LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 3/1 ts. 15-20
  • Bothokgami Jwa ga Jobe—Ke Mang Yo O Ka Bo Etsang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bothokgami Jwa ga Jobe—Ke Mang Yo O Ka Bo Etsang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bao Ba Tshwanang le Jobe
  • Fa O le mo Tekong
  • Fa a Baakanngwa
  • Go Ikanya Modimo Eseng Dikhumo
  • Boitsholo jwa Kafa Dikobong
  • Ke Eng Seo se ka Re Thusang
  • Jobe O ne A Baka Leina la ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Bothokgami Jwa ga Jobe—Ke ka Ntlhayang fa Bo Tlhomologile Jaana?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Jobe o Boloka Bothokgami
    Baebele—E na Le Molaetsa Ofe?
  • Dintlhakgolo Tsa Buka ya Jobe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 3/1 ts. 15-20

Bothokgami Jwa ga Jobe​—Ke Mang Yo O Ka Bo Etsang?

“A ke lekanwè mo selekanyoñ sa pègō se se lekalekanyeñ, gore Modimo o tlo o itse thōkgamo ea me.”​—YOBE 31:6.

1. Ke eng go le molemo go akanyetsa sekao sa ga Jobe, mme ke dipotso dife tse di tsosiwang?

JOBE o ne a ikanya bothokgami jwa gagwe, jalo a dumela gore a tlhatlhobiwe ke Modimo. Sekao sa gagwe se ka nna le kgothatso e kgolo mo go rona gompieno, segolo-bogolo fa Satane Diabolo a leka ka thata yotlhe go roba bothokgami jwa botlhe ba ba direlang Modimo. (1 Petere 5:8) Ka go lemoga seno, morutwa Jakobe o ile a re “lo ipeèlè sekaō sa boichōkō le bopelotelele ka baperofeti,” segolo-bogolo Jobe. (Yakobe 5:10, 11) Mme ke mang yo o ka etsang bothokgami jwa ga Jobe? A re ka bo etsa? Jobe o re tlhometse sekao sa go boloka bothokgami ka ditsela dife?

2. (a) Leina Jobe le rayang? (b) Ke eng seo se fitlheletsweng ka tsela ya ga Jobe ya go boloka bothokgami?

2 Leina Jobe le raya “Seilwa,” seo kwantle ga pelaelo a neng a fetoga sone. Mme fa Jehofa a ne a rebola kopo ya ga Satane le go tlosa seatla sa gagwe sa tshireletso mo go Jobe, ga gona sepe seo Satane a neng a ka se dira seo se neng se ka roba bothokgami jwa ga Jobe go Modimo. (Yobe 1:1-2:10) Ka gone Jobe o ne a neela karabo go kgobo ya ga Satane ya gore a ka dira gore mang le mang a hularele go direla Modimo. (Diane 27:11) Ka tsela ya gagwe ya go boloka bothokgami Jobe, ka gone, o ne a itsise lefatshe lotlhe jaana, ‘Satane, o maaka a matala, ka go bo Jehofa ke Modimo wa me, mme ke tla boloka bothokgami mo go ena lefa go ka nna jang!’​—Yobe 27:5.

Bao Ba Tshwanang le Jobe

3. Ke mang yo o neng a sireleditswe kwa legodimong, mme go ne ga bodiwa dipotso dife malebana le ena?

3 Go bonala gore, kganetsano magareng ga Jehofa le Satane e ne e le ya lebopo lotlhe, go kopanyeletsa le sebaka sa moya. Kwa legodimong, seo se neng se dikologilwe ke tlhokomelo e e sireletsang ya ga Jehofa, e ne e le “losika” lo lo solofeditsweng leo Modimo o neng a ikaeletse go fitlhelela maikaelelo a Gagwe a magolo ka lone. (Genesise 3:15) Lefa go ntse jalo, fa o ne o tlosa ‘seatla sa ona sa tshireletso,’ a yono ruri o ne a tla etsa bothokgami jwa ga Jobe? A o ne a tla bontsha gore monna yo o itekanetseng, jaaka Adame a ne a ntse, o ne a ka boloka bothokgami jo bo itekanetseng go Modimo? (1 Bakorintha 15:45) Satane a ipaakanyetsa go tsenya “losika” lono mo tekong e e botlhoko-tlhoko mogang A tlang mo lefatsheng.

4. (a) Ke mang yo o neng a nna setlhaselwa se segolo sa bobaba jwa ga Satane, mme re itse jang gore Modimo o ne a tlosa tlhokomelo ya gagwe e e sireletsang mo go ene? (b) Jesu o ne a neela Jehofa eng?

4 Jesu Keresete o ne a itshupa e le “losika” lo lo rometsweng go tswa legodimong. Ka jalo o ne a tlhongwa matlho ke Satane, ee, seilwa sa konokono sa ga Satane. Go supa gore Jehofa o ne a tlositse seatla sa gagwe sa tshireletso mo go ene, Keresete o ne a goa fa a le mo thupeng ya tlhokofatso a re: “Modimo oa me, Modimo oa me, u ntatlhetseñ?” (Mathaio 27:46; Pesalema 22:1) Lemororo a ne a utlwa ka phepafalo gore Modimo o ne a tlositse tshireletso ya gagwe, Jesu, jaaka Jobe, “ga a ka a leoha, leha e le go kaea Modimo boatla.” (Yobe 1:22) O ne a etsa Jobe, a boloka bothokgami jo bo itekanetseng go Modimo, mme ka gona a supa gore ‘ga go na ope yo o tshwanang le ene mo lefatsheng.’ (Yobe 1:8) Ka jalo, mo go Jesu, Jehofa Modimo o na le karabo e e feletseng le ya bosakhutleng go tatofatso ya maaka ya ga Satane ya gore Modimo ga o kake wa baya motho ope mo lefatsheng yoo o tla nnang boikanyegi mo go ene fa a le kafa tlase ga teko e kgolo.

5. (a) Satane o tswela pele ka go dirang? (b) Satane o ne a dira eng fa a tlosiwa kwa legodimong?

5 Lefa go ntse jalo o santse o batla se se fetang karabo, Satane a tswela pele go latofatsa bakaulengwe ba ga Jesu ba semoya, bao mmogo le Jesu, ba bopang “losika” lwa phuthego ya seka-mosadi ya Modimo. Fa Bibela e tlhalosa go tlhomiwa ga Bogosi kwa legodimong, e bolela jaana malebana le Satane: “Mopateletsi oa bakauleñwe ba rona, eo o nntseñ a ba pateletsa ha pele ga Modimo oa rona motshegare le bosigo, o piriganyedicwe kwa tlhatse!” Lefa go ntse jalo, Satane o dira se se fetang go latofatsa fela, o oketsa tlhaselo ya bobaba! Bibela e tlhalosa gore morago ga go lelekwa ga gagwe kwa legodimong, “kgōgèla [Satane] ea nna bogale le mosadi, ea heta e ea go tlhasèla ba ba setseñ ba losika loa gagwe, ba ba nntseñ ba bolokile ditaolō tsa Modimo, ba dumetse chupō ea ga Yesu.”​—Tshenolō 12:7-12, 17.

6. (a) Ke bomang bao gompieno ba tshwereng tiro ya go rera kwa pele, mme ke bomang bao ba kopanetseng le bone? (b) Satane o leka go dira eng mo go bano botlhe?

6 “Ba ba setseñ ba losika [lwa mosadi]” ke basupi ba ga Jehofa ba ba tloditsweng bao ba setseng mo lefatsheng gompieno. Ba eteletse pele tiro ya go ‘supela Jesu’ ba itsise phatlalatsa lefatshe ka bophara gore jaanong o tlhomilwe jaaka Kgosi le gore o tla akofa a tlisa tsamaiso e e boikepo eno mo bofelong jwa yona. (Mathaio 24:14; Daniele 2:44) Mme ga ba bosi le eseng! Jaanong boidiidi jo bogolo jwa batho ba ba fetang dimilione tse tharo ba kopanetse le bone go bopa phuthego e e utlwanang ya baboloka bothokgami ya lefatshe ka bophara. Baboloka bothokgami bano botlhe, le bone, ba fetogile ditlhaselwa tsa pogiso e e senang kutlwelo-botlhoko ya ga Satane, mme Rraabone wa selegodimo Jehofa o itumelela bothokgami jwa bone.​—2 Timotheo 3:12; Diane 27:11.

7. Ke ka ntlhayang fa re ka nna le tsholofelo fa re lebane le ditlhaselo tsa ga Satane?

7 Eleruri, go a lapolosa go lemoga gore, jaaka fa tlhokomelo e e bogale ya ga Satane e lebisitswe mo go Jobe, e ntse jalo le mo go rona bao re lekang go boloka bothokgami go Modimo. Lefa go ntse jalo, ga rea tshwanela go tlalelwa. Ka ntlhayang? ka gonne “[Jehofa o] tletse bopelotlhomogi, me a le boutlwèlō botlhoko” mme “ga a ketla a gu tlhaèla, leha e le go gu latlha.” (Yakobe 5:11; Duteronome 31:6) Ee, Jehofa o tla re tshegetsa. “Ke ena thèbè kwa go ba ba tsamaeñ ka boitekanelō,” Bibela e bolela jalo. (Diane 2:7) Lefa go ntse jalo, seno ga se kaye gore, Jehofa ga a kitla a letlelela gore re lekiwe. O tla go dira, fela jaaka a dirile ka Jobe. “Me Modimo o boikañō,” moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa jalo, “o o se ketlañ o lo lesa loa raèlwa ka mo go hetañ nonohō ea lona; me o tla re mo thaeloñ o lo baakanyetse kgōrō ea phalolō le eōna, gore lo tlè lo bōnè go e ichokèla.”​—1 Bakorintha 10:13.

Fa O le mo Tekong

8. Sekao sa ga Jobe se ka re solegela molemo jang gompieno?

8 Sekao sa ga Jobe sa bothokgami se ka nna molemo mo go rona ka mo go kgethegileng fa re lebane le diteko tse di botlhoko. Jobe o ne a boga mo gogolo mo e leng gore o ne a eletsa go swa le go sujwa mo Sheol, e leng lebitla la setho le le tlwaelegileng. (Yobe 14:13) Ba bangwe gompieno ba ikutlwile ka mo go tshwanang, ba bolela gore ba ne ba ka tshwana fela le Jobe fa a ne a boga thata jaana. Gongwe ka lekgetlo lengwe le wena o ile wa ikutlwa ka mo go tshwanang. Eleruri, go bala ka dipogo tsa gagwe go ka tshwana le go amogela kgothatso go tswa mo tsaleng eo e ileng ya feta mo tekong e kgolo go feta le ya rona. Go itse gore motho mongwe o ile a itshoka, mme oa utlwisisa, eleruri go re thusa gore le rona re itshoke.

9. Re solegelwa molemo jang ke go boloka bothokgami ga ba bangwe?

9 Ka go lemoga ditlhokafalo tsa rona, Jehofa o dirile gore buka ya Jobe e kwalwe go re thusa go boloka bothokgami jaaka Jobe a dirile. (Baroma 15:4; Yakobe 5:10, 11) Modimo o itse gore jaaka karolo e nngwe ya mmele e ikaegile ka e nngwe jalo batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang le bone baa tlhokana. (1 Bakorintha 12:20, 26) Gakologelwa Dikopano tsa bosheng tsa “Baboloka Bothokgami” tse di neng di thologetswe ke dimilione tsa babadi ba makasine ono. Bao ba neng ba le teng koo ba tla gakologelwa gore go ne go le molemo jang go kopana le ba le bantsi jaana bao maikaelelo a bone a magolo mo botshelong e leng go boloka bothokgami go Modimo. Abo e ne e le kgothatso jang ne ya go boloka bothokgami mo go bao ba neng ba le teng go itse gore bontsi jwa diketekete tseo di ba dikologileng​—fa ba le kwa mafelong a bone a mmereko kana kwa sekolong mo mafelong a bone—​le bone ba ne ba boloka bothokgami kafa tlase ga diteko tse di raelang!​—1 Petere 5:9.

10. (a) Motho a ka palelwa jang ke go boloka boikutlo jo bo siameng? (b) Jobe o ne a simolola go belaela eng?

10 Lefa go ntse jalo ga re kake ra boloka boikutlo jo bo siameng ka dinako tsotlhe, fela jaaka Jobe le ene a ne a palelwa ke go dira jalo. Motho yo o bogang thata, mme a tlaletswe mo mogopolong, a ka re, ‘Ao ke eng fa Modimo o dira seno mo go nna? Ke ka ntlhayang fa a dumelela seno go diragala?’ Motho yoo a ka nna a fitlhelela mo ntlheng ya go botsa gore ‘Go thusang go direla Modimo?’ A sa lemoge motswedi wa pogo ya gagwe, Jobe o ne a belaela molao wa ga jaanong wa go siama, ereka basiami ba ne ba lebega ba boga go lekana le, fa e se go feta, ba ba bosula. (Yobe 9:22) Go ya ka Elihu, Jobe o rile: “Go tla nthusañ? gapè ua re, ke tla bōna eñ bogolo go ha nka bo ke leohile?” (Yobe 35:3) Mme ga re kake ra itlogelela go nwela thata mo mathateng a rona mo eleng gore re be re latlhegelwe ke boikutlo jo bo tshwanetseng le go belaela molemo wa go direla Modimo.

11. Elihu o ne a neela Jobe paakanyo efe e e molemo?

11 Elihu o ne a neela Jobe tshiamiso e e tlhokegang, a lolamisa mabaka ka pono e e tshwanetseng ka go tlhalosa gore Jehofa o ne a goletsegile go fetisa Jobe. (Yobe 35:4, 5) Elihu o ne a bontsha gore, go sa kgathalesege se se diragalang, ga rea tshwanela go swetsa ka gore Modimo ga o re kgathalele mme ka mokgwa mongwe ra akanya gore re ka mo isa tlase ka tseo di tsewang jaaka ditshiamololo mo letlhakoreng la Gagwe. “Ha u leohile,” Elihu a botsa Jobe, “ua bo u o dihèla eñ? me ha ditlolō tsa gago di ntsihetse, ua bo u o dihañ?” (Yobe 35:6) Ee, fa o leka go isa Modimo kwa tlase ka go tlogela ditsela tsa gagwe kana tirelo ya gagwe, o a ikgobatsa ka bowena fela, mme eseng Modimo.

12. Go boloka bothokgami ga rona go ama Modimo jang?

12 Mo letlhakoreng le lengwe, Elihu o bontshitse gore Jehofa ga a solegelwe molemo ka namana fa re dira se se siameng. Tota ke boammaaruri, Modimo o a itumela fa re boloka bothokgami, mme, lefa go ntse jalo, ga a ikaega mo kobamelong ya rona ka tsela epe, jaaka go supilwe ke seo Elihu a se boditseng Jobe: “Ha u le tshiamō, ua bo u o naea eñ? kgotsa oa bo o amogèlañ mo seatleñ sa gago?” (Yobe 35:7) Modimo o re neile botshelo, mme ka ntlha ya gagwe re a hema le go tsamaya le go tshela. Sengwe le sengwe ke sa gagwe! (Ditihō 17:25; 1 Ditihalō 29:14) Ka gone boikepo jwa rona kana tshiamo ya rona ga di kake tsa ama Modimo ka namana.​—Yobe 35:8.

Fa a Baakanngwa

13. (a) Jobe o ne arabela Jang kgakololo eo e neng ya neelwa? (b) Ke bothata bofe joo re nang le jone rotlhe?

13 Jobe o ne a arabela paakanyo eo a neng a e neelwa jang, lantlha ke Elihu mme morago ke Jehofa ka sebele? O ne a e amogela, a ikwatlhaya “mo loroleñ le molōra.” (Yobe 42:6) Ee, Jobe o ile a ikokobetsa, a dumela phoso ya gagwe. A mme ga re kgatlhwe ke boikokobetso jo bo ntseng jalo? Mme go tweng ka rona? Lefa re ka nna baboloka bothokgami ba ba nonofileng jaaka Jobe, rotlhe re na le tshekamelo ya go dira diphoso le go tlhaela tekatekanyo ka tsela e e rileng. (Yakobe 3:2; Bagalatia 2:11-14) Re tla dirang fa re tlhokomedisiwa phoso ya rona kana go sa itekanela ga rona, tota lefa e le mongwe yo mmotlana jaaka Elihu?​—Yobe 32:4.

14. (a) Ke tshekamelo efe e e tlwaelegileng fa motho a baakanngwa? (b) Ke eng seo se ka tlatseletsang mo diphosong kana mo dikatlholong tse di sa napagalang, mme Jobe o ne a tlhoma sekao sefe fa a ne a baakanngwa?

14 Ga go motlhofo ka dinako tsotlhe go amogela go baakanngwa (Bahebera 12:11; Diane 3:11, 12) Tshekamelo ke go leka go itshiamisa. Jaaka Jobe, re ka ne re sa bue kana re sa dire sepe se se phoso ka boomo. Boitlhomo jwa rona bo ka ne bo ne bo le molemo. Mme re ka nna ra bo re buile ka ntlha ya go tlhoka kitso e e feletseng, ka go tlhaela kutlwisiso. Ka gongwe dikakgelo tsa rona di ne di bontsha moya wa bothwadi jwa lotso kana jwa bomorafe, kana go itsetsepela mo kgannyeng nngwe goo go sa tshegediweng ke Dikwalo. Re ka nna ra lemosiwa gore seo re se buileng se bontsha pono ya rona ka sebele thata le gore se utlwisitse ba bangwe botlhoko go ya bokgakaleng jwa gore se tsentse bomoya jwa bone mo kotsing. Fa re baakanngwa, a re tla go amogela, go tshwana le Jobe, re dumela gore re ‘buile kwantle ga go tlhaloganya’ le go ‘ipherogela sebete’?​—Yobe 42:3, 6.

Go Ikanya Modimo Eseng Dikhumo

15. Re itse jang gore ikanyo ya ga Jobe e ne e se mo dikhumong tsa gagwe?

15 Biledade o ne a tlhagisa dipelaelo malebana le seo Jobe a neng a se ikanya, a bolela gore o ne a lebetse Modimo le gore ikanyo ya gagwe e ne e le mo go sengwe se sele. (Yobe 8:13, 14) Lefa go ntse jalo tota lefa Jobe a ne a segofaditswe ka dilo tse dintsi tse di bonalang, o ne a sa di ikanye. Bothokgami jwa gagwe ga bo a ka jwa reketlisiwa le eseng fa a ne a latlhegelwa ke dikhumo tsa gagwe tsotlhe. (Yobe 1:21) Mo go iphemeleng ga gagwe go go konelang, Jobe o ne a re: “Ha ke dihile gouda cholohèlō ea me, me ka raea gouda e e itshekileñ, ka re, U boikanyō yoa me; Ha ke itumetse ka go bo khumō ea me e ne e le kgolo, le ka go bo seatla sa me se ne se bapetse thata . . . mouō le gōna e ne e tla nna boikepō yoa go bediwa ke baatlhodi: gonne ke tla bo ke akeditse Modimo o o kwa godimo.”​—Yobe 31:24-28.

16. (a) Re tshwanetse go dira boitlhatlhobo bofe? (b) Ke tsholofetso efe eo Modimo o e dirang go bao ba mo ikanyang?

16 Gotweng ka rona? Re beile tsholofelo ya rona kae​—mo go Jehofa kana mo dilong tse di bonalang? Fa re ne re ka pegiwa mo dilekanyong tse di nepagetseng, jaaka Jobe a ne a eletsa go pegiwa, a Modimo o ne a tla itse bothokgami jwa rona mo kgannyeng eno? A ruri kamego ya rona e kgolo mo botshelong ke go neela Jehofa tsela ya go boloka bothokgami eo a ka arabang dikgobo tsa ga Satane ka yone? Kana a re amegile segolo ka go kgotsofatsa dikeletso tsa rona tsa menate le dikhumo? Abo go ka nna molemo jang ne fa re ka tshwana le Jobe mme ra itumedisa pelo ya ga Jehofa ka go Mo ikanya, eseng go baya botlhokwa bope jo bo sa tshwanelang mo go rona kana mo dilong tse di bonalang tseo di leng teng! Fa re ikanya Jehofa, re baya dikgatlhego tsa gagwe kwa pele, o solofetsa gore gaa kitla a re katoga le ka motlha lefa e le go re latlha.​—Mathaio 6:31-33; Bahebera 13:5, 6.

Boitsholo jwa Kafa Dikobong

17. Ke dikakantsho dife tseo “bagomotsi” ba ga Jobe ba neng ba di dira, mme Jobe o ne a reng ka boitshwaro jwa gagwe?

17 Bagomotsi ba maaka ba ga Jobe ga baa ka ba mo latofatsa ka tlhamalalo ka boitsholo jo bo maswe jwa kafa dikobong, mme nako le nako ba ne ba kaya gore o ne a na le phoso nngwe ya sephiri eo Modimo o neng a e mo otlhaela. Jaaka monna yo o humileng, tota “a heta banna botlhe ba kwa botlhabatsatsi ka bogolo,” eleruri Jobe o ne a na le dipaka tsa go tlhakanela dikobo ga ka kwantle ga lenyalo. (Yobe 1:3; 24:15) Batlhanka ba bangwe ba Modimo, ba pele ga nako ya ga Jobe le morago, ba ne ba wela mo dithaelong tsa go tlhakanela dikobo. (Genesise 38:15-23; 2 Samuele 11:1-5) Lefa go ntse jalo, Jobe o ne a itshireletsa mo dikakantshong dipe tsa go dira bosula go go ntseng jalo, ka go bolela jaana: “Ke ne ka diha kgōlaganō le matlhō a me; me jalo ke ne ka leba mosetsana yañ? Ha pelo ea me e kile ea hepisiwa ke mosadi, ha ke laletse ha kgoroñ ea oa ga echo . . . gonne mouō e ne e tla nna mathamō: E, e ne e tla nna boikèpō yoa go bediwa ke baatlhodi.”​—Yobe 31:1, 9-11.

18. Ke ka ntlhayang fa go le thata jaana go boloka boitsholo jwa kafa dikobong, mme ke ka ntlhayang fa re tla itumela fa re bo boloka?

18 Gongwe ga go na tsela epe eo Satane a atlegileng jaana ka yone mo go koafatseng bothokgami jwa batlhanka ba Modimo jaaka ya go ba tlhotlheletsa go dira kgokafalo. (Dipalo, kgaolo 25) A o ka etsa bothokgami jwa ga Jobe ka go ganana le diphepiso tsotlhe tsa boitsholo jo bo maswe jwa kafa dikobong? Eleruri ke kgwetlho, segolo-bogolo mo lefatsheng leno leo le tsentshiwang ke dikamano tsa kafa dikobong moo boitsholo jo bo maswe bo anameng gone jaana. Mme akanya ka moo go leng molemo ka gone, fa o bilediwa go tla go ikarabela go kgona go bua ka tsholofelo jaaka Jobe a ile a dira: “Modimo o tlo o itse thokgamō ea me”!​—Yobe 31:6.

Ke Eng Seo se ka Re Thusang

19. Ke eng seo se leng botlhokwa go re thusa go boloka bothokgami?

19 Ga go motlhofo go etsa bothokgami jwa ga Jobe, ereka Satane a leka ka thata gompieno go roba bothokgami jwa rona fela jaaka a ne a leka go roba jwa ga Jobe. Go botlhokwa, ka gone, gore re apare diaparo tsa phemelo tsotlhe tsa Modimo. (Baefesia 6:10-18) Seno se kopanyeletsa go sekamela mo letlhakoreng la Modimo, jaaka Jobe a dirile, go tsibogela go Mo itumedisa ka dinako tsotlhe mo go sengwe le sengwe seo rona kana malapa a rona a se dirang. (Yobe 1:5) Ka gone, thuto ya Bibela, go kopana ka metlha le badumedi ka rona, le go itsise tumelo ya rona phatlalatsa go botlhokwa.​—2 Timotheo 2:15; Bahebera 10:25; Baroma 10:10.

20. (a) Ke tsholofelo efe eo e ka re tshegetsang ka nako ya diteko? (b) Ke tuelo efe ya go boloka bothokgami eo e umakiwang ke mopesalema eo re ka e amogelang?

20 Mme segolo-bogolo seo se ka re tshegetsang ka nako ya teko ke seo se neng sa tshegetsa Jobe​—tsholofelo ya gagwe gore botshelo jo ga se jotlhe jo bo gone. “Ha monna a shwa a o tla ba a tshela?” Jobe o ile a botsa jalo. Mme o ne a araba ka go re: “U nu u ka bitsa, ke ne ke tla gu araba.” (Yobe 14:13-15) Go nna le tsholofelo e e feletseng eo e tshwanang ya gore Jehofa o tla tsosa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang gape go ka re thusa go lebana le teko epe fela eo Satane a ka e tlhagisang. (Bahebera 6:10) Bogologolo tala, mopesalema wa Bibela o kile a kwala jaana: “Me kaga me u nnetse n nkokotletsa mo go tlhokeñ molato ga me, me ua ntlhōma ha pele ga sehatlhōgō sa gago ka bosakhutleñ.” (Pesalema 41:12) Ekete seo e ka nna isagwe e e itumedisang ya mongwe le mongwe wa rona​—go dira gore Jehofa a re tshegetse le go re sireletsa ka bosakhutleng ka ntlha ya go nna batlhanka ba gagwe ba ba bolokang bothokgami!

A O Ka Araba?

◻ Ke bomang bao ba itshupileng ba tshwana le Jobe, mme ke go tshwana gofe goo go ka bontshiwang gareng ga bone le Jobe?

◻ Re ka ithuta eng mo tseleng eo Jobe a ileng a arabela diteko tsa gagwe ka yone?

◻ Jobe o ne a arabela jang go baakanngwa, mme re ka ithutang mo go seno?

◻ Ke sekao sefe se se molemo seo Jobe a se neetseng malebana le dilo tse di bonalang le boitsholo jwa kafa dikobong?

◻ Ke eng seo se ka re thusang go boloka bothokgami jaaka Jobe a ile a dira?

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Go tshwana le Jobe, a o kile ka motlha mongwe wa belaela molemo wa ga jaanong wa go boloka bothokgami?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela