LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 4/1 ts. 10-15
  • Go Emela Boammaaruri mo Lefatsheng le le Boikepo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Emela Boammaaruri mo Lefatsheng le le Boikepo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditshenyako tsa Maaka
  • Go Thuthusa Maaka a Magolo
  • Batshegetsi ba Maaka
  • Tshimologo ya Botshelo
  • Go Itlhagelela ga Kgato ka Kgato​—Kana Popo ka Tlhamalalo?
  • A o a Leboga?
  • Thuto-tlhagelelo
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • Thutotlhagelelo E A Sekasekiwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Saense: A E Ile Ya Supa Gore Bibela E Phoso?
    Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?
  • A Modimo O ne Wa Bopa Ditshedi ka go Dirisa Mokgwa wa go Iphetogela ga Dilo go Nna tse Dingwe?
    Tsogang!—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 4/1 ts. 10-15

Go Emela Boammaaruri mo Lefatsheng le le Boikepo

“Lehoko ya gago ke boamarure.”​—YOHANE 17:17.

1. (a) Boammaaruri bo nnile kganetsano leng mme gone jang? (b) Ke boammaaruri bofe jo bosha jo bo molemo joo bo begilweng kwa Edena?

BOAMMAARURI ga bo bolo go nna kganetsano! Kganetsano eno, e e lekanang le histori ya setho ka dingwaga, e ne ya tsosiwa morago kwa Edena fa Noga ya bogologolo e ne e gwetlha go nna boammaaruri ga Morena wa Lobopo Jehofa. Fa batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba le kafa tlase ga teko, ba ne ba tlhopha go akanya ka boitaolo le go tsamaya ka tsela ya bone ya bogagapa. E ne e se baemedi ba boammaaruri ba ba thokgameng. Mme gone koo Modimo o ne wa itsise dinnete tse disha tse di molemo go gaisa, tsa gore “losika” lwa Bogosi lo ne lo tla tlhagisiwa go thubaganya ditiro tsa ga Diabolo.​—Genesise 3:1-6, 14, 15.

2. (a) Boammaaruri bo ne jwa tlhaselwa jang mo lefatsheng la pele ga Morwalela? (b) Ke ka ntlhayang fa Noa le lelapa la gagwe ba ne ba amogelwa ke Jehofa?

2 Jaanong boammaaruri bo ne bo le mo tlhaselong. Motsietsi yo Mogolo yono o ne a bona kemonokeng ya barwa ba bangwe ba moya ba ba tsuololang ba Modimo go baka tshenyo ya lefatshe. Losika lo lo senang boitshwaro lwa pele ga Morwalela lo ne lwa nwela mo ‘go direng maratwa-e-pelo’ mo eleng gore lo ne lwa palelwa ke go tlhokomela tlhagiso ya Modimo e e neng e utlwadiwa ke Noa. Ba ne ba nyelela. Mme Noa le lelapa la gagwe ba ne ba falola ka ntlha ya bothokgami jwa bone jo bo senang molato. Fa baemedi bano ba boammaaruri ba ne ba tswa mo arakeng eo e neng e ba bolokile, mogopolo wa bone wa ntlha e ne e le go neela ditlhabelo tsa tebogo​—tse di “lonkō lo lo monate” go Jehofa.​—Genesise 6:4-12; 8:18-21; Luke 17:26, 27; 2 Petere 2:5.

Ditshenyako tsa Maaka

3. Babelona o Mogolo ke eng, mme o simologile jang?

3 Lefa go ntse jalo, Noga eo ya bogologolo, ebong Diabolo, e ne ya tswelela ka maiteko a yone a go kgobera metsi a boammaaruri. Kwantle ga pelaelo e ne e le kafa tlase ga kaelo ya Bosatane go bo Babelona wa bogologolo a ile a agiwa. ‘Masaitsiweng a Babelona’ a ne a fetoga motheo wa mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, o o tlhalosiwang go Tshenolō 17:5 jaaka “Babelona o Mogolo, mma diaka, le mma makgapha a lehatshe.” Dikarolo-karolwana tsa yone tse dintsi-ntsi, ka dithuto tsa tsone tsa makoko tse di tlhabantshanang, di ile tsa nna gone go tla go fitlha nako kgolo ke eno jaaka polokelo e kgolo ya maaka a bodumedi.​—Genesise 10:8-10; Yeremia 51:6.

4. Jesu o ne a emela boammaaruri jang, mme ka diphelelo dife?

4 Fa Jesu Keresete a ne a le mo lefatsheng,o ne a emela boammaaruri ka bopelokgale. Fa a ne a bua le baitimokanyi ba bodumedi ba motlha wa gagwe, o ne a re: “Lo ba rra eno diabolo, . . . me a se ka a èma mo boamarureñ, ka go ne go sena boamarure mo go èna.” Go feta moo, Jesu, “losika” lwa tsholofetso lo lo boleletsweng pele, o ne a otlelela botlhokwa jwa boammaaruri fa a ne a bolelela Ponto Pilatwe a re: “Wèna ua re, Ke kgosi. Ke tsalecwe gōna mouō, me ke tletse gōna mouō mo lehatshiñ, gore ke shupè kaga boamarure.” Jesu o ne a neela botshelo jwa gagwe jaaka motho go emela boammaaruri-boammaaruri jwa Bogosi.​—Yohane 8:44; 18:37; Genesise 3:2-5.

5, 6. (a) Satane o ne a tsweletsa ntwa ya gagwe kgatlhanong le bommaaruri jang? (b) Ke go bola gofe goo go ileng go nna gone, mme ke maaka afe ao a simologileng koo? (c) Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go batla go nna baemedi ba ba tlhoafetseng ba boammaaruri?

5 Maaka a tsamaisana le boikepo. Ga go gakgamatse ka gone, go bo Satane a ile a tsosa setlhopha sa boruti sa botenegi mo ntweng ya gagwe e e tswelang pele kgatlhanong le boammaaruri, seo se tlhalosiwang jaaka “monna oa boleo” go 2 Bathesalonia 2:3. Morago ga loso lwa baaposetoloi a ga Jesu Keresete, batenegi bano ba ba boikepo ba ne ba ikgodisa mo godimo ga batho fela mme ba bodisa thuto e e itshekileng ya Bokeresete ka go e tswakanya le “masaitsiweng” a Babelona le botlhajana jwa Segerika, segolo-bogolo kgopolo ya ga Plato ya gore moya wa motho ga o swe.

6 Maaka ano a fetogile motheo wa maaka a mangwe, a a jaaka a gore ‘batho botlhe ba ba siameng ba ya legodimong,’ ‘bao ba sa siamang go le kalo ba ya pakatoring,’ le gore ‘ba ba bosula ba gadikelwa ruri mo diheleng tsa tlhokofatso.’ Ereka go na le thuto ya maaka e e kana kana mo mmusong wa bodumedi jwa Sebabelona, abo re ka itumela jang ne go bo Jesu a solofeditse jaana: “Ha lo nna mo lehokuñ ya me, hoñ lo bo lo le barutwa ba me rure; Me lo tla itse boamarure, me boamarure bo tla lo golola”! Re tshwanetse go batla go nna baemedi ba ba tlhoafetseng ba boammaaruri jo bo nayang kgololesego.​—Yohane 8:31, 32.

Go Thuthusa Maaka a Magolo

7. (a) Mokgele wa ga Satane ke eng, mme o leka jang go o fitlhelela? (b) Ke thuto efe ya maaka eo e tlhagileng mo lekgolong la bo-19 la dingwaga?

7 Lefa go ntse jalo, Diabolo o dira bojotlhe jwa gagwe mo go ganetseng boammaaruri. O galefisiwa ke gore go nne le ope fela yo o dumelang mo Lefokong la Modimo la boammaaruri, ebong Bibela e e Boitshepo. Mokgele wa gagwe ke go ‘foufatsa megopolo ya ba ba sa dumeleng, gore ba seka ba itse mafoko a a molemo a a galalelang kaga Keresete.’ Diabolo o ikaeletse go ganetsa boammaaruri eseng fela ka go dira gore “monna oa boleo” wa La-Bodumedi a leke go tsenya dithuto tsa maaka tsa bodumedi mo Bibeleng mme gape ka go dira maiphako a gore Bibela e thailwe mo mainaneng le mo ditlhamaneng. Jalo, mo lekgolong la dingwaga la bo-19, Noga yone eo ya bogologolo e ne ya thuthusa thuto e nngwe ya maaka le e e tsietsang. E bidiwa kgopolo ya thutotlhagelelo.​—2 Bakorintha 4:4.

8. Kgopolo ya ga Darwin ke eng?

8 Ka 1859, fa ‘motlha wa bofelo wa Bibela’ o ne o atamela, Charles Darwin o ne a gatisa buka ya gagwe e e bidiwang On the Origin of Species by Means of Natural Selection, or the Preservation of Favoured Races in the Struggle for Life. (Daniele 12:4) Darwin o ne a ntsha kgopolo ya gore ditshedi ga dia bopiwa mme, go na le moo, gore di itlhageletse go tswa mo ditsheding tse dingwe tsa nako e e fetileng ka “tlhopho ya tlholego e e nnang teng ka ntlha ya go kgaratlhela go tshela.” Kgabagare, motho o ne a itlhagelela go tswa mo mofuteng mongwe wa kgabo. Darwin o ne a bolela gore e ne e le kgang fela ya “go atlega ga tse di tshwanelegang go gaisa tse dingwe.”

9. (a) Ke dinnete dife tsa Bibela, jaaka di rutilwe ke Jesu, tseo di neng di tla nna tse di senang mosola fa e le gore thuto-tlhagelelo e ne e le boammaaruri? (b) “Go atlega ga tse di tshwanelang go gaisa tse dingwe” mo go ikaegileng ka maemo go lereditse setho kgobalo e kgolo jang?

9 Kgopolo eno e felela ka go gana nnang pego ya Bibela ya popo le go wela ga motho mo sebeng. E ka dira setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu le dithuto tsa Bibela kaga Bogosi, tsogo, botshelo jo bo sa khutleng, le lefatshe la paradaise gore di nne tse di senang bokao. Go feta moo, kgopolo ya thuto tlhagelelo, fa e le gore e boammaaruri, e ne e tla golola setho mo boikarabelong bope jwa boitshwaro go Mmopi wa sone.a Ka go tlhagisa kgopolo ya “go atlega ga tse di tshwanelang go gaisa tse dingwe,” seno kwantle ga pelaelo se ne sa siamisetsa bo-Marxism, Bokgokgontshi, le dikgopolo tse dingwe ditsela gore di itsetsepele.b Baemanokeng ba thuto-tlhagelelo ba tshwanetse go sikara boikarabelo jo bo boima jwa bontsi jwa boikepo le pogo tse di mo lefatsheng gompieno.​—Pesalema 14:1-4.

Batshegetsi ba Maaka

10. Malebana le Darwin, ke ka ditsela dife baruti ba ileng ba itshupa go nna baemedi ba maaka?

10 A baruti ba motlha wa ga Darwin ba ne ba tlhabana kgatlhanong le kgopolo ya gagwe e e tlontlololang Modimo? Ka mo go gakgamatsang, moperofesara wa Yunibesethi ya Cambridge o kwala jaana: “Kwa tshimologong kganetso e ntsi ya kgopolo ya ga Darwin e ne e tswa mo baitseanapeng ka ntlha ya mabaka a bosupi jwa yone, eseng mo go bora-thuto-bo-modimo ka ntlha ya mabaka a dikwalo.” Ngaka nngwe e e rutegileng e oketsa jaana: “Batlhalefi ba ba tumileng ba Bakeresete mo Great Britain le Amerika ba ne ba dumalana ka bonako le megopolo ya ga Darwin le thuto-tlhagelelo kwantle ga ba se kae fela.” Ka 1882, Darwin o ne a fitlhwa mo mabitleng a dikgosi kwa Westminster Abbey, ka thulaganyo e e kgethegileng e e dirilweng le moruti wa Anglican wa lefelo leo la sedumedi!​—Bapisa Ditihō 20:30; 2 Timotheo 4:3.

11. Ke dipolelo dife tseo di builweng ke baruti kaga kgopolo ya ga Darwin ya go sa dumele mo Modimong?

11 Kgopolo ya ga Darwin ya go sa dumele mo Modimong jaanong e amogelwa jaaka ‘boammaaruri jwa efangedi’ ke bontsi jwa baruti ba La-Bodumedi. Mobishopo mogolo wa York, yo eleng mobishopo wa maemo a a kwa godimo wa Church of England, o tsaya kgopolo eo ya go itlhagelela ga botshelo gore e tlhomame sentle mo eleng gore ke “yone fela motheo o o tlhaloganyesegang wa thuta-botshelo ya segompieno.” Bosheng jaana, kwa pokanong nngwe ya Vatican, baithuti ba le 12 bao ba neng ba emela setlhopha sa boitseanape sa maemo a a kwa godimo-dimo sa Kereke ya Katoliki ba begile jaana: “Re tlhatswegile pelo gore bosupi jo bontsi-ntsi bo tsaya go dirisiwa ga kgopolo ya thuto-tlhagelelo mo mothong le mo diamusing tse dingwe jaaka jo bo senang pelaelo gotlhelele.” Mme mo go seno New Catholic Encyclopedia e oketsa ka gore: “Thuto-tlhagelelo ka kakaretso, le eleng ya mmele wa motho, e lebega jaaka pego ya boitseanape e e kgonagalang segolo ya tshimogolo ya dilo.” A mme tota ke ya boitseanape? A thuto-tlhagelelo e tshegediwa ke bosupi jo bo ikanyegang jwa boitseanape? Botshelo jwa gago ka bojone bo ikaegile ka go tlhomamisa boammaaruri jwa kgang eno.​—Yohane 14:6; 16:13; 17:17.

12. Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go re bodumela-popo ga se jwa dikwalo ebile ga bo dumelesege?

12 Bosheng jaana, ditumelo tsa motheo di ile tsa tlhagisa mogopolo wa bodumela-popo jaaka karabo kgatlhanong le thuto-tlhagelelo. Mme ka go dira jalo, ba dira maiphako ao eseng a dikwalo le ao a sa dumelweng. Ke a gore magodimo, lefatshe, le sengwe le sengwe se se mo lefatsheng di bopilwe ke Modimo ka malatsi a le 6 a dioura di le 24 le le lengwe​—ee, ka dioura tsa mmatota di le 144! Thuto eno e ile ya baka gore ba le bantsi ba nyatse Bibela. Mme a “letsatsi” mo Bibeleng ka gale le boleele jwa dioura di le 24? Genesise 2:4 e bua ka “motlha o Yehofa Modimo o dihileñ lehatshe le legodimo ka ōna.” Motlha ono o le mongwe o kopanyeletsa ‘matsatsi’ otlhe a le marataro a popo a Genesise kgaolo 1. Go ya ka tiriso ya Bibela, “letsatsi” ke lobaka fela lwa nako lo lo lekanyeditsweng. “Letsatsi” go ya ka Jehofa e ka nna dingwaga di le sekete kana dingwaga di le dikete-kete​—jaaka go ne go ntse ka ‘matsatsi’ a popo. Ka gone, mo ntlheng eno pego ya Bibela e a utlwala le go dumalana le boitseanape jwa boammaaruri.​—2 Petere 3:8.

Tshimologo ya Botshelo

13. (a) Baemedi ba thuto-tlhagelelo ba tlhalosa tshimologo ya botshelo jang? (b) Ke ka ntlhayang fa go sa utlwale go bolela gore sele e e tshelang e ipopile ka kotsi?

13 Batshegetsi ba thuto-tlhagelelo ba tlhalosa tshimologo ya mmatota ya botshelo jang? Ba bolela gore mo dingwageng dingwe di le dimilione tse di fetileng lewatle lengwe le le dikologileng lefatshe le ka ne le ile la nna “kgodu” e e nang le botshelo mme e santse e sena ditshedi. Mme, ba tlhalosa gore, ‘molekhule mongwe o o tlhomologileng go gaisa o ne wa bopega ka kotsi nngwe e e sa kgonagaleng go gaisa.’ Ka kgakgamatso, o ne wa itsala go dira dimolekhule tse dingwe tseo di ileng tsa ngaparelana go dira sele e e tshelang. A sengwe se se ntseng jalo se ne se ka utlwala se kgatlhisa? Mokwadi mongwe yo o neetseng tlhaloso eno o begile mo ketapeleng ya gagwe gore: “Buka eno e tshwanetswe go balwa fela jaaka ekete ke kgang e e ikgopolelwang fela ya boitseanape.” Ee, kgang e e ikgopolelwang fela, mme eseng boitseanape le eseng! National Geographic e ile ya bolela gore ditaelo (DNA) tse di tsentsweng mo selenyaneng e le nngwe “fa di ne di ka kwalwa, di ne di ka tlatsa dibuka di le sekete tse di nang le ditsebe di le 600.” Abo go sa utlwale jang ne go bolela gore sele e e tshelang e ipopile ka kotsi go tswa mo kgodung nngwe ya bogologolo!

14. Jaaka baemedi ba boammaaruri, ke thuto efe ya motheo ya Bibela e re tshwanetseng go e tshegetsa?

14 Se se utlwalang go gaisa le se se tlhaloganyesegang ke tlhaloso eo e neetsweng ke mokwadi wa Bibela ebong Dafide, yo o kwadileng go Pesalema 36, ditemana 5 le 9 jaana: “Yehofa . . . mocwedi oa botshelō o nntse nau.” Jaaka baemedi ba boammaaruri, re tshwanetse go tshegetsa thuto eo ya motheo ya Bibela.​—Bona gape Pesalema 100:3; Isaia 42:5, 8.

Go Itlhagelela ga Kgato ka Kgato​—Kana Popo ka Tlhamalalo?

15. (a) Fa thuto-tlhagelelo e ne e le boammaaruri, pego ya masaledi a dilo tsa bogologolo e ne e tla e tshegetsa jang? (b) Pego eo e bontshang, mme e pateletsa gore Darwin a dumele ka go reng?

15 Lefa go ntse jalo, a go ne go se kake ga diragala gore, fa mefuta e e farologaneng ya ditshedi e sena go newa botshelo, e ka ne e ile ya fetoga kgato ka kgato go nna mefuta e mengwe? Mme, fa e le gore seo se diragetse, pego ya masaledi a dilo tsa bogologolo ya dingwaga tse di fetileng e ne e ka bontsha seno. A mme e dira jalo? Tlhokomela lobaka lo lo bidiwang lwa Cambria. Fano masaledi a bogologolo a ditlhopha tsa konokono tsa diphologolo tse di senang marapo a mokwatla lantlha di tlhaga mmogo “ka ponyo ya leitlho” ka kgakgamatso e le dilo tse di tshelang. Fa e le gore ditlhopha tseno tse di farologaneng thata di itlhageletse mo botshelong ka tshoganyetso ka nako e le nngwe, tota di ne di ka itlhagelela jang go tswa mo go tse dingwe? Darwin ka namana o dumetse ka gore: “Fa e le gore mefuta e mentsi . . . tota e simologile mo botshelong ka nako e le nngwe, lebaka leo le ne le tla nna diphatsa go kgopolo ya thutotlhagelelo.” Diphatsa eleruri!​—1 Bakorintha 3:19, 20.

16. (a) Malebana le go tlhagelela ga dipopego tsa botshelo, pego ya masaledi a dilo tsa bogologolo e akisa thuto-tlhagelelo jang? (b) Boammaaruri jo bo nang le mabaka bo boletswe jang go Genesise 1:25?

16 Pego ya masaledi a dilo tsa bogologolo e bontsha gore dibopego tsa botshelo tse di farologaneng le tse di raraaneng go gaisa di tlhageletse ka ponyo ya leitlho mme di setse di feletse mo kgolong. Jaaka moperofesara mongwe wa boitseanape jwa tlholego a tlhalositse ka gore: “Maruarua, bommamathwane, dipitse, diamusi, ditlou, mebutla, botshipa, jalo le jalo, tsotlhe di farologane fela jaaka fa di ne di tlholega, fela jaaka di ntse le jaanong. Ga go na le eleng motlhalanyana wa motsadi a le mongwe, kana go amana le segagabi sepe, seo go dumelwang di tswa mo go sone.” A go na le masaledi ape a bogologolo a dithutlwa tse di nang le dithamo tsa boleele jwa pedi-tharong kana tharo-nneng go na le boleele jo bo tlwaelegileng? Nnyaa, ga go na ape. Boammaaruri jwa kgang eno ke jaaka bo boletswe go Genesise 1:25: “Me Modimo oa diha diphōlōhōlō le dibatana tsa lehatshe kaha ditshikeñ tsa cōna, le dikgomo kaha ditshikeñ tsa cōna, me Modimo oa bōna ha go le molemō.” Ee, go le molemo tota.

17. Ke go farologana gofe mo gontle le thulaganyo tseo di ka bonwang mo ditsheding, mme seno se ne se ka tswa go mang fela?

17 Gape a o ke o tlhokomele go farologana go go kgatlhisang goo go bonwang mo gare ga dilo tse di tshelang mo lefatsheng mono! A sethunya, serurubele, nonyane, phikoko, le mefuta e mengwe ya ditshedi e le sekete e bone bontle jwa yone jo bo e farologanyang mo go e mengwe ka kotsi, mo go kgaratlheleng go atlega ga tse di tshwanelang go gaisa tse dingwe? Kana a ke thulaganyo e e matsetseleko ya Modimo o o lorato yo o batlang gore setho se bone boitumelo mo ditirong tsa gagwe? Fa re leba bontle jo bo jesang kgakge joo bo bonwang go ralala lefatshe leno le le gakgamatsang, kwantle ga pelaelo re tshwanetse go re: “Yehofa, ana ditihō tsa gago di methalethale yañ! u di dihile ka botlhale cotlhe hèla: lehatshe le tletse dikhumō tsa gago.”​—Pesalema 104:24.

18. Ke ka ntlhayang fa o ne o ka re polatipase e ne e ka dirwa ke Modimo fela?

18 Ka gale thulaganyo e batla morulaganyi yo o botlhale. Mme go na le thulaganyo e e gakgamatsang mo dilong tse di tshelang. A o ke o tlhokomele polatipase, eo e nnang kwa Australia. E lekana le mmutla, e na le boboa jaaka jwa lenyebi, molomo o o tshwanang le wa sehudi, dinala tse di tshwanang le tsa mokoko, le menoto e e nang le dinama mo gare ka dinala. E tsala mae jaaka segagabi mme e amusa bana ba yone jaaka seamusi. E tshela mo lefatsheng kana mo metsing. Polatipase e itlhageletse go tswa mo go eng? Ereka e tsamaya bosigo fela, polatipase e ne e ka bidiwa toro ya bosigo e e tshosang ya bora-thuto-tlhagelelo. Ra-thutabotshelo mongwe wa Yunibesethi ya Harvard o e tlhalosa jaaka “sebopiwa se se bopilweng ka matsetseleko se bopelwa mofuta o o rileng wa botshelo, le o o sa tlwaelegang.” Ke mang Modiri yo o matsetseleko yoo? E ka nna fela Modimo yo o bolelang jaana: “Setshidi señwe le señwe sa sekgwa ke sa me.”​—Pesalema 50:10.

19. (a) Ke tiro efe e e gakgamatsang eo e dirwang ke warbler e nnyennyane? (b) E kgona jang go dira seno?

19 Go feta moo, go tweng ka botlhale jwa tlholego joo bo tsentsweng mo ditsheding tse dintsintsi jaana? Ka sekai, go na le nonyane nngwe e nnyennyane, blackpoll warbler, eo e boima jwa tharo-nneng fela jwa aonse (21 g). E itse go tlhopha maemo a a siameng a bosa a dikgakologo gore e fofe go tswa Alaska go ya New England. Koo e nonotshiwang ke dijo tse di siameng gone mme e bo e letela phefo e tsididi. Morago ga moo e a fofa, e fofa bogodimo jo bo fitlhang dikgatong di le 20 000 (6 100 m) le go feta moo go tshwara moya o o lebang Afrika, go fitlhela warbler e tshwarwa ke phefo ya koo eo e e kgweeletsang kwa tlase go ya kwa e yang gone eleng kwa Amerika Borwa. Kitso ya tlholego ya warbler e tsentswe mo bobokong jo bo lekanang le nawa. A ra-thutotlhagelelo o ka tlhalosa ka moo botlhale jo bo ntseng jalo jwa tlholego bo nnileng gone ka teng? Ga a kake. Mme Bibela e supa gore Jehofa ke ene Modiri yo o botlhale go gaisa wa “legodimo le lehatshe, lewatlè, le cotlhe tse di mo go cōna.” go akareletsa le dibopiwa tseo di leng “botlhale yo bo heteletseñ.”​—Pesalema 146:5, 6; Diane 30:24-28.

A o a Leboga?

20. (a) Tlhaloso ja dilo tse di gakgamatsang tse di re dikologileng e tshwanetse go nna eng? (b) Bopelonomi jo bo lorato jwa Mmopi wa rona bo bontshiwa jang mo go rona? (c) Jaaka baemedi ba boammaaruri, re tshwanetse go arabela jang?

20 Boammaaruri jwa kgang eno ke jono: Go na le dilo di le dintsi tse dintle, tse di mosola, le tse di boitshegang kwa magodimong le mo lefatsheng go re dikologa tseo popo ka Morulaganyi yo o lorato, yo o maatlaotlhe e ka nnang yone tlhaloso fela! Kafa tlase ga maemo a a siameng, abo dirwe tsa rona tse re di filweng ke Modimo tse di gakgamatsang di dumalana le tikologo ya rona ya tlholego go dira botshelo go ipedisa jang ne! Phirimo e e galalelang ya letsatsi eo re e bonang, dithunya tse di nkgang monate tseo re di dupang, maungo a a rokolosang mathe ao re a latswang, phefonyana e e lapolosang eo re e utlwang, molotsana wa sekgwa oo re o utlwang​—abo tseno di bontsha bopelonomi jo bo lorato jwa Mmopi le Modimo wa rona jang ne! (Pesalema 136:1-6, 25, 26) Abo re tshwanetse go bontsha tebogo ya rona ka tlhoafalo jang ne ka go emela boammaaruri mo lefatsheng leno le le boikepo! Ruri, ‘lefoko la Modimo ke boammaaruri’!

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bapisa boammaauri jwa Bibela jaaka bo rutilwe ke Jesu Keresete go Tshenolō 4:11; Mathaio 19:4; Luke 24:46, 47; Mathaio 20:28; 6:10; Yohane 5:28, 29; 17:3; Luke 23:43.

b Karl Marx o rile: “Buka ya ga Darwin e botlhokwatlhokwa mme e nkema nokeng ka bosupi jwa gore ditlhopha di ile tsa kgaratlha mo botshelong jotlhe jwa tsone.”

Fa O Emela Boammaaruri, O Ne O Ka Araba Jang?

◻ Boammaaruri bo nnile kganetsano jang?

◻ Boammaaruri jwa Bibela bo senola maaka a Sebabelona jang?

◻ Tshimologo le mefuta e e farologaneng ya botshelo di ka tlhalosiwa jang fela?

◻ Thulaganyo mo ditsheding e re bolelelang?

◻ Re ka leboga Mmopi wa rona jang?

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Jesu o ne a bolelela baganetsi ba boammaaruri ka papamalo a re, “lo ba rra eno diabolo”

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Charles Darwin​—moemedi wa kgopolo ya “motho-seka-kgabo”

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Church of England e ne ya fitlhela Darwin mo Westminster Abbey

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 15]

U.S. Fish & Wildlife Service

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela