Bothokgami Jwa ga Jobe—Ke ka Ntlhayang fa Bo Tlhomologile Jaana?
“Ga nketla ke itlosa thōkgamō ea me, go ba ke tla ke shwa.”—YOBE 27:5.
1. Jobe e ne e le mang, mme re itse jang gore e ne e le motho wa mmatota?
JOBE e ne e le monna yo o tlhomologileng mo historing. O ne a sena mahumo a mantsi a dilo tse di bonalang fela mme gape o ne a tlotliwa jaaka moatlhodi le moeteledi-pele yo o pelotlhomogi. Bibela e bolela gore “a bo a heta bana botlhe ba kwa botlhabatsatsi ka bogolo.” (Yobe 1:3; 29:12-25) O umakiwa, mmogo le Noa le Daniele, jaaka monna yo o siameng thata. (Esekiele 14:14, 20) Bibela gape e tlhalosa Jobe jaaka sekao seo Bakeresete ba tshwanetseng go se latela, ka jalo e bontsha gore e ne e le motho wa mmatota mo historing.—Yakobe 5:11.
2. Re ka tlhomamisa jang gore Jobe o ne a lekiwa ke Satane?
2 Jobe o ne a nna mo lefatsheng la Use, leo ga jaanong e leng Arabia. Lemororo e ne e se Moiseraele, Jobe e ne e le moobamedi wa ga Jehofa, sengwe seo Jehofa a neng a se tlhokomedisa Satane. Polelo ya Modimo ya gore “ga go na opè eo o chwanañ naè mo lehatshiñ, e le monna eo o itekanetseñ, eo o siameñ” e bontsha gore go ne go sena motlhanka ope yo mongwe wa Modimo yo o tlhomologileng yo o neng a tshela ka nako eo. (Yobe 1:8) Ka jalo, go lekiwa ga ga Jobe ke Satane go tshwanetse ga bo go diragetse fa bontsalae ba a sa amaneng thata le bone ka losika, ebong Baiseraele, ba ne ba le kwa bokgobeng kwa Egepeto—nako nngwe mo dingwageng tsa morago ga loso lwa mmoloka bothokgami yo o tlhomologileng Josefa ka 1657 B.C.E. le pele ga Moshe a simolola tsela ya gagwe ya bothokgami.
3. Ke mang yo o kwadileng buka ya Jobe, mme ke ka ntlhayang fa a kgonne go bona tshedimosetso eo?
3 Ka phepafalo Moshe o kwadile buka ya Jobe. Mme o ithutile ka go lekwa ga ga Jobe jang? Morago ga fa Moshe a sena go patelesega go tswa mo Egepeto ka 1553 B.C.E. o ne a le go nna kwa Midiana, e seng kgakala le lefatshe la Use. (Ekesoda 2:15-25; Ditihō 7:23-30) Ka nako eo, Jobe o ne a tshela malatsi a gagwe a bofelo a dingwaga tse 140 tsa botshelo tseo Jehofa o neng a mo segofaditse ka tsone. (Yobe 42:16) Moragonyana, fa Baiseraele ba ne ba le gaufi le Use go ela kwa bofelong jwa loeto lwa bone lwa mo sekakeng, Moshe a ka ne a ile a utlwa ka dingwaga tsa bofelo tsa botshelo jwa ga Jobe le loso lwa gagwe.
Kitso e nnyane ya ga Jobe
4. (a) Ke eng seo kwantle ga pelaelo e neng e le motswedi wa kitso ya ga Jobe kaga Jehofa, mme ke ka ntlhayang fa kwantle ga pelaelo a ne a ka nna le puisano le ditlogolwana tsa ga Aberahame le tsa ga Isaka? (b) Jobe o nnile jang monna wa bothokgami jo bo tlhomologileng?
4 Fa Jobe a ne a lekwa, kitso ya gagwe ka Modimo le maikaelelo a gagwe e ne e lekanyeditswe, ereka go ne go sena karolo epe ya Bibela eo e neng e begilwe. Lefa go ntse jalo, Jobe a ka ne a ne a itse sengwe kaga tirisano ya ga Jehofa le Aberahame, Isake, Jakobe le Josefa. Seno ke ka ntlha ya gore Jobe kwantle ga pelaelo e ne e le setlogolwana sa morwarragwe Aberahame ebong Nahore, morwa wa leitibolo wa ga Nahore e leng Use. Go feta moo, morwarragwe Use e ne e le Bethuele, rragwe mosadi wa ga Isake e leng Rebeka le rre-mogolo wa ga rragwe Josefa. (Genesise 22:20-23) Kwantle ga pelaelo Jobe o ne a anaanela kitso epe fela eo a neng a na le yone kaga dipuisano tsa ga Jehofa le Aberahame mmogo le ditlogolwana tsa gagwe, mme o ne a tlhoafaletse go itumedisa Jehofa. Jalo Jobe o ne a nna monna wa bothokgami jo bo tlhomologileng, monna yo o senang molato mme a ineetse ka mo go feletseng mo go Jehofa.
5. Ke eng seo ka mo go kgethegileng, se dirang bothokgami jwa ga Jobe go tlhomologa jaana?
5 Lobakanyana morago ga loso lwa ga Josefa kwa Egepeto, bothokgami jwa ga Jobe e ile ya nna kgang ya kganetsano magareng ga Jehofa Modimo le Satane kwa magodimong a a sa bonaleng. Lefa go ntse jalo Jobe o ne a sa itse sepe ka kganetsano eno eo e neng e theilwe mo bothokgaming jwa gagwe. Mme, ka mo go kgethegileng, go tlhoka kitso ga gagwe malebana le gore ke ka ntlhayang fa a ne a boga ke gone go dirang gore bothokgami jwa gagwe jo bo sa robegang bo tlhomologe jaana. Lefa go ntse jalo, gore batlhanka botlhe ba Modimo ba bone molemo morago ga moo, Jehofa o ne a dira gore Moshe a bege dintlha tsa konokono tsa kganetsano eno e e malebana le bothokgami jwa ga Jobe.
Kganetsano ya Bothokgami jwa ga Jobe
6. (a) Kopano eo e neng e le kwa legodimong e ile ya senola jang go nna gone ga kganetsano magareng ga Modimo le Satane? (b) Kganetsano eno e simologile leng, mme e ne e kopanyeletsa eng.
6 Buka ya Jobe e apola sesiro sa bosabonaleng, mme re neelwa pono ya pokano ya baengele eo e diragetseng fa pele ga ga Jehofa Modimo mo legodimong. Koo Jehofa o gakolola Satane, yoo le ene a leng teng, gore “ga go na opè eo o chwanañ [le Jobe] mo lehatshiñ, e le monna eo o itekanetseñ, eo o siameñ, motho eo o boihañ Modimo, me a tshaba boshula.” (Yobe 1:8) Ka phepafalo, go nna le kganetsano eo e kopanyeletsang bothokgami jwa ga Jobe. Mme ga e simolole. Kgang eno e ne ya kopanyeletswa fa Satane a dira gore Adame le Efa ba huralele Modimo, mme tota, o ne a re: ‘Wena mpha sebaka fela mme ke tla dira gore ope yo o go direlang a go huralele.’—Genesise 3:1-6.
7. Satane o ne a patelesega go dira ditlhaloso dife ka bothokgami jwa ga Jobe, mme Diabolo o ne a gwetlha Modimo jang?
7 Jaanong, ka nako ya pokano eno ya semmuso kwa legodimong, Satane o patelesega go dira ditlhaloso ka motheo wa bothokgami jwa ga Jobe. “A Yobe o boiha Yehofa ka lehèla?” a botsa jalo. “A ga ua mmeèla tikologoñ ea gagwè, le ntlo ya gagwè, le cotlhe tse o nañ nacō, ka ntlha cotlhe? . . . Me a u ko u ntshè seatla sa gago yana,” Satane o a gwetlha, “me u amè cotlhe tse o nañ nacō, me o tla gu itatola mo matlhoñ a gago.”—Yobe 1:9-11.
8. (a) Jehofa o ne a arabela kgwetlho ya ga Satane jang? (b) Satane o ne a romelela Jobe masetlana afe a a maswe-maswe?
8 Jehofa o amogela kgwetlho ya ga Satane. O ikanya bothokgami jwa ga Jobe ka mo go feletseng, ka go araba Satane a re: “Bōna, dilō cotlhe tse o nañ nacō di mo thateñ ea gago; ha e se èna hèla sebele, u se ka ua ntshetsa èna seatla.” (Yobe 1:12) Ka bonako Satane o itaya Jobe. Batlhanka ba Basabea ba gapa dikgomo di le 1 000 tsa ga Jobe le diesele di le 500, ba bolaya badisa botlhe ba tsone kwantle ga a le mongwe fela. Morago ga moo, Satane a romela molelo go tswa kwa legodimong go tla go laila dinku tsa ga Jobe di le 7 000 gammogo le badisa ba tsone, mme a tlogela a le esi fela wa banna bao. Morago ga moo Satane a baka gore ditlhopha tse tharo tsa Bakaladea di gape dikamele tsa ga Jobe di le 3 000, ba bolaya badisa botlhe kwantle ga a le mongwe fela. Labofelo, Satane a romela phefo e kgolo eo e itayang ntlo eo bana ba le some ba ga Jobe ba nang le moletlo mo go yone, mme ba swa botlhe. Morago ga moo, ka go latelana ka ponyo ya leitlho, bafalodi ba matlhotlhapelo ano ba begela Jobe dikgang tse di botlhoko tseno.—Yobe 1:13-19.
9. Ke eng seo se neng se dira gore masetlapelo a ga Jobe a nne thata ka mo go kgethegileng go ka a itshokela, lefa go ntse jalo Jobe o ne a a arabela jang?
9 A ditatlhegelo tse dikgolo ruri! Lefa Jobe a ne a tlhaloganya gore di bakilwe ke mang, di ne di tla nna thata go di itshokela. Mme ga a dira jalo! O ne a sa itse gore kganetsano kwa legodimong e ne e theilwe mo go ene le gore Jehofa o ne a mo dirisa go supa gore go na le batho bao ba ka ngaparelang bothokgami jwa bone go sa kgathalesege pogo yotlhe e e sa siamang eo Satane a ka e lereng mo godimo ga bone. Lefa go ntse jalo, a le mo bohutsaneng ebile a akanya gore Modimo o ne a ikarabela mo ditshenyegelong tsa gagwe ka mokgwa mongwe, Jobe o rile: “Yehofa o na a nneile, me Yehofa o tlositse; a go bakwe leina ya ga Yehofa.” Ee, “mo go cotlhe tse Yobe ga a ka a leoha, leha e le go kaea Modimo boatla.”—Yobe 1:20-22.
10. (a) Satane o ne a kopa tetla ya eng go ya pele malebana le Jobe, mme ke ka ntlhayang fa Jehofa a ne a eletsa go letlelela seno? (b) Diphelelo tsa go isiwa ga ga Jobe mo boemong jo bo kwa tlase le jo bo tlhomolang pelo e ne e le dife?
10 Abo go ne ga isa Satane tlase jang ne, kwa pokanong e nngwe gape le baengele, gore Jehofa a mo gakolole jaana malebana le Jobe: “O sa nntse a tshegeditse bosenañ molato yoa gagwè”! Mme Satane ga a ineela. Jaanong o gwetlha gore fa a ka newa sebaka sa go itaya Jobe mo mmeleng, Jobe o tla itatola Modimo mo matlhong a gagwe. Jehofa a ikantse bothokgami jwa ga Jobe le go ya bokgakaleng jono, o ntsha tetla, mme fela a tlhagisa Satane gore a seka a lobela Jobe dintsi. Jalo Satane ‘a itaya Jobe ka diso tse di bosula, go simolola ka sebete sa lonao go ya phogong ya gagwe.’ (Yobe 2:1-8) Jobe o isiwa mo boemong jo bo kwa tlase jo bo tlhomolang pelo ka mo go ferosang sebete moo e leng gore ba losika le ditsala tsa gagwe baa mo sisimoga, mme bao a neng a tlwaelane le bone pele baa mo sotla.—Yobe 12:4; 17:6; 19:13-19; 30:1, 10-12.
11. Ke masetlana afe ao Jobe a neng a tshwanetse go a itshokela go ya pele, mme ke eng seo se dirileng gore go boloka ga gagwe bothokgami a lebane le mathata otlhe a gagwe go tlhomologe jaana?
11 Jaanong sebetsa se sengwe gape! Tumelo ya mosadi wa ga Jobe ea koafala. O mo raya a re: “A u sa nntse u tshegeditse bosenañ molato yoa gago? itatolè Modimo, me u shwè.” Mme a mo raya a re: “U bua yaka moñwe oa basadi ba ba dieleele a tla a bue. Ua reñ? A re tla amogèla molemō mo seatleñ sa Modimo, me re se ke re amogela boshula?” Jaaka pego eo e re, “Mo go tse cotlhe Yobe ga a ka a leoha ka molomo oa gagwè.” (Yobe 2:9, 10) Mme fa o gakologelwa gore lebaka la go boga ga gagwe le ne le fitlhetswe Jobe, abo bothokgami jwa gagwe bo tlhomologile jang ne!
Tlhaselo ya Mofuta o Mongwe
12. (a) Banna bao ba neng ba tlile go gomotsa Jobe e ne e le bomang? (b) Satane o ne a dirisa banna bano jang go leka Jobe go ya pele?
12 Mme Satane ga ise a fetse. O tlhagisa banna ba bararo ba go dumelwang gore ba botlhale bao gongwe ba neng ba itse Jobe ka namana kana ba ne ba setse ba utlwetse ka tumo ya gagwe e le monna yo o neng “a heta bana botlhe ba kwa botlhabatsatsi ka bogolo.” Kwantle ga pelaelo ba ne ba feta Jobe kgakala ka dingwaga. (Yobe 1:3; 15:10; 32:6) Ba babedi mo go bone ke ba losika bao a sa amaneng thata le bone. Elifase wa Motemana ke setlogolwana sa ga Aberahame ka Temana, setlogolo sa ga Esau, le Biledade wa Moshusha ke setlogolwana sa morwa wa ga Aberahame ebong Shua. (Yobe 2:11; Genesise 36:15; 25:2) Bagologolwane ba ga Sofare ga ba itsiwe sentle. Go lebega ekete ba bararo bano ba ne ba tlile go gomotsa Jobe, mme tota Satane o ba dirisa ka boiteko jwa go koafatsa bothokgami jwa ga Jobe. Fela jaaka babotsolotsi ba sepolotiki ba ba itlhomang go nna ditsala go koafatsa boikanyegi jwa bagolegwa le go ba dira gore ba tsuologele mebuso ya bone ka sebele, Satane o ne a akanya gore “bagomotsi” ba gagwe ba ne ba tla dira gore Jobe a tsuologele Modimo wa gagwe.—Yobe 16:2, 3.
13. (a) Baeti ba ga Jobe ba ne ba dirang fa ba fitlha? (b) Fa puisano e ne e simolola, e ne ya tsaya tsela efe?
13 Fa ba fitlha, baeti ba bararo bano ba tlhola malatsi a le supa le masigo a le supa ba etse botlhoko jo bogolo jwa ga Jobe le go isiwa ga gagwe tlase-tlase tlhoko ka tidimalo. (Yobe 2:12, 13) Elifase yo kwantle ga pelaelo eleng ene yo mogolo, kwa bofelong ke ene a di gogang kwa pele mo go bueng, a ntsha boikutlo le setlhogo sa kakaretso seo se ileng sa fetoga kgang ya ditikologo tse tharo. Puo ya ga Elifase, gammogo le dipuo tsa bankane ba gagwe bao ba latelang, ke ditatofatso bontsi jwa tsone. Morago ga fa mongwe le mongwe wa balatofatsi bano ba gagwe a sena go bua, Jobe morago ga moo oa a araba, a ganetsa dikgang tsa bone. Sofare ga a tseye karolo mo tikologong ya boraro ya kgang eo, ka phepafalo a ikutlwa gore o ka seka a akgela sepe go feta moo. Ka jalo Sofare a bua gabedi fela fa Elifase le Biledade mongwe le mongwe a neela tse tharo.
14. Ba bararo bano ba ne ba dirisa mofuta ofe wa dikganetsano kgatlhanong le Jobe, mme Satane o ne a dirisa mokgwa o o tshwanang jang kgatlhanong le Jesu?
14 Dipuo tsa ga Elifase di diteletsana, mme puo ya gagwe e batlile e nna bonolonyana. Puo ya ga Biledade e tlhaba e le tota, mme ya ga Sofare le eleng go e feta. Dikgang tsa bone di rulagantswe ka boferefere go fitlhelela boikaelelo jwa ga Satane jwa go roba bothokgami jwa ga Jobe. Ba tlhagisa mabaka a mmatota kgafetsa, mme thulaganyo le tiriso tsa one di fosagetse. Satana o ile a dirisa leano le le tshwanang mo go Jesu. Ka go tsopola lokwalo lo lo bolelang gore moengele wa Modimo o ne a tla sireletsa motlhanka wa gagwe gore a seka a utlwa botlhoko, Satane o ne a kopa Jesu gore a itshupe gore e ne e le morwa Modimo ka go itigela fa fatshe go tswa mo tempeleng. (Mathaio 4:5-7; Pesalema 91:11, 12) Jobe o ne a lebana le kgang e e tshwanang ya ga Satane ka nako e telele.
15. Elifase o ne a bolela gore motswedi wa mathata a ga Jobe e ne e le eng?
15 Mo puong ya gagwe e e bulang, Elifase o bolela gore mathata a ga Jobe ke kotlhao ya Modimo ya maleo a gagwe. “E mañ eo o kileñ a nyelèla a sena molato?” a botsa jalo. “Kaha nna ke bonyeñ ka gōna, ke go re, ba ba lemañ boikepō, me ba yala bosenyi, ba tla ba rōba yōna hèla.” (Yobe 4:7, 8) Go ya pele, Elifase a kaya gore Modimo ga a ikanye batlhanka ba gagwe. “Ga o ikanye batlhaka ba ona,” Elifase o bolela jalo, “le baengele ba ōna o tlo o ba nee molato oa boeleele. Bogolo yañ bōnè ba ba agileñ mo matluñ a serètsè.”—Yobe 4:18, 19.
16. Biledade o ne a latela tlhaselo ya ga Elifase jang, mme ke setshwantsho sefe se se sa tshwanelang se a neng a se dirisa?
16 Biledade o latela ka tlhaselo ya molomo. “Ha u nu u le boitshèko le thōkgamō,” oa boela, “o ka bo hano [Modimo] a gu kubugèla, a diha bonnō yoa tshiamō ea gago gore bo segōhalè.” Biledade o tlhalosa gore motsitla le mophutlo di a omelela le go swa fa di sena metsi mme o konela ka nepagalo gore “botlhe ba ba lebalañ Modimo” le bone ba tla nna jalo. Mme abo go le phoso jang ne gore a dirise setshwantsho seno go Jobe le go oketsa ka go re, “Me cholohèlō ea motho eo o sa reñ Modimo sepè e tla nyèlèla”!—Yobe 8:6, 11-13.
17. Ke kakgelo efe e e maatla eo Sofare a neng a e dira?
17 Dikakgelo tsa ga Sofare ebile di maatla le go feta. ‘Abo Modimo o kabo o bua le go go bolela seo o se akanyang!’ o bolela jalo, ka mo go tshwanang. ‘Modimo oa itse gore o dirileng. O go otlhaya go feta ka moo go go tshwanelang. Latlha maleo a gago le go tlogela bosula jotlhe jwa gago mme o tla bolokesega le go nna le ditsala tse dintsi.’—Yobe 11:4-6, 14-20, NW
18. Mo tikologong ya bobedi ya kganetsano, ba bararo bano ba ne ba tswelela jang go tlhasela Jobe?
18 Mo tikologong ya bobedi ya kganetsano, Elifase o tswela pele ka go tlhasela bothokgami jwa ga Jobe. ‘Aitsane, Modimo le baengele gaa ba ikanye, abo a ka seke a ikanye fela yo o tshwanang le wena jang ne! Motho yo o boikepo o mo tlalelong ka metlha.’ (Yobe 15:14-16, 20) Biledade, a kgopisitswe ke go gana ga ga Jobe dikgang tsa bone ka nitamo, ka mo go tshwanang, o bolela go re: ‘Lesedi la gago le tla tingwa. Kgakologelo yotlhe ya go nna teng ga gago e tla nyelela. Ke seo se diragalelang bao ba lebalang Modimo.’ (Yobe 18:5, 12, 13, 17-21) Sofare fa a lebisitse go letlotlo la ga Jobe la nako e e fetileng, o botsa jaana: ‘A ga o itse fa go ja kōma ga baikepi go le go khutshwane, le boitumelo jwa yo o sa reng Modimo sepe bo nna ka ponyo ya leitlho fela? Magodimo a senola diphoso tsa baikepi.’—Yobe 20:4, 5, 26-29.
19. (a) Go ya ka Elifase, Modimo o leba bothokgami jwa motho jang? (b) Biledade o ne a konela jang tlhaselo ya molomo go Jobe?
19 Fa a bula tikologo ya boraro ya kganetsano, Elifase o botsa jaana: ‘A monna a ka dirana le molemo mongwe mo Modimong? Tota lefa o ne o sena molato, a go ka tswela Modimo molemo? Boela go Modimo mme o lolamise mabaka a gago. Mme o tla siamisiwa,’ a bolela jalo. (Yobe 22:2, 3, 21-23) Biledade a fetsa tlhaselo ya molomo. ‘Ke mang mo lefatsheng yo o ka ikgantshang ka gore o phepa?’ oa botsa. ‘Modimo o a galalela mo e leng gore le eleng le ngwedi le dinaledi ga se sepe mo go ona. Go ka tweng ka motho, yo e leng seboko fela mo matlhong a one!’—Yobe 25:2-6.
Tshireletso ya ga Jobe le Paakanyo
20. (a) Jobe o ne a araba kgang ya gore pogisego ke kotlhao ya maleo e e tswang go Modimo jang? (b) Maikemisetso a ga Jobe e ne e le eng, mme re itse jang gore bothokgami jwa gagwe ruri bo ne bo kgathalesega go Modimo?
20 Go sa kgathalesege go boga ga gagwe go go maswe-maswe, Jobe le ka motlha ope ga a ineele mo dikgannyeng tse di boferefere tsa batlhokofatsi ba gagwe. Fa e le gore pogo ke kotlhao ya maleo go tswa go Modimo, o botsa jaana, “ana baikepi ba tshela ka ntlha eañ, ba cohale, E, ba natlahale mo nonohoñ?” (Yobe 21:7-13) Mme go farologana le seo balatofatsi ba ga Jobe ba se buang, Jehofa o anaanela baboloka bothokgami bao ka gone ba neelang karabo go kgobo ya ga Satane ya gore a ka dira gore mongwe le mongwe a seka a direla Modimo. (Diane 27:11; Pesalema 41:12) Jobe o tlhomamisegile ka bothokgami jwa gagwe, ka go re: “Ga nketla ke itlosa thōkgamō ea me, go ba ke tla ke shwa.” (Yobe 27:5) Nnya, ga a dira sepe gore a tshwanelwe ke seo se mo wetseng.
21. Elihu o ne a raya bagomotsi ba maaka ba ga Jobe a reng, mme ke tshiamiso efe eo e neng e tlhokega eo a neng a e neela Jobe?
21 Lekawana Elihu o tlhwaetse lefoko lengwe le lengwe la kgang eno e e lotolosiwang tsebe ka kelotlhoko. Jaanong oa bua, a bolelela bagomotsi ba maaka ba ga Jobe gore ga gona sepe seo ba se buileng seo se ileng sa supa gore Jobe ke moleofi. (Yobe 32:11, 12) Morago ga moo, a retologela go Jobe, Elihu a re: “Ke utlwile lencwe ya mahoko a gago, ua re, ke itshekile, ke sena tlolō; ke phèpa hèla, le gōna ga go na boikèpō mo go nna: Bōna, o bōna dikgopi mo go nna, o nkaea, go re, ke mmaba oa ōna . . . Mo go se, ga ua siama.” (Yobe 33:8-13; 6:29; 13:24, 27; 19:6-8) Ee, Jobe o ile a itshupa a amegile thata ka go itlhatswa. Lefa go ntse jalo, ka nako e e tshwanang, ga a ka a baya Modimo molato kana a latlhegelwa ke tsholofelo ya gore Modimo o tla dira se se siameng.
22. (a) Morago ga fa Jobe a sena go reetsa Jehofa, o ne a arabela jang? (b) Modimo o ne a batlang mo bagomotsing ba maaka ba ga Jobe, mme matswela a bofelo go Jobe e ne ya nna afe?
22 Sefefo se simolola go tsubutla fa Elihu a feleletsa puo ya gagwe, mme Jehofa ka boena o bua go tswa mo gare ga sefefo a re: “E mañ eo o bihatsañ kgakololō ka mahoko a a senañ kicō? A u ko u ikōkwaèlè lothèka . . . ke tla gu botsa, mme u nkakanyetsè.” Morago ga a sena go reetsa Jehofa, Jobe a dumela gore o ne a bua ka go kgakgabuela, kwantle ga go itse ka botlalo, mme a ikwatlhaya “mo loroleñ le molōra.” Jaanong Jehofa a baya Elifase le bankane ba gagwe ba babedi molato, a laela Jobe gore e nne motsereganyi wa bone. Morago ga moo Jobe a fodisiwa, mme o segofadiwa ka basimane bale supa le basetsana ba le bararo ba bantle le diruiwa tse di fetang tseo a neng a na le tsone pele gabedi. A tshela dingwaga tse 140 go feta, Jobe a swa “a cohetse a le malatsi a a tletseñ.”—Yobe 38:1-4; 42:1-17.
23. Bothokgami jwa ga Jobe bo tshwanetse go re ama jang?
23 Eleruri, Jobe e ne e le monna wa bothokgami yo o tlhomologileng! O ne a sena tsela epe ya go itse gore o ne a dirilwe setlhaselwa sa kgwetlho e e boikepo ya ga Satane. Seno se otlelela bothokgami jwa gagwe go feta ka gonne lemororo a ne a dumela gore go boga ga gagwe gotlhe go ne go tswa go Modimo, gaa ka a itatola Modimo. A thuto mo go rona ka ebile re itse motswedi wa diteko tsa bothokgami jwa rona! Eleruri, re tshwanetse go tlhotlheletsega go etsa sekao sa ga Jobe le go tswela pele ka tirelo ya ga Jehofa go sa kgathalesege sepe fela seo Mmaba wa Modimo a ka se tlisang mo go rona.
A O Ka Araba?
◻ Ke dilo dife tseo di dirang gore bothokgami jwa ga Jobe e nne jo bo tlhomologileng jaana?
◻ Ke bomang ba ba neng ba etela Jobe, mme Satane o ne a solofetse gore ba tla fitlhelela eng?
◻ Ba bararo bano ba ne ba dirisa dikganetsano dife kgatlhanong le Jobe?
◻ Jobe o ne a iphemela jang, mme o ne a siamisiwa jang?
◻ Matswela e nnile eng, mme re tshwanetse go amega jang?
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Satane o ne a romela “bagomotsi” ba bararo go dira gore Jobe a tsuologele Modimo