Setlhoa se se Itumedisang sa Dingwaga di le 80 tsa go Phutha
INDIA! Lefatshe la dilo di le dintsi tse di sa tshwaneng—mo mokgweng wa botshelo, mo ditumelong, mo ditlwaelong, le mo tlelaemeteng. Ke naga e e sa tshwaneng le tse dingwe le e e gakgamatsang mo go ba le bantsi, lefa go ntse jalo e ikuela mo go mongwe le mongwe yo o etelang dintshi tsa yone tsa lewatle tse di kgatlhisang
Go ralala kontinente-potlana eno e kgolo, eo e phephethang ka batho ba le dimilione di le 775, bao ba ratang Jehofa Modimo ba ne ba tlhomile megopolo mo tiragalong e e kgethegileng mo torotswaneng ya Lonavla, kwa godimodimo kwa Western Ghats kwa Nageng ya Maharashtra. E ne e le ka Sontaga, January 20, 1985.
Ke ka ntlhayang, mo letsatsing leo, megopolo e mentsi jaana e ne e tlhomilwe mo seteisheneng seno se sentle se se mo thabeng dimmaele di le 70 (110 km) go tswa motse-mogolong o o betaganeng wa Bombay? Karabo e ikaegile ka dingwaga tse 80 tsa go phuthiwa ga dilo tse di botlhokwa-tlhokwa tsa ga Jehofa—ebong batho ba gagwe—mo India. Go a itumedisa eseng fela mo Basuping ba ga Jehofa ba ba fetang 7 000 fano mme go bokaulengwe jotlhe jwa batho ba Modimo lefatshe ka bophara.
Mme gore o ke o anaanele botlhokwa jwa tiragalo eno e e kgethegileng botoka, a ka bokhutshwane re sekasekeng ka moo metheo ya boammaaruri e neng ya nitamisiwa ka gone mo dingwageng di le masome a le robedi tse di fetileng.
Lesedi la Boammaaruri le Tla mo India
Ka 1905 moithuti mongwe wa boitseanape wa India, ebong S. P. Davey, o ne a etela United States of America. Fa a ntse a le koo, o ne a nna gone kwa puong ya Bibela eo e neng e neelwa ke C. T. Russell, mookamedi wa Watch Tower Bible and Tract Society ka nako eo. Davey o ne a kgatlhegela boammaaruri thata, o ne a boela kwa ga bone kwa Madras mo losing lwa lewatle lwa botlhaba lwa lndia, mme kgabagare o ne a tlhoma ditlhopha tsa thuto ya Bibela di le 40.
Mo e ka nnang ka nako e e tshwanang, lekawana lengwe la Mo-India le ne le batla dikarabo tsa dipotso tse di malebana le thuto ya Tharo-nngwe le kolobetso ya masea. A. J. Joseph ka nako eo e ne e le leloko la Church of England, mme o ne a amogela sekaelo sa buka ya ga Russell e e bidiwang At-One-Ment Between God and Men ka poso. Buka eno e ne ya kgonisa Joseph go bona boammaaruri kaga bogolo jwa ga Jehofa. Joseph, rragwe, le ntsalae ka bonako ba ne ba setse ba anamisa boammaaruri jwa Bibela go ralala metsana e go lengwang raese le ditlhare tsa kokonate mo go yone ya seo jaanong eleng lefatshe la Kerala. Morago ga fa Mokaulengwe Russell a sena go etela India ka 1912, Joseph o ne a nna mmoledi wa Bogosi wa nako e e tletseng. Ka 1924 o ne a tsaya loeto lwa dimmaele di le 3 600 (5 800-km) lwa go neela dipuo mo India a le esi, a kgonisa batho ba le bantsi go utlwa boammaaruri. Mokaulengwe Joseph e ne e le modiri yo o tlhoafetseng go fitlhela losong lwa gagwe ka 1964.
Mookamedi wa bobedi wa Watch Tower Society, ebong J. F. Rutherford, o ne a etela England ka 1926. Fa a le koo, o ne a botsa Edwin Skinner, wa mmulatsela (moreri wa nako e e tletseng) a re: “A ga o rate go ya India?” Kwantle ga go etsaetsega, Mokaulengwe Skinner o ne a arabela a re: “O batla gore ke tsamaye leng?” Morago ga dibeke di le tharo fela ene le yo o neng a mo patile ba ne ba leba India!
Dingwaga di le 50 morago ga moo, Edwin Skinner o ne a direla jaaka motlhanka wa lekala, lantlha a okamela India, Ceylon, Persia, Afghanistan, le Burma. O tsamaile India thata ka terena, a refosanya maikarabelo a ofisi le tiro ya go eta le go rera le yo o neng a mo patile. Moragonyana ga moo ba ne ba nna le “ntlo ya koloi” mme ba atolosetsa bosupi jwa bone kwa mafelong ao a ka se fitlhelelweng ka terena. A na le dingwaga di le 91, Mokaulengwe Skinner e santse e le modiri yo o matlhagatlhaga mo ofising ya lekala ya India le moreri yo o tlhomologileng wa mafoko a a molemo.
Baalogi ba Sekolo sa Bibela sa Gileade sa Watch Tower ba ne ba simolola go goroga ka 1947. Richard Cotterill yo o tsaletsweng kwa Brithane e ne le e mongwe wa ba ntlha mo go bano, mme o santse a le matlhagatlhaga morago ga dingwaga dile 38. E setse e le lobaka lo lotelele jaanong, tao ya ga Goromente e ntse e thibetse go tsena ga barongwa bape ba basha ba mafatshe a sele mo India. Mme bakaulengwe le bokgaitsadi ba le 17, ka palo-gare ya dingwaga di le 30 mongwe le mongwe, ba direla ka boikanyegi mo nageng eo jaaka barongwa.
Bakaulengwe ba Ma-India ka bobone ba dirile kgatelo-pele e kgolo ya semoya, mme jaanong ba le bantsi ba a tshwanelega jaaka babulatsela ba ba kgethegileng le jaaka balebedi ba ba etang. Ka 1983 ditlhopha di le pedi tsa thuto ya dibeke di le some tsa Sekolo sa Bibela sa Watchtower di ne di tshwaretswe mo ofising ya lekala. Babulatsela ba ba kgethegileng ba le 46 bao ba neng ba se tseneletse ba ne ba kgothadiwa le go baakanyediwa go lebana botoka le ditlhokafalo tse dikgolo tsa tiro ya go phutha ya India. Ba ile ba dirisiwa mo go atolosetseng tiro kwa mafelong a masha.
Maungo go sa Kgathalesege Dikgoreletsi
Go sa kgathalesege dikgwetlho tse di farologaneng tsa tshimo e e anameng ya India—ditoropo tse dikgolo tse di betaganeng, ditlhopha tsotlhe tsa batho bao ba tshelelang mo lehumeng, ditlwaelo tsa bodumedi tse di tseneletseng tseo di laolang ditiro tsa letsatsi le letsatsi go tloga ka tsalo go ya losong—go phutha go gatela pele. Mo gare ga dimilione tse di phephethang tsa India, ba bangwe ba batla tharabololo ya mathata a setho mme ba batla go tlhaloganya Modimo mo gοgolwane.
Mongwe wa batho ba ba ntseng jalo ke Dadu. Jaaka lekawana, Dadu o ne a gakgamadiwa ke lebaka la gore batho ba ba senang palo ba obamela medimo e mentsi jaana. O ne a simolola go bala Bibela, mme o ne a sa tlhaloganye bontsi jwa yone. Morago ga moo o ne a ya kwa ditempeleng tsa Ma-Hindu mme a simolola go bala dibuka tsa bodumedi joo.
“Ke ne ka bolelelwa gore Morena Krishna e ne e le ene a laolang ditumelo tsotlhe le gore tumelo nngwe le nngwe e emetswe mo sebageng sa lotlwana loo a lo rwalang mo thamong,” Dadu o gakologelwa jalo. “Ke ne ka akanya gore fa go ne go ntse jalo, jaanong ke ka ntlhayang fa go ne go na le letlhoo mo gare ga ditumelo tse di farologaneng, leo gantsi le felelang ka tshololo ya madi?” Fa Dadu a sena go tlhatlhoba bodumedi jwa Ma-Moseleme moragonyana ga moo go ne ga mo gogela mo go dumeleng gore o ne a buisana le bagologolwane ba gagwe ba le mmalwa ba ba tlhokafetseng. Mme fa a sena go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa, Dadu le mosadi wa gagwe ba ne ba ithuta tshimologo ya ditumelo tse dintsi tsa lefatshe le gore mewa e go tweng e siame eo ba neng ba ntse ba buisana le yone e ne e le maferefere, ebong badimona. “Re leboga Jehofa Modimo ka ntlha ya kitso eo e re golotseng mo tlhotlheletsong ya bone,” Dadu o bolela jalo. Jaanong ene le mosadi wa gagwe ke badihedi ba nako e e tletseng.
Mo dingwageng di le supa tse di fetileng, mmè mongwe o ne a bona Bibela le buka ya Bibela go tswa mo Basuping ba ga Jehofa. Lemororo ene le lelapa la gagwe ba ne ba fudugela kwa mafelong ao go neng go sena Basupi kwa go one, o ne a tswelapele go ithuta ka boene. Bosheng jaana fa a ne a kopana le Basupi gape, o bega jaana: “Mo dingwageng tseno tse di fetileng, ga ke a ka ka lebala dinnete tseo ke neng ke di ithutile mo Bibeleng. Go ne go sa kgonagale mo go nna gore ke boele kwa ditseleng tsa me tsa pele tsa kobamelo.”
Dibuka ka Dipuo tse Dintsi
Go buiwa dipuo di le sometlhano tsa konokono go ralala India, mme go dirisiwa mekgwa e e farologaneng ya go kwala e le robonngwe. Go tlamela ka dijo tsa semoya ka dipuo tseno tsotlhe e ile ya nna kgwetlho. Le eleng bogologolo jaaka bo-1912, Mokaulengwe Russell o ne a rulaganyetsa gore dibukana tse di malebana le ditlhogo tsa Bibela di ranolelwe go Sehindu, Segujarati, Semalayalam, Semarathi, Setelugu, le Setamil. Dipuo tse dingwe tsa lefelo leo di ne tsa kopanyelediwa moragonyana, bontsi jwa dibuka tseno di gatisiwa kwa moseja mme di bo di romelwa. Mme mo masimologong a bo-1960 puso eo e laolang e ne ya thibela thomelo-teng ya dibuka dipe tsa dipuo tsa Se-India.
Ereka go ne go sa kgonagale ka ntlha ya tsa itsholelo gore lekala le ikgatisetse, Mokgatlho o ne wa dira ditumelano le bagatisi ba kgwebo. Babulatsela ba ba tlhophilweng ba ne ba rutiwa go tlhokomela go gatisiwa ga dibuka mo mafelong a bone. Ga jaanong, go na le mafelo a go gatisetsa a le 11 a a farologaneng, ao a tlhagisang dibuka tsa Bibela ka dipuo di le 16, go akareletsa le diphetolelo di le 9 tsa makasine wa Tora ya Tebelo. Ka bonako, fa go sena go tsenngwa MEPS (Multilanguage Electronic Phototypesetting System ya Mokgatlho), go dirwa le go rulaganngwa ga bofelo ga dikgatiso go tla direlwa kwa ofising ya lekala, go golola babulatsela ba bantsi gore ba dirise le nako e e oketsegileng mo tirong ya go phutha.
Maungo a Dingwaga tse 80
Jaaka morafe wa bobedi o o nang le baagi ba bantsi go gaisa mo lefatsheng, go santse go na le namane e tona ya tiro eo e tshwanetseng go dirwa mo India. Ke fela mo e ka nnang 6,6 lekgolong ya baagi eo go tla go fitlha jaanong e setseng e fitlheletswe ka mafoko a a molemo. Fa go bapisiwa le ya dinaga tse dingwe tse dintsi, go gola ga batho ba ga Jehofa mo India go ile ga nna bonya. Go tsere dingwaga di le 53 go fitlhelela letshwao lwa baboledi ba le 1 000 fela. Mme barongwa le bakaulengwe ba lefelo leo ba ile ba tswela pele mo go direng thato ya Rraabone ba sa kgaotse le ka bopelotelele. (Isaia 60:22) Jaanong re ipelela go bona koketsego ya 10 lekgolong mo ngwageng o o fetileng, le setlhoa se sesha sa baboledi ba le 7 410 mo diphuthegong tsa naga eo tse 340 le ditlhopha tse di kwa thoko.
Kgolo eno e e tlhomameng e ne ya bontsha go tlhokega ga dikago tse dikgolwane tsa lekala. Lefa go ntse jalo, go atolosiwa ga lekala la lndia kwa Bombay go ne go sa kgonagale. Mme lefatshe la toropo eo le ne le se motlhofo go bonwa mme le ja madi a mantsi. Moya wa Bombay, le one, go ne go twe o fokotsa botshelo jwa motho ka dingwaga di le lesome. Jalo ka 1978 go ne ga bonwa setsha mo thabeng ya lefelo la malatsi a boikhutso mo Lonavla, lefelo la ntlha le le kwa borwa jwa toropo ya Bombay koo tsela le seporo di kopanelang gone. Le kwa bogodimong jwa dikgato di le 2 000 (610 m), toropo eo ga e a kgotlelwa mowa jaaka tse dingwe.
Dingwaga di le Thataro tsa Tiro
Tiro e e simololang e ne e akareletsa go agiwa ga dipota, tse di fitlhang go bogodimo jwa dikgato di le 15 (4,6 m) mo mafelong ao, go sireletsa lefatshe le go boloka mmu wa dikago tse di fa gaufi mo mehapheng ya dithaba. Dikgatampi di ne di tshwanetse go katelwa mme dimela tse di golelang fa fatshe tse di neng di tletse ka dinoga tse di botlhole di ne di tshwanetse go tlhagolwa mo lefatsheng, tse di jaaka mekwepa le boshaushawane. Matlo a le mmalwa le dikago tae dingwe di ne di tlhoka go baakanngwa go gontsi gore di dirisiwa jaaka matlo a bonno le diofisi tsa nakwana.
Go ne ga thapiwa batho ba ba agang, mme bakaulengwe ba ba nang le kitso ya tiro ba ne ba tlhokomela karolo nngwe le nngwe ya kago, mme ba bangwe ba le bantsi ba ne ba thusa foo mo ba neng ba kgona gone. Moagi mongwe, yo o neng a thapetswe go dira tsela e e moteng ga meago, o ne a swetsa gore tiro e ne e tshwanetse go emisiwa dikgwedi di le thataro, ereka go tshelwa ga metsi mo go tlhokafalang mo tseleng e e sa lekalekaneng go ne go sa rulaganyediwa. Abo e ne e le ponalo e ntle jang ne fa lelapa lotlhe la lekala le ne le gelelela metsi ka dinkgo go ya kwa tseleng eo maitseboa mangwe le mangwe e le gore tiro e ke e dirwe go ya ka thulaganyo!
Ga go a ka ga utlwala lefa e le modumonyana wa dimatšhini tse di lekalekanyang lefatshe, ereka bontsi jwa tiro kwa lndia e dirwa ka matsogo. Jalo tiro e ne ya tswelapele ka thelelo go fitlhelela boalo jwa ntlha jwa moago o mogolo bo wediwa. Ke fela ka nako eno go ileng ga nna le tlhaelo e kgolo ya semente. Mme ka boitumelo lekala la Korea la Mokgatlho wa Watch Tower le ne la rulaganyetsa go romelwa ga dikgetsi di le 10 000, tseo di neng tsa dira gore kago eo yotlhe e fediwe jaaka go ne go rulagantswe. Jalo, ka 1984, moago o montle o mosha wa lekala o ne o eme o weditswe—go baka Jehofa.
Matswela a bofelo
Jaanong go na le meago e le robedi mo teng ga tikatikwe ya Mokgatlho ya diakere di le 4,6 (1,9-ha) eo e kgabisitsweng ka ditlhare tsa dipanana, dimenku, difeige, le dipapaya, gammogo le dimela le ditlhatshana tse dintsi tse di thunyang.
Moago o mogolo wa lekala o na le maalo a le mabedi le boalo jo bo kwa tlase, tse go nang le karatšhe le botlhatswetso mo teng ga tsone. Phaposi ya feketiri eo e leng mo boalong jo bo fa fatshe e na le sebaka sa dimatšhini di le tharo tse dinnyennyane tsa go gatisa, gammogo le dimatšhini tsa go kgaola pampiri, go e gokaganya, le go e tshwaraganya. Mo boalong jono gape go na le diphaposi tsa dikhomputara tsa MEPS le lefelo la thomelo, leo dibuka tseo di dirwang mo lefelong leo di romelwang kwa dinageng tse dingwe di le 56. Diofisi, laeborari, le dikamore tsa go robala di mo boalong jwa bobedi.
Holo e ntšha ya Bogosi e kafa letlhakoreng le le kafa pelepele la meago eno. Serala se se mo sekhutlong, se se kgabisitsweng ka logong lo lo betliweng ka letsogo, se lebagane le holo e go ka nnang batho bale 250 mo go yone. Meago e e fa gaufi, e e baakantsweng, ke matlo a bonno, kitsi, le phaposi ya bojelo ya lelapa la lekala la batho ba le 31. Gape go santse go na le lefatshe le go senang sepe mo go lone la fa go tlhokafala katoloso e nngwe gape.
Tiragalo e e Kgethegileng
Jalo e ne e le, morago ga dingwaga di le 80 tsa go phuthiwa ga dilo tse di tlhokegang thata tsa ga Jehofa, go ileng ga lebisiwa tlhokomelo mo letsatsing lele le le itumedisang thata la January fa go ne go kgakolwa meago e mesha ya lekala la India.
Ka nako ya thulaganyo ya kgakolo go ne ga tlhalosiwa ka dingwaga tseno tse 80 tsa go rera. Go ne ga neelwa dintlha-kgolo tsa tiro ya kago. Molebedi wa makala ebong Günter Künz, go tswa kwa lekaleng la Jeremane, mo puong ya gagwe o ne a bolela gore go nnile le koketsego ya 30 lekgolong ya batho ba ga Jehofa lefatshe ka bophara mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng. Mme o ne a ipelela go bega gore India e ile ya nna kwa godimo ga seo ka koketsego ya 34 lekgolong, mme o ne a gakolola bareetsi gore fa go dirwa ka natla lndia le yone e ka tswelapele go gatelapele.
Botlhe bao ba neng ba le gone ba ne ba kgatlhiwa ke sesupo seno sa tshegofatso ya ga Jehofa. Bakaulengwe ba kwa lndia ba ikemiseditse go dira ka natla e le gore ba le bantsi ba ba oketsegileng ba ke ba thusiwe go arabela mafokong a a molemo a Bogosi.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Edwin Skinner (wa bobedi go tswa kafa mojeng) ka “ntlo ya koloi”
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Ntlo-kgolo e Ntšha ya lekala kwa borwa jwa Bombay