LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 4/1 ts. 30-31
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Go Morèna A le Moñwe Hèla, Tumèlō E le Ñwe Hèla, Kolobeco E le Ñwe Hèla”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Papiso e e Molemolemo E o Ka e Dirang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Basupi ba ga Jehofa
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • Moganetsakeresete o a Senolwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 4/1 ts. 30-31

Dipotso tse di Tswang go Babadi

◼ Ke ka ntlhayang fa Basupi ba ga Jehofa ba kgaotse (lelekile mo phuthegong) bangwe bao ba santseng ba iphaka go bo ba dumela mo Modimong, mo Bibeleng, le mo go Jesu Keresete ka ntlha ya botenegi?

Bao ba botsang potso e e ntseng jalo ba bolela gore diphuthego tse dintsi tsa bodumedi tse di iphakang go bo e le tsa Bokeresete di letlelela dipono tse di sa tshwaneng. Tota le baruti bangwe ga ba dumalane le dithuto tsa motheo tsa kereke ya bone, lefa go ntse jalo ba nna ba ntse ba le mo boemong jo bo siameng. Mo e ka nnang mo ditlhopheng tsotlhe tsa La-Bodumedi, go na le ba ba ganetsanang le ba ba dumalanang le dithuto tsa motheo bao ba ganetsang thata kaga go tlhotlhelediwa ga Dikwalo.

Lefa go ntse jalo, dikao tse di ntseng jalo ga di neele mabaka ape a gore re dire se se tshwanang. Ka ntlhayang? Bontsi jwa dikereke tse di ntseng jalo di letlelela dipono tse dintsi tse di farologaneng thata mo baruting le mo malokong a kereke ka ntlha ya gore di akanya gore ga di kgone go tlhomamisa gore tota boammaaruri jwa Bibela ke eng. Ba tshwana le bakwadi le bafarasai ba motlha wa ga Jesu bao ba neng ba palelwa ke go bua jaaka batho ba ba nang le thata, o eleng mokgwa oo Jesu a neng a ruta ka one. (Mathaio 7:29) Go feta moo, go ya selekanyong seo badumedi ba dumelang mo go tlhakaneleng tumelo ka sone, ba patelesegile go se tseye ditumelo tse di farologaneng ka masisi thata.

Mme go tsaya pono e e ntseng jalo ya dikgang ga go a theiwa mo Dikwalong. Jesu ga a ka a nna le tumelo e e tshwanang le ya sepe sa ditlhopha tsa Bajuda. Bajuda ba ditlhopha tseo ba ne ba bolela gore ba dumela mo Modimong wa popo le mo Dikwalong tsa Sehebera, segolo Molao wa ga Moshe. Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe gore ba “itisè . . . kaga thutō ya Bafarasai le Basadukai.” (Mathaio 16:11, 12; 23:15) Elatlhoko gape ka moo moaposetoloi Paulo a neng a bolelela dikgang tseno ka maatla ka gone: “Me leha e ka bo e le rona, kgot e le moengele eo o cwañ legodis oñ. ha a ka lo rèrèla mahoko a a molemō a sele kwa ntlè ga a re a reretseñ, a a hutsègè.” Morago ga moo Paulo o ne a boeletsa polelo eno go e otlelela.​—Bagalatia 1:8, 9.

Go ruta dipono tse di sa tshwaneng kana tse di farologaneng ga go tseisane molelo le Bokeresete jwa boammaaruri jaaka Paulo a phepafatsa mo go 1 Bakorintha 1:10: “Me yana, ba a echo, kea lo rapèla, ka leina ya Morèna oa rona Yesu Keresete, gore lo nnè puō ñwe hèla lotlhe, le gore go se nne le dikgaoganō mo go lona; me lo ko lo itekanèlè mmōgō le mo mogopoloñ o le moñwe hèta, le mo tshekatshekoñ e le ñwe hèla.” Mo go Baefesia 4:3-6 o ne a tswelela ka gore Bakeresete ba tshwanetse go “tlhōahalèla go tshegetsa boñwe hèla yoa Mōea mo tumalanoñ ea kagishō. Go mmele o le moñwe hèla, le Mōea o le moñwe hela, hèla yaka le lona lo biledicwe cholohèlo e le ñwe hèla ea go bidiwa ga lona; Go Morèna a le moñwe hela, le Rara wa botlhe.”

A kutlwano eno e ne e tla fitlhelelwa le go bolokiwa ke go batlisisa ga Dikwalo ke mongwe le mongwe, a dira diphetso tsa gagwe, mme morago ga moo a di rute? Legoka! Ka Jesu Keresete, Jehofa Modimo o neetse “bañwe gore ba nnè baaposetoloi; . . . le bañwe barèri ba Mahoko a a Molemō; le bañwe badisa ba phuthègo, le baruti . . . go tlo go tsamaeè re hitlhè rotlhe mo boñweheleñ yoa tumèlō, le yoa kicō ea Morwa Modimo, go ea go hitlha boemoñ yoa monna eo o godileñ,” ka boikaelelo jono. Ee, ka thuso ya badihedi ba ba ntseng jalo, kutlwano ya phuthego–bongwefela mo go ruteng le mo tirong–e ne e ka kgonega.​—Baefesia 4:11-13.

Ka mo go phepafetseng, motheo wa go amana le Basupi ba ga Jehofa ka mo go dumelesegang ga go kitla go ikaega fela mo go dumeleng mo Modimong, mo Bibeleng, mo go Jesu Keresete, le tse dingwe. Mopapa wa kereke ya Roma, gammogo le Mobishopo mogolo wa Anglican ya Canterbury, ba iphaka ditumelo tse di ntseng jalo, lefa go ntse jalo maloko a bone a kereke gaa tseisane molelo. Ka mo go tshwanang, go iphaka go nna le ditumelo tse ntseng jalo ga go kitla go dira gore motho a tshwanelege go bidiwa yo mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.

Go kopanela le Basupi ba ga Jehofa go go amogelesegang go tlhoka go amogela lenaane lotlhe la dithuto tse di boammaaruri tsa Bibela, go akareletsa le ditumelo tseo tsa Dikwalo tseo eleng tsa mofuta wa tsone mo Basuping ba ga Jehofa. Ditumelo tseo di akareletsa dife?

Gore kganetsano e kgolo fa pele ga setho ke tshwanelo ya ga Jehofa ya bolaodi, e e leng lebaka la go bo a letleletse boikepo sebaka se se leele jaana. (Esekiele 25:17) Gore Jesu Keresete o ne a tshela pele a nna motho le gore o ka fa tlase ga Rragwe wa selegodimo (Yohane 14:28) Gore go na le “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” mo lefatsheng gompieno ‘yo o tlhomilweng go nna molaodi wa dikgatlhego tsotlhe tsa ga Jesu tsa selefatshe,’ motlhanka yoo o amane le Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa. (Mathaio 24:45-47) Gore 1914 e ne e tshwaya go fela ga Metlha ya Baditšhaba le go tlhomiwa ga Bogosi jwa Modimo kwa magodimong, gammogo le nako e e boleletsweng pele ya go nna teng ga ga Keresete. (Luke 21:7-24; Tshenolō 11:15-12:10) Gore ke Bakeresete ba le 144 000 fela ba ba tla amogelang tuelo ya selegodimo (Tshenolō 14:1, 3) Gore Hara-Magedona, ebong ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe, e atametse. (Tshenolō 16:14, 16; 19:11-21) Gore e tla latelwa ke Puso ya ga Keresete ya Dingwaga tse di Sekete, e e tla tsosolosang paradaise ya lefatshe ka bophara. Gore lantlha ba ba tla e ipelelang e tla nna “boiididi yo bogolo” jwa jaanong jwa “dinku di sele” tsa ga Jesu.​—Yohane 10:16; Tshenolō 7:9-17; 21:3, 4.

A re na le sekao sa Dikwalo sa go tsaya maemo a a ntseng jalo a a tlhomameng? Re na le sone eleruri! Paulo o ne a kwala jaana ka bangwe mo motlheng wa gagwe: “Me lehoko la bone le tla ya yaka nthō e e kèkèlañ; ba Humenaio le Fileto e leñ ba bōne; E le batho ba ba hositseñ boamarure, ba re, Cogō ya bashwi e setse e hetile, me ba ribegeditse tumèlō ea bañwe.” (2 Timotheo 2:17, 18; bona gape Mathaio 18:6.) Ga go na sepe se se bontshang gore banna bano ba ne ba sa dumele mo Modimong, mo Bibeleng, mo setlhabelong sa ga Jesu. Lefa go ntse jalo, mo ntlheng eno ya motheo, seo ba neng ba se ruta kaga nako ya tsogo, Paulo ka nepo o ne a ba tlhalosa jaaka batenegi, bao Bakeresete ba ba ikanyegang ba neng ba ka se amane le bone.

Ka mo go tshwanang, moaposetoloi Johane o ne a bitsa bao ba neng ba sa dumele gore Jesu o ne a tla mo nameng jaaka baganetsa-keresete. Ba ka bo ba ne ba dumela mo Modimong, mo Dikwalong tsa Sehebera, mo go Jesu jaaka Morwa Modimo, le tse dingwe. Mme mo ntlheng eno, gore Jesu tota o tlile mo nameng, ba ne ba sa dumele mme ka ntlha ya moo ba ne ba bidiwa “baganetsa-keresete.” Johane o tswelela ka go re mabapi le bao ba dumelang dipolelo tse di ntseng jalo tse di sa tshwaneng: “Ha moñwe a tla mo go lona, me a sa tle le thutō e, lo seka loa mo cholela mo tluñ ea lona, le gōna lo seka loa mo dumedisa: Gonne eo o mo dumedisañ o tlhakanetse naè ditihō tsa gagwè tse di boshula.”​—2 Yohane 7, 10, 11.

Ka go latela dikao tse di ntseng jalo tsa Dikwalo, la Mokeresete (yo o iphakang go dumela mo Modimong, mo Bibeleng, le mo go Jesu) a tsweletsa dithuto tsa maaka a sa fetoge, go ka nna ga tlhokega gore a kobiwe mo phuthegong. (Bona Tito 3:10, 11.) Tota, fa fela e le gore motho yono o na le dipelaelo kana a sa itse ntlha nngwe, badihedi ba ba tshwanelegang ba tla mo thusa ka lorato. Seno se dumalana le kgakololo e e reng: “Me bañwe lo ba utlwèlè botlhoko, eleñ ba ba akabalañ; Me bañwe lo ba bolokè, ka go ba shwatola mo moleloñ.” (Yude 22, 23) Ka gone, phuthego ya boammaaruri ya Bokeresete ka tshwanelo ga e ka ke ya latofatswa go tlhomama ka mo go feteletseng mo thutong, mme e tsaya kutlwano e e kgothalediwang ke Lefoko la Modimo jaaka e e botlhokwa-tlhokwa le go e berekela.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela