Bibela—A ke Lefoko la Batho Fela?
WILLIAM TYNDALE o ne a latlhegelwa ke botshelo jwa gagwe mo maitekong a gagwe a gore mongwe le mongwe a nne nayo. Martin Luther o ne a dira boiteko jo bogolo thata go e ranolela mo puong ya Sejeremane. Mo balateding ba ga John Calvin, e ne e le “taolo le tekanyetso ya boammaaruri jotlhe.” Ee, ka nako nngwe e ne e le batho ba se kae fela ba ba neng ba belaela gore Bibela ke Lefoko la Modimo. Seno gape e ne e le thuto ya motheo ya Kereke ya Roma Katoliki.
Lefa go le jalo, dilo di farologane gompieno. Bibela, e eleng buka fela mo ditiragalong yotlhe, eo e ileng ya rekwa thata, e balwa ke batho ba sekae fela le go latelwa le eleng ke ba le babotlana thata. Mokwadi ebong James Barr, fa a ne a ntsha maikutlo a ba le bantsi, o ne a tlhalosa a re: “Nna kafa ke bonang Bibela e dirilwe ka gone, ke bona e le tiro ya batho fela. Ke tlhaloso ya se motho a se dumelang . . . Lereo le le ka tshwanelang Bibela ke le le reng ke Lefoko la Iseraela, Lefoko la Bakeresete ba pele ba ba neng ba eteletse kwa pele.”—The Bible in the Modern World, ka James Barr.
Phetogo e dirilwe ke eng? A Bibela ke Lefoko la Modimo kana ke lefoko la batho bangwe? A mme ebile e raya sengwe mo lekgolong leno la bo-20 la dingwaga la go sa dumeleng dilo tsa semoya?
A le Raya Sengwe?
Go simolola ka potso ya ntlha pele, ee, le raya sengwe. Ka ntlhayang? Mme kana Bibela e tlhalosiwa jaaka ‘lobone lwa dinao tsa rona, le lesedi la tsela ya rona.’ (Pesalema 119:105) Gompieno, tota ruri re tlhoka lesedi le le ntseng jalo. Polanete ya rona e ntle e a senngwa. Didikadike tsa batho di bolawa ke tlala. Ke ba sekae fela ba ba ikutlwang ba na le tsholofelo kaga isagwe, mme le go nna gone ga batho go beilwe mo kotsing. Bibela e re solofetsa go ka re etelela pele go ralala metlha eno e e sa ikanyegeng go ya isagweng e e bolokesegileng le e e itumetseng. Fa ruri e le Lefoko la Modimo, ke sone tota-tota se re se tlhokang.
Mme jaanong ke ka ntlhayang fa batho ba e belaela? Karabo ya potso eno e tla re thusa go tlhomamisa fa e le gore a buka eno ruri ruri ke Lefoko la Modimo kana nnyaa.
Go Diragetseng ka go e Dumela?
Mo lekgolong la bo-17 le la bo-18 la dingwaga, go dumela ga mongwe le mongwe mo Bibeleng go ne ga tlhaselwa ke seemo sa maikutlo a a fetogileng. Mo Yuropa go ne ga tsoga moya wa dipelaelo le go sa dumeleng mo dilong tsa semoya. Ditsamaiso tsa bogoromente, itsholelo, tlholego, bodumedi—sengwe le sengwe se ne sa belaelwa. Mme Bibela e ne ya seka ya falola.
Dipelaelo kaga buka eno di ne tsa senolwa mo lekgolong la dingwaga la bo-17 ke yo pele e neng e le Mokatoliki ebong Pierre Bayle, yo o neng a belaela ditso tsa Bibela le tlhatlhamano ya metlha mo go yone. Ba bangwe ba ne ba latela tsela eo a akanyang ka yone, mme mo lekgolong la dingwaga la bo-19, dipelaelo di ne tsa itshupa ka botlalo mo ditlhopheng tsa batshwaya-diphoso. Batshwaya-diphoso ba bagolo bao ba ganela gore Bibela ga ea nna jaaka fa e bonala. Go ya ka bone, Moshe o ne a seka a kwala Dibuka tsa ntlha tse Tlhano tsa Bibela. Go na le moo, di ne tsa sobokanngwa moragonyana mo ditiragalong tsa Bajuda go tswa metsweding e le palonyana eo e neng e kwadilwe makgolokgolo a dingwaga morago ga Moshe a sena go swa. Polelelo pele lefa e ka nna efe e e neng ya diragadiwa e tshwanetse ya bo e ile ya kwalwa morago ga e sena go diragala. Ka jalo, Isaia e ne ya kwalwa ke setlhopha sengwe sa batho mo lobakeng lo lo fetang makgolo a dingwaga. Mme Daniele e ne ya kwalwa mo e ka nnang ka 165 B.C.E.
Phelelo ya go tshwaya-diphoso mono e bonwa mo kgannyeng ya mokanoki wa Bibela ya Sejeremane ebong David Friedrich Strauss: “A re santse re le Bakeresete? Nnyaa, ga bolela Strauss, mme ebile ke ka re rona bao re ileng ra gapiwa ke batshwaya-diphoso ba Bagolo, ka go bo re ka se tlhole re amogela Bibela jaaka Lefoko la Modimo.”—Religion and the Rise of Scepticism, ka Franklin L. Baumer.
Motlha o mosha wa batho ba ba sa dumeleng mo dilong tsa semoya le one gape o ne wa tlhagisa diphitlhelelo tse dintšha mo boitseanapeng. Dingwe tsa tsone di neng tsa tshegetsa Bibela, mme tse dingwe di bonala di thulana le yone. Ka jalo, ba le bantsi ba ne ba tlhotlhelediwa go dumela gore Bibela e ne e le sengwe se se feletsweng ke nako. Boikutlo jono bo ne jwa tiisediwa mo bogareng jwa lekgolo la dingwaga la bo-19 fa mogopolo wa thuto-tlhagelelo o anamisiwa—mogopolo oo o ganetsang polelo ya Genesise gotlhelele kaga popo. Mogopolo ono o ne wa ngaparelwa ka tlhoafalo ke ditlhopha tse dintsi tsa baitseanape le ke batshwaya-diphoso. Gompieno o amogelwa le ke baruti ba le bantsi le go rutwa jaaka selo sa boammaaruri mo dikolong.
A seno sotlhe se raya gore boitseanape ka tsela nngwe bo latofaditse Bibela? Kana a batshwaya-diphoso ba bagolo ba bontshitse gore Bibela ga se Lefoko la Modimo?