Go Ungwa Maungo mo “Setlhaketlhakeng sa Seloki”
MO METSING a a bothitho, a a phashakanang a Lewatle la Caribbean go na le ‘Setlhaketlhake se sennye sa Seloki.’ Ka tsela nngwe se bidiwa Grenada, se bogolo ba di square miles di le 120 (311 sq km) fela. Tota le ditlhaketlhake tse di ikaegileng ka sone, Carriacou le Petit Martinique, bogolo jwa tsone ke ba di square miles di le 133 (344 sq km) fela. Grenada e ne ya neelwa leina leno la sereto “Setlhaketlhake sa Seloki” ka ntlha ya bontsi jwa diloki tse di nkgang monate, tse di jaaka kinamone, cloves, dinawa tsa tonka le nutmeg.
Go tswa bokone go ya borwa, setlhaketlhake se kgabaganngwa ke mokoloko wa dithaba tseo di fologelang mo lewatleng, segolo-bogolo kafa bophirima Dinoka le melatswana ya metsi a a phepa di fologela mo lewatleng, le sekgwa se segolo se se kitlanyeng se se bokgola. Ka setlha sa komelelo, mekgokolosa le, mekgatsha e apesiwa ke ditšheshe tse di bohibidu jo bo galalelang le tse di serolwana tsa immortelle tsa naga le ditlhare tsa poui. Pono eno e e mebala-bala e dirwa bontle thata ke dimela tseo tse di nang le ditšheshe tse di farologaneng jaaka bougainvillea, hibiscus, snow-on-the-mountain, le ‘belles’ tse di nkgang monate tsa bosigo.
Karolo e e tlhomologileng ya Grenada ke losi lwa yone lo lontle lo lo tshwanang le seatla, lo lo nang le moshawa o montle o moswen. Ka tlwaelo tsa itsholelo di ne di ntse di tshegediwa ke dikuno tseo di romelwang tsa dipanana, cocoa, le nutmeg, di okediwa ke baeti le dilo tse dikgolo tseo di romelwang ke ba-losika bao ba falaletseng kwa mafelong a a jaaka Aruba, Curaçao, Engelane, Trinidad, United States, le Venezuela. Baagi ba ba botsalano ba ba 112 000 ba Grenada ba ba nyenyetseng ruri le kgono ya go ka fetola dikakgelo tse khutshwane go nna metlae eo e tshegisang.
Go Jala Dipeo tsa Boammaaruri
Dipeo tsa boammaaruri di ne tsa jalwa mo setlhaketlhakeng seno sa mebala-bala ka 1914, ngwaga oo Ntwa ya Lefatshe I e neng ya simolola ka one. Mogrenada, Elias James, ka nako eo o ne a boa go tswa Panama. Jaaka modiri wa mofaladi koo, o ne a amogetse molaetsa wa Bogosi jwa Modimo ebile a nnile modihedi yo o ineetseng, le yo o kolobeditsweng. O ne a tlhoafaletse go jala dipeo tsa boammaaruri mo bathong ba ba botsalano ba setlhaketlhake sa seloki. Pele ga lobaka lo lo leele, o ne a kopana le Rre Briggs mongwe, Mobarbadi yo o neng a nna mo Grenada. Ka bonako fela Briggs a ngaparela molaetsa wa Bogosi, ka jalo a nna loungo lwa ntlha mo “Setlhaketlhakeng sa Seloki.” Ka go bona tlhokafalo ya lefelo la dipokano, Briggs o ne a dira boalo jwa ntlha jwa ntlo ya gagwe go dirisiwa jaaka lefelo la ntlha la dipokano la batho ba ga Jehofa mo motseng mogolo, e leng St. George’s.
Jaaka modihedi yo ineetseng le sebui se se setswerere, Elias James o ne a thusa batho ba bantsi ba ba pelo-e-phepa. Mo go bone go ne go na le mogokane wa gagwe, Chriselda James. Gompieno, a na le dingwaga di le 88, ke ene motho a le mongwe fela mo setlhaketlhakeng seo yo o ipolelang go nna Mokeresete yo o tloditsweng. O ne a godisa lelapa la bana ba le robongwe, mme go sa kgathalesege kganetsano e e tswelang pele ya monna wa gagwe, botlhe ka borobongwe ba ne ba nna Basupi ba ba kolobeditsweng. Ba bararo ba ne ba swa, mme ba bangwe e santse e le badihedi ba ba tlhaga, ba babedi ba mo tirelong ya bobulatsela mme a le mongwe o direla jaaka mmulatsela yo o kgethegileng le mogolwane.
Ka nako ya fa Elias James a ne a wetsa tiro ya gagwe ya selefatshe, o ne a dirile moneelo o o nitameng wa bobulatsela mo go jalweng ga dipeo tsa boammaaruri mo Grenada. Gompieno, go na le diphuthego tse tharo koo mme e le nngwe mo Carriacou, ka tlhora ya baboledi ba Bogosi ba le 353.
Mo dingwageng tsa kgolo e e iketlileng mme e le e e tlhomameng, Basupi ba ba ikanyegang ba ile ba tshela mo diphetogong tse di farologaneng tsa sepolotiki—go tswa go koloni ya serwalo go ya go mmuso le go bona boipuso go tswa “go Brithani yo Mogolo ka 1974. Ka nako eo, go ne go sena kganetsano epe eo e tshwailweng ya mafoko a a molemo, mme batho ka kakaretso ba ne ba rata go reetsa, lefa ka dinako dingwe e ne e le ka ntlha ya maitseo fela. Ka 1979 phetogo mo maikutlong a sepolotiki mo go ba bangwe a ne a gogela mo botsuoloding jo bo ileng jwa dira gore Mmuso wa Barukhutlhi o buse. Lemororo ba le bantsi ba ne ba akanya gore tiro ya bodumedi e ne e tla laolwa ke setlhopha se sesha se se sekametseng mo mmusong wa bopolotiki, seno ga sea ka sa diragala, mme tiro ya go tlhagisa maungo a Bogosi e ne ya tswelapele.
Phetogo e kgolo e ne ya diragala ka October 19, 1983, letsatsi leo Magrenada a tla le gakolegelwang lobaka lo lo leele. RMC (Revolutionary Military Council) ka nako eo ya tsaya taolo ya puso. Ditona di le mmalwa tsa puso di ne tsa hulwa gammogo le baagi ba ba senang palo.
Mme seo se ile sa latelwa ka bonako ke thibelo ya gore go thuntshiwe mongwe le mongwe yo o neng a ka bonwa mo mmileng malatsi a le 4, dioura di le 24. Ditiragalo tseno tsa thubakanyo, boitemogelo jo bosha jwa baagi ba setlhaketlhake ba ba kagiso, di ne tsa gasaganya poifo le go se tlhomamisege. Ereka botlhe ba ne ba itswaletse mo matlong a bone, mathata a magolo a ne a itemogelwa, segolo-bogolo ke ba ba lwalang le ba ba tsofetseng.
Mo mosong thata ka Labobedi, October 25, 1983, Magrenada a mantsi a ne a tsosiwa ke modumo o o sa tlwaelegang wa difofane, tseo di neng tsa emisiwa ke go thunya go gogolo le go thunya ga dithunya tse di dikgolo ka tatelano. Moragonyana, ka kgaso ya radio ya lefelo leo, ba ne ba lemoga gore masole a sele a ne a kotame mo setlhaketlhakeng seo. Masole a a kopaneng a OECS (Organization of Eastern Caribbean States) le Masole a mo Lewatleng a United States a ne a lwa morago ga gore Molaodi Mogolo a kope thuso go ya ka pego. Mo dioureng di sekae, maemela-fofane ka bobedi (Pearls le Point Salines) a ne a laolwa ke masole a Carribbean le United States. Mo mosong, Grenada e ne ya nna lefelo le legolo la dikgang tsa merafe-rafe.
Ntwa e e matlho mahibidu e ne ya simolola mo gare ga masole a seeng le bao ba neng ba ikanyega go RMC. Lefa go ntse jalo, seno se ne se diragala thata mo lefelong la St. George’s. Batho ba bantsi koo ba ne ba nna malatsi ao a thubakanyo ka fa tlase ga malao a bone. Ba bangwe ba ne ba boifa tota le go ya kwa dikitšhining tsa bone go apeela malapa a bone dijo. Ka boitumelo, ga go ope wa Basupi ba ga Jehofa mo setlhaketlhakeng seo yo o neng a gobala ka nako ya ntwa eo. Lefa go ntse jalo, ba le mmalwa ba falotse ka letshoba la mogodu.
Bopelokgale jwa Bokeresete mo Tobekanyong
Mosadi mongwe wa Mosupi o ne a “falola loso” jaaka mogolwane wa lefelo leo a tlhalosa. O ne a bega jaana: ‘Kgaitsadi yono o ne a batla tshireletso mo ntlong ya moagisani wa gagwe, koo a neng a akanya gore o tla sireletsega segolo. Ene le ba bangwe ba ne ba utlwa go thuntshiwa go tswa thabaneng e e lebaganeng le ntlo eo. Masole a mo lewatleng a U.S. a ne a simolola go thuntsha ntlo eo, a dumela gore go ne go thuntshiwa go tswa kwa go yona. Mongwe le mongwe mo ntlong o ne a wela fa fatshe ka bonako. Fa go thutsha go sena go didimala, mong wa ntlo o ne a tswela kwa ntle a tshogile a tshotse lakane e tshweu ka seatla. Botlhe mo ntlong ba mo sala morago, go akareletsa le kgaitsadi-a-rona yo o tshogileng. Fa ba ntse ba eme mo segotlong, dikolo tse dingwe tse dintsi di ne tsa lebisiwa kwa go bone, mme ka nako eno di ne di tswa kwa thabaneng eo go thunya go neng go simologile kwa go yone pele. Mo gare ga sefako sa dikolo, masole a mo lewatleng ka bonako a ne a ba goga botlhe go ba isa kwa lefelong le le bolokesegileng. Ka mo go tlhomologileng, ga ope yo o neng a gobetse. Masole a mo lewatleng a ne a ba bolela gore ba ne ba le sego thata, ereka ba ne ba le gaufi le go fisa ntlo eo, ba akanya gore masole a RMC a ne a le mo gare mme ba ne ba ba thuntsha. Fa letshogo lotlhe le sena go fela, kgaitsadi-a-rona yo o rategang o ne a lemoga gore o tlhabilwe ke mmutlwa wa dinoko di le pedi (5 cm) mo leotong la gagwe. Ga a ka a utlwa botlhoko bope fa o ne o tlhaba nama ya gagwe!’
Fa ntwa e ne e tsweletsepele, morwadia mogolwane mongwe wa dingwaga di le tlhano o ne a wela mo lelapeng lengwe mme a robega letsogo la molema. Go ne go sa kgonege go bona thuso ya melemo ka nako eo. Sotlhe seo batsadi ba neng ba ka se dira e ne e le go neela ngwana dipilisi dingwe go okobatsa botlhoko. Fa dilo di sena go didimala morago ga malatsi a se makae, ba ne ba tseela ngwana kwa ngakeng ya marapo. Fa a sena go mo tlhatlhoba, go ne ga fitlhelwa gore o ne a robegile mo mafelong a mantsi. Lefa go ntse jalo, marapo a ne a setse a boetse kwa mafelong a one, mme o ne a setse a le mo tseleng ya go fola kwantle ga mathata ape. Kwantle ga pelaelo, batsadi ba ba amegileng ba ne ba itumela thata.
Kgaitsadi mongwe yo o neng a le bokoa o ne a gakgamadiwa ke go bona ka moo a neng a nonofile ka teng. Monna wa gagwe, yo o nang le bolwetsi jwa sukiri yoo boima jwa gagwe bo neng bo feta jwa gagwe gabedi, o ne a idibala mme a wela fa fatshe ka nako ya fa batho ba ne ba sa dumelelwa go tsamaya mo mebileng. E ne e le ena fela yo mogolo mo ntlong eo mme o ne a ka se kgone go bona thuso e e tswang ka kwa ntle. Jalo, ke eng se se neng se ka dirwa? O ne a bega jaana: “Ke ne ka lelela Jehofa mme ka kopa thuso. Ka boikanyegi ke ka re Jehofa o utlwile kopo ya me e e tlhoafetseng. Ka boiteko bongwe jo bo nonotileng, ke ne ka kgona go kuka monna wa me mme ka mo nnisa go fitlhela a thanya. Nka bolela fela gore maatla ao ke neng ka a bona ka nako eo a ne a tswa go Jehofa.”
Ka nako ya ntwa e khutshwane lefa e ne e le mahehe, bagolwane ba ba tlhophilweng ba nnile le dipaka tse dintsi go itshupa jaaka ‘boitekeletso mo ledimong.’ (Isaia 32:1, 2) Ba ne ba baya tshireletsego le eleng matshelo a bone mo kotsing fa ba ne ba etela bakaulengwe ba bantsi, go ba neela thuso le kgomotso ya semoya, segolo-bogolo mo mafelong ao go neng go le ntwa e e matlho mahibidu mo go one.
Mogolwane mongwe le lelapa la gagwe ba ne ba le mo makgolong ao a neng a ntshiwa mo magaeng a bone le go isiwa kwa kampeng ya bafaladi. Ba ne ba tshwanelwa ke go itshokela dithunyo tse di thibang ditsebe tse di tswang mo dithunyeng tse dikgolo. Thunyo e le nngwe e e ntseng jalo e ne ya digela mogolwane, mosadi wa gagwe le morwadiabone fa fatshe ka tota. Fa a ne a bodiwa gore o kgonne jang go ipoloka a sisibetse ka nako ya bothata joo, o rile: “Go tlhoka poifo ga me le tshisibalo e ne e le ka ntlha ya thuto e e boteng ya Lefoko la Modimo, leo le neng la nkaga le go nketleeleletsa boemo jono jo bo sa tlwaelegang.” Ka gone, mogolwane yono o ne a kgona go sisibala le go gomotsa Basupi mo kampeng.
Dibeke di le mmalwa moragonyana, masole a U.S. le a Caribbea a ne a laola setlhaketlhake sotlhe, puso ya nakwana e ne ya tlhongwa. Seno se ne sa neela sebaka se se batlileng se tlhomame go emisa tlhopho kakaretso. E diragetse ka December 3, 1984. Mo taolong ya Lekgotla le Lesha la Morafe le le neng le eteletswe pele ke Tonakgolo, ebong Herbert Blaize, thubakanyo e e fetileng e ne ya bonala ekete e nyeletse, mme ba bantsi ba lebeletse pele isagweng e e phatsimang.
Go Nonotshetswa Tiro e e kwa Pele
Ditiragalo tsa bosheng di diretse go nonotsha Basupi botlhe ba ga Jehofa mo Grenada. Ba ne ba itemogela maatla a a sireletsang a ga Jehofa mme ba ikemiseditse go godisa maiteko a bone a go rera ka Bogosi. Batho ba bantsi ba ba dipelo-di-ikanyegang bao ba bontshang kgatlhego e e tlhoafetseng mo molaetseng wa Bogosi ba ne bale mo gare ga ba ba 914 ba ba neng ba le teng mo moketeng wa Segopotso sa ga Keresete ka April 4, 1985. Mosupi mongwe le mongwe wa ba ba 350 mo setlhaketlhakeng o ne a na le batho ba ba kgatlhegang ba ka nna babedi ba ba neng ba le gone mo tiragalong eo. Abo e le kgonego e e molemo jang ne ya kgolo ya nako e e tlang!
Bontle jwa tlholego jwa Grenada bo neela mogopolo mongwe wa seo lefatshe le le solofeditsweng la Paradaise le tla nnang sone. Paradaise eo ya lefatshe ke tsholofetso e e tlhomamisitsweng ke Mmopi wa lefatshe, Jehofa. Ka bonako basiami “ba tla rua lehatshe, ba tla aga mo go yeōna ka bosakhutleñ.” (Pesalema 37:10, 11, 29) Basupi botlhe ba ga Jehofa ba itumetse ebile ba tlhoafaletse go abela Magrenada ka bone molaetsa ono o o itumedisang wa tsholofelo go kgabaganya “Setlhaketlhake [seno] sa Seloki.”