“Ke tla mo cosa mo letsatsiñ ya bohèlō”
1. Mafoko a ga Jesu, “Ke tla mo cosa mo letsatsiñ ya bohèlō,” ga a dire mo setlhopheng sefe sa batho ba ba tshelang gompieno?
MAFOKO a a tlhokomelegang ao a builwe ke Jesu, go Yohane 6:54. A ne a se kitla a dira go “boidiidi yo bogolo yoa batho” jo bo tshelang joo bo falolang mo “pitlaganoñ e kgolo” eo e atamelang. (Tshen. 7:9-17) Mme, he, Jesu o ne a akanya ka bomang fa a ne a bua mafoko ao makgolo a dingwaga a le 19 a a fetileng?
2. Jesu o buile mafoko ao kaga tsogo go bomang, mme go ne go atametse modiro ofe wa Bajuda o o neng o mo akaretsa?
2 Ditemana tsa Bibela tse di dikologileng Yohane 6:54 di bontsha gore Jesu o ne a bua mafoko ao, eseng fela go Bajuda ba ba tlwaelegileng ka kakaretso, mme gape go bontsi jwa barutwa ba gagwe ba Baiseraele, go akaretsa le baaposetoloi ba gagwe ba ba 12. Tlolaganyo ya bone ya ngwaga wa 32 C.E., “modihō oa Bayuda,” e ne e le gaufi. (Yoh. 6:4) Fa ba ne ba baakanyetsa moletlo oo, Bayuda ba ne ba tla tlhaba kwana ya Tlolaganyo kwa tempeleng mo Jerusalema mme baperisiti ba ne ba dibeletsa madi a yone mo megopong mme ba a kgatshetsa go ya botlaseng jwa aletare. (Bona Cyclopædia ya ga M’Clintock le Strong, Bolumo 7, tlase ga “Tlolaganyo,” ts. 738, karolo 1, serapa 4, ditsela 1-34; gape le, The Temple—Its Ministry and Services As They Were at the Time of Jesus Christ, ka Alfred Edersheim, 1874 C.E., dits. 190, 191.) Jesu o ne a ikaeletse go nna gone kwa moletlong oo gore a tle a arole mo segopotsong sa Tlolaganyo ya ntlha e e ileng ya ketekwa kwa Egepeto ka 1513 B.C.E. Tota, ene ka boene e ne e le Kwana ya Tlolaganyo e e neng e tshwantshetswa, “Kwana oa Modimo.”—Yoh. 1:29, 36.
3. Ke ka ntlhayang Bajuda ba ne ba tsoma Jesu morago ga kgakgamatso ya letsatsi le le fetileng, mme ke tshiamiso efe bakeng sa mo eo ba ileng ba e mo neela?
3 Bajuda, go akaretsa le barutwa ba gagwe, ba ne ba mmone fa a ne a dira kgakgamatso e e tlhokomelegang mo letsatsing pele ga motlotlo wa gagwe o o kwadilweng le bone kwa Kaperenama. O ne a atisitse dinkgwe di le tlhano le ditlhapi tse pedi go fepa dikete tsa bareetsi ba gagwe. Ka jalo Bajuda ba barata-morafe ba ne ba batla go mo dira kgosi jaaka moeteledipele wa bone wa Bomesia, o ne a ngongwaela go tswa go ba e neng e tla nna badira-kgosi bao. Moragonyana, ka go tsamaya godimo ga metsi, o ne a kopana le baaposetoloi ba gagwe ba ba 12 bao ba neng ba le mo mokorong mo lewatleng la Galilea. (Yoh. 6:14-21) Mme Bajuda ba ne ba se kitla ba faposiwa ga motlhofo jalo mo boikaelelong jwa bone go sala Mesia wa motho wa selefatshe morago. Ka jalo ba ne ba mo tsoma, ba santse ba akantse ka kgakgamatso ya letsatsi le le fetileng. Ba ne ba batla Kgosi ya Bomesia eo e neng e tla ba tlamela ka dijo tse di bonalang jaaka Jesu a ne a itshupile go ka kgona go dira jalo. Mo tshiamisong ya se, ba ile ba gakolola Jesu gore Modimo o ile a neela borrabone-mogolo “senkgwè se se cwañ legodimoñ” ka sebopego sa mana yo o gakgamatsang go se ja fa ba ne ba le kwa nageng ya seodi sa Sinai.—Yoh. 6:22-31.
4. Jesu o ne a tlhalosa jang gore a Moshe o ne a kane a neile borrabone-mogolo “senkgwè se se cwañ legodimoñ” sa boammaaruri?
4 Fa a arabela se, Jesu o ba boleletse gore Moshe ga a naya borrabone-mogolo senkgwe se se tswang legodimong sa boammaaruri. O ne a re: “Senkgwè sa Modimo ke se se hologañ se cwa legodimoñ, me se naea lehatshe botshelō.”—Yoh. 6:32, 33.
5. Bajuda morago ba ile ba kopa Jesu eng, mme o ile a ba raya a reng fa a ba tlhalosetsa tsela eo ba ka bonang botshelo jo bo sa khutleng ka yone?
5 Fa ba utlwa se ba ile ba re: “Morèna, re neè senkgwè seuō ka bosakhutleñ.” Jesu o ile a ikgetholola faele sona, ka go re: “Ke nna senkgwè sa botshelō: eo o tlañ mo go nna ga a ketla a bolawa ke tlala, le eo o dumèlañ mo go nna ga a ketla a nyōrwa gopè. . . . Gonne go rata ga Rrè ke mo, gore moñwe le moñwe eo o bonañ Morwa Modimo, a mo dumèla, a bone botshelō yo bo sa khutleñ; me ke tla mo cosa mo letsatsiñ ya bohèlō.”—Yoh. 6:34-40.
6. Ke ka ntlhayang bao ba tlang go Jesu ba bo ba mo dumela jaaka Mesia ka nako ya tsamaiso e ya dilo ba tlhomamisediwa tsogo?
6 Ka gone bao ba ba rileng bao ba tlang go Jesu ba bo ba mo dumela jaaka Mesia ka nako ya tsamaiso e ya jaanong ya dilo ba na le tebelelo ya botshelo jo bo sa khutleng. Ka ntlhayang go le jalo? Gonne Jesu Keresete o tla ba tsosa mo baswing mo letsatsing la bofelo. Seno se ba tlhomamisetsa tsogo. Fano re tshwanetse go tlhokomela gore Jesu, mo kgannyeng e e tlotliwang e, ga a ka a re motho o tshwanetse go tsosiwa pele mme morago a bo a tla go ene ka tumelo le go mo ja go re a tle a bone botshelo jo bo sa khutleng. Ka tlhamalalo fela fano Jesu ga a bue ka bao ba setseng ba sule ba le mo diphupung jaaka Aberahame, Isaka, Jakobe le Moshe, Dafide le Johane Mokolobetsi. Jesu koo o ne a bua le Bajuda bao ba neng ba tshela ka nako eo, go akaretsa le barutwa ba gagwe, bao ba neng ba le mo kgolaganong ya molao wa ga Moshe.
7. Mo phetolong ya go ngongorega ga Bajuda, Jesu o ile a reng kaga motho yo o gogelwang kwa go ene a bo a bona botshelo jo bo sa khutleng?
7 Bareetsi ba Bajuda ba ne ba simolola go ngongorega mo go bone mo kganetsanong kaga tshimologo ya ga Jesu. Go tswa go kakgelo eo Jesu a e dirileng kaga se, re tshwanetse go kgona go ka kgetholola ba ba rileng bao a neng a lebisitse puo ya gagwe go bona. “Yesu a ba hetola, a re, Se ñōñōregeñ mo go lona. Ga go motho opè eo o ka tlañ mo go nna, ha Rara eo o nthomileñ a sa mo goge: me ke tla mo cosa mo letsatsiñ ya bohèlō. Go kwadilwe mo baperofetiñ, ga twe, Me ba tla rutwa ke Modimo botlhe hèla. Moñwe le moñwe eo o utlwileñ mo go Rara [jaaka Morutisi], me a ithutile, o tla mo go nna. . . . Amarure, amarure, kea lo raea, Eo o dumelañ o na le botshelō yo bo sa khutleñ.”—Yoh. 6:41-47.
8. Ke polelelo-pele efe eo Jesu a neng a e tsopola, mme ke lobaka lofe loo a neng a lo neela bareetsi ba gagwe ba Bajuda koo?
8 Jesu koo o ne a tsopola go tswa polelelong-pele ya ga Isaia 54:13, eo e lebisitsweng go “mosadi” wa Modimo, Siona wa selegodimo, eo e reng: “Bana ba gago botlhe ba tla rutwa ke Yehofa; kagishō ea bana ba gago e tla nna kgolo.” Bano ke bana ba semoya ba ga Jehofa Modimo. Bano ke bao a ba gogelang go Jesu ka tumelo ya bone ya jaanong mo go ene. Bano ke bao ba kaga bone Jesu a ba kayang e le ba ba tsenang mo botshelong jo bo sa khutleng ka go ba tsosa ga gagwe mo letsatsing la bofelo. Botshelo jwa bone e ne e tla nna jwa bosakhutleng mo phuthegong ya ga Jehofa ya semoya kwa legodimong. Ka jalo Jesu o ne a neela bareetsi ba gagwe ba Bajuda, go akaretsa le bontsi jwa barutwa ba gagwe, lobaka lwa go ka nna bana ba “mosadi” wa Modimo, eleng Siona wa selegodimo.
“NAMA EA ME, GORE E NNÈ BOTSHELŌ YOA LEHATSHE”
9-11. (a) Go kaya ga ga Jesu gore “senkgwè” seo a se ba neileng ke “nama” ya gagwe le gore “gore e nnè botshelō yoa lehatshe” go tsosa potso efe? (b) Paulo o araba potso eo jang go 1 Bakorintha 10:2-11?
9 Morago ga go boeletsa gangwe le gape gore e ne e le “senkgwè sa botshelō,” Jesu o ne a tswelapele ka gore: “Ke nna senkgwè se se tshedileñ se se hologileñ se cwa legodimoñ: ha motho leha e le mañ [wa lona, bareetsi ba me] a ya senkgwè se, o tla tshela ka bosakhutleñ: E, le gōna senkgwè se ke tla se ntshañ ke nama ea me, gore e nnè botshelō yoa lehatshe.”—Yoh. 6:51.
10 Jesu ka gona e ne e le Mana wa boammaaruri, o o neelang botshelo o o tswang legodimong. Senkgwe se sa tshwantshetso, e ne e le gore se “nnè botshelō yoa lehatshe.” Ka go oketsa ka mafoko ao, a Jesu o ne a kaya gore Bajuda bao ba jeleng mana kwa nageng mo metlheng ya ga Moshe ba ne ba tshwantshetsa “lehatshe” la setho ka nako ya puso ya ga Keresete le phuthego ya gagwe e e galaleditsweng ya dingwaga tse di sekete?
11 Paulo o a arabela: “Me botlhe ba kolobelediwa Moshe, mo leruñ le mo lewatleñ; Me botlhe ba ya diyō di le diñwe hèla tsa semōea [mana]; Me botlhe ba nwa metse a le mañwe hèla a semōea; gonne ba ne ba nwa mo lehikeñ leñwe ya semōea ye le ba setseñ moragō: me lehika yeuō e ne e le Keresete. . . . Me yana dilo tse e ne e le dikaèlō tsa rona [Bakeresete], gore re se ka ra eletsa dilō tse di boshula, yaka bōnè ba kile ba di eletsa. . . . Me yana dilō tse, di ba dihaletse ka mokgwa wa sekaèlō; me tsa kwalwa gore di nnè tlhagishō mo go rona [Bakeresete ba ba tsetsweng ka moya] ba dikhutlō tsa metlha di wetseñ mo go rona.”—1 Bakor. 10:2-11; Ekes. 16:1-35; Dipa. 11:1-9.
12. Boemo jwa Baiseraele ba semoya mo tsamaisong e ya dilo bo bapisa jang le jwa lefatshe la setho ka nako ya puso ya dingwaga tse di sekete?
12 Ka jalo Baiseraele bao mo nageng ya Sinai tlase ga Moshe ba ne ba tshwantshetsa Baiseraele ba semoya ka nako ya tsamaiso e ya dilo. Tsamaiso e ke e bolayang, fa re bua ka semoya. Jaanong ke nako ya fa Baiseraele ba semoya ba a ja mana wa selegodimo wa tshwantshetso, Jesu Keresete yo o dirilweng setlhabelo. Ka nako ya puso ya ga Keresete ya dingwaga di le 1 000, setho se se tsositsweng ga se ne se nna mo popegong ya naga eo e tshwanang le ele ya Sinai. Go tsosoloswa ga paradeisi lefatshe ka bophara go tla bo go simolotse. Jehofa ka nako eo o tla bo a sa ‘gogele’ setho go Jesu jaaka Ene Morutisi a dira jaanong ka Baiseraele ba semoya. (Yoh. 6:44) Bogolo, Mmusisi Morena Jehofa o tlhoma Morwa wa gagwe Jesu Keresete jaaka Kgosi godimo ga setho, mme Kgosi e e bitsa baswi go tswa mo diphupung.
13. Go re e nne se se neng se tshwantshetswa ke mana wa bogologolo, “nama” e e tshwanetse go nna ya mofuta ofe kana e dirilwe jang?
13 Senkgwe se se dirilweng ka mabele ke sengwe se se jegang se sena madi, fela jaaka mana wa bogologolo o ne o ntse. Jesu o kaile gore “senkgwè sa botshelō,” seo se neng se tshwantshetswa ke mana, e ne e le nama ya gagwe “gore e nnè botshelō yoa lehatshe.” Go re e tshwane gotlhelele le mana wa bogologolo, lefoko “nama” fano le tshwanetse go tlhaloganngwa jaaka nama e e ntshitsweng madi a yone. Seo Jehofa a se neileng Baiseraele kwa nageng go ka se nwa e ne e le metsi, eseng madi.
14. Ke ka ntlhayang bareetsi ba ga Jesu ba ne ba tlhaloganya gore o ne a supela go “nama” e e ntshitsweng madi a yone, tota le eleng nama ya motho?
14 Bajuda ba ba neng ba reeditse Jesu ba ile ba tlhaloganya dikgang ka tsela eo, gonne, mo kganetsanong ya bone kaga seo a neng a se kaya, ba ile ba re: “Ana motho eo, o ka re naea nama ea gagwè yañ [ka mokgwa ofe] go e ya?” (Yoh. 6:52) Ba ne ba itse molao wa Modimo mo kgannyeng ya madi. Fa Modimo o ne o godisa mofuta wa dijo tsa setho morago ga morwalela wa motlha wa ga Noa, ga a ka a ba naya bobedi madi a diphologolo go a nwa le nama ya diphologolo jaaka dijo tsa bone tse di nonofileng go tlamela matshelo a bone. O ba neile metsi go nwa le nama e e ntshitsweng madi go e ja. O ne a bolela gore madi ke a gagwe jaaka Monei-Botshelo go dibopiwa tsotlhe tsa nama le madi. (Gen. 9:1-4) Tlase ga molao wa ga Moshe yo o neng o neilwe Baiseraele, go tlola molao wa Modimo kaga madi a diphologolo go ne go otlhaiwa ka go atlholelwa loso ga modiri wa molato. (Lefi. 17:10-12; Dute. 12:16, 22-27) Go ja nama ya motho, tota lefa e ntshitswe madi a yone, e ne e ferosa dibete go Bajuda ba ba neng ba reeditse Jesu. Ba ne ba sa batle go nna baja-batho.—2 Dikg. 6:26-31.a
15, 16. (a) Go ja nama ya ga Jesu go ne tla dirwa jang? (b) Go ya ka Yohane 6:53-59, Jesu o ile a tiisa ntlha e ka mo go oketsegileng jang?
15 Jesu o ne a batla gore bareetsi ba gagwe ba Bajuda ba tlhaloganye gore go ja nama ya gagwe go ne go tla dirwa ka mokgwa wa tshwantshetso. Ka jalo, go tiisa ntlha e ka mo go oketsegileng, o ile a bua sengwe seo se neng se ka ganediwa bogolo fa se ka bo se tserwe ka tsela ya sebele. Rea bala:
16 “Hoñ Yesu a ba raea, a re, Amarure, amarure, kea lo raea, Ha [lona bareetsi ba me ba Bajuda] lo sa ye nama ea Morwa Motho, ha lo sa nwe madi a gagwè, ga go na botshelō mo go lona. [Mongwe le mongwe wa lona, bareetsi ba me] eo o yañ nama ea me, a ba a nwa madi a me, o na le botshelō yo bo sa khutleñ; me ke tla mo cosa mo letsatsiñ ya bohèlō. Gonne nama ea me ke seyō rure, le madi a me ke senōō rure. Eo o yañ nama ea me, a ba a nwa madi a me, o nntse mo go nna, le nna mo go èna. Yaka Rara eo o tshedileñ a nthomile, me ke tshela ka ntlha ea ga Rara; yalo le èna eo o nnyañ, o tla tshela ka ntlha ea me. Se ke shōna senkgwè se se hologileñ se cwa kwa legodimoñ: ga se mo go etsañ yaka borara ba kile ba ya [mana kwa nageng], me ba shule: eo o yañ senkgwè se, o tla tshela ka bosakhutleñ. Dilo tse a di bua mo tluñ ea thutō, ka a ruta mo Kaperenama.”—Yoh. 6:53-59.
17. (a) Mafoko ao a ga Jesu a nnile le phelelo efe mo sinagogeng ya Bajuda, tota le eleng go bontsi jwa barutwa ba gagwe? (b) Ka jalo mafoko a ga Jesu go Yohane 6:53 a ne a lebisitswe go bomang segolo, mme bano e nnile eng?
17 Fano polelo “mo tluñ ea thutō,” ka tlhamalalo mo temaneng ya Segerika ya ntlha, ke “mo sinagogeng.” E ntse e le polelo eo Jesu a e dirisitseng go Yohane 18:20, fa a ne a re: “Mo matluñ a thutō [mo disinagogeng] le mo tempeleñ, kwa Bayuda botlhe ba phuthègèlañ gōna.” Ka jalo Jesu o ne a bua le bareetsi ba Bajuda bao ba neng ba le mo kgolaganong ya molao wa ga Moshe. Go ne go akaretsa le barutwa ba bantsi ba ga Jesu. Re ka nna ra akanyetsa phelelo ya mafoko a ga Jesu fa a ne a bua, eseng fela kaga go ja nama ya gagwe, mme gape kaga go nwa madi a gagwe. “Me barutwa ba gagwè ba le bantsi, ba re ba utlwa mo, ba re, Lehoko ye, ke lehoko ye le thata; e mañ eo o ka le utlwañ?” (Yoh. 6:60) Polelo e e bontsha gore ga se barutwa ba ga Jesu botlhe bao ba ileng ba e bona e le thata. Kwantle ga ba ba boneng go le thata, go ne go na le “barutwa” ba ba oketsegileng, go akaretsa le baaposetoloi ba le 12. (Yoh. 6:61-66) Ka gona mafoko a ga Jesu go Yohane 6:53 a ne a lebisitswe segolo go barutwa ba gagwe mme, go oketsa moo, go bao ba neng ba tla nna barutwa ba gagwe pele ga ‘letsatsi la bofelo.’ Bano e nnile Bajuda e nnile Bajuda ba semoya, Baiseraele ba semoya.—Bar. 2:28, 29.
18, 19. (a) Madi a se se neng se isiwa setlhabelo e ne e le a ga mang, mme ka jalo go dira dijo ka madi a ga Jesu le nama ya gagwe go ne go kayang? (b) Jesu o ne a kaya dijo tse di jalo e le eng ka ntlha ya tumelo ya molaodi wa mophato wa Moditšhaba mme gape le Mojuda mongwe o ile a di kaya jang fa a ne a akgela mo mafokong a ga Jesu kwa dijong tsa motshegare?
18 Bajuda ba ba neng ba le mo kgolaganong ya molao wa ga Moshe ba ne ba itse gore madi mmogo le mafura a seo se isiwang setlhabelo e ne e le a ga Jehofa. (Lefi. 3:16, 17) Fa Jesu a ne a tlhatlogela kwa legodimong mme a tlhagelela mo ponalong ya ga Jehofa, o ile a neela “madi” a gagwe go Jehofa kana boleng jwa ona jaaka tlhwatlhwa ya thekololo. (Baheb. 9:12-14; Yoh. 6:61, 62) Ereka madi e le a ga Jehofa, go a nwa le go ja nama ya ga Jesu go ne go tla bontsha go ja le Jehofa. Ka gona Modimo o tla bo a tlhakanela madi a ga Jesu Keresete Kwana le barutwa ba ga Kwana e. Jesu o kile a bua kaga go ja mo go jalo le Jehofa jaaka Aberahame yo Mogolo, fa a ne a bolelela-pele gore Baditšhaba ba bantsi ba ba dumelang (jaaka “molaodi wa mophatō” yo o neng a dumela) ba ne ba tla tswa dintlheng tsotlhe tsa lefatshe mme ba “dula le Aberahame [Jehofa], le Isake [Jesu Keresete], le Yakobe [phuthego ya Bakeresete e e tsetsweng ka moya], mo bogosiñ yoa legodimo.”—Math. 8:5-12.
19 Ka nako nngwe fa a ne a bua ka dijo tsa motshegare tseo di leng boleng jwa boammaaruri ka ntlha ya bao ba laleditsweng, Jesu o ile a tlhalosa gore ke ka ntlhayang e ne e le tsa boleng jo bogolo, ka go re: “U tla duèlwa mo go cogeñ ga basiami.” Seno se ne se gopodisa mongwe ka tshiamelo ya go ja le Jehofa Modimo, gonne rea bala: “Me e rile moñwe oa ba ba dutseñ ba ya naè a utlwa dilō tse, a mo raea, a re, Go sego eo o tla yañ senkgwe mo bogosiñ yoa Modimo.” (Luke 14:12-15) Mo karabelong go polelo e Jesu o neetse setshwantsho sa “modihō o mogolo oa maitsiboa” o o neng wa dirwa ke monna mongwe. Ka sona Jesu o bontshitse gore ga se botlhe bao ba neng ba tla bona boitumelo jwa go ja le Modimo mo Bogosing.—Luke 14:16-24.
“BOTSHELŌ MO GO LONA”
20. Bao ba bonang ‘botshelo mo teng’ ga bone ka go ja nama ya ga Keresete le go nwa madi a gagwe ba na le botshelo mo selekanyong sefe, mme ba tla dirisa nonofo e kwa kae mme leng?
20 Mo go Yohane 6:53 Jesu o rile: “Ha lo sa ye nama ea Morwa Motho, ha lo sa nwe madi a gagwè, ga go na botshelō mo go lona.” Ereka polelo e e tshwanang e dirisitswe fano jaaka e bonala go Yohane 5:26, An American Translation e fetolela Johane 6:53 jaana: “Kea lo bolelela, fa lo sa je nama ya Morwa Motho le go nwa madi a gagwe, ga lo na botshelo jwa boleeo ka bolona.” Ka jalo Jesu fano o ne a kaya “botshelō” jo bo nang le nonofo e e tlhomameng fa a ne a tswelapele go re: “Eo o yañ nama ea me, a ba a nwa madi a me, o na le botshelō yo bo sa khutleñ; me ke tla mo cosa mo letsatsiñ ya bohèlō.” (Yoh. 6:54) Botshelo jo bo sa khutleng joo bo tla ipelelwa ke yo o bo bonang, eseng mo lefatsheng, mme kwa bogosing jwa selegodimo le Keresete. O tla tsena mo botshelong jo bo jalo fa a tsosiwa ke Jesu Keresete mo “letsatsiñ ya bohèlō.” Bao ba, mmogo le Keresete kwa magodimong, ba nang le ‘botshelo mo go bone’ jo bo jalo ba tla kgona go tsenya go ba bangwe melemo ya setlhabelo sa botho sa ga Keresete. Ba tla dira jalo fa ba ba rekolotsweng ba setho ba tla bo ba bidiwa go tswa mo diphupung tsa bone mo “letsatsiñ ya bohèlō.”—Yoh. 5:28, 29.
21, 22. (a) Ke ka tsela efe nama le madi a ga Jesu e neng e le “seyō rure’’ go bao ba jang? (b) Baji ba ba jalo ba na le kamano efe le ene le ikaego efe mo go ene?
21 Fa re tlhatlhanya ka boleng jwa “botshelō yo bo sa khutleñ” joo bo tla bonwang kwa legodimong, re anaanela gore ke ka ntlhayang Jesu a ile a re: “Nama ea me ke seyō rure, le madi a me ke senōō rure.” (Yoh. 6:55) Morago polelo eo o ne a bontsha kamano e e kgethegileng eo barutwa ba gagwe ba ba utlwang ba neng ba tla tsena mo go yona ka go oketsa ka mafoko a: “Eo o yañ nama ea me, a ba a nwa madi a me, o nntse mo go nna, le nna mo go èna. Yaka Rara eo o tshedileñ a nthomile, me ke tshela ka ntlha ea ga Rara; yalo le èna eo o nnyañ, o tla tshela ka ntlha ea me.” (Yoh. 6:56, 57) Ka gona Jesu o ne a bua kaga go nnela rure mo go ena ga barutwa ba gagwe le kaga go nnela rure ga gagwe mo go bona. Moragonyana, ka mokgwa wa go bua o o tshwanang, o ne a re mo setshwantshong:
22 “Nnañ mo go nna, le nna mo go lona. Yaka kala e sa kake ea uñwa ka eosi, ha e sa nne mo mofineñ; go nntse yalo le lona, ha lo sa nne mo go nna. Ke nna mofine, lona lo dikala: eo o nnañ mo go nna, le nna mo go èna, ke èna eo o uñwañ segolo: gonne kwa ntlè ga me ga lo kake loa diha sepè.”—Yoh. 15:4, 5.
23. Ke ka ntlhayang he, Judase Isekariota a ileng a tlhaela go bona ‘botshelo mo go ene’?
23 Lemororo Judase a ne a le mo bokopanong jwa botho le Jesu Keresete ka lobaka lo lo fetang ngwaga, ga a ka a nnela rure mo go Morena wa gagwe. Ka jalo ga a ka a ja mmele o o dirilweng setlhabelo wa ga Jesu le go nwa madi a gagwe, go tloga ka Pentekoste ya 33 C.E. go ya pele. O ile a tlhaela go ka bona ‘botshelo mo go ene.’—Yoh. 6:66-71.
24. (a) Ke jang Jesu e neng e le “senkgwè” se se fologileng go tswa legodimong? (b) Jesu o tshetse jang ka ntlha ya ga Rara, mme bao ba mo jang ba tshela jang ka ntlha ya gagwe?
24 Lefa go le jalo, Jesu o ne a gakolola Judase le bareetsi botlhe ba gagwe ba Bajuda kwa Kaperenama mo tlung eo ka moo borrabone-mogolo ba jeleng mana kwa nageng ka teng go itlamela. Mo go koneleng puo ya gagwe, o ne a re: “Se ke shōna senkgwè se se hologileñ se cwa legodimoñ: . . . eo o yañ senkgwè se, o tla tshela ka bosakhutleñ.” (Yoh. 6:58) E ne e le “Lehoko” la Modimo kwa legodimong, mme, ka nako ya Modimo e e e tshwanetseng, o ne a “nna nama.” (Yoh. 1:14) Ka gona, jaaka Morwa wa senama wa Modimo yo o itekanetseng e ne e le “senkgwè se se tshedileñ,” mana o o neng o tshwantshetswa. Nama ya gagwe, eo e diretseng jaaka mana wa tshwantshetso go Baiseraele ba semoya,b gape e direla “gore e nnè botshelō yoa lehatshe.” (Yoh. 6:51) Gompieno Jesu Keresete o tshela mo magodimong gape, ga a na go swa, ka ntlha ya ga Rragwe wa selegodimo, gonne “Rara eo o tshedileñ” yo o mo tsositse mo baswing go ya botshelong jwa bomoya. Ka mo go bapisegang, morutwa yo o “yañ” mana a a neng a tshwantshetswa (“nama” ya ga Keresete) pele ga ‘letsatsi la bofelo’ le le tlang o tla “tshela ka ntlha ea me,” jaaka Jesu a kaile, gonne Jesu yo o tshedileng o tla mo tsosa “mo letsatsiñ ya bohèlō.”—Yoh. 6:54, 57, 58.
25. (a) A bao ba jang setlhabelo sa ga Keresete ba tla tswelapele go dira jalo kwa legodimong? (b) Ba tla direla mo tirelong efe e e boitshepo, mme ka molemo ofe go setho?
25 Baiseraele ba semoya ba ba tsositsweng fa ba setse ba na le ‘botshelo mo go bone’ kwa legodimong, ga ba ne ba tlhola ba tlhoka go ja nama ya ga Jesu le go nwa madi a gagwe. (Yoh. 6:53) Ba tla nna le tshiamelo ya go direla jaaka “Baperisiti ba Modimo le ba ga Keresete” mme ka gona ba tla kgona go fetisetsa melemo ya leruri ya setlhabelo sa ga Keresete se se letlanyang. (Tshen. 20:6) Ereka ba na le botshelo jo bo sa khutleng kwa legodimong, ga ba ne ba tlhoka batlhatlhami mo tirelong ya boperisiti. Jaaka Moperisiti yo Mogolo, Jesu Keresete, ba tla kgona go direla jaaka baperisiti ba babotlana ka dinako tsotlhe tsa puso ya dingwaga tsa di sekete. Ka tsela e ba tla arola le Keresete mo go inoleleng setho go boitekanelong jwa botho mo lefatsheng.
DIPAAKANYETSO TSA BOMODIMO BAKENG SA BOTSHELO JO BO ITEKANETSENG JWA BOTHO
26. “Boidiidi yo bogolo yoa batho” bo sale bo simologa go bopega leng, mme ba lemoga tlhokafalo efe bakeng sa madi a ga Kwana Jesu Keresete?
26 Jaaka re itse, go tloga mo bogareng jwa dingwaga tsa bo-1930 tsa metlha ya rona e e tlwaelegileng, “boidiidi yo bogolo yoa batho” jwa “dinku di sele” bo ntse bo bopega. (Tshen. 7:9, 10; Yoh. 10:16) Le bone ba tla bona melemo go tswa go boperisiti jo jwa dingwaga tse di sekete. Moaposetoloi Johane, yo o boneng ponatshegelo ya tshenolo ya “boidiidi yo bogolo yoa batho,” o ne a gakololwa gore le bone ba na le kanaanelo ya madi a a tsholotsweng a ga Kwana Jesu Keresete. Ba a anaanela jaaka sediriswa sa go phepafatsa, gonne Johane o ne a bolelelwa: “Ba, ke ba ba cwañ mo pitlaganoñ e kgolo, me ba tlhacwitse dikobō tsa bōnè, ba di shweuhaditsi mo madiñ a ga Kwana.” (Tshen. 7:14) Bano ba itse gore ba ne ba se kitla ba direla Jehofa ka mo go amogelesegang mo tempeleng faele gore ba ne ba ntse ba apere diaparo tse di leswe.—Bapisa Sekaria 3:3-10.
27. Lemororo ba sa tlhoke tsogo, ba tla tlhoka melemo ya ditirelo dife ka nako ya puso ya dingwaga tse di sekete?
27 Go Modimo le Kwana Jesu Keresete “boidiidi yo bogolo yoa batho” bo neela, eseng tsogo go tswa mo diphupung, mme “poloka” go tswa mo “pitlaganoñ e kgolo.” Bo bolokiwa bo tshela go feta mo “pitlaganoñ e kgolo” eo. Ka jalo ga bo tlhoke go ka ‘tsosiwa mo letsatsing la bofelo’ jaaka bao ba kaiwang go Yohane 6:54 ba go tlhoka. Lefa go le jalo, ba tla tlhoka melemo ya ditirelo tsa Moperisiti yo Mogolo Jesu Keresete la baperisiti ba babotlana ba ba 144 000 ka nako ya puso ya dingwaga tse di sekete.
28. Ke “lobaka” lofe lo lo atamelang mabapi le setho se se suleng mme se rekolotswe, mme ke sebaka sefe seo se tla bewang fa pele ga bone?
28 Jaanong “lobaka” lo lontle lo a atamela. Ke “lobaka” lwa fa Jesu Keresete jaaka moatlhodi-mmogo le Jehofa a tla bitsang “botlhe ba ba mo diphupuñ” go tswa jaaka ba a ba ithekoletseng. Botlhe ba tla dirwa babusiwa ba selefatshe ba bogosi jwa gagwe jwa selegodimo ekane ba rata kana ba sa rate. Fa pele ga bone botlhe go tla bewa sebaka sa go fitlha kwa botshelong jo bo itekanetseng jwa botho mo lefatsheng la paradaise.—Yoh. 5:28, 29.
29. “Boidiidi yo bogolo yoa batho” le setho se se tsositsweng ba tla nwa le go ja eng ka nako eo, mme “boidiidi yo bogolo yoa batho” bo tla nna le sebaka sefe se se kgethegileng ka nako eo?
29 Babusiwa ba ga Keresete ba tla nwa eng ka nako eo? Ba tla ja eng? Tshenolo e e filweng moaposetoloi Johane e bontsha gore ka nako eo “noka ea metse a botshelō” e tla bo e elela go tswa tlase ga setulo sa bogosi sa ga Jehofa Modimo le sa ga Kwana Jesu Keresete. Mo matlhakoreng oo-mabedi a “noka” go ne go le “setlhare sa botshelō” se ungwa maungo kgwedi le kgwedi. Makakaba a sona e ne e le a go fodisa merafe. “Boidiidi yo bogolo yoa batho” le baswi ba ba tsositsweng ba tla ja le go nwa ga dipaakanyetso tseo tsa bomodimo. (Tshen. 22:1-3) Ka go sola bopelonomi jotlhe jo bo sa tshwanelang jo jwa ga Jehofa ka Jesu Keresete molemo ka botlalo, bao ba anaanelang le go utlwa ba tla dira tsogo ya bone e e tswelang “cogeloñ ea botshelō.” “Boidiidi yo bogolo yoa batho” jwa “dinku di sele” tsa ga Keresete joo bo sa tlhokeng tsogo ka nako eo ba tla nna le sebaka sa go tswelela ba tshela kwantle le go swa le go boela loroleng lwa lefatshe le ka motlha.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Lefoko la Sehebera bakeng sa “moja-motho” ke okhelʹ adamʹ leo le kayang “moji wa motho wa selefatshe”; kana, okhelʹ ben minoʹ, “moji wa motho wa mofuta wa gagwe.” Go bona poitshego e e amanang le tiragalo e ka 70 C.E. kwa Jerusalema, bona “Wars of the Jews,” ya ga Josephus, go kgaolo 3 mo bukeng 6.
b Tlhokomela gore, go ya ka Tshenolo 2:9, 17, “mana a a hitlhilweñ’’ a boloketswe Baiseraele ba semoya jaaka bafenyi.—Bapisa Bahebera 9:4.
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Jaaka mana a tlametse Baiseraele kwa nageng, ka jalo Jesu, “senkgwè sa botshelō,” o tlamela Baiseraele ba semoya jaanong.