“Senkgwè Sa Botshelō” Go ka Bonwa ke Botlhe
“Ke nna senkgwè se se tshedileñ se se hologilèñ se cwa legodimoñ: ha motho leha e le mañ a ya senkgwè se, o tla tshela ka bosakhutleñ: E, le gōna senkgwè se ke tla se ntshañ ke nama ea me, gore e nnè botshelō yoa lehatshe.”—YOHANE 6:51.
1. Ke boemo bofe jo bo kotsi jo bo lebaneng le setho gompieno?
GO TSWA bokgakaleng lefatshe la setho le ntse le otlwa ka senkgwe, ebong sejo se se jewang thata mo lefatsheng. Ka mo go tshwanetseng he, se ile sa bidiwa seikokotlelo sa botshelo. Mme gompieno tlala ya senkgwe e nnile namane e tona ya kgang e e masisi. Tlala le leuba jaanong di ama kwatara ya baagi botlhe ba lefatshe. Bosheng jaana, The Globe and Mail ya Toronto, Canada, e ne ya tlhalosa ka go re, “Leuba, jaaka ntwa, ga le na melelwane.” Koranta eo e ne ya tsopola mogolwane wa dithuso tsa tshoganetso tsa UN mo Afrika a tlhalosa gore Afrika o gaufi le “nngwe ya dikotsi tse dikgolo mo bathong, eo e leng kgwetlho e kgolo mo bathong, eo re iseng re ko re lebane le yone.”
2, 3. (a) Ditlhaelo tsa dijo ke karolo ya sesupo sefe? (b) Mathata a dijo a tla rarabololwa jang? (c) Ke eng gape se se tlhokafalang mme ke tlhomamisetso efe e e itumedisang eo Isaia 25:8 e e neelang?
2 Jesu o ne a bolelelapele gore ditlhaelo tsa dijo di tla nna karolo ya sesupo sa go nna gone ga gagwe a le mo thateng ya Bogosi. (Mathaio 24:3, 7, 32, 33; 25:31, 32; Luke 21:11) Abo re ka itumela jang ne go bo Bogosi jwa gagwe bo atametse! Ka bokhutshwanyane, Kgosi eno e e galalelang e tla tlosa baba botlhe ba setho, e nyeletsa ditshiamololo tsa sepolotiki le tsa itsholelo tseo di tlisitseng pogo e e ntseng jalo e e setlhogo. Go tswa foo, batho botlhe ba tla ipelela go amogela sejo sa letsatsi le letsatsi.—Mathaio 6:10, 11; 24:21, 22; Daniele 2:44; Diane 29:2.
3 Tlase ga puso ya tshiamo, lefatshe ja rona je le molemo le tla kgona go tlhagisa “letlōtlō” la dijo, tse di lekaneng go kgorisa go feta baagi ba jaanong ba lefatshe. (Pesalema 72:12-14, 16, 18) Jehofa o tla direla batho “modihō” wa dilo tse di molemo. (Isaia 25:6) Mme go na le se sengwe gape se se tlhokafalang. Fa dingwaga di ntse di feta, a batho ba tla bo ba ntse ba lwala fela le go swa? Ka boitumelo, Isaia 25:8 e tswelelapele ka go bua jaana ka Jehofa: “O komeditse losho ka bosakhutleñ; Yehofa Modimo o tla phimola dikeledi mo matlhoñ aotlhe.” Seno se tla diragala jang?
Paakanyetso E E Lorato Ya Ga Jehofa
4. Ke paakanyetso efe e e lorato eo Jehofa a neng a e rulaganya mo Egepeto?
4 Nako ya fa Josefa e ne e le molaodi wa dijo mo Egepeto, go ne go na le letlotlo la mabele. Seno e ne e le ka go bo Josefa, morago ga a sena go tlhophiwa ke Faro, ka botlhale o ne a baakanyetsa leuba la dingwaga tse supa le le neng le boleletswepele, mme Jehofa ka lorato o ne a oketsa tshegofatso ya gagwe. (Genesise 41:49) A ne a lekanye mongwe le mongwe, le a mangwe a a ka bolokilwang. Fa rraagwe Josefa ebong Jakobe, bomogoloa Josefa, le malapa a bone ba tla go nna le Josefa mo Egepeto, ba ne ba solegelwa molemo thata ke tlamelo eo ya Modimo. Ga go belaesege gore Baiseraele bao fano ba ne ba tlwaelana sentle gape le senkgwe sa boupe se se bidisitsweng, jaaka fa go bonala seno se simologile mo Egepeto.
5. (a) Jehofa o ne a baakanyetsa jang ka tlamelo mo nageng? (b) Ke bomang ba ba neng ba tlhakanela le Baiseraele mo tshegofatsong eno, mme ka ntlha yang?
5 Moragonyana, Jehofa o ne a dira paakanyetso e nngwe gape e e lorato ya batho ba gagwe. Seno e ne e le fa dimilione tsa Baiseraele di tloga mo Egepeto go ralala naga ya Senai. Boidiidi jo bogolo jono bo ne bo tla tlamelwa jang mo sekakeng seo se se setlha, se se magwatata? Lemororo Jehofa a ne a ile a gakadiwa ke go tlhaela ga tumelo ya bone, o ne a “bula dithoba tsa legodimo; Me oa ba nesetsa mana go a ya, oa ba naea mabèlè a legodimo.” “A ba kgorisa ka senkgwè sa legodimo” ka dingwaga di le 40. (Pesalema 78:22-24; 105:40; Ekesodo 16:4, 5, 31, 35) Mme o seka wa lebala gore, Baiseraele e ne e se bone fela ba ba jang mana. “Bontsi yoa batho yo bo tlhakanyeñ” jwa ba e seng Baiseraele ba ne ba bontsha tumelo mo go Jehofa mme ba ikopanya le bone fa ba fuduga mo Egepeto. Modimo o ne a ba fa mana le bone.—Ekesodo 12:38.
6. (a) Ke tlhokafalo efe e kgolwane e motho a nang le yone, mme ka ntlha yang? (b) Ke eng seo ditlhabelo tsa lseraele di neng di se gatelela, mme di ne di tshwantshetsa eng?
6 Lefa go ntse jalo, setho se nnile ka metlha sa tlhoka se se fetang seo go bona “senkgwè se se cwañ legodimoñ.” Le e leng bao ba neng ba ja mana a a neng a baakanyeditswe ka kgakgamatso ba ne ba tsofala le go swa, ka go bo boemo jwa go rua boleo jwa motho bo dira gore loso lo se tilege, go sa kgathalesege gore motho o ja eng. (Baroma 5:12) Ditlhabelo tsa lseraele di ne di baakanyetsa gore go tshegediwe kamano e e molemo le Modimo, mme ditlhabelo tseo gape di ne di gatelela kafa morafe oo o neng o na le boleo ka gone. E ne e le “tse di sa kakeñ tsa tlosa dibe gopè.” Gape, ditshupelo tseo di ne di tshwantshetsa ‘setlhabelo se le sengwe fela’ sa ga Jesu, seo se baakanyetsang ka go tlosetsa dibe “rure.” A le boemong jwa gagwe jo bo goletsegileng mo legodimong, Jesu jaanong o kgona go dirisa molemo wa setlhabelo seo.—Bahebera 10:1-4, 11-13.
“Senkgwè Sa Amarure Se Se Cwañ Legodimoñ”
7. (a) Mafoko a ga Jesu go Yohane kgaolo 6 a tshwanetse a lejwa ka kutlwisiso efe e ntsha? (b) Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a kgalemela matshwititshwiti?
7 A jaanong re lebeng go Yohane kgaolo 6. Dikakgelo tsa ga Jesu fano ga se tsweledisopele fela ya se sè kwadilweng go Joh kgaolo 5. Kutlwisiso ke e e farologaneng, ka go bo ngwaga e nngwe e setse e fetile. Jaanong ke 32 C.E. Kgang ga e sa tlhole e le gareng ga Bajuda ba ba neng ba ipona tshiamo mo Jerusalema mme e gareng ga batho fela ba ba tlwaelegileng mo Galilea. Jesu o sa tswa go dira kgakgamatso ya go fa batho ba le 5 000 dinkgwe di le tlhano le ditlhapi di le pedi. Mo letsatsing je le latelang, matshwititshwiti a latela Jesu, a lebeletse go bona dijo tse dingwe tsa mahala. Jalo Jesu o ba raya a re: “Loa mpatla, e señ ka go bo lo bonye dichupō, me e le ka go bo le yele dinkgwè, me loa kgora. Se diheleñ diyō tse di nyèlèlañ, me dihèlañ diyō tse di nnèlañ go ea go hitlha botsheloñ yo bo sa khutleñ.” Jesu o ne a ile a romelwa ke Rraagwe go fa botlhe ba ba tla bontshang tumelo mo go ene dijo tse di ntseng jalo. Tseno e ne e tla bo e le “senkgwè sa amarure se se cwañ legodimoñ,” se se nang le diphelelo tsa go ya go ile go na le mana fela a sebele a a neng a jewa ke Baiseraele ba bogologolo.—Yohane 6:26-32.
8. Motho o ka bona jang botshelo jo bo sa khutleng?
8 Jesu o tswelela ka go tlhalosa melemo e e ka bonwang mo ‘dijong’ tseo, a ba raya a re: “Ke nna senkgwè sa botshelō: eo o tlañ mo go nna ga a ketla a bolawa ke tlala, le eo o dumèlañ mo go nna ga a ketla a nyōrwa gopè. . . . Me go rata ga eo o nthomileñ, ke go re, gotlhe mo o go nneileñ, ke seka ka latlhègèlwa ke sepè, ha e se gore ke tlè ke cosè mo letsatsiñ ya bohèlō.”—Yohane 6:35-40.
9, 10. (a) “Senkgwè sa botshelō” se fapaana jang le mana? (b) Go ya ka Yohane 6:42-51, Jesu o ne a ntshetsa bomang nama ya gagwe? (c) Bano ba ‘ja nama ya gagwe’ jang?
9 Bajuda bao ba ba neng ba rata dilo tse di bonalang ba tsosa kgaruru ka ntlha ya mafoko ano. Ba bona Jesu e le morwa fela wa ga Josefa le Maria. Jesu o a ba tlhagisa: “Se ñōñōregeñ mo go lona. Ga go motho opè eo o ka tlañ mo go nna, ha Rara eo o nthomileñ a sa mo goge: me ke tla mo cosa mo letsatsiñ ya bohèlō.” Go tswa foo o a ipoeletsa: “Ke nna senkgwè se se tshedileñ se se hologileñ se cwa legodimoñ: ha motho leha e le mañ a ya senkgwè se, o tla tshela ka bosakhutleñ: E, le gōna senkgwè se ke tla se ntshañ ke nama ea me, gore e nnè botshelō yoa lehatshe.”—Yohane 6:42-51.
10 Ka gone, e ne e le “botshelō yoa lehatshe”—lefatshe ka kakaretso la setho se se ka bonang kgololo—leo Jesu a neng a le ntshetsa nama ya gagwe. Mme “leha e le mañ” mo lefatsheng la setho yo o ka jang “senkgwè” seo ka tsela ya tshwantshetso, ka go bontsha tumelo mo nonofong ya kgololo ya setlhabelo sa ga Jesu, o ka tsena mo tseleng ya botshelo jo bo sa khutleng. Fano, “bontsi yoa batho yo bo tlhakanyeñ” jo bo neng jwa tlhakanela le Baiseraele mo go jeng mana mo nageng bo tshwantshetsa boidiidi jo bogolo jwa “dinku di sele” tsa ga Jesu bao, gammogo le masalela a a tloditsweng a “Iseraela oa Modimo,” jaanong ba jang nama ya ga Jesu ka tsela ya tshwantshetso. Seno ba se dira ka go bontsha tumelo setlhabelong sa gagwe.—Bagalatia 6:16; Baroma 10:9, 10.
11. Ke mafoko afe a a oketsegileng a ga Jesu a a neng a kgopisa Bajuda, mme ka ntlha yang?
11 Kwa Galilea, ba le bantsi ba bareetsi ba ga Jesu ba kgopisiwa ke puo ya gagwe. Jalo fa a ntse a le mo kgannyeng kaga nama ya gagwe, o tswelela go fetela kwa pele, a ba raya a re: “Amarure, amarure, kea lo raea, Ha lo sa ye nama ea Morwa Motho, ha lo sa nwe madi a gagwè, ga go na botshelō mo go lona. Eo o yañ nama ea me, a ba a nwa madi a me, o na le botshelō yo bo sa khutleñ; me ke tla mo cosa mo letsatsiñ ya bohèlō. Gonne nama ea me ke seyō rure, le madi a me ke senōō rure.” (Yohane 6:53-55) Tota ruri go a kgopisa! Bajuda bao ga ba bifele fela mogopolo wa go ja batho mme Molao o o go Lefitiko 17:14 o ne ka tlhamalalo o iletsa go ja “madi a nama epè.”
12. (a) Jesu fano o gatelelang? (b) Ke dikwalo dife tse di bontshang gore seno ga se felele fela go baruaboswa mmogo le Jesu?
12 Legale, Jesu fano o gatelela gore leha e le mang yo o tla bonang botshelo jo bo sa khutleng o tshwanetse a dira jalo mo motheong wa go bontsha tumelo mo setlhabelong sa ga Jesu se a neng a se dira moragonyana ka go ntsha mmele wa gagwe wa botho o o itekanetseng le go tsholola madi a gagwe a botshelo. (Bahebera 10:5, 10; 1 Petere 1:18, 19; 2:24) Paakanyetso eno ga e felele fela go baruaboswa mmogo le Jesu. E tshwanetse gape ya akaretsa “boidiidi yo bogolo,” bao ba falolang ‘pitlagano e kgolo,’ ka go bo bano “ba tlhacwitse dikobō tsa bōnè, ba di shweuhaditse mo madiñ a ga Kwana.” Tumelo ya bone mo setlhabelong sa ga Jesu, jaaka fa e bontshitswe gape ke go direla Modimo ‘tirelo e e boitshepo,’ go felela ka gore ba bolokiwe mo motlheng wa pitlagano e kgolo ya lefatshe. Ka mo go tshwanang, Rahabe o ne a kaiwa tshiamo mme a falola fa Joshue a ne a senya Jeriko.—Tshenolō 7:9, 10, 14, 15; Yoshue 6:16, 17; Yakobe 2:25.
“Botshelō Mo Go Lona”
13. (a) Fa go bapisiwa Yohane 5:26 le Yohane 6:53, ke eng se se tshwaiwang? (b) Ke tiriso efe e e tlwaelegileng ya thutapuo ya Segerika eo e re thusang go utlwisisa Yohane 6:53? (c) Jalo he, go nna le “botshelō mo go lona” go rayang, mme mafoko ano a dira go bo mang?
13 Go Yohane 6:53, 54, Jesu o lekalekanya “botshelō yo bo sa khutleñ” le “botshelō mo go lona.” Jalo, mo kutlwisisong eno, tlhaloso “botshelō mo go lona” e bonala e na le bokao jo bo farologaneng le joo Jesu a bo dirisitseng mo go Yohane 5:26. Ditlhaloso tsa thutapuo tse di tshwanang le go nna le “botshelō mo go lona” di bonala golo gongwe gape mo Dikwalong tsa Segerika. Ka sekai: “Nnañ le lecwai mo go lona” (Mareko 9:50) le “ba ipōnèla mo go bōnè tuèlō e e chwanetseñ” (Baroma 1:27).a Mo dikaing tseno, tshetla eno ga e kae nonofo ya go ka tsenya letswai kana go duela ba bangwe. Go na le moo, go kaiwa phelelo kana botlalo jwa kafa teng. Ka gone, go ya ka kutlwisiso ya Yohane 6:53, go nna le “botshelō mo go lona” fano go tla raya gore kwa bofelong go tsenwa mo botlalong jwa botshelo. “Lecomanyane” lwa baruaboswa ba Bogosi lo itemogela seno fa ba tsosediwa mo legodimong. “Dinku di sele” di itemogela seno morago ga dingwaga tse di sekete di sena go khutla, fa ba lekwa le go kaiwa tshiamo go bona botshelo jo sa khutleng mo lefatsheng la Paradaise.—1 Yohane 3:2; Tshenolō 20:4, 5.
14. Ke bomang gape ba ba tla solegelwang molemo ke “senkgwè se se cwañ legodimoñ,” mme jang?
14 Ba bangwe le bone, ba ka solegelwa molemo ke “senkgwè se se cwañ legodimoñ.” Jesu o ne a bua jaana ka yo o ‘jang nama ya gagwe le go nwa madi a gagwe’ mme a swa: “Ke tla mo cosa mo letsatsiñ ya bohèlō.” Go tlhalosiwa gore Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba robetseng mo losong ba tsosiwa ka go gelebetega ga “lonaka loa bohèlō,” mo go diragalang mo go ‘bonatshegeng’ ga ga Jesu Keresete mo kgalalelong ya Bogosi. (1 Bakorintha 15:52; 2 Timotheo 4:1, 8) Mme gotweng ka bao e neng e tla nna ba “dinku di sele” ba ba robalang mo losong? Mafoko a ga Maratha ka nako ya loso lwa ga Lasaro ke a a kgatlhisang fano, ka go bo ka nako eo Bajuda ba ba neng ba boifa Modimo ba ne ba sena tsholofelo epe e sele fa e se ya tsogo ya selefatshe. Tumelo ya ga Maratha e ne ya bontshiwa ka mafoko ano: “Kea itse ha a tla ba a coga mo go cogeñ ka letsatsi ya bohèlō.” (Yohane 11:24) Rona ba re tshelang gone jaanong mo go nneng gone ga ga Keresete re ka solofela he gore ba ba ikanyegang ba “boidiidi yo bogolo” ba ba robalang mo losong ba tla akofa ba tsogela mono lefatsheng, e le gore ba tle ba boe gape ba je “senkgwè se se cwañ legodimoñ,” ba lebile pele botshelong jo bo sa khutleng. Abo seo e le tsholofelo e e molemolemo jang ne, tsholofelo eo e neng ya tlhomamisediwa ke go bo Jesu ka boene a ne a tsosiwa mo baswing!—1 Bakorintha 15:3-8.
‘Kutlwanong le Keresete’
15. Mafoko a ga Jesu ‘kutlwanong le Keresete’ a dira mo go bomang, mme ke eng fa o araba jalo?
15 Jesu o tswelelapele: “Eo o yañ nama ea me, a ba a nwa madi a me, o nntse mo go nna, le nna mo go èna.” (Yohane 6:56) Seno, he, se boammaaruri ka ‘mang le mang’ yo ka gone a bontshang tumelo mo setlhabelong sa ga Jesu, ka tebelelo ya go nna le ‘botshelo mo go ene.’ Botlhe ba ba bontshang tumelo e e ntseng jalo ba nna ‘kutlwanong’ le Jesu. Legale, “boidiidi yo bogolo,” jo bo nang le tsholofelo ya selefatshe, ga ba ‘kutlwanong le Keresete’ ka tlhaloganyo ya gore ke baruaboswa mmogo le ene, maloko a monyadi wa gagwe ao a amogelang tsogo ya selegodimo e e tshwanang le ya gagwe. (Baroma 8:1, 10; 1 Bakorintha 1:2; 2 Bakorintha 5:17; 11:2; Bagalatia 3:28, 29; Baefesia 1:1, 4, 11; Bafilipi 3:8-11) Mme lefa go le jalo botlhe ba ba nang le tsholofelo ya lefatshe ba ka nna, mme ebile ba tshwanetse, go nna tumalanong e e feletseng le Rara le Morwa mo go itseng le mo go direng ‘go rata ga Modimo mo go itekanetseng,’ le e leng fela jaaka go ntse le ka letsomanyane.—Baroma 12:2; bapisa Yohane 17:21.
16. (a) Ke ka ditsela dife tse di botlhokwa tseo botlhe ba ba bontshang tumelo mo setlhabelong sa ga Keresete ba leng ‘kutlwanong’ le Jesu? (b) Boikaelelo jwa bone jo bongwe fela le boiteko bo supiwa mo go eng?
16 Kgabagare, molemo wa setlhabelo sa nama le madi a ga Keresete o ka bonwa ke botlhe gompieno ba ba bontshang tumelo mme botlhe ba ba o solang molemo e ka re, ka ditsela tse di tlhokegang, ba nne ‘kutlwanong’ le Jesu. Botlhe ba tshwanetse go nna karolo ya lelapa la lobopo lotlhe lwa ga Jehofa Modimo. Mo ‘metlheng eno ya bofelo’ e e tlhokofatsang, ba ipelela kutlwano ya lefatshe ka bophara ya tumelo, boikaelelo, le tiro. Ka go bontsha tumelo mo go Jesu, ba kgonisiwa go “diha ditihō tse dikgolo” ka selekanyo go feta tse di ne tsa dirwa ke Jesu fa a le mo lefatsheng. Mme ebile go tlhokomelwe gore dimilione tsa “boidiidi yo bogolo” jaanong di bopa diphesente tse 99,7 tsa bao ba dirang tiro ya ga Jehofa mo nakong eno. (Yohane 14:12; Baroma 10:18) Bongwefela jono mo boikaelelong le mo boitekong bo bontshiwa ke namane e tona ya bosupi jwa kgolokwe le tshegetso ka pelo e e ratang mo dithulaganyong tsa kago tsa Mokgatlho wa Watch Tower. (Pesalema 110:3) Gore ke ba le kae mo lefatsheng la setho ba ba santseng ba tla dumela, mme ba tle kutlwanong eno e e tlhokegang thata go santse go tla bonwa. Pego ya bosheng jaana e bontsha gore go na le Basupi ba ba tlhagafetseng ba le 3 024 131.
17. Ke dintlha dife tse di tshwanetseng go lemogiwa ke botlhe ba ba leng gone mo Segopotsong?
17 Go solofelwa gore batho ba le bantsi ba ba kgatlhegang ba tla nna bantsi thata mo go ba ba leng gone mo ketekong ya Segopotso ya 1986. Dimilione tsa “dinku di sele” di tla bo di le teng, gammogo le dikete tse di ntseng di ngotlega tsa “lecomanyane”—botlhe ba anaanela thata paakanyetso e e lorato ya ga Jehofa ka Keresete, ba lemoga kafa nama le madi a ga Keresete di leng botlhokwa thata thata ka gone. Lefa go ntse jalo, botlhe ba tshwanetse go lemoga ka phepafalo gore ba eme kae. Go ja ga ditshwantshetso tsa Segopotso ga se gore ke gone go neelang botshelo jo bo sa khutleng. Tseno ke ditshwantshetso tsa setlhabelo sa ga Jesu, seo pele se dirisiwang malebana le “kgōlaganō e ncha.” Ba ba tloditsweng ba ba tsenngwang mo kgolaganong eo, mme e le bone fela, ke bone bao kafa tshwanelong ba jang ga ditshwantshetso. Motho o ka nna a bo a le wa kgolagano e ntšha eo, kana nnya. (1 Bakorintha 11:20, 23-26) Bao ba seng mo kgolaganong e ntšha eo mme ba sa tsenngwa ke Jesu mo kgolaganong ya Bogosi ga ba je ditshwantshetso tsa Segopotso, mme ba santse ba tshwanetse go lemoga kafa nama le madi a ga Jesu tse di ntshitsweng setlhabelo di leng botlhokwa ka teng. (Luke 22:14-20, 28-30) Setlhabelo seno ke tsela eo ka yone ba ka bonang botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng.
18. Ke boitumelo bofe jo bo nnang gone ka go lemoga ka phepafalo sotlhe se se kaiwang ke setlhabelo sa ga Jesu?
18 Jalo ekete re ka tla tiragalong eno he ya Segopotso ka temogo e e phepafetseng ya sotlhe se se kaiwang ke setlhabelo sa ga Jesu mo sethong. Ekete ba “lecomanyane” ba ka somarela thata pitso ya bone, mme ebile ekete boidiidi jo bo golang jwa “dinku di sele” bo ka ipelela tebelelo ya go bona ‘botshelo mo go bone’ jo bo itekanetseng jwa lefatshe, fa ba ntse ba tlhokomela thata kutlwano ya bone, gone jaanong, le Rara, Morwa, le palo e e ntseng e ya kwa tlase ya masalela a a tloditsweng a a santseng a le mo lefatsheng. Abo re itumela jang ne go bo “senkgwè sa botshelō” jaanong se ka bonwa ke botlhe!
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona gape Mathaio 3:9; 9:3; 13:21; Mareko 5:30; 6:51; Luke 7:39, 49; 12:17; 18:4; Yohane 5:42; 11:38; Ditihō 10:17; 2 Bakorintha 1:9
Dipotso Tsa Poeletso
◻ Ka 32 C.E, Jesu o ne a bua ka mefuta efe e mebedi ya mana, gore a ne a neelwa bomang?
◻ Ke bomang ba Jesu a ba laletsang go ‘ja nama ya gagwe le go nwa madi a gagwe,’ mme ba dira seno jang?
◻ Ke eng se se bolelwang ke go nna le “botshelō mo go lona,” mme seno se bonwa jang le leng?
◻ Ke boitumelo bofe jo botlhe gone jaanong ba ka arolang mo go jone mabapi le “senkgwè sa botshelō”?