A O Araba Ka Bogale?
Phetolō e e bonōlō e thibosa bogale: “me lehoko ye le tlhokohatsañ le tle le tlhotlheletse bogale.” Go bolela jalo Diane 15:1.
Fa o galefisitswe ke mongwe, a o tlhotlheletsega gore o re ‘o tla nkitse’? Seo se ka gogela kwa matsweleng a a masisi.
Mo New York City, mosetsanyana mongwe o ne a boela gae morago ga go omanela go se rekisediwe sentle mo lebenkeleng la borotho jo bo kgethegileng le go bolelela rragwe wa bobedi kaga gone. A boela morago go ya go buisana le mong wa lebenkele. Ga latela komang, mme mong wa lebenkele la borotho jo bo kgethegileng a hula monna yono a ba a mmolaya.
A go latela kgakololo ya seane se se boletsweng pele go ne go tla thusa mo boemong jo bo tshwanang le joo. Gopola tiragalo eo e kopanyeletsang Abigaile le Dafide, jaaka e kwadilwe mo go 1 Samuele 25:2-35. Dafide o ne a le gaufi le go dira phoso e e masisi fa a ne amogela pego e e bosula ka makawana ao a neng a boa a kwa go Nabale, e leng monna wa ga Abigaile. Madi a a senang molato a ka bo a tsholotswe. Karabo e e bonolo ya ga Abigaile, gammogo le ditiro tsa gagwe tse di pelonomi le boikokobetso, tsa fedisa bogale jo bo tukang jwa ga Dafide le banna ba gagwe.