Tshenolo E Tla Diragala Leng?
GO TSHWANA fela jaaka ekete o bala koranta ya bosheng—dintwa, dithoromo tsa lefatshe, dikgogodi, bolwetsi, leuba, bokebekwa, le poifo! Ditiragalo tseno tsotlhe le tse dingwe go boleletswe pele ka tsone mo Bibeleng. Di supa fa metlha e rotlhe re tshelang mo go yone e le ‘metlha ya bofelo.’ Seno se raya motlha o o gogelang kwa tshenolong e e solofeditsweng e e tlang. O ka tlhomamisega ka seno jang?
O iponela tiragatso ya dipolelelopele tsa Bibela gompieno. “O tshwanetse go lebana le lebaka,” go bua Bibela, “motlha wa bofelo wa lefatshe leno o tshwanetse go nna nako ya mathata. Batho ga ba ne ba rata sepe fa e se madi le go ithata; ba tla nna boikgodiso, baipelafatsi, le batlhapatsi; ba sena tlotlo mo batsading, ba sa leboge, ba se molemo, ba sena lorato lwa tlholego; ba tla . . . tlhoa se se molemo, . . . ba itlotlomatsa thata. E tla nna batho ba ba ratang menate go na le Modimo, batho ba ba nang le setshwantsho sa kafa ntle sa bodumedi, mme tota tota ba bo latola.” (2 Timotheo 3:1-5, The New English Bible) A ga o bone one maemo ano mo dintlheng tsotlhe?
Ba le bantsi ba ba leng gone gompieno, gongwe le e leng wena, ba gakologelwa nako ya fa maemo a ne a se bosula jaaka a ntse jaanong. Batho ba ne ba le pelontle mo go ba bangwe. Bana ba ne ba tlotla batsadi ba bone le bagolo. Banna, basadi, le bana ba ne ba sa boife go tsamaya mo mebileng, le e leng fa go le bosigo. Mme jaanong dipaka di fetoga ka bofefo. Le e leng fa mangwe a maemo ano a sa bonale a le mantsi mo lefelong la gaeno, tota ruri kgonego ya go ka nna le ntwa ya nuklea—ka ntlha ya boikgodiso jwa motho jwa go batla go busa—a re ama rotlhe.
Ee, fela jaaka Modimo ka Lefoko la gagwe, ebong Bibela, a ile a bolelelapele ka phepafalo kaga “motlha wa bofelo wa lefatshe leno,” go ntse jalo gape, o re neetse boikitsiso mabapi le nako ya tshenolo, fa Jesu a tla go diragatsa katlholo.
E Gaufi Thata Go Na le Jaaka Ba le Bantsi Ba Akanya
“Ke bolelelapele dilo tse dintšha jaanong,” go bua Modimo. “Pele ga di ka nna gone ke a di lo bolelela.” (Isaia 42:9, The Jerusalem Bible) Ee, o re thadiseditse mo Bibeleng ditiragalo tse dikgolo tseo di tla diragalang pele fela ga tshenolo.
Ka sekai, Jesuo ne a bua ka molaetsa o o neng o tshwanetse go utlwadiwa mo lefatsheng ka bophara mme a o golaganya le tshenolo. O ne a re: “Me Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” (Mathaio 24:14) “Bokhutlō” joo bo akareletsa tshenolo. Gompieno, Basupi ba ga Jehofa ba senya makgolo a dimilione tsa dioura ka ngwaga ba bolela molaetsa o wa Bogosi ka tlhagafalo ka ntlo le ntlo le ka ditsela dife le dife tse di ka kgonegang, mo mafatsheng a a ka fetang 200 go dikologa kgolokwe!
Fa a ne a dira papiso e e tshwanelang sentle go solegela balatedi ba gagwe molemo, Jesu o ne a bapisa motlha o o gogelang kwa tshenolong le nako ya pele ga motlha wa Morwalela wa go Noa. Mo nakong ya ga Noa batho ba ne ba tseneletse thata mo go jeng le mo go nweng le mo go ijeseng monate mo ba neng ba “seka ba tsaya tsia,” (NW) molaetsa wa ga Noa mabapi le tshenyego e e neng e tla. Ba ne ba tlhokomologa ditlhagiso tsa gagwe.—Mathaio 24:37-39.
Abo motlha wa rona o bapisega thata thata le maemo a pele ga Morwalela! Le gompieno batho ba tshwaregile mo ditirong tsa bone tsa malatsi otlhe mo e leng gore ga ba reetse ditlhagiso le bosupi jwa go atamela ga tshenolo.
Lefa go ntse jalo, tshenolo e atametse go na le jaaka ba akanya. Mabapi le sesupo sa metlha ya bofelo, Jesu o ne a bolela a re “losika lo ga lo ketla lo heta go tlo go tsamaee dilō cotlhe tse di dihale pele.” (Mathaio 24:34) Jesu o ne a bua ka losika lofe?
Losika lwa 1914
Fa a ne a lebisa go “motlha o o neng o le kagiso le go tlhogonolofala wa Victoria mo Great Britain,” Tona-kgolo wa pele ebong Harold Macmillan o ne a re o ne a tsaya ‘lefatshe le a neng a tsalelwa go lone’ jaaka leo “le neng le tla tswelela ka go tokafala.” Mme “ka tshoganyetso, go sa lebelelwa, mo mosong mongwe wa 1914 gotlhe go ne ga tla bokhutlong.” A bitsa seo bokhutlo jwa “dingwaga tse 100 tsa kagiso le tswelelopele,” Macmillan o gakologelwa kafa Ntwa ya Lefatshe I e neng ya tshwaya “bokhutlo jwa motlha” le “tshimologo ya tlhakatlhakano eo e santseng e ntse e diragala.” Ba bangwe ba le bantsi, segolo bogolo bao ba neng ba tshela go ralala 1914 mme ba santse ba tshela le gompieno, ba itse fa seno se le boammaaruri.
Ee, fela jaaka makasine ono o ile wa tlhokomedisa babadi ba one go ralala dingwaga, bosupi bo supa go losika lwa 1914 jaaka losika loo Jesu a neng a bua ka lone.a Ka gone, “losika lo ga lo ketla lo heta go tlo go tsamaee dilō cotlhe tse [go akareletsa le tshenolo] di dihale pele.”
Lemororo go setse go fetile dingwaga tse di ka nnang 70 fa e sale 1914, go santse go na le batho bangwe mo lefatsheng lotlhe bao ba neng ba tshela mo motlheng oo. Go ya ka The American Legion Magazine ya December 1984, mo United States batlhabani ba ba setseng ba Ntwa ya Lefatshe I ba le 272 000 ba santse ba tshela, mme go ntse fela jalo le mo mafatsheng a mangwe. Lefa go le jalo, palo e ngotlega ka bofefo jo bogolo. Jalo he go santse go tla nna boleele jo bo kae pele ga motlhabani wa Ntwa ya Lefatshe I wa bofelo a nyelela?
Lemororo dipalo tseno di ka re tlhokomedisa gore re mo dipakeng tsa bofelo tsa losika lwa 1914, re ka tlhomama go le kana kang mabapi le nako tota tota ya tshenolo?
“Yaka Legodu Bosigo”
Bibela e ne ya tlhagisa go le pele: “Me kaga metlha le dipaka, . . . lona ka losi lo itse sentlè ha letsatsi ya Morèna le tla hèla yaka legodu bosigo.” (1 Bathesalonia 5:1, 2) A ka mo go utlwalang o ka lebelela gore legodu le go romelele thelekeramo le go itsise gore o rulaganyetsa go thukutha ntlo ya gago leng?
Ka mo go tshwanelang, he, Jesu o re gakolola jaana mabapi le nako e e leng yone tota: “Itiseñ, lo lebèlèlè, . . . gonne ga lo itse lobaka, go re, ke lohe.” (Mareko 13:32-37) Mme lefa go ntse jalo, re ile ra tlhokomela gore Jesu o ne a tlhalosa kaga ditiragalo tse di farologaneng tseo di supang losika lwa 1914. Mme Bibela e tlhalosa ditiragalo tsa isagwe tseo di tla tshwayang go tla ga tshenolo. Ke eng seo re ka se lebelelang?
Phetogo Ya Ditiragalo
Moaposetoloi Paulo o ne a re: “E tle e re ba nntse ba re, Kagishō le thagamō, hoñ tshenyègō ea choganeco e ba wèle, yaka pèlèga e tle e tlèle mosadi eo o moimana, me ga ba ketla ba halola gopè.” (1 Bathesalonia 5:3) Jalo, jaaka fa re ntse re gatela pele go ya bofelong jwa ‘metlha eno ya bofelo,’ re ka lebelela gore tlhokomelo e e tlhomologileng e neelwe “kagishō le thagamō!” e le tiragatsong ya mafoko a ga Paulo. Mme go tswa foo go nne eng?
Dipolelelopele tsa Bibela di supa gore, bodumedi jwa lefatshe, jo bo tlhalositsweng jaaka “Babelona o mogolo,” ka tshoganetso bo tla tlhaselwa ke mebuso ya bopolotiki mme bo fele ka tshoganetso! (Tshenolō 17:5, 16; 18:10, 17) Seno se tla tshwaya tshimologo ya “sepitla se segolo mo metlheñ euō, se se e señ se ke se nne, e sa le ka tshimologō ea lehatshe go tla nakoñ eno.” (Mathaio 24:21) Mme seno se tla ama jang bao ba ileng ba ‘lebelela’ mme ba nna ba disitse tshenolo?
Bakeresete ba boammaaruri ba ka ikanya gore Jehofa o tla ba golola. (2 Petere 2:9) Ee, fa fela ba itse Jehofa Modimo mme kwantle ga bogagapa ba mo direla, ga ba na go nna le lebaka lepe la go boifa fa Modimo le Keresete ba tla go tlhabana mo ntweng ya Hara-Magedona.—Tshenolō 11:17, 18; 16:14, 16.
Go tswa foo, tshenolo e tla dira gore Satane Diabolo le masomosomo a gagwe a a sa bonaleng ba tlosiwe mo bathong. (Tshenolō 20:2, 3) Ee, bogale jo bo tlang bo tla pota ka kwa ga go tlosa fela mo lefatsheng batho ba ba sa ikaelelang go direla Modimo. Le e leng meya e e boikepo e gompieno e tlhotlheletsang lefatshe le le re dikologileng e tla tlosiwa. (2 Bathesalonia 1:6-9) Seno se tla raya tshegofatso e e sa khutleng mo bafaloding ba tshenolo.
Tshenolo—Ketapele Ya Paradaise
Mabapi le baagi ba lefatshe, buka ya Tshenolō e re bolelela gore Modimo “o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure.” (Tshenolō 21:4) Mo boemong jwa seemo se se lotobo morago ga tshenolo, Bibela e senola gore motho o tla kgona go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise.—Pesalema 37:9-11, 29.
Mo paradaiseng? Botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng? Ako o akanye ka gone, batho ba ba nang le botsogo jo bo itekanetseng, ba ba itumetseng go tswa ditsong tsotlhe ba ipelela botshelo ka botlalo! ‘Seno se ka nna jang phelelo ya tshenolo?’ gongwe o ka botsa. Modimo o buile. Go tla nna fela jaaka Modimo a ile a dirisana le Iseraele, “ga se ka ga tlhaèla sepè sa se se molemō se Yehofa o na a se buile . . . ; ga dihala gotlhe hèla.”—Yoshue 21:45.
Jalo, malebana le letsatsi tota le oura ya tshenolo ga go ope yo o itseng, mme bosupi bo bontsha gore re tshela mo motlheng wa tshenolo. Fa o diragala, ekete re ka fitlhelwa re ‘lebeletse.’ Gonne “lehatshe lea heta, le thatō ea yeōna: me eo o dihañ go rata ga Modimo o nnetse rure ka bosakhutleñ.”—Mareko 13:33, 37; 1 Yohane 2:17; Mathaio 24:36.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona dintlha tse di oketsegileng kaga 1914, bona buka ya “Let Your Kingdom Come,” e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., kgaolo 14.