A O Fetolana Ka Botswerere ka Dikwalo?
“Me Paulo o tsèna mo go bōnè yaka tlwaèlō ea gagwè, mme a nna a hetolana nabō ka dikwalō, ka bosabata ba le bararo.”—DITIHŌ 17:2.
1. Ke ka ntlhayang fa Bibela e le tlhotlhwa-kgolo mo go rona?
A BO lefoko la Modimo le le tlhotlhwa-kgolo jang ne! Le araba dipotso tse di botlhokwa tse go seng motswedi ope o mongwe o o ka di arabang. Seo Bibela e se neelang ga se boikutlo jo bongwe fela ka botshelo; ke boammaaruri. Mo Lefokong la gagwe, Jehofa o re bolelela seo a se batlang mo go rona, mme dipatlafalo tsa gagwe tsotlhe di re solegela molemo.—Pesalema 19:7-11; Isaia 48:17.
2. (a) Fa re neela ba bangwe bosupi, re ka totobatsa jang mo go bone motswedi wa molaetsa wa rona? (b) Ke dipotso dife tse re kgothalediwang go di akanyetsa ka namana?
2 Ka ntlha ya gore Basupi ba ga Jehofa ba tlhatswegile pelo gore ruri Bibela e tswa go Modimo le gore se e se tshotseng se na le maatla a go tlhotlheletsa batho go dira se se molemo, ba buelela se e se tshotseng go ba bangwe ka tlhoafalo. (Bahebera 4:12) Fa ba le mo bodiheding jwa phatlalatsa, ba batla gore batho ba lemoge gore molaetsa o ba o bolelang ga o tswe mo go bone mme o tswa mo Lefokong la Modimo ka sebele. Ka jalo ba dirisa Bibela ka tlhamalalo, tota ba e balela ba bangwe fa go kgonega. A wena ka sebele o dirisa Bibela ka tsela eno? A o ka fetolana le batho ba ba pelo-e-phepa ka Dikwalo ka tsela e e ka ba thusang go tlhaloganya le go amogela se e se rutang?—2 Timotheo 2:15.
3, 4. (a) Botlhokwa jwa go bua Lefoko la Modimo ka sebele bo ne jwa otlelelwa jang mo motlheng wa ga Jeremia? (b) Re batla go kaela batho ba re ba rutang kwa go mang le mo go eng?
3 Botlhokwa jwa go bolelela batho se Modimo o se buang go na le go ba neela pono ya motho ka namana bo ne jwa tlotlomadiwa mo motlheng wa moperofeti Jeremia. Motlha oo wa ditiragalo o ne o bolelela motlha wa rona pele. Bontsi jwa baperofeti mo Jerusalema ka nako eo ba ne ba dira dikitsiso tseo ba neng ba akanya gore batho ba ne ba batla go di utlwa, mme ba ne ba sa bolele lefoko la ga Jehofa ka boikanyegi. Jehofa o ne a bua jaana kaga bone: “Ba bua ponatshègelō ea pelo ea bōnè hèla, eseñ e e cwañ mo molomuñ oa ga Yehofa.” Mme a oketsa jaana ka maatla: “Eo o nañ le lehoko ya me, a buè lehoko la me ka boikañō.”—Yeremia 23:16-28.
4 Jeremia o ne a ‘bua lefoko ka ga Jehofa ka boikanyego.’ Le rona, re tshwanetse go ikutlwa re patelesega go ngaparela thata mo Dikwalong fa re ruta ba bangwe. Ga re batle gore batho e nne barutwa ba rona. Re batla gore e nne baobamedi ba ga Jehofa, gore ba tsamaye mo dikgatong tsa ga Jesu Keresete, le gore ba anaanele phuthego eo Jehofa a etelelang batlhanka ba gagwe pele ka yone gompieno.—Bapisa 1 Bakorintha 1:11-13; 3:5-7.
5. Johane 7:16-18 e neela kaelo jang (a) go bagolwane? (b) mo go rona rotlhe fa re ntse re arola mo bodiheding jwa tshimo?
5 Jesu ka boene o rile: “Thutō ea me, ga se ea me; ke ea eo o nthomileñ. Ha motho leha e le mañ a rata go diha go rata ga gagwè, o tla itse kaga thutō, go re, a e cwa mo Modimoñ, kgotsa ke ipuisa hèla. Eo o ipuisañ hèla, o senka go ikgalaletsa.” (Yohane 7:16-18) Le eleng Morwa Modimo yo o itekanetseng o ne a le kelotlhoko gore a tile go ipuela se se tswang mo go ene. Abo re tshwanetse go nna jalo jang ne! Ka gone, abo go tshwanela jang ne gore bagolwane ba tshwanetse go nna ba “ñaparetse lehoko ye le ikanyegañ” mo mokgweng wa bone wa go ruta! (Tito 1:9) Gape, abo kgakololo e e mo go 2 Timotheo 4:2 e tshwanela jang ne: “Rera lehoko!” Eo ke tekanyetso eo re tshwanetseng go e ngaparela mo phuthegong lefa re arola mo bodiheding jwa tshimo kwantle.
6. Ke eng seo gantsi se tlhokegang, go tlaleletsa mo go baleng ga rona ditemana go tswa mo Bibeleng? Tshwantsha.
6 Mme seno ga se kaye gore re tshwanetse ra bala ditemana fela go tswa mo Bibeleng mme re bo re sa bue sepe se sengwe. Gore batho ba tlhaloganye bokao jo bo tletseng jwa ditemana, go botlhokwa gore ba tlhaloganye ka moo di dirang ka gone. Go ne go ntse jalo ka moopafadiwa wa Ethiopia yo go buiwang ka ene mo go Ditihō 8:26-38. Monna yoo o ne a bala boperofeti jwa ga Isaia, mme o ne a sa tlhaloganye gore bo kaya eng. Lefa go ntse jalo, morago ga gore dipotso tsa gagwe di arabiwe, fa a sena go tlhaloganya botlhokwa jwa se a neng a ntse a se bala le go lemoga ka moo seo se neng se mo ama ka gone ka namana, o ne a fetoga Mokeresete. Re tshwanetse go neela babatli ba boammaaruri thuso e e tshwanang gompieno mme re tshwanetse go tlhokomela ka metlha go bua lefoko la boammaaruri ka tshiamo.
Ka Moo Jesu A Neng A Dirisa Dikwalo ka Gone
7. Ke sekao sa ga mang se se ka re thusang thata go tokafatsa kgono ya rona ya go fetolana ka Dikwalo?
7 Jesu Keresete o tlhomile sekao se se molemo-lemo mo go diriseng Dikwalo ka botswerere. (Mathaio 7:28, 29; Yohane 7:45, 46) Go tlhatlhoba mokgwa wa gagwe wa go ruta go ka re thusa go tokafatsa kgono ya rona ya go fetolana ka Dikwalo. Tlhokomela dikai tse di latelang:
8. (a) Ke potso efe e “motho moñwe oa molaō” a neng a e botsa Jesu? (b) Jesu o ne a araba potso eo jang, mme ka ntlhayang?
8 Mo go Luke kgaolo 10, ditemana 25-28, re bala kaga “motho moñwe oa molaō” yo a neng a batla go leka Jesu ka go mmotsa gore: “Moruti, ke tla dihañ gore ke ruè botshelō jo bo sa khutleñ?” O ka bo o arabile jang? Jesu o ne a dirang? A ka bo a ile a neela karabo ka tlhamalalo ga motlhofo, mme o ne a lemoga gore monna yoo o ne a setse a na le pono e e tlhomameng ka kgang eno. Jalo Jesu a mmotsa ka moo a neng a ka araba potso eo ka gone ka go re: “Go kwadilwe eñ mo molaoñ? U bala yañ?” Monna yoo a araba jaana: “U rate Yehofa Modimo oa gago ka pelo eotlhe ea gago, le ka mōea otlhe oa gago, le ka thata eotlhe ea gago, le ka tlhaloganyō eotlhe ea gago; le moñwe ka wena yaka u ithata.” Jesu a arabela ka gore: “U hetotse ka tshiamō,” mme morago ga moo, a bua karolo ya Lefitiko 18:5 ka mafoko a gagwe, a re: “Diha mo me u tla tshela.” Mo lekgetlong le lengwe Jesu ka boene o ne a tsopola ditaolo tseo tse pedi go araba potso nngwe. (Mareko 12:28-31) Mme ka nako eno monna yo o neng a bua le ene o ne a itse Molao wa ga Moshe mme kwantle ga pelaelo o ne a batla go bona gore a Jesu o ne a dumalana le se o neng a se ithutile mo go one. Jesu o ne a mo letlelela gore a kgotsofale ka go neela karabo ka boene.
9. (a) Jesu o ne a dirang go thusa monna yoo go tlhaloganya lengwe la makwalo ao a neng a a tsopotse? (b) Ke ka ntlhayang fa mokgwa oo o ne o na le matswela?
9 Lefa go ntse jalo, monna yoo o ne a sa itse botlhokwa jo bo tletseng jwa dikwalo tseo a neng a di tsopola. Ka gone, “ka a rata go itshiamisa, a raea Yesu, a re, Ana, moñ ka nna e be e le mañ?” Jesu ga a ka a mo araba ka go tsopola dikwalo tse di oketsegileng. Ga a ka a mo fa tlhaloso fela e monna yoo a neng a ka e tshwaya diphoso. Go na le moo, o ne a dirisa setshwantsho—se se molemo-lemo seo eleruri se neng se tshwanela ditlhokafalo tsa monna yoo, setshwantsho se se neng se tla mo thusa go akanya ka bokao jwa lekwalo leo. Jesu o ne a bua kaga Mosamaria mongwe yo o molemo yo o neng a thusa motsamai mongwe yo o neng a tsieditswe le go bediwa, lemororo moperesiti le Molefi ba ne ba sa dira jalo. Seno e ne e le setshwantsho seo se neng sa dira gore polelwana “moñ ka nna” e nne le bokao joo monna yono a neng a ise a ke a bo lemoge le ka motlha pele ga moo, mme se ne sa dira jalo ka mokgwa o o neng o rulaganyeditswe go fitlhelela pelo. Morago ga moo, fa Jesu a ne a konela, o ne a botsa potso go tlhomamisa gore monna yoo o ne a tlhalogantse, mme a mo laela gore a dirise se ba neng ba tlotla ka sone mo botshelong jwa gagwe.—Luke 10:29-37.
10. (a) Re ka ithutang mo sekaong seo sa go ruta ga ga Jesu? (b) Re ka dirisa dingwe tsa dintlha tseo jang fa re dirisa Setlhogo sa rona sa Motlotlo sa bosheng mo bodiheding jwa tshimo?
10 Re ka ithutang mo sekaong seno sa go ruta? A o lemogile tse di latelang? (1) Jesu o ne a lebisa tlhokomelo mo Dikwalong go araba potso ya ntlha ya monna yoo. (2) Jesu o ne a kopa monna yoo go itlhalosa, mme kakgolo e e bothitho e ne ya neelwa fa go ne go dirwa kakgelo e e bontshang go tlhaloganya. (3) Jesu o ne a tlhomamisa gore kamano magareng ga dipotso le dikwalo e ne e bolokiwa e phepafetse, jaaka go bontshiwa mo Lu 10 temaneng ya 28. (4) Setshwantsho se se amang pelo se ne sa dirisiwa go tlhomamisa gore monna yoo a se latlhegelwe ke bokao jwa mmatota jwa karabo. Go latela sekao seno go ka re thusa go fetolana le ba bangwe ka Dikwalo ka botswerere.
“Moruti, U Buile Sentlè”
11. (a) Fa Basadukai ba ne ba botsa Jesu potso kaga lenyalo malebana le tsogo ya baswi, ke karabo efe e e tlhamaletseng e a neng a e neela? (b) Ke ka ntlhayang fa a sa ka a felela foo?
11 Mo go Luke kgaolo 20, ditemana 27-40, go begilwe sekao se sengwe se se tlhomologileng sa go dirisa Lefoko la Modimo ka botswerere. Bangwe ba Basadukai ba ne ba atamela Jesu go mmotsa potso. Ba ne ba bolelela Jesu ka boemo joo ba neng ba akanya gore bo ne bo bontsha boeleele jwa go dumela gore baswi ba tla tshela gape. Ba ne ba bolela kaga mosadi mongwe yo o neng a nnile mosadi wa banna ba le supa, ka tatelano. “Mo go cogeñ ga bashwi, e tla nna mosadi oa ga mañ?” ba botsa jalo. Karabo e Jesu a neng a e neela kwantle ga pelaelo e ne e se eo ba neng ba e letetse. Ka phepafalo ba ne ba ise ba ke ba sekaseke kgonagalo ya gore ba ba tsosiwang ba ne ba se kitla ba nyala mme, mo lebakeng leno, ba ne ba tla bo ba tshwana le baengele. Lefa go ntse jalo, go ne go tlhokafala mo gontsi go dira gore karabo e tlhatswe pelo.
12. (a) Ke mabaka afe ao Jesu a neng a a dirisa go tshegetsa go dumela mo tsogong ya baswi? (b) Ke ka ntlhayang fa a ne a tshwanela Basadukai ka mo go kgethegileng?
12 Jesu o ne a lemoga gore bothata jwa konokono jwa Basadukai e ne e le gore ba ne ba sa dumele mo tsogong ya baswi. Jalo o ne a lebisa tlhokomelo e e kgethegileng mo go seo. O ne a ntsha kgang ya gagwe mo dikwalong tsa ga Moshe, mo go Ekesodo 3:6, e Basadukai ba neng ba iphaka gore ba e dumela. O ne a re: “Moshe le èna o shupile ha go kwadilweñ ka ga Setlhare, ha bashwi baa cosiwa, ka a bitsa Yehofa, Modimo oa ga Aberahame, le Modimo oa ga Isake, le Modimo oa ga Yakobe.” Mme a Basadukai ba ne ba kgona go lemoga tshupiso eno e e sa tlhamalalang ya tsogo ya baswi mo mafokong ao? Ba ne ba seka ba e lemoga go fitlha fa Jesu a oketsa ka go re: “Ga se Modimo oa bashwi, ha e se oa batshedi hèla; gonne botlhe ba tshelèla ona.” Go ne go le pepenene gore: Dilo tse di sa tsheleng gammogo le batho di ka nna le Mmopi wa tsone, mme ke batho ba ba tshelang fela ba ba ka nnang le Modimo, Yo ba ka ineelang mo go ene le go mo obamela. Fa e le gore Aberahame, Isake, le Jakobe ba ne ba sule fela le go fitlhiwa ba sena ditebelelo dipe tsa go tshela gape, Jehofa a ka bo a reile Moshe a re, ‘ke ne le le Modimo wa bone.’ Mme gaa bua jalo. Morago ga go utlwa ka moo Jesu a fetotseng kgang eno ka Dikwalo ka gone, a goa gakgamatsa gore bangwe ba bakwadi ba bo ba arabetse ka go re: “Moruti, o buile sentlè.”
13. Ke dikakantsho dife tse di neelwang fano tse di ka re thusang go godisa kgono ya go fetolana ka Dikwalo? Tlhalosa gore ke ka ntlhayang fa o ikutlwa gore nngwe le nngwe ya tsone e botlhokwa.
13 O ka bapala kana wa godisa kgono e e ntseng jalo ya go fetolana ka Dikwalo jang? Dilo di le mmalwa dia tlhokega: (1) O tshwanetse go itse Dikwalo ka botlalo. Go ithuta ka metlha le go nna teng kwa dipokanong ka metlha ke dilo tsa botlhokwa mo go bapaleng kitso eo. (2) O tshwanetse go nna le nako ya go tlhatlhanya, ka go sekaseka dinnete go tswa mo diponong tse di farologaneng le go godisa kanaanelo ya gago mo go tsone. (3) Fa o ithuta, o seka wa batla ditlhaloso tsa dikwalo fela mme gape le mabaka a Dikwalo a ditlhaloso tseo. Di kwale go bapa le ditemana tse o batlang go tlotla ka tsone. (4) Akanya ka moo o neng o ka tlhalosetsa batho ba mefuta e e farologaneng dikwalo ka gone. (5) Akanya ka moo o ka tshwantshetsang dintlha tse dingwe ka gone. Dilo tseno tsotlhe di mosola mo go tlhagoleleng kgono ya go fetolana ka Dikwalo.
Go Fetolana Go Tshwanela Bareetsi
14. Ke dilo dife tse di botlhokwa tsa mokgwa wa ga Paulo wa go ruta tseo re di tlhokomedisiwang mo go Ditihō 17:2, 3?
14 Moaposetoloi Paulo, le ene, e ne e le morutisi yo o molemo, yo re ka ithutang mo go ene. Ka nako eo ngaka Luke a neng a tsamaya le ene ka yone, le tlhaloso ya gagwe ya tiro ya ga Paulo di botlhokwa. O bega jaana: “Ba hitlha mo Thesalonika, kwa go nañ le ntlo ea thutō ea Bayuda gōna. Me Paulo a tsèna ma go bōnè, yaka tlwaèlō ea gagwè, me a nna a hetolana nabō ka dikwalō, ka bosabata ba le bararo, a ranola, a ba a rulaganyetsa, go re, go no go chwanetse ha Keresete a tla shwa, le go ba a coga mo loshuñ; a ba a re, Yesu eo ke mo lo bolèlèlañ ke èna Keresete.” Diphelelo e ile ya nna dife? Jehofa o ne a segofatsa maiteko a ga Paulo. “Ba bañwe ba bōnè ba utlwa . . . le bontsi yo bogolo yoa Bagerika ba ba rapèlañ Modimo, le bahumagedi ba le bantsinyana.” Mokgwa wa go ruta o o neng o dirisiwa ke Paulo o botlhokwa segolo: O ne a dira se se fetang go bala Dikwalo fela; o ne a fetolana ka tsone, mme a dira gore go fetola ga gagwe go tshwanele bareetsi ba gagwe. O ne a seka a ba bolelela mafoko a a molemo fela, mme o ne a a tlhalosa le go neela bosupi jo bo tswang mo Lefokong la Modimo le le tlhotlheleditsweng. (Ditihō 17:1-4) Tlhokomela dikai tse pedi tsa mokgwa wa ga Paulo wa go ruta:
15. (a) Fa Paulo a ne a bua le bareetsi ba Bajuda kwa Antioka ya Pisidia, o ne a leka jang go dumalana le bone? (b) Ke ka ntlhayang fa o akanya gore go dumalana go botlhokwa mo go neeleng ga rona bosupi?
15 Mo go Ditihō 13:16-41 go neelwa puo e Paulo a neng a e neela bareetsi ba Bajuda mo Antioka ya Pisidia. Santlha o ne a leka go tlhalosa dilo tse a dumalanang le bareetsi ba gagwe ka tsone. (Bona Dit 13 ditemana 16, 17.) Ke ka ntlhayang fa a ne a dira seo? Gonne go ne go tla ba thusa go eletsa go fetolana le ene ka setlhogo se a neng a tlile go se neela. O ne a seka a itlhagisa jaaka leloko la phuthego ya Bokeresete ka molaetsa go bone kaga Jesu Keresete. O ne a bua le Bajuda, ka jalo o ne a akanyetsa go akanya ga bone. O ne a lemoga gore bareetsi ba gagwe e ne e le batho bao ba boifang Modimo, mme a supa gore ene, jaaka ba bantsi ba bone, e ne e le Mohebera ka tsalo. Gape o ne boeletsa dikarolo tse di botlhokwa tsa histori ya Iseraele. Mme o ne a boloka jang go tshwana ga gagwe le bone fa a bua ka Jesu Keresete?
16. Paulo o ne a boloka go dumalana goo jang fa a ne a ba bolelela kaga Jesu go Bajuda bao?
16 Paulo o ne a tlhagisa Jesu jaaka lotsalo lwa ga Dafide le jaaka mongwe yo o neng a itsiwe ke Johane Mokolobetsi, yoo batho ka kakaretso ba neng ba mo tsaya jaaka moperofeti wa Modimo. (Ditihō 13:22-25; Luke 20:4-6) Mme Paulo o ne a itse gore bareetsi ba gagwe ba ne ba itse gore Jesu o ne a gannwe ke babusi kwa Jerusalema, jalo moaposetoloi ka boene o ne a tlhagisa kgang eno mme a tlhalosa gore le eleng go ganwa le go bolawa ga ga Jesu di ne di diragatsa boperofeti. (Ditihō 13:27-29) O ne a tlhalosa gore Modimo ka boone o ne wa emela Jesu ka go mo tsosa mo baswing le gore go ne go na le basupi ba ba boneng ka matlho mo gare ga Bajuda ba gore Jesu o ne a tsositswe. (Ditihō 13:30, 31) Paulo o ne a itse sentle gore eno e ne e ka nna kgang e e thata mo go ba bantsi gore ba e amogele, ka jalo o ne a tlhalosa gore seo a neng a bua kaga sone e ne e le “mahoko a a molemō a choloheco e e sa leñ e sholohetsa borara galè.” O ne a bontsha gore seno e ne e le boammaaruri, ka go tsopola lantlha mo go Pesalema 2:7, morago mo go Isaia 55:3, mme labofelo go Pesalema 16:10. O ne a fetolana ka temana ya bofelo mo ditemaneng tseo, a bontsha gore e ne e ka se diragadiwe mo go Dafide ka gonne o ne a “bōna go bōla.” Jalo e tshwanetse go dira mo go mongwe yo o neng a se ka a “bōna go bōla” ka go bo a tsositswe ke Modimo mo baswing. (Ditihō 13:32-37) Fa a sena go neela ntlha eo, Paulo o ne a neela bokhutlo jo bo tlhotlheletsang. O ne a itse gore go ne go le botlhokwa gore batho ba tseye se ba neng ba se utlwa tsia. Ba bantsi ba ne ba arabela sentle.—Ditihō 13:38-43.
17. (a) Ke ka ntlhayang fa go neela boammaaruri ga ga Paulo kwa Athena go ne go farologane? (b) Re ka ithutang mo go se a neng a se dira mo tiragalong eo?
17 Paulo o ne a dirisa melao-metheo e e tshwanang ya go ruta fa a ne a bua le bareetsi ba eseng Bajuda. Jalo, mo Areopago mo Athena, Gerika, o ne a dumalanya neelano ya gagwe le maemo le go akanya ga Ba-Athena. Fa a ne a leka go tlhalosa dilo tseo a neng a dumalana le bareetsi bao ka tsone, o ne a ba akgola ka gonne e ne e le batho ba ba tlhoafetseng mo bodumeding. O ne a umaka sebeso se se neng se le mo motseng oo, se se neng se kwadilwe “sa Modimo moñwe o o sa itsiweñ.” Paulo o rile, Modimo oo e ne e le Yoo a neng a bolela kaga one. (Ditihō 17:22, 23) Fa a sena go dira jalo, o ne a bua dikarolo tsa Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng ka mafoko a gagwe mme a tswelapele go fetolana le bone ka tsone. Mme, ka gonne a ne a na le kitso ya dibuka tsa Bagerika, gape Paulo o ne a ka tsopola baboki ba bone, eseng jaaka motswedi wa gagwe o o tshegetsang kgang, mme go ba bontsha gore dilo dingwe tse a neng a tlotla ka tsone di ne di amogelwa mo dibukeng tsa bone. Ka gone, ba bantsi ba fetoga badumedi.—Ditihō 17:24-31, 34.
18. Ke eng se se ka re thusang go bona matswela a a molemo mo maitekong a rona a go fetolana le ba bangwe ka Dikwalo?
18 Mafoko a a molemo a Paulo a neng a a rera kwa Athena e ne e le molaetsa o o tshwanang le oo a o neetseng kwa Antioka. Dipharologano mo mokgweng wa go o neela di ne di le gone ka gonne o ne a lemogile se se neng se tlhokafala gore a fetolane le batho. O ne a amegile ka bone thata mo eleng gore o ne a dira boiteko jo bogolwane jo bo neng bo tlhokafala gore o dire seo. Mme boiteko jo bo ntseng jalo bo ne jwa tlisa matswela a a molemo. Ekete le rona, re ka dira boiteko jo bo tlhokegang mme re senke tshegofatso ya ga Jehofa mo boitekong jwa rona jwa go fetolana le ba bangwe ka Dikwalo, gore re ke re abalane mafoko a a molemo le batho ba mefuta yotlhe.—1 Bakorintha 9:19-23.
Re Ithutileng?
◻ Ke ka ntlhayang fa go le botlhokwa go dirisa Bibela ka tlhamalalo mo bodiheding jwa rona?
◻ Ke melao-metheo efe e e molemo ya go ruta e e bontshiwang mo go Luke 10:25-37?
◻ Ke ditlwaelo dife tse di ka re thusang go godisa kgono ya go fetolana ka Dikwalo?
◻ Lemorago la batho le ka tlhotlheletsa tsela e re lekang go fetolana le bone ka yone go ya bokgakaleng bofe?