LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 4/1 ts. 27-30
  • Go Baya ’Letsogo La Me mo Mogomeng Le Go Se Lebe kwa Morago’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Baya ’Letsogo La Me mo Mogomeng Le Go Se Lebe kwa Morago’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Katisiwa ga Gileade le Kabelo ya kwa Mafatsheng a Seeng
  • Mo Gare ga Dikgaruruu
  • Setshwantsho se se Maswe
  • Go se ‘Lebe Morago’
  • Se se Dirang Gore ke Itumelele go Dira Barutwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Ke ne Ka Tlhopha Tiro ya Botshelo Jotlhe e e Siameng
    Tsogang!—2007
  • Go Nna ke Tlhomile Matlho le Pelo mo Mokgeleng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Tshegofatso ya ga Jehofa e ne ya nkhumisa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 4/1 ts. 27-30

Go Baya ’Letsogo La Me mo Mogomeng Le Go Se Lebe kwa Morago’

JAAKA ke ne ke palama sefofane go ya kwa legaeng la me le lesha kwa Bolivia, ke ne ke ntse ke gopola mafoko ao mmè a neng a a nkwaletse mo lekwalong la gagwe la bofelo. “Ga go motho ope, yo o ka reng a setse a beile seatla sa gagwe mo mogomeng, mme a leba kwa morago, yo o tshwanelang bogosi jwa Modimo.” (Luke 9:62, King James Version) Ke ne ke ikemiseditse go dirisa mafoko ano.

Lemororo tiro ya borongwa e ne e tla nna boitemogelo jo bosha, ke ne ke setse ke ipeletse tirelo ya nako e e tletseng dingwaga tse tlhano. Ke ne ka ithuta boammaaruri mo batsading ba me, bao ba neng ba simolola go ithuta le Baithuti ba Bibela bogologolo ka 1923, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo. Lemororo ke ne ke na le dingwaga di le nne fela ka nako eo, ke ne ke batla go tlhaloganya dibuka tsa Mokgatlho wa Watch Tower. Lefa go ntse jalo, mo dingwageng di le dintsi lelapa la etsho le ne la dira go le gonnye ka boammaaruri. Bangwe ba baagisani ba rona bao e neng e le Baithuti ba Bibela ba ne ba aga ba tla go re etela. Gape, ke gopola ka moo Rre a neng a etela baagisani gore ba tle ba reetse dipolelo tsa Moatlhodi Rutherford ka gone.

Lefa go ntse jalo, dipeo tsa boammaaruri di ne tsa seka tsa simolola go ungwa go fitlha ka 1938. Mmè​—yo jaanong a neng a tlhadilwe ebile a nyetswe gape—​o ne a simolola go amogela le go bala dibuka go tswa go Basupi ba ga Jehofa ka tlhoafalo. Ke ne ka kgatlhiwa segolo ke go ithuta gore “boiididi yo bogolo” bo ne bo tla falola go fedisiwa ga tsamaiso eno ya jaanong ya dilo le go tshelela ruri mo lefatsheng (Tshenolō 7:9-14) Boikitsiso jono bo ne bo tshwanetse go abelwa ba bangwe!

Jalo morago ga go kolobediwa ka June 1939, ke ne ka simolola go akanya ka go nna modihedi wa nako e e tletseng, kana mmulatsela. Morago ga gore ke fudugele kwa Colorado, ke ne ka tlwaelana le Helen Nichols le mmagwe​—bokgaitsadi ba babedi ba ba tloditsweng bao e neng e le babulatsela ba ka metlha. Maitemogelo a a molemo ao ba neng ba a bolela a ne a nkgothatsa ka mo go oketsegileng gore ke direle jaaka mmulatsela. Ka gone, ka May 1940 ke ne ka amogela kabelo ya me ya ntlha ya go bulatsela kwa Salida, Colorado.

Go Katisiwa ga Gileade le Kabelo ya kwa Mafatsheng a Seeng

Marago ga dingwaga di le mmalwa tsa go bulatsela mo dikarolong tse di farologaneng tsa Colorado le Indiana, ke ne ka lalediwa go tsena setlhopha sa boraro sa Gileade. Seno e ne e le sekolo se se rulagantsweng ke Mokgatlho wa Watchtower go thapisa barongwa. Ke ne ka itumelela masego a Sekolo sa Gileade dikgwedi tse tlhano tse di molemo, mme morago ga go aloga ka seke ka amogela kabelo ya kwa mafatsheng a seeng ka bonako. Ntwa ya Lefatshe II e ne e ntse e lowa! Jalo ke ne ka romelwa ka nakwana go ya go bereka le bokgaitsadi ba bangwe ba le supa mo West Haven, Connecticut. Ka 1945 ke ne ka abelwa go dira mo Washington, D.C. Lefa go ntse jalo, tsela e e yang kwa kabelong ya me ya kwa mafatsheng a seeng e ne e bulega ka bonako: La Paz, Bolivia.

Pele ke amogela kabelo ya me, ke ne ke ise ke ko ke utlwe kaga Bolivia! Ga go gakgamatse gore dikakanyo tse di tlhobaetsang di ne di ntse di tshwenya mogopolo wa me fa re ne re palama sefofane: Ke tla tswelela jang jaaka morongwa? Ke tla kgona jang go itshoka? Go gopola kgakololo ya ga mmè ya go ‘baya letsogo mo mogomeng le go se lebe kwa morago’ go ne ga nonotsha boikemisetso jwa me jwa go atlega mo tirong ya me ya borongwa. Gape, ke ne nka se nne esi mo lefatsheng leno le lesha. Ke ne ke patilwe ke mogolole wa mosetsana le mogwe bao ba neng ba alogile mo setlhopheng sa bone sa Gileade. Ka June 9, 1946, sefofane sa rona se ne sa kotama kwa La Paz.

Mo Gare ga Dikgaruruu

Lone letsatsi le ke fitlhileng ka lone, mongwe o ne a leka go simolola kgaruruu ka go latlhela bomo mo Moagong wa Goromente. Bomo mmogo le borukhutlhi di ne tsa se ka tsa atlega. Mme go ise go fete dikgwedi di le pedi moragonyana, go ne ga tsoga dikgaruruu tse dingwe, mme ba le bantsi ba ne ba sala ba sule le go gobadiwa. Tautona ya naga, mmogo le ditona tse dingwe tsa gagwe, ba ne ba kgwaediwa mo koteng ya lobone mo lefelong le legolo la phatlalatsa. Go fitlha ga me mo Bolivia go ne go ntse jalo.

Lefa go ntse jalo, morago ga go tshologa goo go go boitshegang ga madi, re ne ra kgona ‘go gomotsa bao ba neng ba hutsafetse,’ mme Ma-Bolivia a le mantsi a a ikokobeditseng a ne rata go ithuta le rona Bibela. (Isaia 61:1, 2) Mo malatsing ao, gantsi re ne re dirisa dithero tse di rekotilweng jaaka mokgwa wa go supela batho. Seno se ne sa raya go palama le go fologa dithabana tse di mokong tsa La Paz tsa bogodimo jo bo gakgamatsang jwa dinao di le 12 000 (3 660m) o rwele motšhini wa go tshameka direkoto le kgetsana ya dibuka. Ka ntlha ya Sepanishi sa me se se lekanyeditsweng, batho bangwe ba ne ba akanya gore ke rekisa motšhini o o tshamekang direkoto mmogo le direkoto!

Ke ne ka itumelela maitemogelo a mantsi jaaka morongwa yo mosha. Letsatsi le lengwe, fa ke ne ke ntse ke tsamaya ka ntlo le ntlo mo go lengwe la mafelo a a botoka a La Paz, mmereki o ne a araba mo mojako mme a ntaletsa gore ke tsene. Mohumagadi wa ntlo eo o ne a reetsa neelano ya me mme a beeletsa Tora ya Tebelo. Ke ka ntlhayang a arabetse ka bonako jalo? O ne a sa tswa go arwa, mme fa a ne a ntse a le kwa kliniking, o ne a bala Bibela. O ne a lemoga gore dithuto tsa Bibela di farologane thata le seo kereke ya gagwe e neng e se ruta, jalo o ne a tlhoafaletse thata go bala buka e ke neng ka e mo tlogelela. Lefa go ntse jalo, pele ga ke ne nka boela go mo etela gape, o ne a tsamaya a ntse a mpatla labofelo a mpona mo sekhutlong sa mmila ke ntse ke tsamaisa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Awake! Mo bathong ba ba neng ba feta ka tsela. O ne a gatelapele ka bonako mo go ithuteng ga gagwe Bibela mme o ne a kolobediwa ka bonako. Jaanong, dingwaga di 30 morago ga moo, e santse e le motlhanka yo o ikanyegang wa ga Jehofa.

Setshwantsho se se Maswe

Morago ga go bereka dingwga di le 11 mo La Paz, re ne ra abelwa karolo e e kafa borwa ya Bolivia. Ka gone, mogolole le monna wa gagwe, le nna le molekane wa me ebong Esther Erickson, re ne ya kwa torotswaneng e e bidiwang Tupiza. E ne e le ka February 1957. Tupiza e gaufi le seporo se se leng magareng ga Bolivia le Argentina. Batho ba koo ba ne ba le botsalano, mme go ne go le motlhofo go simolola dithuto tsa Bibela. Tota, ka bonako re ne ra rulaganya dikopano tsa ka metlha, tseo go neng go tla batho ba Tupiza ba le mmalwa mo go tsone.

Ka letsatsi lengwe, re ne ra fitlhela setshwantsho se se maswe mo lebaleng le le fa pele ga ntlo ya rona. Seno se ne se raya eng? Go bonala gore moruti o ne a simolotse go tlhagisa batho ka Basupi ba ga Jehofa, jalo mongwe one a leka go latlhela hechizo, kana go re konopa! Lefa go ntse jalo, hechizo ya bone e ne ya seka ya nna le maatla.

Ka ntlha ya gore Tupiza e ne e le toropo e nnyane, nna le Esther ka bonako re ne ra abelwa Villazón, torotswana e nngwe e e mo molelwaneng wa Bolivia le Argentina. Kgaolo eno e en e sa ungwe, e na le diphefo, ebile e le tsididi! Mme re ne re sa kgobega marapo, ereka re ne re solofetse go amogela tshegofatso ya ga Jehofa.

Fa nna le Esther re ne re simolola go bereka toropo eno, re ne ra elatlhoko gore batho ba ne ba na le dikarata mo difensetereng tsa bone tse di neng di kwadilwe go re “Basupi ba ga Jehofa le Baefangedi ga ba Amogelwe.” Lefa go ntse jalo batho ba Villazón ba ne ba sa tlhaloganye gore Basupi ba ga Jehofa e ne e le bomang! Jaaka kwa Tupiza, moruti o ne a tseneletse, a neela batho dikarata kwa kerekeng gore ba di bee mo difensetereng tsa bone. Go sa kgathalesege dikarata tseno tsa mo difensentereng, batho ba ne ba arabela sentle, mme re ne ra tsamaisa dibuka tse dintsi mme ra simolola dithuto di le dintsi tsa Bibela. Ka bonya dikarata tseo di ne tsa nyelela mo difensetereng.

Lefa go ntse jalo, re ne re ka tshwarela dipokano kae? Re ne ra fetola nngwe ya dikamore tsa ntlwana ya rona go nna Holo ya Bogosi. Re ne ra baya mabati mo godimo ga mabokose a dibuka go dira ditulo. Go ne go sena bakaulengwe ba ba kolobeditsweng koo, jalo nna le Esther re ne ra ipapa ditlhogo mme ra tshwara dipokano ka borona. Se se neng sa re itumedisa, ke gore ba ba fetang 100 ba ne ba nna gone kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete sa ntlha! Tota, bangwe ba ne ba tla ka ntlha ya go rata go bona ka moo ba gringas (basetsana ba baeng) ba neng ba tshwara dipokano tsa bone ka gone. Mme bangwe ba bao ba neng ba tla lantlha ka ntlha ya go rata go itse jaanong ke Basupi.

Gape re ne ra bereka torotswana ya La Quiaca, Argentina, koo re neng ra kgona go simolola dithuto tsa Bibela di le mmalwa le batho ba ba kgatlhegang. Ka ntlha ya gore re ne re tshwanetse go kgabaganya molelwane gantsi-ntsi, re ne ra goga tlhokomelo ya maphodisa a molelwane. Letsatsi lengwe, fa re ne re boa go tswa kwa La Quiaca, lephodisa lengwe le ne la re kopa go se dire tiro ya rona phatlalatsa jalo, ereka tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne e thibetswe kwa Argentina. Ke ne ka mo raya ka re, “Ke tlhaloganya gore puso ya lona e tlhomamisa kgololesego ya kobamelo.” Karabo ya gagwe e ne ya nna gore baruti ba ne ba gatelela ditona tsa puso, se se neng sa baka thibelo. Legale, morago ga moo, o ne a re tlhokomologa nako nngwe le nngwe fa re ne re kgabaganya molelwane go ya Argentina!

Re ne ra bereka dingwaga di le nne mo Villazōn. Molekane wa me o ne a ithuta le monna mongwe yoo mosadi wa gagwe a neng a na le chicheria, ntlo ya boitapoloso e mo go yone go rekisetswang dino tse di dirilweng ka mabele a a bidisitsweng gone. Monna yono o ne a ithuta boammaaruri mme morago a kolobediwa, labofelo o ne a direla jaaka mogolwane go fitlhela a tlhokafala Ga diragalang ka chicheria? Jaanong ke Holo ya Bogosi! Fa re ne re tloga kwa Villazōn, go ne go na le phuthego ya baboledi ba le 20. Jaanong go na le Basupi ba le 60, le ba ka nnang 110 ba ba arang gone kwa dipokanong tsa mafelo a beke.

Go se ‘Lebe Morago’

Morago ga Villazón go ne ga tla kabelo ya Santa Cruz, ebong toropo e e mo karolong e e kafa botlhaba ya Bolivia. Abo e ne e le boitumelo jang ne go bona tiro e gola go tswa mo phuthegong e nnyane ya baboledi ba le 20 go ya go diphuthego di le robongwe tse di gatelang pele. Morago, ka 1965, ke ne ka boela morago go ya go nna kwa La Paz mo legaeng lengwe la barongwa, kwa ke sa ntseng ke le gone fa e sale ka nako eo.

Ka February 1978 lobota lwa seloko lo ne lwa nkwela fa ke ne ke fologa mo beseng ya toropo. Lonao lwa me lwa moja lo ne lo robegile mo go maswe moo ke neng ka tshwanelwa ke go ithuta go tsamaya gape. Mme jaanong ke kgona go ya gape kwa tirelong le go tsamaisa dithuto tsa Bibela.

Nnya, tirelo ya nako e tletseng e ne e se motlhofo ka metlha. Go ne go na le mathata, dikhutsafalo le go swabisiwa. Mme boitumelo jwa go bona batho ba seka-dinku le go ba thusa go direla Jehofa go ne ga ribega go swaba gope fela thata. Jaanong, morago ga dingwaga di ka nna 44 tsa tirelo ya nako e e tletseng, ke santse ke ikemiseditse thata go boloka ‘seatla sa me mo mogomeng’ le go nna le seabe mo tirong e e santseng e tshwanetse go dirwa.​—Jaaka go boletse Betty Jackson.

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Betty Jackson a rera mafoko a a molemo kwa Bolivia.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela