota, ke Jehofa Modimo, ka Lefoko ja gagwe, eleng Bibela, yo o galalediwang. Makgolo a dingwaga o ile a laela Bakeresete go ‘ithiba mo mading.’ (Ditihō 15:29; 21:25) Kgakololo ya gagwe le ditekanyetso tsa gagwe eleruri di ile tsa itshupa e le tshireletso go batho ba gagwe mme di tla tswelela jalo.

[Lebokoso mo go tsebe 30]

AIDS Ke Eng?

AIDS ke khutshwafatso e e tswang go Acquired Immune Deficiency Syndrome. AIDS ka boyone ga e bolae. Mme, jaaka leina ja yone le akantsha, motlhaselwa wa jone o tlogela tsamaiso ya gagwe ya tlhabantshe malwetsi e koafaditswe A tlhaela tshireletso eno, motho yo o nang le bolwetsi joo e tla re ka iketlo a swe mo go tlhaselweng, jaaka mofuta o o tshosang wa tlalelano makgwafo ka metsi kana sebopego sa kankere sa letlalo se se sa itsegeng, Kaposi’s sarcoma. Dipatlisiso mo go lemogeng le mo go alafeng di santse di le kwa masimologong a jone, mme go tla go fitlha jaana, ga go ise go itsiwe kalafi ya AIDS.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela