Buka e Ntšha ya Tshupetso ya Bodihedi Jwa Tshimo
KWA Dikopanong tse di makgolo tsa Kgaolo tsa “Baboloka Bothokgami” ka 1985-86, buka e ntsha ya tshupetso ya bodihedi jwa tshimo e ne ya gololwa ka dipuo tse dintsi. E tla dirisiwa mo go thuseng batho go bona dikarabo tse di kgotsofatsang tseo Bibela e di neelang dipotso tsa bone. Eno ke buka ya ditsebe di le 448 e e nang le setlhogo se se reng Go Fetolana ka Dikwalo. Tse dingwe tsa ditlhogo tsa yone ke dife?
◻ “Diketapele tsa go Dirisiwa mo Bodiheding jwa Tshimo.” Tseno di kgobokantswe go tswa go balebedi ba potologo le ba kgaolo, babulatsela, le bagolwane ba ba nnileng le maitemogelo a dingwaga di le dintsi le ba ba nnang le matswela a a molemo mo bodiheding jwa bone.
◻ “Kafa O Ka Arabelang Ka Gone Bao Ba Ka Nnang Ba Kgoreletsa Puisano.” “Ga ke kgatlhege,” “Ke na le bodumedi jwa me,” “Ke tshwaregile,” le tse dingwe tse dintsi tse di oketsegileng go buiwa ka tsone fano. Fa dikganetso tseno di go kgoreletsa mo go neeleng bosupi mo tshimong ya lona, o tla bona matseno a masha a a ka go thusang fano. Karolo eno gape e tshotse boikitsiso jo bo ka dirisiwang malebana le go buisana le Mabuda, Mahindu, Bajuda, le Mamoseleme.
◻ E na le ditlhogo tse dikgolo tse di fetang 70. Go akareletsa le tseno “Go Senya Mpa” “Diokobatsi,” “Bonna le Bosadi,” “Tirisa-Badimo,” “Malatsi a Boikhutso,” “Go Gapiwa,” “Go Tsalwa ka Mmele O Mosha,” “Tharo-Nngwe,” le tse dingwe tse dintsi. Kafa tlase ga tsone go na le dikakantsho tsa ka moo re ka arabang dipotso tsa mofuta oo jaanong o bodiwang kgafetsa ka bo-1980 ka gone. Ka sekai: “Re ka tlhomamisega jang gore Bibela ga ise e fetolwe?” “A mongwe le mongwe o tlhomamiseditswe gale ‘nako ya go swa’?” “Ke goreng Modimo o dumelela pogo?” Gape go na le dikakantsho tsa ka moo o ka fetolanang ka gone le motho yo o reng: “Bibela e kwadile ke batho,” “Ke na le kgopolo ya me ka Modimo,” “Ke tshela botshelo jo bo siameng. Ke tshwara baagelani ba me sentle. Ke bodumedi jo bo ntekanyeng,” le tse dingwe tse dintsi-ntsi. Dintlha tseno di kgobokantswe go tswa mo dinageng di le 18. Go dirisa buka eno ya tshupetso go ka go thusa go solegelwa molemo mo maitemogelong ao ba bangwe ba a bapetseng mo lobakeng lo lo fetang masome a dingwaga mo go fetolaneng ka Dikwalo.
◻ Buka eno ga ea gatisediwa go thusa ope go “fenya dikgaruru” le batho ba ba sa tlotleng boammaaruri. Go na le moo, e neela boikitsiso jo bo botlhokwa jo bo diretsweng go dirisiwa mo go fetolaneng le batho ba ba ka go letlelelang go dira jalo. Bangwe ba bone ba ka botsa dipotso tse tota ba batlang dikarabo tse di kgotsofatsang ka tsone. Ba bangwe, ba ka nna ba umaka ditumelo tsa bone fa go ntse go tlotlwa, mme ba ka dira jalo ka go tlhatswega pelo go go rileng. Mme gongwe ke batho ba ba akanyang bao ba ratang go reetsa pono ya ba bangwe. Fa go ntse jalo, buka eno e ka thusa thata mo go abalaneng le bone neelano e e phepafatseng ya boammaaruri jwa Bibela. O seka wa etsaetsega go ba bontsha se buka e se tshotseng le go ba balela yone.
◻ Go dumalana le sekao se se neng sa tlhongwa ke moaposetoloi Paulo fa a ne a rera kwa Greece, go dirisitswe ditsopolo tse di tshwanetseng go tswa mo historing ya lefatshe, di-encyclopaedia, dibuka tsa tshupetso tsa bodumedi, dibuka tse di tlhalosang puo ya Bibela, le tse dingwe. Sengwe le sengwe se mo diatleng tsa gago.
◻ Index ya ditsebe di le supa ya ditlhogo le dikwalo e tsentswe go go thusa go bona dikarabo ka bonako.
◻ Tshola buka eno e e botlhokwa ya tshupetso ka metlha mo bodiheding jwa tshimo. E neele diithuti tsa Bibela tse di bontshang keletso ya go bua le ba bangwe ka se ba se ithutileng. Ga e kitla e neelwa batho ka kakaretso. Mme fa mongwe a kopa go bona sekaelo, o seka wa etsaetsega go mmatlela ya gagwe.