Mopapa le Tshenolo
AVERTING ARMAGEDDON ke setlhogo seo babega-dikgang ba le babedi ba ileng ba se neela buka ya bone ya 1984 kaga dipolotiki tsa bosheng tsa mopapa. Gordon Thomas le Max Morgan-Witts ba ile ba bega dikgang kaga mopapa mo e ka nnang go feta dingwaga tse 17. Ke temogo efe e re ka e bonang mo go bone malebana le kamego mo bagoging ba Kereke ya Katoliki kaga tshenolo?
Go ya ka babega dikgang bano, Moruti Emery Kabongo, yo e leng mokwaledi wa sebele wa ga John Paul II, o ne a tlhalosa a re: “Mopapa o tshwana le Seganka sa semoya seo se lekang go tsereganya mebuso e megolo yo o lekang go kganela Hara-Magedona ya nuklea.”
Go bonala ekete baeteledipele ba kereke ba tlhobaetse segolo bogolo kaga tshenyego ya kgolokwe yotlhe e e dirilweng ke motho go na le ka tsenelelo ya Modimo mo dikgannyeng tsa batho e e tla bong e tlhopha—tshenolo e Bibela e e bolelelang pele. Ka gone, Averting Armageddon e re: “Gareng ga bao ba leng mmogo le Kabongo, ga go na sesupo sepe sa kafa ntle sa kgato ya go leka go kganela tshenolo eo ba e lemogang. . . . Mme se se patileng tsela eno ke tlalelo e e saletseng mo Lekgotleng la Bobishopo la merafe yotlhe. Le ne le digetse dipuisanyo kaga lokwalo lo lo neng lo bua thata ka matlhotlhapelo, ba nyatsa ‘boganka jwa go rata ntwa, thubakanyo le borukhutlhi, go aga mabolokelo a dibetsa tse di tlwaelegileng mme segolo bogolo tsa nuklea, le papadi e e bosula ya dibolao tsa ntwa.’” Le e leng mopapa o a kopanyelediwa. Thomas le Morgan-Witts ba bega gore mo dishelofong tsa dibuka tsa gagwe tsa thuto go na le tse di etsang International Defense Review, The Problems of Military Readiness, le Surprise Attack: Lessons for Defense PIanning. Ba oketsa ka go re:
“Gammogo le dibuka tsa boruti go na le tseo di tlotlang kgang eo jaanong e gapileng maikutlo a Mopapa: Go tla ga motlha, go tlhatlhoba dithuto tsa Bibela tseo di buelelang gore Modimo o tla tlhoma Bogosi jwa Gagwe mo lefatsheng ka tatelano ya ‘ditiragalo’ go digela motlha. John Paul o dumela ka natla . . . gore, gongwe e ka nna ya re pele ga go fela ga lekgolo la dingwaga, sengwe sa ‘makgaolakgang’ se wele lefatshe. A e ka nna kgogodi, Loso lo Logolo lwa Bobedi? Kana leuba kana ditlala ka selekanyo se se boitshegang? Kana ntwa ya nuklea? Mme gantsi thata thata o boifa ntwa ya nuklea; gongwe, go bolelwa fa a ile a nna a akanya, gore o ile a neelwa maemo a botlhogo jwa Kereke mo go seo e ka bong e le lesome la dingwaga la bofelo la lefatshe pele ga le ka nyelelediwa ruri ka matlhotlhapelo a nuklea.”
Averting Armageddon e tlhokomedisa gape go “sesupa-nako sa letsatsi la katlholo” sa tshwantshetso seo se supiwang ka metlha go Bulletin of the Atomic Scientists. E ne ya re fa “sesupa-nako” seno se simolola go gatisiwa ka December 1947, se ne sa supisiwa fa metsotsong e supa pele ga bosigo-gare go bontsha “kafa lefatshe le neng le atametse thata ka gone go Hara-Magedona ya nuklea.” Morago ga ditumalano tsa phokotso-dibetsa tsa 1972 (SALT), dinaka tsa sesupa-nako di ne tsa sutisediwa kwa morago go nna metsotso e 12 pele ga bosigo-gare. Ka 1984 Thomas le Morgan-Witts ba ne ba kwala ba re: “Sesupanako jaanong se lebega e le metsotso e le meraro fela pele ga bosigo-gare. Jono ke bogautshwane joo se ileng sa nna mo go jone go atamela letsatsi la katlholo mo dingwageng tse di masome a mararo.”
Go sa kgathalesege maiteko lefa e ka nna afe a Mopapa “go kganela Hara-Magedona ya nuklea,” ka November 1985, dinaka di santse di ntse di supa gore go setse metsotso e le meraro fela. Lefa go le jalo, a re se faposiwe go amega kaga gore a merafe e tla senya setho. Mo boemong jwa go tila tshenolo, re tla bo re le botlhale fa re ka senka tsela ya Modimo ya poloko mo tshenolong, ka go bo ruri e tla “wèla lehatshe yeotlhe.”—Tshenolō 3:10.