Megido—Botlhabanelo Jwa Bogologolo Jo Bo Nang le Bokao Jwa Boperofeti
“A BABA ba gago botlhe ba shwè hèla yalo Yehofa.” Ga wela jalo pina ya phenyo eo e neng ya tlhamiwa go feta makgolo a dingwaga a le 32 a a fetileng. E ne e keteka phenyo ya sesole gaufi le motse wa bogologolo wa Megido.
Go ya ka polelo ya Bibela, Moatlhodi Barake wa Iseraele o ne a laolwa ke Modimo go tlhoma banna ba le 10 000 ba ba tshotseng dibolao mo thabeng ya Tabora. A e ne e le palo nngwe e e gakgamatsang? Gongwe. Mme baithaopi ba ba 10 000 bao ba ne ba sa tshola dibolao tse di lekaneng ka mo go tlhomolang pelo. ‘Go ne go sena thebe lefa e le lerumo.’ (Baatlhodi 5:8) Lefa go ntse jalo, go ne go sa nna jalo ka ba ba ba tlhabantshang. Batlhabani ba Bakanana, ba ba eteletsweng pele ke Molaodi wa Masole Sisere, ba ne ba itlhomeletse ka dibolao tsa sesole tsa boranyane jwa bosheng jwa nako eo: “Dikara tsa tlhabanō tsa tshipi di le makgolo a a hèrañ o le moñwe.” (Baatlhodi 4:3) Tseno di ne tsa kgonisa Bakanana go nna bofefo le botswerere gape go nna le thuso e kgolo mo go akabatseng mogopolo.
Lefa go ntse jalo, phenyo e ne e se kitla e nna gone ka ntlha ya nonofo ya sesole le dibolao. Masole a ga Sisere ao a neng a nonofile thata a ne a hepisediwa go tsena mo mokgatšheng o ka nako eo o neng o kwakwaletse wa Kishona. Jehofa o ne a neela Barake sesupo sa gore a fologele kwa tlase. Ako o akanye fela ka banna ba le 10 000 ba ba fologang mo thabeng go ya kwa tlase mo mokgatšheng! Mme, ka tshoganetso, Jehofa a dira namane e tona ya pula ya matsubutsubu. Baba jaanong ba kgomogelwa ke phefo le pula. Mokgatšha wa Noka ya Kishona o ne wa fetoga go nna molapo o o elelang ka maatla, mo o neng wa tshwarisa dikara tsa tlhabano tsa ga Sisere seretse. Fa ba sena go tlhakana tlhogo, masole a ga Sisere a tshaba ka poifo, mme ba lelekiwa le go bolawa. “Ga goa ka ga sala motho opè.”—Baatlhodi, dikgaolo 4 le 5.
Ga go gakgamatse go bo phenyo eno e e gakgamatsang e ne ya tlhotlheletsa mafoko: “A baba ba gago botlhe ba shwè hèla yalo Yehofa: me ba ba mo ratañ a ba nnè yaka letsatsi ha le cwa mo thateñ ea yeōna.” (Baatlhodi 5:31) Lefa go ntse jalo, tlhokomela lefoko leo “yalo.” Le ne le akantsha gore tlhabano e ne e le ya seperofeti, e supela pele ntweng e kgolwane eo mo go yone baba botlhe ba Modimo ba neng ba tla nyelela.
Lefa go ntse jalo, batho ba ba bobaba ba ba neng ba dikologile Iseraele ba ne ba akofa ba lebala tiragalo eno e e setlhogo. Dingwaga fela tse 47 moragonyana merafe e e ipopileng e e neng e eteletswe pele ke Mediana “ba phuthèga; me . . . ba thibèlèla mo molapoñ oa Yesereela,” mokgatšha o o neng o tloga mo Megido. (Baatlhodi 6:33) Baba bano ba ba thibeletseng ba ne “ba nntse yaka tsiè hèla ka bontsi.” Lefa go ntse jalo, ka nako eno, batlhabani ba Iseraele e ne e le setlhophanyana fela sa banna ba le 300 ba ba pelokgale, ba ba emeng “mo tikologoñ ea bothibèlèlō ba ba eteletsweng pele ke Gideone. Fa sesupo se sena go ntshiwa, ba ba 300 ba ne ba letsa dinaka, ba thubaganya dinkgwana tsa metsi ka modumo o mogolo, ba tsholetsa dipone, mme ba tlhaba mokgosi o o boifisang wa ntwa: “Chaka ea ga Yehofa le ea ga Gideona!” Bamidiana ba tsenwa ke letshogo! “Yehofa a ba yantshana dichaka, moñwe le moñwe le monkana oa gagwè,” mme setlhophanyana se sebotlana sa ga Gideona sa digela phenyo!—Baatlhodi, kgaolo 7.
Rona gompieno re seka ra bo ra dira phoso ya Bamidiana kana ra itlhokomolosa bokao jwa Megido. Bibela e bua ka lefelo leno la botlhabanelo e ka nna makgetlo a le 12. Gape, polelelopele ya Bibela e supa gore seo se neng sa diragala kwa Megido se bolela sengwe se se masisi thata mo motlheng wa rona. Ka gone a re tlhatlhobeng seo Bibela le bafatolodi ba se bolelang kaga lefelo leno la ditiragalo.
Bokgabaganyetso Jwa Lefatshe la Bogologolo
Megido, gammogo le metse ya Hasore le Gesera, nako nngwe e ne e le yone e e leng bofeto jo bogolo jwa masole le jwa papadi jo bo neng bo kopanya Asia le Afrika. Megido o ne a le fa gare ga metse e mengwe e mebedi mme jalo a ntse fa go siameng sentle. Go tswa dintlheng tsotlhe, mebila ya tlholego, diphatana mo dithabeng, le ditsela di ne di rakanela mo mokgatšheng wa gagwe. “Megido,” go tlhalosa The Geography of the Bible, “o ne a ntse mo marakanelong a ditsela, mme ebile e le jone borakanelo jo bogolo jwa ditsela mo lefatsheng la bogologolo.”
Megido o ne a le fa mokgatšheng o mogolo o o neng o le sekgala sa dimaele di ka nna 20 (32 km) mo serepoding sa thaba ya Karemela kafa ntlheng ya bokone-botlhaba. Mo marigeng a a dipula, metsi a a neng a fologa mo dithabeng tse di mo tikologong a ne a dira gore Molatswana o o gautshwane wa Kishona o tlale. Jalo he kgaolo eo e bidiwa gape go twe ke ‘noka ya Kishona.’ (Baatlhodi 4:13) Buka Geography of Israel e re: “Ka ntlha ya dipula tsa mariga” mmu wa mokgatšha oo “ke o o ka nnang wa fetoga seretse se se boteng. . . . Mokgokolosa wa Kishona o mmotlana thata, mme molomo wa yone . . . o tswalega fela motlhofo; ka gone moraga o ne o anama fano.” Sisere le mephato ya gagwe ba ne ba iponela kafa mokgatšha ono o neng o le diretse ka gone. Lefa go le jalo, mo komelelong ya selemo, mokgatšha ono o o bulegileng o no o siametse boithapiso jwa dikoloi tsa ntwa. (Bapisa Sehela sa Dihela 6:11, 12.) Mephato ya masole le yone e ne e ka rakanela sentle fano.
Ga go gakgamatse he, go bo Kgosi Solomone a ne a tsaya dikgato go agelela Megido: “Me mo ke gōna kaha kgosi Solomone o na a kgètha batho ka gōna; eboñ go aga . . . lorakō loa Yerusalema, le Hasora, le Megido, le Gesera.” (1 Dikgosi 9:15) Thota e e bogodimo jwa difiti di le 70 (21m), e e lebaganyeng le mokgatšha o o atlhameng, o o bulegileng, jaanong e tshwaya lefelo eo Megido a neng a le gone pele. Mo metlheng ya bogologolo, dikago tse dintšha gantsi di ne di agiwa mo maropeng a tse dikgologolo. Ka gone mokoa mongwe le mongwe wa fa go neng go agilwe gone o ne o ka nna wa tshwaya nako e e rileng mo ditiragalong. Mofatolodi, a simolola kwa godimo, o epa go ya kwa tlase a ntse a kgabaganya mekoakoa ya ditiragalo. Bobotlana mekoa e e ntseng jalo e ka nna 20 e ne ya bonwa mo Megido, mo go supang gore motse o ne wa nna wa agiwa sešha ka makgetlo a le mantsi. Mme Bibela e ile ya thusa jang bafati bano ba ba pelotelele?
Go aga dikgoro tsa metse kwantle ga pelaelo e ne e le karolo e e botlhokwa-tlhokwa mo tirong ya ga Solomone go thekeletsa Megido, Hasore, le Gesera. Nako nngwe e e fetileng dikgoro tse di ntseng jalo di ne tsa bonwa mo Megido. Ka bonakonyana morago ga moo dikgoro tse di tshwanang di ne tsa bonwa mo Hasore. Jalo, ka go tsaya motlhala go tswa mo Bibeleng, bafatolodi gape ba ne ba simolola go batlisisa mo Gesera. Kwantle ga pelaelo, dikgoro tse di tshwanang di ne tsa fitlhelwa koo gape. A seno se ne se le botlhokwa bongwe mo baithuting ba Bibela? Mofatolodi mongwe yo o itsegeng, ebong Moporofesa Yohanan Aharoni, o tlhalosa jaana:
“Mo kepong e e neng ya dirwa mo mafelong a le mararo, dikgoro tse di tshwanang ka sebopego di ne tsa fitlhelwa mo matlotleng a a setseng a lekgolo la dingwaga la lesome B.C.E. . . . Dikgoro tse di tshwanang le tse, tse di nang le dikago tsa balebedi di le tharo le dipinagare tse di pataganyeng di le nne kafa dintlheng tsoo-pedi tsa bofeto, go tla go fitlha jaanong di ile tsa fitlhelwa mo mafelong a mangwe a le mabedi fela. . . . Ka gone, re ka re go na le tumalano e e feletseng gareng ga babatlisisi gore dikgoro tsa Hasore, Megido, le Gesera ka matlwana a tsone a mararo ke tsa puso ya ga Kgosi Solomone.”
Ngaka Yigael Yadin o ne a digela jaana ka mo go tshwanang: “Go bonwa ga dikago tsa phemelo tsa ga Solomone kwa Hasore, Megido, le Gesera ke sekai se se layang sa kafa Bibela e leng botlhokwa ka teng le mosola mo bafatoloding.”
Lefelo la Tlhabanelo la Makgaola-kgang
Ka ntlha ya boemo jo bo ntseng sentle jwa Megido, go utlwala sentle gore ke eng le ne la golaganngwa le mogopolo wa lefelo la botlhabanelo mo ditiragalong tsa pele. Tota, lefoko la Sehebera sa bogologolo la “Megido” go bolelwa fa le raya “kgatlhano, kana, bokopanelo jwa masole.” Ga kwala jalo Moporofesa Aharoni:
“Megido e ne e le motse o o thekeleditsweng o o nang le botlhokwa jo bogolo go sa kgathalesege lebaka la gore ga a umakiwe mo dikwalong tsa ditiragalo go fitlhelela lekgolo la dingwaga la lesome le botlhano B.C. Ka nako eo o bonala mo mekwalong ya ga Thutmose III. Ditso tsa ga Faro yono di bolela fa Megido a ne a etapele mephato e e kopanyeng ya metse e e tsuololang ya Kanana. . . . Batlhabani ba Egepeto le dikoloi tsa ntwa tsa Bakanana di ne tsa tlhabana ntwa ya makgaola-kgang ya botsuolodi jono . . . gaufi le Megido. Eno ke tlhabano ya sesole eo ditiragalo tsa yone di ileng tsa bolokiwa. Morago ga go fenya mephato ya Bakanana mo go setlhogo mo botlhabanelong, Faro o ne a gapa thopo e kgolo, go akareletsa le dikoloi tsa ntwa di le 924!”
Ngaka Zev Vilnay, mokwadi wa The New Israel Atlas, o tswelela ka go tlhalosa mokgatšha oo jaaka “lefelo la matlhabanelo a a tumileng go tloga fela tshimologong ya ditiragalo go fitlhelela Ntwa ya Lefatshe I.”
Megido—A ke Patlelo Ya Ntwa Ya Bofelo?
Buka ya bofelo ya Bibela, ebong Tshenolō, e kwadilwe ponatshegelo ya ‘dikgosi tsa lefatshe tsotlhe’ di phuthelwa kwa “ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe” kwa “Hara-Magedona” [“Thaba ya Megido”]. (Tshenolō 16:14, 16) Ka ntlha ya go tshwana ga maina, bangwe ba ile ba digela ka gore ntwa eno e tla diragala mo patlelong tota tota ya Megido. Lefa go le jalo, thota ya Megido ga e bonale e tshwanelega go ka nna “thaba.” Akanyetsa seno gape: A mokgatšha wa Megido o bogolo jo bo lekaneng go ka tsenya babusi botlhe ba lefatshe gammogo le mephato-phato ya bone e megolo le ditlhabani tsa bone tse dintsintsi? “Eno ke puo ya tshenolo fela,” International Standard Bible Encyclopedia ea re bolelela, “mme ebile go a kgonega gore Hara-Magedona e dirisiwe fela e seng jaaka leina la lefelo lengwe je le rileng mme jaaka lereo la tshwantshetso go raya thulano ya bofelo ya makgaola-kgang.”
“Hara-Magedona” ke eng he? Ka phepafalo ke ya tshwantshetso. Fa e tsamaisanya le ditiragalo tsa Megido jaaka patlelo ya ditlhabano tsa makgaola-kgang, Tshenolo e mo dirisa go tshwantshetsa boemo jwa fa go tlhoiwa ga batho ba Modimo ke “merahe eotlhe” go tla bong go fitlhile mo tlhoreng ya gone. (Mathaio 24:9, 14) Ereka jaana Bakeresete ba boammaaruri ba tswelela pele go ema nokeng Bogosi jwa Modimo ka boikanyegi, babusi ba lefatshe ba tla kopana, mme jalo, ba tla “phuthèga” go ba senya. Lefa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ga ba ne ba ipusolosetsa. (Isaia 2:1-4) Modimo o tlhophile Kgosi ya bone, ebong Morena Jesu Keresete, go ba tlhabanela. Mo lobakeng lo lo masisi, Kgosi eno ya selegodimo gammogo le “dintwa tse di mo legodimoñ” e tla tsenelela mme e tlhasele “dikgosi tsa lehatshe, le dintwa tsa cōna.” Tlhabano eno ya kgolokwe yotlhe e tla bo e le ya makgaola-kgang, fela jaaka tseo di neng di tlhabanelwa mo Megido. Baba botlhe ba selefatshe ba tla ‘swa,’ fela jaaka pina ya phenyo ya ga Debora le Barake e ne ya bolelelapele!—Tshenolō 19:11-21; Baatlhodi 5:31.
A o tla fitlhelwa o le gareng ga barati ba ga Jehofa—kana gareng ga baba ba gagwe? Bibela e phepafatsa sentle gore bao ba sa emeng kafa go Jehofa Modimo le batho ba gagwe ba mo kotsing e kgolo ya go latlhegelwa ke matshelo. (Sefania 2:3; 2 Bathesalonia 1:7-9) Tota ruri, ga go na nako ya go goga dinao! “Bōna, ke tla yaka legodu,” go tlhagisa Jesu Keresete yo o galaleditsweng a lebisitse ka tlhamalalo tlhoreng ya “sepitla se segolo” ka Hara-Magedona.—Tshenolō 16:15; Mathaio 24:21.
‘Ntwa ya letsatsi je legolo ja Modimo Mothatayotlhe’ e tla nna le phelelo e e galalelang. E tla bulela Bogosi jwa Modimo sebaka sa go fetolela lefatshe leno mo paradaiseng. (Mathaio 6:9, 10; Tshenolō 21:3-5) Mme go feta tsotlhe, e tla phepafatsa leina je legolo thata mo lobopong lotlhe ka tiragatso e e gakgamatsang ya thapelo ya seperofeti ya bogologolo:
“Ba dihèlè yaka u dihetse Mediana; le yaka Sisere, le yaka Yabine, ha nokeñ ea Kishona: . . . Ba khukhèlè yalo ka ledimo ye legolo ya gago ye le boitshègañ; u ba boihisè ka macubucubu a gago. A dihatlhōgō tsa bōnè di tladiwè choshobaganō; gore ba tlè ba batlè leina ya gago, Yehofa. A ba tlhaywè ke ditlhoñ, ba tseañwè ka bosakhutleñ; E, a ba swabisiwè, ba nyèlèlè: Gore ba tlè ba itse ha wèna wesi, eo leina ya gago e leñ Yehofa, u le Mogodimodimo, u okame lehatshe yeotlhe.”—Pesalema 83:9, 15-18.
[Dimmapa mo go tsebe 22]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Megido e ne e le bokgabaganyetso jo bogolo jwa batlhabani le babapatsi jo bo neng bo lomaganya dikontinente tsa Asia le Afrika
Ditsela tsa Kgwebo-------
Hazor
Megiddo
Gezer
Jerusalem
[Mmapa]
ASIA
AFRICA
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Ntwa ya kgolokwe yotlhe ya Hara-Magedona e tla nna ya makgaola-kgang, fela jaaka dintwa tse di ne di lwelwa kwa Megido. Baba botlhe ba Modimo ba ba mo lefatsheng ba tla nyelela