Baboloka Bothokgami ba Lekgolo la Bo-Masome a Mabedi la Dingwaga Ba A Kopana!
MERALO ya tlhabano e ne ya segiwa go sa le gale mo ditiragalong tsa motho. Botsuolodi bo ne jwa tsoga mo sebakeng sa semoya gammogo le mo sebakeng sa batho, mme tshwanelo ya bolaodi jwa Mmopi e ne ya gwetlhiwa! Seno se ne sa tlhagisa kganetsano ya bothokgami eo e neng ya kopanyeletsa potso ya go re, A bao ba santseng ba ikanyega go Jehofa Modimo ba tla tshegetsa bobusi jwa gagwe ka go boloka bothokgami jwa bone go ene?—Genesise 3:1-24; Ekesodo 9:16; Luke 22:31.
Satane Diabolo o ile ka maaka a bolela gore baobamedi ba ga Jehofa ba Mo direla fela ka ntlha ya melemo ya bogagapa mme e seng ka ntlha ya lorato. (Yobe 1:1-2:10) Lefa go le jalo, ba ile ba ikanyega go Modimo go sa kgathalesege maiteko a ga Satane le lefatshe la gagwe le le ganetsang go roba bothokgami jwa bone. (Bahebera 11:4-38; Tshenolō 12:10-17) Go tlhotlheletsa batlhanka ba ga Jehofa ba lekgolo la bo-20 la dingwaga go tswelelapele ba ntse ba ikanyega, Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa rulaganyetsa tatelano ya dikopano tsa Basupi ba ga Jehofa tsa “Baboloka Bothokgami” tseo di neng di tla tshwarelwa mo dinageng di le dintsi, go simolola ka selemo sa 1985. Letsatsi lengwe le lengwe le ne la nna le setlhogo se se tshwanelang sa Bibela.
“Go Sepela ka Bothokgami”
Setlhogo seno sa letsatsi la ntlha la kopano se ne sa tlhokotsa keletso ya semoya. Puo e e reng “‘A U Ko U Utlwè, Chaba ya Me,’ Lefoko la ga Jehofa” e ne ya gakolola botlhe go reetsa ka kelotlhoko. Seo se neng sa supela botlhale jwa kakantsho eo e ne ya nna puo ya modulasetulo, “A Bothokgami Bo Re Boloke.” Bothokgami bo dira seo jang? Bothokgami bo tlhoka gore re ineele gotlhelele go Modimo, re boloka dipelo tsa rona, maikaelelo a rona, le dikeletso di le phepa. Modula-setulo a re, “Fa seno e le boikemisetso jwa rona, he bothokgami jwa rona bo tla re sireletsa.”—Pesalema 25:5; 31:23.
Go tswa foo re ne ra “Go Rotloediwa ke Sekao sa Baboloka Bothokgami ba ba Lekilweng.” Morago ga go lebisa mo dikaong tse di kgothatsang tsa nako e e fetileng, sebui se ne sa botsolotsa baboloka bothokgami ba ba nang le sekao se se molemo ba motlha wa rona. Bao ba tshegetsang bothokgami “Ga Ke Tlhabisiwe Ditlhoñ Ke Mahoko a a Molemō.” Puo eno, e e theilweng go Mareko 8:38, e ne ya phepafatsa gore fa re ipolela kwantle ga ditlhong mo bodiheding jwa rona, kwa tirong ya rona ya boitshediso, le kae le kae fela ke tshireletso. ‘Mme a bo e tla nna selo se se molemo jang ne fa Jesu a bua fa pele ga baengele ba selegodimo le Rraagwe, a bolela gore re barutwa ba gagwe ba ba tsamaileng ka bothokgami!’
“Dilō tse di Senocweñ ke tsa Rona le tsa Bana ba Rona” e ne ya nna karolo ya thulaganyo e e neng e bontsha gore, jaaka Rre yo o lorato, Jehofa o itumelela go senolela batho ba gagwe “dilō tse di shubegileñ.” (Duteronome 29:29; Amose 3:7) Thuto e e tlhoafetseng ya dilo tseo tse di senotsweng e tla re tiisa gore re tshwarelele thata-thata mo bothokgaming jwa rona. Setlhogo se se latelang, ebong “Go Bona Boitumelo mo Lefokong la ga Jehofa,” se ne sa otlelela ntlha ya gore Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetse go nna baithuti ba Bibela. (Pesalema 1:1, 2) Tota ruri, “go ithuta ke karolo ya botshelo jwa ka metlha jwa Mokeresete yo o tsamayang mo bothokgaming.”
“Go Fetolana Ka Dikwalo” ke mokgwa o o dirisiwang ke baboloka bothokgami mo go dirisaneng le mefuta e e farologaneng ya batho bao ba ba rerelang. Ka sekai, mo senagogeng kwa Thesalonia, moaposetoloi Paulo ‘o ne a fetolana le bonè ka dikwalo, a ranola, a ba rulaganyetsa, gore go ne go tshwanetse fa Keresete a tla boga.’ A Paulo o ne a atlega? Ee, ka jaana bangwe ba bareetsi ba gagwe ba ne ba nna badumedi (Ditihō 17:1-4) A batla-kopanong ba tla anaanela thuso ya go arabela dipotso tseo ba thulanang le tsone mo bodiheding jwa bone? Abo e ne ya nna boitumelo jang ne go e amogela fa sebui se ne se ntsha buka e ntšha e e thusang mo bodiheding jwa tshimo, ebong Go Fetolana ka Dikwalo!
Bua Lehoko ya Boamarure ka Tshiamō”
Mo letsatsing la bobedi, e ne ya nna boitumelo go bona babulatsela ba le bantsi—diketekete tsa bone mo dikopanong dingwe—ba ema ka dinao fa lia lalediwa ke sebui, ba neela bosupi jwa gore bontsi-ntsi bo kopanela mo bodiheding jwa nako e e tletseng. Mo karolong eno, “Dirang ka Natla mo Tirelong ya Nako e e Tletseng,” go ne ga otlelelwa gore bobulatsela bo na le molemo, lemororo go tlhokafala kgaratlho go nna le seabe mo tirong eno.—Luke 13:24.
Puo ya setlhogo, ebong “Ipedise Pelo ya ga Jehofa ka go Boloka Bothokgami,” e ne e theilwe go Diane 27:11. Puo eno e ne ya rafa letlotlo le le mo Lefokong la Modimo mme ya ntsha majana ano a a tlhokegang: “Bothokgami jwa mmatota bo raya boineelo jo bo sa robegeng go motho—go Jehofa Modimo.” “Satane ke moeteledi-pele mo go robeng bothokgami,” mme goa tsuologa ga gagwe go ne ga tsosa “kganetsano ya tshiamo ya bolaodi jwa Modimo.” “Lemororo bolaodi jwa ga Jehofa bo sa ikaega ka go boloka bothokgami ga dibopiwa tsa gagwe, kgato ya botsuolodi jwa ga Diabolo e ne ya dira gore bothokgami jwa motho e nne karolo e e botlhokwa-tlhokwa mo kganetsanong ya bolaodi jwa lobopo lotlhe.” Sebui se ne sa botsa sa re: “Go ka kgonega jang gore re fenye jaaka baboloka bothokgami?” A araba ka go re, “Re ka dira jalo ka go bo re utlwa Lefoko la Modimo.”—Baroma 14:8.
Go eteletsa dikgatlhego tsa semoya kwa pele mo botshelong e ne ya nna moko wa puo e e latelang, “Tshegōhacō Ea Ga Yehofa Ea Humisa.” Re ne ra thusiwa go lemoga ka botlalo gore lemororo madi a na le mosola, go rata madi go ka nna kotsi thata. (Moreri 7:12; 1 Timotheo 6:10) Boikanyego ke jone bo lereng tshegofatso ya ga Jehofa, mahumo a boammaaruri.—Diane 10:22.
Motshameko “Isagwe Ya Gago—Ke Kgwetlho” o ne wa bapisa tsela ya Banasirita ya go boloka bothokgami le kgwetlho eo basha ba Basupi ba lebaneng le yone mo keletsong ya bone go ka nna babulatsela le go tswelela mo tirelong ya nako e e tletseng mo boemong jwa go lelekisa mekgele ya dilo tse di bonalang. E ne ya kgothaletsa basha go amogela kgwetlho ya go direla Modimo ka botlalo. Motshameko o ne wa kaya gape kafa batsadi le ba bangwe ba ka thusang ka gone.
“Jala ka Bogolo, Roba ka Bogolo” e ne ya tlhalosa gore molao-motheo wa go re ‘re roba se re se jadileng’ o botlhale, o tshiamiso, o bile o lorato. Ka go etsa Modimo, Keresete, le ‘motlhanka yo o boikanngo,’ re tla jala ka bogolo mo go nneng gone mo dipokanong, mo thapelong, mo go neeleng bosupi, le mo dikamanong tsotlhe tsa rona tsa lelapa. (Mathaio 24:45-47) Go jala mo go ntseng jalo go re tlhomamisetsa gore re tla roba masego a ga Jehofa.—Bahebera 6:10.
Mo puong e e neng e re “Ka Moo Lo ka Arabang Mongwe le Mongwe ka Gone,” bareetsi ba ne ba neela tlhokomelo e kgolo mo dikakantshong le mo dipontshong tsa kafa go ka dirisiwang buka e ntšha ebong Go Fetolana ka Dikwalo ka gone. Se se neng sa gatelelwa e ne ya nna kafa go tlhokafalang ka gone go fenya go tlhoka kgatlhego ka go dirisa ditsenyeletso tse di tshwanetseng, go nna le karabelo e e molemo fa go na le karabo e e pelo-e-phepa lemororo e le e e fapaaneng, le go supa Bibela jaaka motswedi wa dikarabo tsa rona. —Bakolosa 4:6.
Morago ga puo ya bofelo mo letsatsing la bobedi, ebong “Go Bolela Ditiro tsa ga Jehofa tse di Gakgamatsang,” re ne ra tshwarega mo go direng sone seo fela ka go arola mo bodiheding jwa tshimo. Mo go one motshegare oo Mosupi mongwe yo o neng a ntse a tsamaya ka ntlo le ntlo mo Vancouver, mo Canada, o ne a kopana le kganetso e e reng: “Fa Modimo e le Modimo o o lorato, ke eng fa a dumelela boikepo?” Karabo eo e baakanyeditsweng mo bukeng e ntšha ya Go Fetolana e ne ya kgotsofatsa mmotsi, mme thuto ya Bibela e ne ya simololwa gone fela foo.
‘Go Tlhoka Molato mo Losikeng lo lo Sokameng’
Seno e ne e le setlhogo se se tshikinyang maikutlo sa letsatsi la boraro. Mo mosong oo, puo e e reng “Go Tlotla Jehofa ka Dilo tsa Rona tsa Botlhokwa” e ne ya otlelela gore botshelo jwa rona jwa boineelo, kamano ya rona e e gaufiufi le Jehofa, le matlotlo a rona a mmele, a tlhaloganyo, a semoya, le a dilo tse di bonalang ke dilo tse di tlhokegang tseo re tshwanetseng ra tlotla Rraarona wa selegodimo ka tsone.—Diane 3:9, 10.
Puo e e reng “Go Ntšhafala Maatla, Eseng go Lapa” e ne ya lere tao e e tshwanetseng sentle go re thusa go ganana le maiteko a ga Satane go roba bothokgami jwa rona ka dipelaelo, go latlhegelwa ke tumelo, dilo tse di bonalang, dithaelo, le mefuta e e farologaneng ya go kgobega marapo. Go ithuta, go tlhatlhanya, thapelo, go nna gone mo dipokanong, le go tlhakanela ka metlha mo go rereng ka Bogosi ke ditsela tse di tlhomamisang gore re tla dirisa maatla a Motswedi o o sa lapeng, ebong Jehofa.—Isaia 40:28-31.
Ntlha ya konokono mo puong eo e reng “Go Tshelela Thato ya Modimo Gompieno le ka Bosakhutleng” e ne ya nna gore fa re na le maikutlo a a tshwanang le a ga Keresete, ga re ne re tlhola re “tshelèla dithatō tsa batho, ha e se go rata ga Modimo hèla.” (1 Petere 4:1, 2) Jesu o ne a se ka a letlelela keletso epe ya batho go mo faposa mo tseleng eo. Ba ba yang kolobetsong ka mo go kgethegileng ba ne ba tlhwaela puo e e latelang e e reng “Go Dumalana le Baboloka Bothokgami ba ga Jehofa.” Ba ne ba bolelelwa gore kgato ya kolobetso ke tshimologo fela ya lobelo lwa bone lwa go boloka bothokgami. Gore ba siane kafa tshwanelong, ba tlhoka go sola dipaakanyetso tse di tshwanang le thapelo, Lefoko la Modimo, dikgatiso tsa Bokeresete, le go kopanela go go tlhagafetseng le phuthego molemo. Ba ba yang kolobetsong ba ne ba ema ka dinao go araba dipotso tse pedi tseo di neng di supa fa e le gore a ba ne ba tlhaloganya botlhokwa jwa kgato e ba neng ba e tsaya. Kolobetso ya bone ya metsing e ne ya latela, mo dinakong tse dingwe ba lebeletswe ka botlalo ke ba ba tlileng kopanong.
Mo motshegareng oo, puo e e reng “A Go Boifa Jehofa Go Mo Go Rona?” e ne ya otlelela kafa re tshwanetseng go tlotla Molaodi wa Lobopo Lotlhe ka gone. (Diane 8:13) Mo gare ga Kgosi Jehoshafate wa Juda yo o neng a boifa Modimo le Jehoshafate yo Mogolwane yo jaanong a leng mo setulong sa bogosi, ebong Jesu Keresete, go na le ditshwani tse di tshwanang le tseno: go boloka kobamelo e le phepa (1 Dikgosi 22:16; Malaki 3:1-18); go femela kgololesego ya kobamelo (2 Ditihalō 17:1, 2, 12-19; Bafilipi 1:6, 7); go rulaganyetsa go ruta baobamedi ba boammaaruri (2 Ditihalō 17:7-9; Mathaio 28:19, 20); le go tlhoma dikgotlatshekelo tsa molao tsa bolegodimo go diragatsa tshiamiso.—2 Ditihalō 19:6, 7; 1 Bakorintha 6:5, 6.
Karolo e e ileng “Dikwalo di Molemo go Kaela ka Tshiamo” e ne ya supa kafa Bibela e re thusang ka gone go tshela matshelo a a ritibetseng le go bontsha tlotlo nio phuthegong, mo balebeding ba ba tlhophilweng, le ba ba godileng. Mo karolong e e latelang, “Go Ikemisetsa Go Direla Jehofa ka Pelo e e Itekanetseng,” re ne ra kgatlhwa ke kafa go tlhokafalang ka teng go nna le pelo e e phepa ya tshwantshetso, eo e bolokiwang e sa leswafadiwa—e feletse—me tirelong ya ga Jehofa.—1 Ditihalō 28:9
Mme go tweng kaga leitlho? Sebui se se latelang se ne sa araba potso e e reng, “Jaaka Leloko la Lelapa, A Leitlho La Gago le ‘Bona Sentle’?” E re ka jaana Satane a dirisa dilo di le dintsi go faposa leitlho la semoya, go a tlhokafala gore rre, bomme, le bana ba Bakeresete ba tshegetse pono e e lekalekanyeng mme ba eteletse dikgatlhego tsa Bogosi kwa pele. (Mathaio 6:33) Tlhokafalo ya go lemoga Morulaganyi yo Mogolwane ka go tlotla bagolwane ba ba tlhophilweng le phuthego di ne tsa otlelelwa mo puong e e latelang, “Go Latela Ditaolo tsa Kgosi ka Kelotlhoko.”—Diane 8:32-36.
Tigelo ya letsatsi e ne ya nna ka puo e e reng “Go Thokgama mo Boammaaruring mo Lefatsheng le le Boikepo.” Gareng ga dilo tse dingwe, Bakeresete ba tshwanetse go tshegetsa bothokgami mo boammaaruring ka go femela dithuto tsa Bibela tsa popo le ka go ganana le megopolo e e seng ya bomodimo. Bareetsi ba ne ba kgatlhisiwa ke go amogela buka ya ditsebe tse 256 eole arabang ka botlalo potso eo e neng ya tsosiwa ke setlhogo sa yone se se reng, Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation? Buka eno e atlega go le kana-kang? Motho yo pele e neng e le modumelathuto-tlhagelelo mme jaanong e le mosupi mo Sweden, o ne a bala buka eno yotlhe mo bosigong joo mme akgela ka go re: “Fa e le gore ke ne ke ile ka nna modumela-thuto-tlhagelelo maabane, e ne e tla re boosa ke bo ke fetotse maikutlo.”
‘Tshelang ka Mokgwa o Montle go Baditšhaba’
Seno e ne e le setlhogo sa letsatsi la bofelo la kopano.’ E nngwe ya dipuo e e neng ya neelwa mo mosong oo e ne ya araba potso e e reng “A Go Na le Sengwe Seo se ka Go Kgaoganyang le Lorato lwa Modimo?” Ke rona fela ka borona re le nosi re ka ikgaoganyang le lorato lwa Modimo le Keresete. Mme fa fela re tshegetsa tumelo ya rona, ga go na kgatelelo epe, maemo ape, moganetsi ope yo o ka dirang gore lorato lwa Modimo lo fele mo go rona.—Baroma 8:35-39.
Puo e e reng “Lo se Tshikinngwe Mogopolo ka Bofefo” e ne ya otlelela kafa go tlhokafalang ka gone go sireletsa lefelo la rona mo paradaiseng ya semoya. Jang? Ka ntlha e nngwe, e le ka go tila moya wa dingongorego le go ganana le botenegi, ka gone, re dumalana le kgakololo ya ga Paulo ya gore ‘re se ka ra ba ra tshikinngwa mogopolo ka bofefo’ ka molaetsa lefa e ka nna ofe o o buiwang ka molomo kana o o kwadilweng o maikaelelo a one e leng go lere dipelaelo le go senya tumelo ya rona.—2 Bathesalonia 2:1, 2.
“Boifa Modimo, O Bo O Tshabe Bosula” e ne ya nna motshameko wa bobedi o o gapang maikutlo. O ne wa tlhalosa kaga mmoloka-bothokgami ebong Jobe wa ba wa bontsha gore go bogisediwa le go bogela go direla Modimo ga di disha. Go sa kgathalesege maiteko a go re faposa, jaaka Jobe re tshwanetse ra ikemisetsa go tshwarelela thata mo bothokgaming jwa rona, re boifa Jehofa le go tshaba bosula.
Puo ya phatlalatsa ebong “Metlha le Dipaka tsa Modimo—Di Supa Go Eng?” e ne ya re gakolola gore Jehofa o ile a ‘tlosa dikgosi le go tlhoma dikgosi’ e le tumalanong le boikaelelo jwa gagwe jo bo asa fetogeng. Ka gone, fa nako ya gagwe e fitlha, kwantle ga go palelwa o tla khutlisa boikepo le go tsosolosa tshiamo.—Daniele 2:21, 44.
Dipolelo tse pedi tse di digelang ruri di ne di tshwanela. “Kgomotso ya Banna Ba Bothokgami” e ne ya re omosa pelo ka tlhomamisetsa ya gore ka Lefoko la gagwe, ka moya wa gagwe, le ka go arabela dithapelo tsa rona, Jehofa kwantle ga pelaelo o tla re tshegetsa nio ditekong. Mme jaaka puo ya bofelo e ne ya bontsha, Basupi ba ga Jehofa ga ba boele morago ka ntlha ya go bo ha tshela mo lefatsheng le le ganetsang. Go na le moo, ke “Phuthego e e Gatelang-pele ya Baboloka Bothokgami”! Phuthego eno ke ya mofuta wa yone fela mo go tshegetseng bolaodi jwa ga Jehofa le go tlhomamisega ga jone ga go fenya le go falola.
Tswelelang-pele Jaaka Baboloka Bothokgami!
Go tlatseletsa po boitumelong jwa go amogela dijo tse dingwe tse di humileng tsa semoya, go akareletsa le dibuka tse pedi tse di molemo-lemo tse dintšha, batla-kopanong ba ne ba itumedisiwa segolo-bogolo ke go ntshiwa ga bukana ya ditsebe tse 32 ya ditshwantsho tse di mebala e mentle ebong Puso e e Tla Tlisang Paradaise. Mme a bo e ne ya nna boitumelo go amogela Kingdom Melodies No. 6, theipi e e nang le mmino o o monate gore re o ipelele!
Ba tlhagafaditswe thata le go segofadiwa, batla-kopanong ba ba boelang morago ba ne ba leboga go menagane, ka ntlha ya modiro ono o o nonotshang wa semoya. Tsholofelo ya rona ya gore. Ene yono yo ka dingwaga tse 6 000 a ileng a ema nokeng batshegetsi ba bolaodi jwa gagwe e tla re ka phenyo a dire gore basupi ba gagwe ba kgabaganye ‘metlha eno ya bofelo’ ya makgaola-kgang ba babalesegile go tsena mo Thulaganyong e Ntšha, gotlhe e le kgalaletsong ya gagwe ya bosakhutleng.—2 Timotheo 3:1; Tshenolō 7:9-12; 21:1-5.
Ka tsholofelo eno le tumelo mo Modimong wa rona, ebong Jehofa, boitlhomo jwa rona ke bofe? Aitsane, re ikemiseditse go tswelela re gatela pele ka bopelokgale jaaka phuthego ya ga Jehofa ya lekgolo la bo-20 la dingwaga ya baboloka bothokgami!
[Lebokoso mo go tsebe 29]
Seo Ba Bangwe Ba Se Buileng
Molaodi wa mapodisi, mo Leeds, mo Ennyelane: “Ke rata go lo leboga, badiri ba lona, le batho botlhe ba lona ba ba neng ba le gone . . . ka ntlha ya matsetseleko a magolo ao e neng ya rulaganngwa le go tsamaisiwa ka gone. E ne e ie tlotla mo go lona lotlhe. Ke ne ka etela Setadiamo ka Matlhatso maitsiboa le mo mosong wa Sontaga mme ka fitlhela boemo le ditsamaiso e le boitemogelo jo bo kgatlhisang. Badiri ka nna ba le mmalwa ba ne ba akgela ka mo go tshwanang.”
Mmega-dikgang yo motona wa koranta ya Montreal, mo Canada tlase ga setlhogo “A le rona re lebeng batho ba ga Jehofa ka monyebo”: “Malatsi a mabedi a a fetileng, go ise go fete dioura tse pedi, ba ne ba kokota mo matlong a ka tshwara 800 000 mo lefelong leo. Sebopego sa letsholo le legolo la thero ya semoya mo go ke neng go kgopisa go sekae mme tota e se letshwenyo. . . . Fa o amogela baeti mo legaeng la gago, ga o tshwenyege go ka kgorelediwa ke dilo di se kae gore o ba amogele. . . . Jalo, gotweng fa e le gore tumelo ya rona ga e tshwane le ya Basupi ba ga Jehofa; re tshwanetse ra abalana le bone, ka malatsi fela a sekae, tshisibalo ya bone go se go nene, mme re tla ikutlwa sentle ka ntlha ya gone. Batho bano ba ba kagiso ba ile ba tlhopha gore ba kopanele mo Montreal; ekete ba ba oketsegileng ba bone ba ka tla, masome-some a dikete.”
Mosimegi mongwe wa mapodisi mo Dortmund, Federal Republic of Germany: ‘Fa go na le metshameko re na le bobotlana mapodisi a ka nna 200 mo tirong; mo dipokanong tsa lona re tlhoka fela a le mabedi, le a mangwe gape a le mabedi go laola dipalamo.’
Molaodi wa setadiamo sa kgwele ya dinao mo Norwich, Ennyelane: “Seemo se se kagiso sa malatsi a mane a a fetileng . . . ke se se ganang maikutlo. O bona go na le tshisibalo e e farologaneng thata-thata le malatsi ape a mane fa go dirwa ditiro tsa kgwebo tse di opisang tlhogo le mo botshelong jwa malatsi otlhe jwa rona. Basupi ruri ba na le sengwe se se ba farologanyang mme se le thata go ka tlhalosiwa.”
[Lebokoso mo go tsebe 30]
Kopano ya Montreal—Sengwe se se Kgethegileng!
Go ya kafa thulaganyong, Kopano ya Kgaolo ya “Baboloka Bothokgami” e e neng ya tshwarelwa mo Setadiamong se Segolo sa Olimpiki mo Montreal, Quebec, Canada, e ne e tshwana fela tsotlhe tse dingwe mo lenaneong leno. Mme ka ditsela dingwe e ne e kgethegile. Gareng ga dilo tse dingwe, e ne e le ya ntlha mo setlhopheng sa dikopano tseno eo e neng e tla bo e kgethegile mo selekanyong kana ka ditsela tse dingwe.
Selekanyo: Kakaretso ya ba le 78 804 ba ne ba kopana go tswa botlhabatsatsi jwa Canada le mo bokone-botlhaba jwa United States. Go ne go tiisa tumelo go nna karolo ya boidiidi jo bo kalo jwa baboloka bothokgami bo reeditse, bo opela, le go rapela mmogo. Seno se ne se kgethegile!
Kolobetso: E ne e le boipelo jo bo kgethegileng go bone ba ba 1 004 ba ba sa tswang go ineela bosheng ba ema ke dinao go kolobediwa. Fano e ne e le tshupo e e bonalang ya kgolo e e diragalang gareng ga rona.
Dipuo: Go ne go na le dithulaganyo ka dipuo di le 11—Searabia, Se-China, Sekgoa, Sefora, Segerika, se-Hungarian, Sentadiana, Sekorea, Sepotokisi, Sepanishe, Se-Ukranian. Mo bogareng jwa setadiamo, tsamaiso ya kgodiso-mantswe e e kgethegileng e ne e rulagantswe sentle thata mo e leng gore bao ba leng kafa dikarolong tsa Sefora ba ne ba reetsa ka puo ya bone fa batla-kopanong ba ba buang Sekgoa ba ne ba utlwe ka ya bone.
Motse wa Dikarabene: Eno e ne e le karolo e nngwe e e kgethegileng. Go bonela batla-kopanong bao ba neng ba na le dikarabene, dikolotsana tsa boitapoloso, le ditente lefelo maiteko a ne a simololwa ka December 1984 gore a go ka dirisiwa Paraka Maisonneuve e e fa gaufi, go kgabaganya seterata go tswa fa setadiamong. Fa basimegi ba yone ba ne ba atamelwa lwantlha gore a go ka hirisiwa parake eo, go a tlhaloganyesega gore ke eng ba ne ba tshega. Ka jaana, go hirisa paraka yotlhe ya motse go ne go ise go ko go dirwe lefa e le leng pele. Lefa go ntse jalo, kgabagare, tetlelelo e ne ya ntshiwa. Boitshwaro jo bo molemo jwa Basupi ba ga Jehofa bo ne bo thusitse.
Labofelo, go ne ga tlhongwa mafelo a le 4 300, mme batla-kopanong ba ka nna 20 000 ba ne ba bonelwa lefelo mo bojannyeng jo botalana gareng ga ditlhare tse dintsi tsa moriti. Mme boemo jwa paraka bo ne bo ntse jang morago ga fa batho ba le bantsi jaana ba se na go e dirisa mo e ka nnang beke? Basimegi ba ba jeleng kgakge ga ba fitlhele tshenyego epe e e masisi gope. Ka lebaka leo, madi otlhe a a neng e boloketswe go duelela ditshenyegelo a ne a busiwa!
Maloko a Setlhopha se se Laolang a Ne a le Gone: Karolo eno gape le yone e ne ya dira gore kopano ya Montreal e nne e e kgethegileng. Lemororo batho ba ga Jehofa ba tila kobamelo yotlhe ya dibopiwa, kwantle ga pelaelo ba le bantsi ba ne ba nna maikutlo mangwe fela le mokaulengwe mongwe yo o neng a bua ka kanaanelo a re: “Go nna gone ga maloko a supa a Setlhopha se se Laolang se se rategang, bangwe ba bone e le ba ke iseng ke ko ke ba bone kana go ba utlwa ba neela polelo mo nakong e e fetileng, go ne go kgothatsa thata.” Bokopano jo bo ntseng jalo bo felela ka ‘kgomotsano’ ya semoya.—Baroma 1:11, 12.
Kamogelo e e Molemo: Basimegi le batho ka kakaretso ba ne ba dirisana le Basupi ba ga Jehofa ka tsela e e akgolegang le e e molemolemo. Seno se ne se kgethegile fa go ka gakologelwa gore dingwaga di se dintsi tse di fetileng Tona-kgolo ya pele ya Quebec ebong Maurice Duplessis o ne a bolela phatlalatsa “ntwa kwantle ga kutlwelo-botlhoko mo basuping ba ga Jehofa,” go fitlhela ba nyelela gotlhelele. Ka lebaka le le molemo, he, mongwe wa babegi mo dikoranteng o ne a tlhalosa jaana: “Ako o akanye fele, maabane [Labotlhano] go ne go na le Basupi ba ka nne 74 846 mo setadiamong! Maurice Duplessis, yo o neng a ile a thibela mokgatlho ono, o tshwanetse a bo e ne a bidikama mo lebitleng la gagwe.”
Lono e ne e se lobaka lwa ntlha Jehofa e segofatsa baboloka bothokgami mo go kana-kana. Lefo go ntse jalo, ka ditsela di le dintsi, kopano ya Montreal e ne e le sengwe se se kgethegileng.
[Tšhate mo go tsebe 28]
Dingwe tsa Dikopano tsa “Baboloka Bothokgami”
Naga Dikopano Ba Ba Nnileng Ba Ba Gone Kolobeditsweng
Austria 3 23 123 237
Brazil 25 389 387 4 825
British Isles 10 142 859 925
Canada 14 146 897 1 585
Ecuador 4 22 918 394
France 11 119 940 2 002
Germany, Federal
Republic of 17 148 853 904
Greece 3 37 367 368
Italy 25 184 078 4,153
Japan 25 202 221 3,512
Netherlands 1 40 694 151
Portugal 10 52 581 990
Spain 13 90 808 1,628
Sweden 8 27 194 315
Switzerland 3 20 601 213
United States
of America 112 1 189 173 9 851
Venezuela 4 69 843 1 063
[Ditshwantsho mo go tsebe 31]
Kwa Montreal, W. L. Barry wa Setlhopha Se Se Laolang a ntsha buka e ntšha e e kgatlhisa thata ebong “Life—How Did It Get Here By Evolution or By Creation?”
Tsela ya ga Jobe ya go boloka bothokgami e ne ya supiwa mo motshamekong ono wa Bibela, o o neng wa neelwa mo kopanong kwa Athens, mo Greece