LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 4/1 ts. 4-7
  • Bibela Ke Lefoko la Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bibela Ke Lefoko la Modimo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bibela le Batshwaya-diphoso ba Bagolo
  • Bibela le Boitseanape
  • Buka e e Nonofileng
  • Bibela—A ke Lefoko la Batho Fela?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • A Ba ile ba Supa Gore Bibela ga e Boammaaruri?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Saense: A E Ile Ya Supa Gore Bibela E Phoso?
    Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?
  • “Tesetamente E Kgologolo” E Ikanyega Go Le Go Kana Kang?
    Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 4/1 ts. 4-7

Bibela Ke Lefoko la Modimo

A KE boammaaruri gore, boitseanape le batshwaya-diphoso ba bagolo ba ile ba tlosa Bibela mo maemong ao e neng e le mo go one pele jaaka Lefoko la Modimo? Motho a ka nna a akanya jalo. Le eleng baeteledipele ba bodumedi ba ikemiseditse go bua jalo mo dikwalong tsa bone gore Bibela ga se ya boitseanape, mme go tshwaya-diphoso mo go golo go tlotlwa fela thata mo go rutwang le eleng mo marutelong a thuto-bomodimo. Mme ke eng seo mabaka a se bontshang?

Bibela le Batshwaya-diphoso ba Bagolo

Mabapi le batshwaya-diphoso ba bagolo bano, boammaaruri ke gore, go tla go fitlha jaanong, ga go ise go tlhage bosupi bope jo bo kwenneng jwa mabaka a bone. Ga go na metswedi epe e e bolelwang ya dilo tseo go tweng ke motswedi wa Dikwalo tsa Ntlha tse Tlhano kana buka ya Isaia tseo di kileng tsa bonwa. Mme dikarolwana tsa bogologolo tsa Daniele di ile tsa epololwa tse di akantshang gore buka eo e ne e setse e ntse e tlotlwa thata dingwaga di se kae fela morago ga maiphako ao a tlhalosiwang ke batshwaya-diphoso ba bagolo bao kaga go kwalwa ga yone!

Moperofesa wa thuto-bomodimo oa bolela: “Go ka seke go ntshiwe bosupi bongwe jo bo kgethegileng gore dibuka tsa Bibela di ne tsa tlhaga ka tsela ya boherehere eo e tlhalosiwang ke ditlhopha tsa batshwaya-diphoso. Ke selo se se farologaneng gore ditlhopha tseo di ka kaya selo se se ntseng jalo, mme ebile ke selo se sele gore ba ka ntsha bosupi jwa gone.” (Wick Broomall go Biblical Criticism) Moithuta-marope o oketsa ka gore: “Re tlhoka mafoko a kafa re ka gatelelang tota-tota gore ga go na bosupi bope mo Botlhabatsatsi jo bo Gaufi jwa bogologolo kaga boherehere jo bo dirilweng kaga dikwalo kana dibuka.” (W. F. Albright go From the Stone Age to Christianity) Gone ke boammaaruri, go tshwaya diphoso mo go golo go ntse go tsweletse ka go anama. Mme seno ke ka go bo go dumalana thata le tsela ya go akanya ya gompieno ya go sa dumeleng mo dilong tsa semoya, mme eseng gore go na le sepe se se go supelang.

Bibela le Boitseanape

A mme he, boitseanape, ka ditsela dingwe bo ile jwa latofatsa Bibela? Gone ee, ka dinako tse dingwe go ne ga bonala jalo. Ka sekai, mo lekgolong la dingwaga la bo-18 kutlwisiso e kgolwane ya kafa lefatshe le dirilweng ka teng e ne ya phepafatsa gore polanete ya rona e ne e le e kgologolo thata. Ka nako eo, batho ba bodumedi ka bontsi ba ne ba ganelela gore, go ya ka Bibela, lefatshe le ne le le bogologolo fela jwa dingwaga di le 6 000. Seno se ne sa bonala e le kgang e e phepafetseng ya gore thuto ya Bibela e latofaditswe. Lefa go le jalo, boammaaruri ke gore, ga go na gope fa Bibela e tlhalosang gone gore lefatshe le bogologolo jo bo kana kang. E ne e le go tlhoka kutlwisiso ga batho bao ba bodumedi moo go neng ga baka bothata.

One mafoko a ntlhantlha a Bibela ke a a reng: “E rile mo tshimologoñ Modimo oa tlhōla legodimo le lehatshe.” (Genesise 1:1) Tlhaloso eno, ya gore go nnile le tshimologo, e tumalanong le diphitlhelelo tsa bosheng tsa boitseanape. Mme gape, go ya ka Bibela, go ne ga nna lobaka loo go lone lefatshe le neng le “tobekanye hèla, go sa itsege sepè,” go se sepe se se ka nnang mo go lone go bile go ka se kgonege. (Genesise 1:2) Baithuta-lefatshe bao ba reng ba leka go lomaganya ditshimologo tsa lefatshe ba kaya gore tota ruri go ne go ntse jalo ka nako nngwe. Morago ga moo, Bibela e tlhalosa kafa mawatle le lefatshe le le omileng di neng tsa nna teng ka gone. Go ne ga tlhaga pele ditlhatshana, mme morago dibopiwa tsa lewatle, dinonyane, mme, kgabagare, diphologolo tse di mo lefatsheng. La bofelo, motho a nna gone. Dilo tseno tsotlhe, di tshwana thata le seo baitseanape ba ileng ba se fitlhelela ka go epa mekoakoa ya bogologolo ya lefatshe, le eleng go ya fela ka thulaganyo e e tlwaelegileng ya go tlholega ga ditshedi.​—Genesise 1:1-28.

Seno ga se reye gore Bibela e tumalanong gotlhelele le seo se bonalang mo dibukeng tsa boitseanape. Mme go na le dintlha di le dintsi tseo di dumalanang mmogo moo re ka bong ra ipotsa ra re: ‘Go tlile jang gore bakwadi bao ba Bibela ba itse mo go kana kana?’ Fa re akanya ka selekanyo seo kitso ya boitseanape se neng se le kwa tlase thata ka sone mo metlheng eo ya bogologolo, ke mo go felelang fela ka gore go twe mongwe o ba boleletse​—bosupi jo bo nonofileng jwa bonnete jwa gore Bibela ruriruri ke Lefoko la Modimo. Koo go nang le go sa dumalaneng ga diphopholetso tsa boitseanape le Bibela gone, a re bo re tsaya fela gore Bibela e phoso mme baitseanape ka metlha yotlhe ba siame? Go na le dikai tsa pele di le dintsi tse di bontshang gore boitseanape bo ka tsaya tsela e e phoso ka dinako tse dingwe.

Legale, phopholetso ya thuto-tlhagelelo e fapaana thata-thata le Bibela. Seo se tshwaegang kaga phopholetso eno ke kafa e neng ya tuma ka bofefo ka gone mo baitseanapeng morago ga go gatisiwa ga buka ya ga Darwin ebong The Origin of Species. E ne ya amogelwa go sale gale thata pele ga sebaka sepe sa go lekeletsa diphoraetso tsa buka eo kana go bona bosupi jwa tsone mo rekotong ya dilo tsa bogologolo. Ka ntlhayang? Modumela thutotlhagelelo Hoimar v. Ditfurth o dumela jaana ka tlhamalalo: “Boitseanape totatota ke boiteko jwa go bona kafa go nna gone ga motho le tlholego go ka tlhalosiwang ka gone kwantle ga go dumela mo dikgakgamatsong.” (The Origins of Life, ka H. v. Ditfurth) A ke mo go gakgamatsang he, go bo baitseanape ba ile ba tshwarelela ka tlhagafalo mo phopholetsong ya thuto-tlhagelelo, ba senya nako e ntsintsi le boiteko ba leka go e supela mme ba senya e potlana fela go leka go bona gore a e ka se latofadiwe? Se se fapaaneng, ebong popo, e ne e tla bo e le kgakgamatso​—eo mo go bone e sa akanngweng.

Tota ruri, mo go mongwe le mongwe yo o sa tlhoang dikgakgamatso, popo ke tsela e e botlhale thata ya go tlhaloganya dilo tseo baitseanape ba ileng ba seka ba kgona go di tlhalosa, jaaka motswedi wa selo se go tweng botshelo, boikutlo, botlhale, le sebopego sa boitsholo sa motho.

Buka e e Nonofileng

Bibela ka boyone e tlhalosa gore botlhale jo bo amogetsweng jwa lefatshe le dithuto tsa Bibela di ka se dumalane. (1 Bakorintha 1:22, 23; 3:19) Ereka jaana kitso e e thailweng mo patlisisong ya batho le mo matlhaleng di sa tlhomamisege, thulano eno ga e a tshwanela go re gakgamatsa. Ebile ga re a tshwanela go tshwenyega fa diphopholetso dingwe tse di tumileng di ganetsa Bibela. Bibela ka boyone e re laela gore re lebe dintlheng tse dingwe go bona bosupi jwa maiphako a yone a gore ruri ke Lefoko la Modimo.

Ka sekai, Bibela e itshupa go nna buka ya boperofeti. (2 Petere 1:19-21) Batshwaya-diphoso ba bagolo ba iphaka gore dipolelelopele tseno di ne tsa kwalwa morago ga tiragalo, mme mo mabakeng a le mantsi seno ka phepafalo ke se se ka sekeng se kgonagale. Dipolelelopele kaga Jesu tse di neng tsa buiwa makgolokgolo a dingwaga pele ga a tsalwa di ne tsa diragadiwa tsotlhe-tsotlhe. (Ka sekai, bona Isaia 53:1-12; Daniele 9:24-27.) Dipolelelopele tsa ga Jesu ka sebele kaga tshenyego ya Jerusalema di ne tsa diragadiwa ka tlhomamo. Mme dipolelelopele tseo ene le moaposetoloi Paulo ba neng ba di bua kaga metlha ya bofelo di balega fela jaaka ekete ke dikgang tsa mo mosong ono. (Mathaio 24; Mareko 13; Luke 21; 2 Timotheo 3:1-5) Ereka go itsege sentlentle gore batho ga ba nke le ka motlha ba bua dilo tsa isagwe ka tsela e e tlhomameng, dipolelelopele tsa Bibela ke bosupi jo bo nonofileng jwa gore e tswa Motsweding o o kwa godimo.

Bosupi jo bongwe jo bo nonofileng bo bonwa mo mafokong a yone a a reng: “Lehoko ya Modimo le tshedile, le tlhaga [le nonofile, NW].” (Bahebera 4:12) Nonofo eo e ile ya bontshiwa mo ditiragalong tsotlhe ke batho ba le bantsinyana bao ba ileng ba boga le go swela tshwanelo ya go bala Bibela kana go e abalana le ba bangwe. Ga go kgatiso lefa e ka nna efe eo e ileng ya tlhotlheleletsa batho molemeng fa e balwa ka moya wa boikokobetso le kutlwisiso. E fetola bontwa-dumela go nna batho ba ba kagiso le go ka fetola botho jwa motho gotlhelele. (Mika 4:3, 4; Baefesia 4:24) Ka sekai, akanyetsa se Bibela e neng ya se direla Luiz.

Mo kgolegelong ya Brazil mo a neng a latlhetswe teng, Luiz o ne a itsiwe jaaka motho yo o kotsi thata-thata. Go tswa foo, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, fa a ntse a rerela magolegwa-mmogo le Luiz, a nna le sebaka sa go bua le Luiz. Mafoko a Bibela a ne a nna le tlhotlheletso e kgolo mo go Luiz mo ka bonakonyana a neng a fetoga motho yo o farologaneng. (Bakolosa 3:9, 10) Pele, go ne go se ope yo o neng a tle a re o leka go fetolana le ene, mme jaanong o dirisana le mongwe le mongwe ka bopelonomi le eleng go tlotla balaodi ba kgolegelo kafa tshwanelong. Dingwaga tse tlhano morago ga Bibela e sena go fetola botho jwa ga Luiz, o ne a simolola go abela magolegwa a mangwe seo a se ithutileng, mme ebile o ne a dumelelwa le eleng go rera ka kwantle ga kgolegelo.

Mme gape akanya ka Wayne. Wayne o ne a tshela botshelo jo bo botlhaswa mo United States, a na le boitsholo jo bo sa siamang a bile a dirisa diokobatsi ka mo go sa tshwanelang. Fa a sena go nyala, boitshwaro jwa gagwe jo bo bosula la bofelo jwa tlhotlheletsa mosadi wa gagwe mo boitsholong jo bo sa siamang le ene. Botshelo jwa bone jwa mo gae bo ne bo le bosula thata. Fa ba ne ba setse ba le gaufi le go tlhalana, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a nna le sebaka sa go bontsha Wayne se Bibela e se buang kaga boikarabelo le go rata ba-lelapa. (Baefesia 4:22-24; 5:22-28) O ne a thusiwa go lemoga motswedi wa mathata mangwe a gagwe. (Bona 1 Bakorintha 15:33.) Mme, kgabagare, o ne a kgona go fetola tsela eo a akanyang ka yone. Seno le sone se ne sa thusa mosadi wa gagwe gore a fetoge. Jaanong lelapa leno le lebotlana ke sekao sa thithibalo​—malebogo a ya mo Bibeleng.

Mme labofelo, akanya ka kgang ya ga Elena. E ne e le Mo-Argentina yo mmotlana yo o neng a tshwenyega ka ntlha ya bohutsana. Fa a ya go batla thuso kwa ngakeng ya tsa tlhaloganyo, o ne a mmolelela gore o ne a tshwanetse go tshela botshelo jo bo boatla jwa kafa dikobong gore a rarabolole mathata a gagwe. O ne a tsenelela mo boitsholong jo bo sa siamang, mo tirisa-badimong, le mo go gogeng motsoko thata. O ne a senya mpa gabedi. Mme Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kgatlhegela Elena mme ba ne ba kgona go mo thusa go dirisa Bibela mo botshelong jwa gagwe. Ka bonya, mafoko a Bibela a ne a mo kgonisa gore a latlhe ditlwaelo tsa gagwe tse di bosula mme a itse Mmopi, ebong Jehofa Modimo, le Morwawe, ebong Jesu Keresete. Jaanong, fa a bua ka Batho bano ba babedi, Elena a re: “Dilo tse di molemo tseo ke di amogelang mo go bone ga dia ntshwanela, mme ka lebaka leno ke batla go bua thata kaga kutlwelobotlhoko ya bone le lorato lwa bone mo go rona.”

Jaaka dikai tse di seng kae tseno di bontsha, Bibela e ka tlhotlheletsa maatla a a mosola thata mo matshelong a rona. Luiz, Wayne le Elena ba ne ba thusega fa Basupi ba ga Jehofa ba ba amanya le Bibela ba bo ba ba bontsha kafa ba ka dirisang ka gone se e se buang. Mo lefatsheng gompieno, go na le Basupi bano ba feta didikadike tse tharo, bontsi jwa bone e le bao ba nnileng le maitemogelo a a tshwanang mo nakong e e fetileng mme botlhe e le bao ba ileng ba dumelela Bibela go dira diphetogo tse dikgolo mo matshelong a bone. Phelelo e nnile efe?

Bakeresete bano ba ba didikadike tse tharo ba bopa setlhopha seo mo go sone bogolo jwa mathata ao a bopelang isagwe ya setho bo setseng bo rarabolotswe mo go bone. Ga baa kgaoganngwa ke bomorafe kana ke dikgaogano tsa setso. Go na le moo, ka thuso ya Bibela ba dira ka natla go fenya ditlhoano tsa lotso le tsa itsholelo. Mme ba ile ba ithuta go tshela mmogo ka kagiso, seo ka bosone eleng tiragatso e e kwa pele ya dipolelelopele tse dingwe tse di gakgamatsang tsa Bibela.​—Isaia 11:6-9.

Go nna gone ga setlhopha se se ntseng jalo ke bosupi jo bo maatla thata jwa gore Bibela ruri ke Lefoko la Modimo. Re go laletsa gore o itse Bakeresete bano mme o iponele bosupi jono ka bowena. Basupi ba ga Jehofa ba tla ipelela thata go go thusa go dira jalo.

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

Ga go na bosupi bope gotlhelele jo bo nonofileng jwa maiphako a batshwaya-diphoso ba bagolo

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

Bibela ga e a ikaega ka boitseanape jwa segompieno kana matlhale go supa gore ke Lefoko la Modimo

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Bibela e fetola batho

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela