Pego ya Baboledi ba Bogosi
Go Phutha “Dinku di Sele” tsa Morena kwa Australia
“KE TLA reketlisa merahe eotlhe, me dilō tse di elètsègañ tsa merahe eotlhe di tla tla,” go kwadile jalo moperofeti Hagai go feta dingwaga di le 2 500 tse di fetileng. (Hagai 2:7) Gompieno, ba ba eletsegang bao ruri ba tshologela mo ntlong ya ga Jehofa ya kobamelo. Lefa go ntse jalo, ka dinako dingwe, ba ka nna ba se lebege ba eletsega lantlha go ya ka ponalo ya kafa ntle, jaaka go bontshiwa ke boitemogelo jono go tswa Australia:
◻ Mokaulengwe mongwe o ne a tsamaya ka koloi ya gagwe go ya pokanong Sontaga sengwe o ne a dira sengwe seo a iseng a ke a se dire pele: O ne a ema go pega mokopi yo o neng a kopa go palama sejanaga kwantle ga tuelo. Mokaulngwe o ne a sa itse gore ke ka ntlhayang fa a ne a dira jalo, ereka lekau leno le ne le na le moriri o mo leele, o o sa kamiwang le ditedu, a apere botlhaswa, mme ebile o ne a sa kopa go palamisiwa ka monwana. Ka bonako fela mokaulengwe o ne a nna le boikutlo jwa gore a eme a mo pege. Fa lekawana leno le sena go tsena mo koloing, le ne la re: “O ya kerekeng, a gago jalo?” A gakgametse, mokaulengwe a araba ka gore: “Ee, ke ya kwa Holong ya Bogosi.” “Ke ya le wena,” lekawana la bua jalo.
Ka ntlha ya tebego ya gagwe, mokaulengwe o ne a leka go mo ntsha mo maikutlong ao. Mme lekawana la gatelela gore le a ya mme la bolela botshelo jwa lone: O ile a tlogela legae a na le dingwaga di le 16 mme go tloga ka nako eo o ne a kopanela thata mo go diriseng diokobatsi le mo boitsholong jo bo maswe. O ne a ntse a nna kafa tlase ga dipolasitiki kafa morago ga ditotoma tsa mmu gaufi le lewatle. Fa a le koo, o ne a simolola go akanya ka masisi ka bokao jwa botshelo. O ne a sa rate se a ileng a nna sone, jalo a rapelela thuso ya Modimo. O ne a re o boleletse Modimo gore o ne a tla tswela kwa tseleng le go O rapela gore a kaelwe mongwe go mo pega le go mo isa kwa kerekeng e e siameng. Dikoloi di feta ka sewelo mo tseleng eno e e bodutu. Ke tse tharo fela tse di fetileng mo dioureng di sekae, mme ga go epe e e neng ya mo emela. O ne a setse a itlhoboga fa mokaulengwe wa rona a tla mme a mo pega.
O ne a kopanela mo dipokanong tsotlhe mo bekeng eo mme a simolola go iphepafatsa. O ne a tlosa tota le sefapaano seo a neng a se tsentse mo thamong ya gagwe. O ne a swetsa go boela gae kwa Tasmania, koo a feditseng kgwedi a bala Bibela le go rapela gone. Ka go lemoga gore o tlhoka thuso go tswela pele, o ne a ya kwa ofising ya lekala la Australia la Mokgatlo wa Watch Tower. Babulatsela bangwe ba ne ba romelwa go ya go ithuta le ene, mme a dira tswelelopele e e bonako. Boammaaruri jo bo tswang mo Bibeleng jwa neela bokao mo botshelong jwa gagwe le tsholofelo ya isagwe. (Diane 10:28) Go ise go fele dikgwedi di le supa o ne a kolobediwa le go nna mmulatsela yo o thusang, mme jaanong o direla jaaka mmulatsela wa ka metlha mo Sydney.
◻ Re ka kgabisa thuto ya Modimo Moreboloki,’ ka go ngaparela melao-metheo ya Bibela mo boitshwarong jwa rona. (Tito 2:10) Seno se ne sa bontshiwa mo kgannyeng ya mokaulengwe mongwe yo o neng a thapilwe mo femeng nngwe moo kganetsano e neng ya tsoga mabapi le go romelwa ga dinku le dikgomo. Modiri mongwe le mongwe o ne a kopiwa go ntsha moneelo wa dolara e le nngwe go thusa go tsweletsa kganetsano eno pele. Fa mokaulengwe a gana, mokaedi wa feme o ne a mo tshosetsa ka gore o tla latlhegelwa ke tiro ya gagwe. Mokaulengwe o ne a tlhalosa gore, o ne a ka se tshegetse kgaruru eo e e rulagantsweng ka kelotlhoko. Mokaedi wa feme o ne a mo naya oura go e akanya.
Mokaulengwe yono jaanong a nna sekgobiwa sa badiri mmogo le ene. O ne a ba tlhalosetsa gore e ne e se lebaka la dolara, mme ereka ba bangwe ba ba kopanyeleditsweng mo kganetsanong eno ba tshotse dithunya le dithobane, o ne a tla nna le molato wa madi fa a ka bo a ba tshegeditse mme mongwe a gobaditswe kana a bolailwe. Modiri mongwe o ne a re gaa ise a ke a utlwe pono eo pele mme o ne a batla go itse ka mo go oketsegileng. Fa nako e ntse e ya, mokaulengwe o ne a kgona go simolola thuto ya Bibela le modiri yono, mme go sa kgathalesege kganetso e e tswang go mosadi wa gagwe, monna yono, ka bonako a simolola go nna gone kwa dipokanong. Gompieno ke mongwe wa bakaulengwe ba rona ba ba ineetseng. Fa e le mokaedi wa feme ene, ga a ka a tlhola a boela go botsa mokaulengwe yono gape.
Eleruri, bao ba ratang Modimo le tshiamo, ka tsela nngwe, ba tla bontshiwa boammaaruri mme ba tla bo lemoga. Jesu o rile: “Ke na le dinku di sele . . . ke na le go di lere, me di tla utlwa lentswe ya me.” (Yohane 10:16) Ba ba fetang 42 000 ba “dinku di sele” tseno mo Australia ba setse ba utlwile lentswe la Modisa yo o Molemo, mme letsatsi lengwe le lengwe ba phuthelwa mo letlhakoreng le le siameng la tshegofatso ya ga Jesu.—Mathaio 25:31-34.
[Mafoko a a mo go tsebe 22]
Re ka ‘kgabisa thuto ya Modimo Moreboloki’ ka boitshwaro jwa rona jo bo molemo