LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 4/1 ts. 8-91
  • Seo Jesu a Neng a se Tletse mo Lefatsheng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Seo Jesu a Neng a se Tletse mo Lefatsheng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Seo Jesu a Neng a se Tletse mo Lefatsheng
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Jesu o Rera mo Kgaolong ya Galalea
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Go Tlhoafalela Kobamelo ya ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Go Tlhoafalela Kobamelo ya ga Jehofa
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 4/1 ts. 8-91

Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu

Seo Jesu a Neng a se Tletse mo Lefatsheng

JAAKA re ile ra ithuta mo tokololong e e fetileng ya makasine ono, Jesu o ne a tshwaregile thata mo Kaperenama mo letsatsing leo fa a ne a na le barutwa ba gagwe ba bane. Sa ntlha, o ne a fodisa monna mongwe yo o neng a tsenwe ke badimona mo senagogeng, go tswa foo kwa ntlong ya ga Petere o ne a fodisa mogogwadiagwe Petere, mme morago mo maitseboeng batho ba Kaperaname ba ne ba tlisa balwetsi ba bone kwa go ene gore ba fodisiwe. O ne a sena nako epe ya gore o ka nna a le nosi.

Jaanong go mo mosong wa letsatsi le le latelang. Fa go santse go le gontsho, Jesu oa tsoga mme o tswela kwantle a bo a tsamaya a le nosi. O ya kwa lefelong le le didimetseng koo a ka rapelang Rraagwe gone mo sephiring. Mme bojosi jwa ga Jesu bo tsaya nako e khutshwane ka go bo fa Petere le ba bangwe ba lemoga gore ga a yo ba ya go mo senka.

Fa ba fitlhela Jesu, Petere o mo raya a re: “Batho botlhe baa gu batla.” Batho ba Kaperenama ba batla gore Jesu a nne le bone. Ba anaanela seo a se ba diretseng! A mme selo se segolo se Jesu a neng a se tletse mo lefatsheng e ne e le go dira diphodiso tsa dikgakgamatso? Ene a reng?

Go ya ka polelo nngwe ya Bibela, Jesu o araba barutwa ba gagwe a re: “A re eeñ go sele, re eè metsiñ e meñwe e e kwa pele, gore ke tlè ke rèrè Mahoko a a Molemō le gōna mo go eōna; gonne ke shōna se ke cwetseñ go se diha.” Lemororo batho ba kgothaletsa Jesu go nna, o ba raya a re: “Ke na le go rèrèla le metse e meñwe Mahoko a a Molemō a bogosi yoa Modimo: gonne ke romilwe go diha yalo.”

Ee, Jesu o ne a tletse mo lefatsheng segolo-bogolo go tla go rera kaga Bogosi jwa Modimo joo bo tla tlotlomatsang leina la ga Rraagwe mme bo rarabololele ruri mathata otlhe a batho. Lefa go ntse jalo, go ntsha bosupi jwa gore o romilwe ke Modimo, Jesu o dira diphodiso tsa dikgakgamatso. Fela jaaka Moshe, makgolokgolo a a fetileng a dingwaga, a neng a dira dikgakgamatso go itlhomamisa jaaka motlhanka wa Modimo ka gone.

Jaanong, fa Jesu a tloga mo Kaperenama go ya go rera kwa metsing e mengwe, barutwa ba gagwe ba bane ba tsamaya le ene. Ba bane bano ke Petere le monnawe ebong Anderea, le Johane le monnawe ebong Jakobe. O tla gakologelwa gore, e ne ya re beke pelenyana, Jesu a bo a ile a ba laletsa gore ba tsamaye le ene go nna badiri-ka-ene.

Loeto lwa ga Jesu lwa go tsamaya a rera mo Galalea le barutwa ba gagwe ba bane lo atlega thata! Tota, le pego kaga ditiro tsa gagwe e anamela mo Siria yotlhe. Matshutitshuti go tswa mo Galalea, Judea, le go kgabaganya Noka ya Joredane ba sala Jesu le barutwa ba gagwe morago. Mareko 1:35-39; Luke 4:42, 43; Mathaio 4:23-25; Ekesodo 4:1-9, 30, 31.

◆ Ke eng se se diragalang mo mosong o o latelang morago ga Jesu a sena go tlhola a tshwaregile thata mo Kaperenama?

◆ Jesu o ne a rometswe eng mo lefatsheng, mme ke boikaelelo bofe jo bo neng bo diragadiwa ke dikgakgamatso tsa gagwe?

◆ Ke bomang ba ba neng ba tsamaya le Jesu fa a le mo loetong lwa go rera mo Galalea, batho ba ne ba arabela jang mo ditirong tsa ga Jesu?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela