Go Ikemisetsa go Tshela ka Ditekanyetso tse di Siameng tsa ga Jehofa
BIBELA e tlhalosa sentle gore fa monna le mosadi ba nna mmogo kwantle ga molemo wa lenyalo la semolao, ba dira kgokafalo, mme mo boemong joo, ga ba kitla ba rua bogosi jwa Modimo. (1 Bakorintha 6:9, 10) Boitemogelo jo bo tswang British West Indies bo bolela ka lekgarebe lengwe leo le ithutileng boammaaruri jono.
Mo St. Lucia, Basupi ba babedi ba ga Jehofa ba ne ba kopana le lekgarebe leno, mme a bontsha kgatlhego mo Bibeleng. Ka ntlha ya moo. thuto ya Bibela e ne ya simololwa le ene. Fa a ntse a tswelela ka go tlhaloganya, o ne a bona go tlhokafala gore a dire dipaakanyo dingwe tsa boitsholo. Lemororo e ne e le mmè wa bana ba le bane, o ne a sa nyalwa mme o ne tshela le monna kwantle ga go kwadisa. Ene le monna yono ba ne ba dira ka natla go aga ntlo e nnyane eo botlhe ka borataro ba bone ba neng ba nna mo go yone.
Fa a lemoga gore botshelo jwa gagwe bo ne bo sa dumalane le ditekanyetso tse di siameng tsa Modimo, lekgarebe leno le ne la ikemisetsa go dira diphetogo. O ne a tshwanetse go nyalana le monna yo a neng a nna le ene kana go kgaogana le ene. O ne a tlotla kgang eno le ene, mme o ne a sena keletso ya go nyala. O ne a kgotsofaletse kamano eno ya go nna kwantle ga go kwadisa. Tumelo ya gagwe e ne e tla mo tlhotlheletsa go dirang? O ne a tshwanetse go dira tshwetso fa a ne a batla go kgatlha Jehofa, mme morago ga go tlhatlhobisisa seno ka thapelo, a swetsa go kgaogana le monna yono. Mme o ne a tla tshela kae le bana ba gagwe ba bane?
Morago ga go sekaseka kgang eno le monna yono, thulaganyo e e siameng e ne ya fitlhelelwa—mongwe le mongwe a bone bontlhabongwe jwa ntlo! Ka thuso e e lorato ya bakaulengwe, gammogo le monna yo a neng a tshela le ene, ntlo eno e ne ya kgaoganngwa, karolo e nngwe ya nna ya gagwe mme karolo e nngwe ya nna ya monna yono. Bontlhanngwe jwa gagwe jwa ntlo bo ne jwa fudusiwa ka lone letsatsi leo go ya kwa lefelong lengwe le le bokgakala jwa dimaele di ka nna tlhano (8 km). Pele beke e fela, e ne e agilwe gape le go baakanngwa gape go nna ntlo e nnye ya diphaposi tse pedi.
Ka gone fa a sena go tsaya dikgato tse di tlhokegang go dumalanya botshelo jwa gagwe le ditekanyetso tsa ga Jehofa, ka bonako fela a simolola go kopanela mo tirelong ya tshimo, a patilwe ke bana ba gagwe ba bane. O ne a neela botshelo jwa gagwe go Jehofa mme moragonyana fela ga moo a kolobediwa. Go tlotla tiragalo eno, o ne a ikwadisa jaaka mmulatsela yo o thusang. Jaanong o segofaditswe go ya pele ka gore ntlo ya gagwe e ntšha e dirisiwa jaaka lefelo la Thuto ya Buka ya Phuthego, ka palogare ya ba ba 17 ba ba nnang gone. Eleruri, Jehofa o segofaditse boikemisetso jwa gagwe jwa go nna moobamedi yo o phepa wa gagwe.