LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 4/1 ts. 16-21
  • Go Thokgama mo go Direleng Modimo wa Boammaaruri

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Thokgama mo go Direleng Modimo wa Boammaaruri
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgakgamatso ya Botlhale jwa Motho
  • Kgomarela Boammaaruri
  • A Batho ba Seka-Kgabo ba Kile ba Nna Gone?
  • Setshwani sa Seperofeti
  • Go Direla Boammaaruri
  • A Thuto ya go Iphetogela ga Ditshedi go Nna Tse Dingwe e Dumalana le Baebele?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Thuto-tlhagelelo
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • Thutotlhagelelo E A Sekasekiwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • A Modimo O ne Wa Bopa Ditshedi ka go Dirisa Mokgwa wa go Iphetogela ga Dilo go Nna tse Dingwe?
    Tsogang!—2006
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 4/1 ts. 16-21

Go Thokgama mo go Direleng Modimo wa Boammaaruri

“Nthuta tsela ea gago, Yehofa; ke tla tsamaea mo boamarureñ yoa gago.”​—PESALEMA 86:11.

1, 2. (a) Paakanyetso ya Modimo go setho e ka tshwantshediwa jang? (b) Dikwalo di tlhalosa tiro ya matsogo ya Modimo le boganana jwa batho jang?

A O KE o itseye o tsamaye mo sekakeng se se omeletseng, se se senang sepe se se tshelang. Ka bonakonyana o bo o fitlha fa ntlong e ntle. E na le difetlha-moya ebile e na le dithutafatsi, diphaepe tsa metsi, le motlakase. Setsidifatsi le dikoboto tsa yone di tletse ka dijo. Boalo jwa yone jo bo kwa tlase bo na le lookwane le letlotlo la dilo tse dingwe. A o ne o ka re sengwe le sengwe sa yone se nnile gone foo ka kotsi fela? A o ne o ka leboga fa mong wa yone a ne a ka go kopa go nna mo ntlong eo le go e ipelela?

2 Ee, lefatshe leno le le ipedisang leo re nnang mo go lone le tshwana le ntlo eo fela. Bogologolo pele setho se bopiwa, Modimo wa rona o o lorato o ne a baakanyetsa lefatshe leno gore e nne legae la rona mme a le tlamela ka sengwe le sengwe seo re neng re ka se tlhoka go re itumedisa. (Isaia 45:12, 18) A ga rea tshwanele go leboga Motlamedi yono yo o pelotshweu? Ke Ene yo o tlhotlheleditseng go kwalwa a mafoko ano a Bibela a a go Bahebera 3:4: “Gonne ntlo ñwe le ñwe e tle e agiwe ke motho moñwe; me eo o agileñ dilō cotlhe ke Modimo.” Maswabi ke gore batho ba ba bogagapa ba thubile le go senya tiro ya diatla ya Modimo mo lefatsheng.​—Duteronome 32:3-5.

3. Bibela e a reng kaga bopelotshweu jwa ga Jehofa jwa jaanong le jwa mo isagweng?

3 Le eleng go baganetsi ba boammaaruri, moaposetoloi Paulo o ne a bua jaana malebana le Modimo: “Leha go nntse yalo oa se ka oa nna hèla o sena seshupō, ka o no o nntse o diha molemō, me oa lo nesetsa dipula tse di cwañ mo legodimoñ, oa lo naea metlha ea mauñō, oa tlatsa pelo tsa lona ka diyō le boitumèlō.” (Ditihō 14:17) Abo Jehofa a ka segofatsa bao ba mo direlang ka bothokgami go feta moo jang ne! Lemororo mathata a ‘metlha eno ya bofelo’ a ka re gatelela, go na le tsholofelo e e galalelang ya gore mo isagweng e e seng kgakala Morena wa Lobopo ebong Jehofa ka tlhomamo o tla tlamela bao ba mo ratang ka letlotlo la mmatota la dilo tse di molemo, a phimola dikeledi mo difatlhegong tsotlhe.​—2 Timotheo 3:1; Isaia 25:6-8.

Kgakgamatso ya Botlhale jwa Motho

4. (a) Ke bothata bofe joo bo lebaneng baitseanape ba dikhomputara? (b) Yeremia 33:2, 3 e a reng malebana le Modiri wa boboko jwa motho?

4 Mo dingwageng di le mmalwa, baitseanape ba ile ba nna ba leka go dira dikhomputara tseo di akanyang eletota. Mme jaanong ba dumela gore ba kgorelediwa ba santse ba simolola fela. Ka ntlhayang? Ba bolela gore tsela eo leitlho la motho le dirilweng ka yone e dira gore ba palelwe. Fa e le gore ba ka seke ba etse leitlho, ba ka simolola jang mo bobokong, mme tota ba tlile go dira kgono ya mogopolo jang? Abo boboko jwa motho e le selo se se gakgamatsang jang ne! Ka motsotswana mongwe le mongwe, dikabetlanyana tsa tshedimosetso di le dimilione di le lekgolo di tshologela mo serweng seno go tlhotlhiwa, go rulaganngwa, le go dirisiwa mo go tsheleng ka botlhale. Khomputara e e raraaneng go gaisa ga e kake ya bapa le seo le eseng. Abo seo ke bosupi jo bo molemo jang jwa botlhale jo bo tlhomologileng jwa Modimo yo o lorato yo o re dirileng! Re ka itumelela go bo Modiri le Motlhodi wa rona, ebong Jehofa Modimo, o re neile botlhale le gore re ka dirisa maboko a rona mo go ithuteng “dilō tse dikgolo, le tse di thata” tseo a re di senolelang ka nako ya gagwe e e tshwanetseng le ka tsela ya gagwe.​—Yeremia 33:2, 3.

5. (a) Ke motlholo ofe wa kgolo oo o diragalang fela mo bathong? (b) Mafoko a ga Elihu a opa kgomo lonaka jang?

5 Motlholo wa boboko jwa motho o simolola mo popelong, fa disele tsa boboko di simolola go direga dibeke di le tharo fela morago ga go ithwala. Di ata ka ponyo ya leitlho, ka dinako dingwe go ya go disele di le kwatara ya milione ka motsotso. Morago ga tsalo, boboko jwa lesea bo oketsega gararo ka bogolo mo ngwageng ya ntlha, go bo bontsha fa bo farologane kgakalakgakala le boboko jwa phologolo epe, go akareletsa le kgabo. Ka bonako fela lesea la motho le ka ithuta dipuo, le akanyetse dilo, le lemoge maemo a boitsholo le melemo ya semoya. Dinonofo tseno tota di ne di ka itlhagelela jang go tswa mo diphologolong? Elihu o ne a opa kgomo lonaka fa a ne a bua jaana malebana le Modimo le Modiri wa rona yo o Molemo: “O o re rutañ bogolo go diphōlōhōlō tsa lehatshe, o re tlhaletsha bogolo go dinōnyane tsa loapi.”​—Yobe 35:10, 11.

6. (a) Dikwalo di a reng ka tsela e e gakgamatsang e motho a dirilweng ka yone? (b) Re ka dirisa dikgono tsa rona tse re di filweng ke Modimo ka lorato jang?

6 Motlholo ono, eleng botlhale jwa motho, o dumalana le Genesise 1:27, eo e begang jaana: “Me Modimo oa tlhōla motho mo chwanoñ ea ōna tōta, oa mo tlhōla mo chwanoñ ea Modimo; oa ba tlhōla nona le tshadi.” A ga re a tshwanela go lebogela tsela eo Modimo a re dirileng ka yone? Dafide o ne a dira jalo. O ne a baka Jehofa, a re: “Ke tla gu ntshetsa malebogō; gonne ke dihilwe ka mo go boitshègañ le ka mo go gakgamatsañ: dia gakgamatsa, ditihō tsa gago.” (Pesalema 139:14) A ga re bake Modimo wa rona ka ntlha ya lone lebaka leo? Go feta moo, re ka dirisa maboko le mebele ya rona tse re di filweng ke Modimo go lebana le kgwetlho eo Satane a pegang Modimo wa rona molato ka yone. Re ka direla Jehofa jaaka baboloka bothokgami.​—Diane 27:11.

Kgomarela Boammaaruri

7, 8. (a) Ke dipharologanyo dife tseo di ka lemogiwang magareng ga boammaaruri le kgopolo fela? (b) Batho ba ba botlhale baa reng malebana le thuto-tlhagelelo? (c) Ke ka ntlhayang fa thuto-tlhagelelo e tshwanetse go amanngwa le bodumela-gotlhe go na le tumelo?

7 Boammaaruri bo tshwanetse go fenya! Rona barati ba ga Jehofa re tshwanetse go kgomarela boammaaruri jaaka re dirisa ditlhaloganyo tsa rona mo go tlhopheng tsela ya bothokgami. Boammaaruri malebana le popo bo tlhomilwe. Bo nitame. Bo ile jwa emelana le teko ka diketekete tsa dingwaga. Go feta lekgolo la dingwaga go se kae, maaka a magolo ao, ebong kgopolo ya thuto-tlhagelelo, a emetse go phimolwa. Seno ga se se re se ikakanyetsang fela. Ke seo se dumalanweng ke baitseanape, babueledi, babatlisisi, le batho ba bangwe ba ba nang le kitso bao ba bulegileng ditlhaloganyo. Fa The New York Times e ne e bua ka kgwetlho go “melao-metheo ya thuto-tlhagelelo, jaaka e thailwe ke Darwin le ba bangwe,” e ile ya sobokanya seemo seo ka go re: “Thuto eo e mo khuduegong.” Moitseanape mongwe o kwala jaana: “Re dumela gore go na le maroha-roha mo bosuping jwa thuto-tlhagelelo. . . . Ee, thutotlhagelelo ke kgopolo fela. Ka gone, go dumela mo thutong-tlhagelelo, ke tiro ya tumelo.”

8 A mme go dumela mo thutong-tlhagelelo tota ke tiro ya tumelo? Go na le moo, re ne re ka re ke bodumela-gotlhe. Tumelo e na le motheo o o nitameng. Bahebera 11:1 e bolela gore ke “tlhomamiso kaga dilo tsa mmatota,” (NW). Bosupi jwa gore pego ya Bibela e thailwe mo dilong tsa mmatota ebile e le boammaaruri boa fenya. (2 Timotheo 3:16, 17; Baroma 15:4) Kafa letlhakoreng le lengwe, fa bora-thuto-tlhagelelo ba ntse ba tlhatlhoba mabaka go ya pele, ke gone fa ba senola go sa utlwane go ya pele moo ba lekang go go siamisa go bomadumela-gotlhe.

A Batho ba Seka-Kgabo ba Kile ba Nna Gone?

9. Masaledi a bogologolo a batho ba seka-kgabo a mantsi go le kana kang, mme ke a eng?

9 Mo dingwageng di le 130 tsa go batla masaledi a dilo tsa bogologolo a kamano e e tlhaelang magareng ga kgabo le motho, borathuto-tlhagelelo ba ile ba tlhagisa maraponyana a le mannyennyane ka mo go tlhabisang ditlhong. Go ya ka makasine wa Science Digest, “bosupi jotlhe jwa mmatota joo re nang le jone jwa go itlhagelela ga motho bo santse bo ka tsenngwa mo teng ga bokoso ya baswi e le nngwe, mme go sale go ntse go na le sebaka moteng se se saletseng!” Kwantle ga pelaelo, ke gone koo bosupi jwa go nna jalo bo tshwanetseng go nna gone​—mo lebokosong la baswi le le kokothetsweng thata-thata!

10. Ditshwantsho tsa batho seka-kgabo tse di dirilweng sesha ke bataki di ikanyega go le kana kang?

10 Ditshwantsho tseo tsa dimakasine tsa batho ba seka-kgabo tseo di dirisiwang go tshegetsa kgopolo ya thuto-tlhagelelo ga se sepe fela fa e se dilo tse di ikgopolelwang fela, tseo di tsewang mo motheong wa diphatsanyana di sekae tsa logata longwe kana lorapo lwa ditlhaa. Ka sekai, mo tsebeng 1 ya The New York Times ya August 16, 1985, go ile ga tlhaga “setshwantsho sa Amphipithecus sa motaki se se dirilweng sesha, seamusi se segolwane sa pelepele se se itsiweng . . . seo batho ba itlhageletseng go tswa mo go sone,” e bontsha tlhogo ya sone le matsogo tse di nang le moriri. Seno se ne se dirilwe sesha go tswa mo go eng? Setlhogo se se patileng seno se bolela gore: “Ke go tswa karolong e e kafa morago ya lotlhaa lo lo kwa tlase . . . mmogo le phatsa ya letlhaa le le kwa pele tseo di bonweng sephatlo sa lekgolo la dingwaga pele.” A mme tota tlhogo e e feletseng, moriri le tse dingwe, di ka dirwa sesha ka diphatsa tse pedi tse di ntseng jalo fela? Setlhogo seo se ne sa tsopola moithuta-tlholego ya motho wa kwa Yunibesething ya Harvard fa a ne a bitsa masaledi ano a dilo tsa bogologolo “lesedinyana mo lefifing la mma ntshwarele ngwana.” A mme tota a ka lekanngwa le lesedi?

11. Isaia 59:15 e ka dirisiwa jang malebana le batho ba seka-kgabo ba go nna jalo?

11 Seo ba bangwe ba ka se bitsang “lesedinyana” le lengwe le le ntseng jalo e ne e le logata lwa motho wa Piltdown. E nnile lone la konokono mo thutong-tlhagelelo mo e ka nnang dingwaga di le 40 mme le ile la senolwa ka 1953 jaaka diphatsa tsa marapo tse di kokoantsweng, tse dingwe e le tsa phologolo mme tse dingwe e le tsa motho, di ngapareditswe mmogo ka bolalome jaaka phoro! Mo mafokong a ga moperofeti Isaia, go ka buiwa jaana kaga batho bano ba seka-kgabo ba ba ikgopolelwang: “Boamarure boa tlhōkahala.”​—Isaia 59:15.

Setshwani sa Seperofeti

12. Esekiele o ne a bona dilo dife tse di makgapha?

12 La-Bodumedi e e boikepo ya gompieno e ne ya tshwantshediwa ke Jerusalema e e sa ikanyegeng ya metlha ya bogologolo. E ne e le ka ngwaga wa 612 B.C.E fa Morena wa Lobopo Jehofa a ne a neela Esekiele ponatshegelo eo mo go yone A neng a isa moperofeti wa Gagwe kwa Jerusalema go tswa Babelona. Koo, mo lelapeng la tempele, Esekiele o ne a bona setshwantsho sengwe se se makgapha sa modimo wa disetwa. Morago ga moo Jehofa o ne a dira gore a phunye letshoba mo leboteng le go le godisa. Mme o ne a raya Esekiele a re: “Tsèna, me u bōnè dilō tse di mashwè tse di makgapha tse ba di dihañ mono.” O ne a bonang? Aitsane, mo dikamoreng tse di mo teng tsa ntlo ya ga Jehofa ya kobamelo, “ga bo go le sechwanō señwe le señwe sa dilō tse di gagabañ, le sa ditshedi tse di mashwè, le medimo eotlhe ea disètwa ea ba ntlo ea Iseraela, tsa bo di kwalakwadicwe dichwanchō mo lomoteñ tikologoñ.”​—Esekiele 8:1, 7-10.

13. (a) Ke boemo bofe jo bo tshwanang le joo jo bo leng gone mo go La-Bobodumedi gompieno? (b) Jesu o ne a leba pego ya popo ya Bibela jang?

13 Go tshwana le ponatshegelo eno, re bona boemo jo bo boifisang mo gare ga baruti ba La-Bodumedi gompieno. Ka kakaretso, ‘monna yono wa boleo’ o latlhile pego ya popo ya Bibela. (2 Bathesalonia 2:3) Kana, jaaka batenegi bao ba motlha wa ga Esekiele, baruti ba kgaratlhela go dumalanya thuto-tlhagelelo le Bibela, ba bolela gore dikgaolo tse di simololang tsa Genesise ke mainane fela kana ke puo fela. Ba tlhokomologa tlhaloso ya boitseanape e e reng polelo e e motlhofo go gaisa gantsi ke yone e e boammaaruri, ba bolela gore pego ya Bibela e lolea thata mo go bone. Batlhalefi ba bone ba ba ikgogomosang ba batla sengwe se se raraaneng le go nna thata go se kae. Ba ikgodisa go feta Jesu Keresete, yo o ileng a lebisa go pego ya mmatota ya Genesise jaaka “boamarure.”​—Yohane 17:17; Mathaio 19:4-6.

14. “Bagolwane” jaanong ba palelwa ke go etelela matsomane a bone pele jang, mme diphelelo e tla nnang eng?

14 Mo ponatshegelong ya gagwe, Esekiele o ne a bona “banna ba le mashomè a shupa ba bagolwane ba ntlo ea Iseraela” ba obamela fa pele ga ditshwantsho tseo tsa “dilō tse di gagabañ, le sa ditshedi tse di mashwè.” (Esekiele 8:10, 11) Seno se tshwana le baruti bao ba motlha wa segompieno bao ba iphakang phatlalatsa gore setho se itlhageletse go tswa mo diphologolong tseo! “Bagolwane” bano ba tshwanetse ba bo ba etelela matsomane a bone pele mo tseleng ya boammaaruri. Mme a tlha- loso ya ga Jesu go Mathaio 15:14 ga e dire mo go bone? Jesu o rile: “Ke bagogi ba ba hohuhetseñ. Me ha sehohu se gōga sehohu, di tla wèla mmōgō mo kgatampiñ.” Ba ka nna ba bona kgatampi e e ntseng jalo mo “lefifing la mma ntshwarele ngwana” koo bora-thutotlhagelelo ba apaapang gone.

15. Baruti ba thuto-tlhagelelo ba neela bosupi jo bo oketsegileng jang jwa gore ke karolo ya “monna oa boleo”?

15 Morago ga moo Jehofa o ne a botsa Esekiele a re: “Morwa motho, a u bonye se bagolwane ba ntlo ea Iseraela ba se dihañ mo sephiriñ, moñwe le moñwe mo matlwaneñ a a kwalakwadicweñ? gonne ba re, Yehofa ga a re bone: Yehofa o tlogetse lehatshe.” (Esekiele 8:12) Baruti bao ba ineelang mo matlhajaneng a batho ba neela bosupi jo bo tshwanang jwa gore ke karolo ya “monna oa boleo.” Ba latlha molao wa Modimo, oo o akareletsang buka ya Genesise. (Ditihō 7:53) Ba gogela matsomane a bone mo lefifing la go akanya ga selefatshe, jaaka go supilwe ke kgopolo e e senang bosupi le e e sa kgoneng go nna le bosupi ya thuto-tlhagelelo. Ba “ratile lehihi bogolo go lesedi” la boammaaruri.​—Yohane 3:19.

16. Ke go tshwana gofe moo go ka lemogiwang magareng ga “bagolwane” ba motlha wa ga Esekiele le baruti ba le bantsi gompieno?

16 Fela jaaka baeteledipele bale ba Sejuda ba ne ba lere kobamelo ya bone ya maaka mo tempeleng kwa Jerusalema, jalo baeteledipele ba bodumedi jwa maaka gompieno ba leka go kgomarela leina la gore ke “Bakeresete.” Mme go dumela mo thutong-tlhagelelo ga se Bokeresete. Go amogela kgopolo eno go bakile gore ba le bantsi ba kgaogane le Modimo. Go tlatseleditse eseng ka selekanyo se sebotlana mo boitaolong, bothubaking, le borukhutlhing jwa lekgolo la rona la bo-20 la dingwaga, ka merafe le batho ka bongwe ba amogela polelo ya thuto-tlhagelelo ya “go atlega ga tse di tshwanelang go gaisa tse dingwe.” Thutotlhagelelo e rutile gore motho ga a na boikarabelo bope go Mmopi. (Baroma 9:28) Ka gone batho ba ile ba ikutlwa ba gololesegile go ‘itirela maratwa-e-pelo,’ ba sa akanye sepe ka Modimo.

17. Baruti ba thuto-tlhagelelo ba ile ba wela jang mo phosong e e masisi?

17 Baeteledipele ba bodumedi bao ba amogelang thuto-tlhagelelo tota, ba a re: “Yehofa ga a re bone: Yehofa o tlogetse lehatshe.” Ka ntlha ya go amogela botlhajana jono, ba ikutlwa ba sena boikarabelo bope mo go ene. Eleruri, boikutlo jwa bone ka Modimo bo fifaditswe ke Tharo-nngwe ya medimo ya masaitsiweng, le e e sa tlhalosegeng. Tumalanong le ntlha eno, ba rata go tlosa leina la Modimo o le mongwe wa boammaaruri, ebong Jehofa, ba sa umake leina leo gotlhelele mme ba le tlosa ka boomo mo diphetolelong tsa bone tsa Bibela. Ba boifa go lwantshana le thuto e e tumileng ya lefatshe ya thuto-tlhagelelo.

18. Kgopolo ya thuto-tlhagelelo le batshegetsi ba yone ba emetswe ke go ikarabela gofe?

18 Ka mo go tshwanelang, Jehofa o bolela jaana ka moperofeti yo mongwe: “Ereka batho ba, ba nkatamèla, ba ba ba ntlotla ka molomo oa bōnè le ka dipounama tsa bōnè, me ba tloseditse pelo ea bōnè kgakala le nna; le go mpoiha ga bōne e be e le taolō ea batho hèla e ba e rutilweñ: Ke gōna ka mouō, bōnañ, ke tla tloga ke diha tihō e e gakgamatsañ mo bathuñ ba, eboñ tihō ea kgakgamaco, le ea tseanyo; me botlhale yoa batlhale ba bōnè bo tla nyèlèla, le tlhaloganyō ea ba bonokopela bo tla hitlhwa.” (Isaia 29:13, 14) Morago-rago jaana, kgopolo e e tlontlololang Modimo ya thuto-tlhagelelo le bao ba iphakang go nna Bakeresete bao ba e amogelang ba tla ikarabela jalo ka letsatsi la bogale jo bo tukang jwa ga Jehofa.​—Sefania 3:8.

Go Direla Boammaaruri

19. (a) Ke ka ntlhayang fa ba bantsi ba amogetse thuto-tlhagelelo? (b) Baikokobetsi jaanong ba ka abalana mo boipelong bofe?

19 Lefatshe leno ruri le boikepo! Bodumedi jwa maaka le boikgantsho jo bo phoso jwa boitseanape di thusitse mo go le direng gore le nne jalo. Ditlhakatlhakano tseo di leng mo dithutong tsa “monna oa boleo,” eleng baruti ba La-Bodumedi, di kgaogantse ba le bantsi le bodumedi. Bangwe ba bano ba itshwareletse ka thuto-tlhagelelo, fela jaaka motho yo o betwang ke metsi a ka itshwarelela ka lotlhaka. Ba bangwe ba amogetse kgopolo ya thuto-tlhagelelo ka gonne boikepo jwa yone bo lebega bo ba golola mo go ikarabeleng go Mmopi ebong Modimo. (Bapisa Baroma 1:21-23.) Mme ba ba boikokobetso, ba ba boingotlo ba setho jaanong ba ipelela go ithuta ka Morena wa Lobopo Jehofa, ka Kgosi e e busang ebong Jesu Keresete, le ka maikaelelo a Bogosi jwa Modimo ao a tla akofang a diragala ka mo go galalelang.​—Baroma 16:20; 1 Bakorintha 15:25, 26.

20. (a) Ke tsholofetso efe e e molemo eo e diragadiwang le eleng ga jaanong? (b) Seno se ile sa supiwa jang ka 1985? (c) O ka bontsha jang bothokgami mo go direleng Modimo wa boammaaruri?

20 Abo re itumela jang ne, jaaka Basupi ba ga Jehofa, go bo re utlwana go ralala lefatshe lotlhe mo go boleleng boammaaruri ka tlhoafalo! Moya wa Modimo o dira ka maatla ka phuthego ya gagwe, mo eleng gore re setse re bona go diragadiwa ga tsholofetso eno: “Lehatshe le tla bo le tletse kicō ea go itse Yehofa, yaka metse a khurumeditse lewatlè.” (Isaia 11:9) Bosupi jwa lefatshe ka bophara joo bo neetsweng ke batho ba ga Jehofa ka 1985 bo feletse ka go tsamaisiwa ga Dibibela le dikgatiso tse di tlhalosang Bibela di le 339 351 170 mo tshimong, ka dipuo tse di fetang 200. E nnile tshiamelo ya ba ba fetang dimilione di le tharo ba rona go nna le seabe mo tirong eno e kgolo ya lefatshe lotlhe ya go rera, ‘mo ponong le ka ntlo le ntlo.’ (Ditihō 20:20) Ekete re ka tswelapele go segofadiwa ka mo go humileng ke Jehofa jaaka re dira ka natla go boloka bothokgami mo go direleng Modimo wa boammaaruri.

O Ka Tlhalosa Jang?

◻ Ke dilo dife tse di gakgamatsang tsa boboko jwa motho tseo di supang go Modiri yo o botlhale go gaisa?

◻ Ke ka ntlhayang fa go le phoso go re go dumela mo thutong-tlhagelelo ke tiro ya tumelo?

◻ Ke bosupi bo le kana kang joo bo leng gone jwa gore batho ba seka-kgabo ba kile ba nna gone tota?

◻ Esekiele 8:7-12 e ka dirisediwa jang baeteledipele bangwe ba bodumedi gompieno?

◻ Bothokgami mo go direleng Modimo wa boammaaruri bo tlisa diphelelo dife?

[Lebokoso mo go tsebe 21]

Life​—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation?

Buka ya setlhogo se se fa godimo e ne ya gololwa ka 1985 le 1986 kwa Dikopanong tse dintsi tsa “Baboloka Bothokgami” tsa Basupi ba ga Jehofa go dikologa lefatshe. Jaanong e gatisiwa ka dipuo tse di latelang: Setšhaena, Sedenishi, Sedatšhe, Seesemane, Sefinishi, Sefora, Sejeremane, Setadiana, Sejapane, Sepotokisi, le Sepanishi.

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

A bataki baa ikanyega fa ba dira gape batho ba sekakgabo ka manathwana a marapo a le mmalwa?

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Basupi ba ga Jehofa ba ‘tladitse lefatshe’ ka kitso ya ga Jehofa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela